Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kaela Dikgato Tsa Gago ka Melaometheo ya Modimo

Kaela Dikgato Tsa Gago ka Melaometheo ya Modimo

Kaela Dikgato Tsa Gago ka Melaometheo ya Modimo

‘Jehofa o go ruta gore o solegelwe molemo.’—ISAIA 48:17.

1. Mmopi o etelela batho pele jang?

FA BAITSESAENSE ba ntse ba leka go senola diphiri tsa lobopo, ba gakgamadiwa ke go bona maatla a magolo a a mo lobopong lo lo re dikologileng. Letsatsi la rona—naledi ya bogolo jo bo lekanetseng—le tlhagisa maatla a a lekanang le a a tlhagisiwang ke “dibomo tsa haeterojene di le dimilione di le dikete di le 100 di thunya motsotswana mongwe le mongwe.” Mmopi o kgona go laola le go kaela dilo tse dikgolo thata tse di tshwanang le lone tsa magodimo ka maatla a gagwe a a seng kana ka sepe. (Jobe 38:32; Isaia 40:26) Go tweng ka rona batho, ba re neilweng mpho ya go itlhophela, ya go kgona go ikakanyetsa se se siameng le se se sa siamang, ya go dirisa tlhaloganyo le ya go kgona go tlhaloganya dilo tsa semoya? Morediri o bone go tshwanela gore a re etelele pele jang? O re kaela ka lorato a dirisa melao ya gagwe e e itekanetseng le melaometheo ya gagwe ya maemo a a kwa godimo, go dumalana le segakolodi sa rona se se thapisitsweng sentle.—2 Samuele 22:31; Baroma 2:14, 15.

2, 3. Modimo o itumelela kutlo ya mofuta ofe?

2 Modimo o itumelela dibopiwa tse di botlhale tse di tlhophang go mo utlwa. (Diane 27:11) Mo boemong jwa go re dira ka tsela ya gore re mo ikobele fela re sa akanye jaaka diroboto tse di se nang tlhaloganyo, Jehofa o re dirile re kgona go itlhophela gore re dire ditshwetso ka botlhale gore re dire se se siameng.—Bahebera 5:14.

3 Jesu, yo o neng a tshwana le Rraagwe ka tsela e e feletseng, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Lo ditsala tsa me fa lo dira se ke se lo laolelang. Ga ke tlhole ke lo bitsa batlhanka.” (Johane 15:14, 15) Mo metlheng ya bogologolo, motlhanka o ne a se na ka tsela e nngwe, o ne a tshwanetse go utlwa ditaelo tsa mong wa gagwe. Kafa letlhakoreng le lengwe, botsala bo nna teng fa batho ba bontsha dinonofo tse di rategang. Re ka nna ditsala tsa ga Jehofa. (Jakobe 2:23) Botsala jono bo nonotshiwa ke go ratana. Jesu o ne a bontsha kafa go utlwa Modimo go amanang ka teng le go mo rata fa a ne a re: “Fa motho a nthata, o tla boloka lefoko la me, mme Rre o tla mo rata.” (Johane 14:23) E re ka Jehofa a re rata e bile a batla go re kaela sentle, o re kgothaletsa gore re tshele tumalanong le melaometheo ya gagwe.

Melaometheo ya Modimo

4. O ka tlhalosa melaometheo jang?

4 Melaometheo ke eng? Molaomotheo o tlhalosiwa e le “boammaaruri jo bo akaretsang kgotsa jwa konokono: molao, thuto kgotsa kakanyo e e akaretsang dilo tse dintsi e bile e le ya konokono e melao e mengwe e theilweng mo go yone kgotsa e tserweng mo go yone.” (Webster’s Third New International Dictionary) Fa re tlhatlhoba Baebele ka kelotlhoko re fitlhela gore Rraarona wa selegodimo o re naya dikaelo tsa konokono tse di amang maemo a a farologaneng a botshelo. O dira jalo ka gonne a batla re solegelwa molemo ka bosakhutleng. Seo se dumalana le se Kgosi Solomone yo o botlhale a se kwadileng: “Utlwa morwaaka, mme o amogele mafoko a me. Foo dingwaga tsa gago tsa botshelo di tla nna dintsi. Ke tla go laya mo tseleng ya botlhale; ke tla go gatisa ditselana tsa thokgamo.” (Diane 4:10, 11) Melaometheo ya konokono e re e newang ke Jehofa e ama kamano ya rona le ene le batho ka rona, kobamelo ya rona le matshelo a rona a letsatsi le letsatsi. (Pesalema 1:1) A re tlhatlhobeng mengwe ya melaometheo eo ya konokono.

