Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo

Melao ya Modimo e re Solegela Molemo

“A bo ke rata molao wa gago jang ne!”—PESALEMA 119:97.

1. Boikutlo jo bo atileng malebana le go utlwa melao ya Modimo ke bofe?

GO UTLWA melao ya Modimo ga go ratege gompieno. Batho ba le bantsi ga ba bone mosola wa go ineela gore ba laolwe ke mongwe yo o kwa godimo yo o sa bonaleng. Re tshela mo motlheng o mo go one go tsewang gore melao ya boitsholo e ikaegile ka batho ba ba e latelang, o mo go one go se nang melelwane e e bonalang sentle fa gare ga se se siameng le se se sa siamang, le o mo go one go nang le dilo tse dintsi tse go sa tlhomamang gore a di siame kgotsa ga di a siama. (Diane 17:15; Isaia 5:20) Bosheng jaana go ne ga dirwa dipatlisiso mme ga lemogiwa gore “bontsi jwa Baamerika ba batla go itirela ditshwetso tsa se se tshwanetseng, se se siameng le se se mosola,” mme seo se dumalana le kafa batho ba le bantsi mo ditšhabeng tse di sa laolweng ke bodumedi ba ikutlwang ka teng. Ba tlhopha “go direla Modimo yo o sa gagamatsang letsogo. Go se nne le melao e e gagametseng. Go se nne le babusi ba ba gagamaditseng melao, e ka tswa e le ya boitsholo kgotsa ya sepe fela.” Mokanoki mongwe wa tsa loago o ne a lemoga gore gompieno “go lebeletswe gore batho ba iponele ka bobone gore ba ka tshela jang botshelo jo bo siameng.” O ne a tswelela pele jaana: “Mofuta ope fela wa taolo e e kwa godimo o tshwanetse wa fetola melao ya one gore e dumalane le dilo tse di tlhokwang ke batho ba mmatota.”

2. Lekgetlo la ntlha le ka lone go umakwang molao mo Baebeleng le amana jang le go segofadiwa le go amogelwa ke Modimo?

2 E re ka batho ba le bantsi jaana ba sa bone mosola wa melao ya ga Jehofa, re tlhoka go nonotsha tumelo ya rona ya gore melao ya Modimo e diretswe gore e re solegele molemo. Go a kgatlha go sekaseka pego e molao o umakwang la ntlha mo Baebeleng mo go yone. Re bala mafoko ano a Modimo mo go Genesise 26:5: “Aborahame o ne . . . a tswelela go diragatsa maikarabelo a gagwe mo go nna, ditaolo tsa me, melawana ya me, le melao ya me.” Mafoko ao a ne a bolelwa makgolo a dingwaga pele Jehofa a ntsha molao o o feletseng a o naya ditlogolwana tsa ga Aborahame. Modimo o ne a duela kutlo ya ga Aborahame jang, go akaretsa go utlwa ga gagwe melao ya Gagwe? Jehofa Modimo o ne a mo solofetsa jaana: “Setšhaba sotlhe sa lefatshe se tla itshegofatsa ka losika lwa gago.” (Genesise 22:18) Ka gone go utlwa melao ya Modimo go amana thata le go segofadiwa le go amogelwa ke Modimo.

3. (a) Mopesalema mongwe o ne a bontsha maikutlo afe ka molao wa ga Jehofa? (b) Re tshwanetse ra ipotsa dipotso dife?

3 Mongwe wa bakwadi ba Dipesalema—yo e ka tswang e ne e le kgosana ya Juda e e neng e tla nna kgosi mo isagweng—o ne a bontsha boikutlo jo gantsi bo sa amanngweng le molao. O ne a raya Modimo a re: “A bo ke rata molao wa gago jang ne!” (Pesalema 119:97) Seno e ne e se go bua ka go phamoga fela. E ne e le mafoko a a bontshang go rata thato ya Modimo jaaka e bontshitswe mo molaong wa gagwe. Jesu Keresete, Morwa yo o itekanetseng wa Modimo, o ne a ikutlwa jalo. Boporofeti bo ne jwa tlhalosa Jesu a bolela jaana: “Ke itumeletse go dira thato ya gago, wena Modimo wa me, mme molao wa gago o mo teng ga me.” (Pesalema 40:8; Bahebera 10:9) Go tweng ka rona? A re itumelela go dira thato ya Modimo? A re dumela gore melao ya ga Jehofa e a dira e bile e mosola? Go utlwa melao ya Modimo go ama jang kobamelo ya rona, botshelo jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, tsela e re dirang ditshwetso ka yone, le kamano ya rona le batho ba bangwe? Gore re rate molao wa Modimo, re tlhoka go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa Modimo a na le tshwanelo ya