5. Naya dikai tsa melaometheo mengwe ya konokono.

5 Jesu o ne a bolela jaana malebana le kamano ya rona le Jehofa: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” (Mathaio 22:37) Mo godimo ga moo, Modimo o re naya melaometheo malebana le dikamano tsa rona le batho ba bangwe, e e jaaka Molao wa Sekagouta: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang.” (Mathaio 7:12; Bagalatia 6:10; Tito 3:2) Re gakololwa jaana malebana le kobamelo: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo, re sa lese go phuthega mmogo ga rona.” (Bahebera 10:24, 25) Malebana le botshelo jwa letsatsi le letsatsi, moaposetoloi Paulo a re: “E ka ne lo a ja kgotsa lo a nwa kgotsa lo dira sepe fela, dirang dilo tsotlhe kgalaletsong ya Modimo.” (1 Bakorintha 10:31) Go na le melaometheo e mengwe e mentsintsi mo Lefokong la Modimo.

6. Melaometheo e farologana jang le melao?

6 Melaometheo ke dintlha tsa botlhokwa tsa boammaaruri tse di mosola mme Bakeresete ba ba botlhale ba ithuta go di rata. Jehofa o ne a tlhotlheletsa Solomone go kwala jaana: “Tlhwaela mafoko a me tsebe. Sekegela mafoko a me tsebe. E kete a ka se tloge mo matlhong a gago. A boloke mo gare ga pelo ya gago. Gonne ke botshelo mo go ba ba a bonang le boitekanelo mo nameng ya bone yotlhe.” (Diane 4:20-22) Melaometheo e farologana jang le melao? Melaometheo ke yone e melao e theilweng mo go yone. Ditaolo, tse gantsi di itebaganyang le ntlha e e rileng, di ka nna tsa bo di dira mo nakong e e rileng kgotsa mo seemong se se rileng, mme melaometheo yone e dira ka dinako tsotlhe. (Pesalema 119:111) Melaometheo ya Modimo ga e siiwe ke nako e bile ga e fele. Mafoko a a tlhotlheleditsweng a ga moporofeti Isaia a boammaaruri: “Bojang jo botala bo omeletse, sethunya se swabile; mme fa e le lefoko la Modimo wa rona, le tla nna ka bosakhutleng.”—Isaia 40:8.

Akanya O bo O Dire Dilo ka Melaometheo

7. Lefoko la Modimo le re kgothaletsa jang go akanya le go dira ka melaometheo?

7 Gangwe le gape, “lefoko la Modimo wa rona” le re kgothaletsa go akanya le go dira ka melaometheo. Fa Jesu a ne a kopiwa gore a tlhalose Molao ka bokhutshwane, o ne a bua dipolelwana tse pedi tse di opang kgomo lonaka—e nngwe e gatelela go rata Jehofa, e nngwe e gatelela go rata mongwe ka wena. (Mathaio 22:37-40) Ka go rialo, Jesu o ne a nopola go se kae tlhaloso e khutshwane e e neng e umakilwe pelenyana ya melaometheo ya konokono ya Molao wa ga Moshe, jaaka e boletswe mo go Duteronome 6:4, 5: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela. Mme o rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka maatla otlhe a gago.” Go bonala fa Jesu gape a ne a akantse ka kaelo e e fitlhelwang mo go Lefitiko 19:18. Mo konelong e e utlwalang sentle, e e tlhamaletseng le e e maatla ya buka ya Moreri, mafoko a ga Kgosi Solomone a sobokanya melao e mengwe e mentsintsi ya Modimo: “Bokhutlo jwa kgang ke jo, sengwe le sengwe se se setseng se utlwilwe, ke se: Boifa Modimo wa boammaaruri mme o boloke ditaelo tsa gagwe. Gonne seno ke tshwanelo yotlhe ya motho. Gonne Modimo wa boammaaruri o tla tlisa tiro ya mofuta mongwe le mongwe mo katlholong ka ga sengwe le sengwe se se fitlhegileng, gore a se molemo kgotsa se bosula.”—Moreri 12:13, 14; Mika 6:8.

8. Ke ka ntlha yang fa go tlhaloganya melaometheo ya Baebele ya konokono e le tshireletso?

8 Go tlhaloganya melaometheo e e ntseng jalo ya konokono ka botlalo go ka re thusa go tlhaloganya le go dirisa dikaelo tse di itebagantseng le maemo a a rileng. Mo godimo ga moo, fa re sa tlhaloganye melaometheo ya konokono ka botlalo le go e amogela, re ka nna ra se ka ra kgona go dira ditshwetso tse di botlhale le tumelo ya rona e ka tshikinngwa motlhofo fela. (Baefeso 4:14) Fa re tsenya melaometheo e e ntseng jalo mo mogopolong le mo pelong ya rona, re tla kgona go e dirisa go dira ditshwetso. Fa re e dirisa ka go e tlhaloganya, e re thusa go atlega.—Joshua 1:8; Diane 4:1-9.

9. Ke ka ntlha yang fa go se motlhofo ka dinako tsotlhe go lemoga le go dirisa melaometheo ya Baebele?

9 Go lemoga le go dirisa melaometheo ya Baebele ga go motlhofo jaaka go latela melao. E re ka re le batho ba ba sa itekanelang, re ka nna ra tila tiro e e tlhokegang ya go akanya re dirisa melaometheo. Re ka tlhopha gore bogolo re beelwe taolo e e tlhamaletseng fa re tshwanetse go dira tshwetso kgotsa re lebane le bothata bongwe. Ka dinako dingwe re ka kopa kaelo ya Mokeresete mongwe yo o godileng—gongwe mogolwane mo phuthegong—re lebeletse go amogela taolo e e rileng e e lebaneng seemo sa rona. Le fa go ntse jalo, Baebele kgotsa dikgatiso tsa Baebele di ka nna tsa se ka tsa re naya taolo eo e e tlhamaletseng, mme le fa di ka re e naya, e ka nna ya bo e sa dire ka dinako tsotlhe mo maemong otlhe. O ka nna wa gakologelwa gore monna mongwe o ne a kopa Jesu a re: “Moruti, bolelela morwarre gore a kgaoganye boswa le nna.” Mo boemong jwa go baya taolo ka bonako go rarabolola dikgang tsa bana ba motho, Jesu o ne a mo naya molaomotheo o o akaretsang: “Nnang lo butse matlho lo bo lo itise kgatlhanong le keletso ya bopelotshetlha ya mofuta mongwe le mongwe.” Ka gone Jesu o ne a naya kaelo e e neng e le mosola ka nako eo le e e sa ntseng e le mosola le jaanong.—Luke 12:13-15.

10. Go itshwara ga rona tumalanong le melaometheo go senola jang maitlhomo a pelo ya rona?

10 O tshwanetse wa bo o kile wa bona batho ba ba utlwang melao ka go ikgoga fela, ba tshaba go otlhaiwa. Fa o tlotla melaometheo ga o kitla o nna le boikutlo jo bo ntseng jalo. Tsela fela e melaometheo e leng ka yone e dira gore ba ba laolwang ke yone ba e latele ka pelo yotlhe. E bile, bontsi jwa melaometheo ga e na kotlhao ya ka bonako mo bathong ba ba sa e ikobeleng. Seno se re fa sebaka sa go senola gore ke ka ntlha yang fa re utlwa Jehofa, le gore ke eng se tota se tlhotlheletsang pelo ya rona. Re na le sekai sa fa Josefa a ne a gana go dumela dikopo tsa mosadi wa ga Potifaro tsa gore ba dire boitsholo jo bo sa siamang. Le fa Jehofa a ne a ise a ntshe molao o o kwadilweng kgatlhanong le boaka e bile go se na kotlhao epe ya Modimo e e beetsweng motho yo o robalang le mosadi wa monna yo mongwe, Josefa o ne a itse melaometheo e e amanang le go ikanyega mo lenyalong mo go batliwang ke Modimo. (Genesise 2:24; 12:18-20) Tsela e a arabileng ka yone e re bontsha gore o ne a tlhotlhelediwa thata ke melaometheo eo: “Ka jalo ke ka dira jang bosula jo bogolo jono mme ka leofela Modimo?”—Genesise 39:9.

11. Bakeresete ba batla go kaelwa ke melaometheo ya ga Jehofa mo dintlheng dife?

11 Gompieno Bakeresete ba batla go kaelwa ke melaometheo ya ga Jehofa fa go tla mo dikgannyeng tsa botho, tse di jaaka gore ba tlhopha ditsala tsa mofuta ofe, ba itlosa bodutu ka eng, ba reetsa mmino o o ntseng jang le gore ba bala eng. (1 Bakorintha 15:33; Bafilipi 4:8) Fa re ntse re gola mo kitsong, mo go tlhaloganyeng le mo tseleng e re anaanelang Jehofa le ditekanyetso tsa gagwe ka yone, segakolodi sa rona le go tlhaloganya ga rona se se molemo le se se bosula go tla re thusa go dirisa melaometheo ya Modimo mo maemong le fa e ka nna afe a re lebanang nao, tota le mo dikgannyeng tsa motho ka namana. E re ka re kaelwa ke melaometheo ya Baebele, ga re ne re senka ditsela tse re ka tlolang melao ya Modimo ka tsone ka gonne o sa umaka dilo dingwe; le gone ga re ne re etsa batho ba ba lekang go bona gore ba ka ya bokgakaleng bofe ba sa robe molao mongwe. Re lemoga gore go akanya jalo ga go thuse ka sepe e bile go kotsi.—Jakobe 1:22-25.

12. Selo sa konokono se se ka re thusang go kaelwa ke melaometheo ya Modimo ke sefe?

12 Bakeresete ba ba godileng ba itse gore selo sa botlhokwa se se ka re thusang go latela melaometheo ya Modimo ke go batla go itse gore Jehofa o ikutlwa jang ka kgang. Mopesalema o gakolola jaana: “Lona ba lo ratang Jehofa, tlhoang se se bosula.” (Pesalema 97:10) Diane 6:16-19 e thathamisa dingwe tsa dilo tse Modimo a di tsayang di le bosula jaana: “Go na le dilo di le thataro tse Jehofa a di tlhoileng; ee, dilo di supa tse di makgapha mo moyeng wa gagwe: matlho a a ikgodisang, loleme lo lo maaka, le diatla tse di tshololang madi a a se nang molato, pelo e e logang maano a a utlwisang botlhoko, dinao tse di itlhaganeletseng go sianela kwa bosuleng, mosupi wa maaka yo o bilolang maaka, le ope yo o bakang manganga mo gare ga bomorwa motho.” Fa re eletsa go tshela go dumalana le kafa Jehofa a ikutlwang ka teng mo dilong tse di ntseng jalo tsa botlhokwa, re tla tshela ka melaometheo ka dinako tsotlhe.—Jeremia 22:16.

O Tshwanetse wa Nna le Maitlhomo a a Siameng

13. Jesu o ne a gatelela go akanya ka tsela efe mo Therong ya mo Thabeng?

13 Go itse le go dirisa melaometheo gape go re sireletsa mo seraing sa kobamelo e e lolea ya seomodiro. Go na le pharologanyo fa gare ga go latela melaometheo le go tshela fela ka melao. Jesu o ne a bontsha seno ka phepafalo mo Therong ya mo Thabeng. (Mathaio 5:17-48) Gakologelwa gore batho ba ba neng ba reeditse Jesu e ne e le Bajuda, ka jalo boitshwaro jwa bone bo ne bo tshwanetse go kaelwa ke Molao wa ga Moshe. Mme tota ba ne ba sa lebe Molao ka tsela e e tshwanetseng. Ba ne ba setse ba gatelela gore go latelwe tlhaka nngwe le nngwe ya Molao go na le go latela se tota o neng o se kaya. Ba ne ba gatelela dingwao tsa bone, ba di baya kwa pele ga dithuto tsa Modimo. (Mathaio 12:9-12; 15:1-9) Ka ntlha ya moo, batho ka kakaretso ba ne ba sa rutiwa go akanyetsa melaometheo.

14. Jesu o ne a thusa bareetsi ba gagwe jang gore ba akanyetse melaometheo?

14 Go fapaana le seo, Jesu mo Therong ya mo Thabeng o ne a akaretsa melaometheo mo dikarolong tse tlhano tsa boitsholo: go galefa, lenyalo le tlhalo, ditsholofetso, pusoloso le lorato le letlhoo. Mo dintlheng tseno tsotlhe, Jesu o ne a bontsha mosola wa go latela molaomotheo. Ka gone Jesu o ne a dira gore balatedi ba gagwe ba nne le ditekanyetso tse di kwa godingwana tsa boitsholo. Ka sekai, mo ntlheng ya boaka, o ne a re naya molaomotheo o o sa kaeleng ditiro tsa rona fela mme o kaela le dikakanyo le dikeletso tsa rona: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.”—Mathaio 5:28.

15. Re ka tila jang boikutlo bope jwa go rata go ngaparela tlhaka nngwe le nngwe ya molao?

15 Sekai seno se bontsha gore le ka motlha ga re a tshwanela go lebala boikaelelo le maitlhomo a melaometheo ya ga Jehofa. Ruri ga re a tshwanela go leka go dira gore Modimo a re amogele ka go diragatsa melao ya boitsholo re ikgolola fela. Jesu o ne a senola phoso ya boikutlo jo bo ntseng jalo ka go bolela ka kutlwelobotlhoko le lorato lwa Modimo. (Mathaio 12:7; Luke 6:1-11) E re ka re tla bo re latela melaometheo ya Baebele, re tla tila go leka go tshela (kgotsa go pateletsa batho ba bangwe go tshela) ka melaolao e e gagametseng e e batlang se se ka kwa ga dilo tse Baebele e di rutang. Re tla amega thata ka melaometheo ya lorato le go utlwa Modimo go na le go amega ka tsela e kobamelo e lebegang ka yone kafa ntle.—Luke 11:42.

Diphelelo Tse di Itumedisang

16. Naya dikai tsa melaometheo e melao mengwe ya Baebele e theilweng mo go yone.

16 Fa re ntse re leka go utlwa Jehofa, go botlhokwa go lemoga gore melao ya gagwe e theilwe mo melaometheong ya konokono. Ka sekai, Bakeresete ba tshwanetse ba tila boaka, boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo le go sa dirise madi sentle. (Ditiro 15:28, 29) Ke eng se se laolang pono ya Mokeresete mo dikgannyeng tseno? Modimo o tshwanelwa ke gore re ineele mo go ene fela; re tshwanetse ra ikanyega mo molekaneng wa rona; le gore Jehofa ke Moneibotshelo. (Genesise 2:24; Ekesodo 20:5; Pesalema 36:9) Go tlhaloganya melaometheo eno ya botlhokwa go dira gore go nne motlhofo go amogela le go latela melao e e tsamaisanang le yone.

17. Go lemoga le go dirisa melaometheo ya Baebele go ka nna le matswela afe a a molemo?

17 Fa re ntse re lemoga melaometheo ya konokono re bo re e dirisa, re fitlhela gore e diretswe go re solegela molemo. Gantsi masego a semoya a batho ba Modimo ba nnang le one a tsamaisana le melemo e e bonalang. Ka sekai, batho ba ba sa gogeng motsoko, ba ba tshelang matshelo a boitsholo jo bo siameng, le ba ba tlotlang boitshepo jwa madi ba tila go tshwarwa ke malwetse mangwe. Ka tsela e e tshwanang, go tshela tumalanong le boammaaruri jwa Modimo go ka re solegela molemo mo go tsa itsholelo, tsa loago kgotsa mo gae. Melemo epe fela e e ntseng jalo e supa kafa melao ya ga Jehofa e leng mosola ka teng, gore e a thusa eleruri. Le fa go ntse jalo, ga re tshele ka melaometheo ya Modimo fela ka gonne re batla go bona melemo eno e e mosola. Bakeresete ba boammaaruri ba utlwa Jehofa ka gonne ba mo rata, ka gonne o tshwanelwa ke gore ba mo obamele le ka gonne e le selo se se tshwanetseng gore ba se dire.—Tshenolo 4:11.

18. Fa re batla go nna Bakeresete ba ba atlegileng, ke eng se se tshwanetseng sa kaela botshelo jwa rona?

18 Go dumelela melaometheo ya Baebele e kaela botshelo jwa rona go felela ka gore re tshele botshelo jwa maemo a a kwa godimo, mme seo ka bosone se ka dira gore ba bangwe ba rate tsela ya Modimo. Sa botlhokwa le go feta, tsela ya rona ya botshelo e tlotla Jehofa. Re lemoga gore ruri Jehofa ke Modimo yo o lorato, yo o re batlelang se se molemo. Fa re dira ditshwetso go dumalana le melaometheo ya Baebele re bo re bona kafa Jehofa a re segofatsang ka teng, re simolola go ikutlwa re le gaufiufi le ene. Ee, re tswelela pele re tlhagolela kamano e e lorato le Rraarona wa selegodimo.

A o A Gakologelwa?

• Molaomotheo ke eng?

• Melaometheo e farologana jang le melao?

• Ke eng fa go le molemo gore re akanye re bo re dire ka melaometheo?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso mo go tsebe 20]

Wilson, Mokeresete mongwe wa kwa Ghana, o ne a bolelelwa gore mo malatsing a se kae, o ne a tla kobiwa mo tirong. Mo letsatsing la gagwe la bofelo kwa tirong, o ne a newa tiro ya go tlhatswa kara ya motsamaisimogolo wa khampani. Fa Wilson a fitlhela madi mo kareng eno, foromane ya gagwe e ne ya mmolelela gore Modimo o ne a file Wilson madi ao ka gonne a ne a tlile go ntshiwa mo tirong letsatsi leo. Le fa go ntse jalo, Wilson o ne a dirisa melaometheo ya Baebele e e malebana le go ikanyega mme a busetsa motsamaisi madi ao. Motsamaisi o ne a gakgametse gape a kgatlhegile, ka jalo a naya Wilson tiro mme mo godimo ga moo, gone fela foo a mo tlhatlosa maemo gore e nne mongwe wa badiri ba maemo mo khampaning.—Baefeso 4:28.

[Lebokoso mo go tsebe 21]

Rukia ke mosadi wa Mo-Albania yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60. Ka ntlha ya kgotlhang nngwe ya mo lapeng, go ne go setse go fetile dingwaga di le 17 a sa buisane le kgaitsadie. O ne a simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa mme a ithuta gore Bakeresete ba boammaaruri ba tshwanetse ba tshela ka kagiso le ba bangwe, ba sa boloke sekgopi. O ne a rapela bosigo jotlhe, mme a ya kwa ntlong ya ga kgaitsadie, pelo ya gagwe e ntse e itaya. Setlogolo sa gagwe se ne sa bula kgoro. Se ne se gakgametse mme sa botsa Rukia sa re: “Go sule mang? O batlang fa?” Rukia o ne a kopa go bona kgaitsadie. O ne a tlhalosa a wetse maikutlo gore go ithuta melaometheo ya Baebele le go ithuta kaga Jehofa go ne go mo rotloeditse go agisana le kgaitsadie. Morago ga go lela le go tlamparelana, ba ne ba itumelela poelano eno e e kgethegileng!—Baroma 12:17, 18.

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mathaio 5:27, 28

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mathaio 5:3

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

Mathaio 5:24

[Setshwantsho mo go tsebe 23]

“E rile a bona boidiidi a tlhatlogela kwa thabeng; mme fa a sena go nna fa fatshe barutwa ba gagwe ba tla kwa go ene; mme a bula molomo a simolola go ba ruta.”—MATHAIO 5:1, 2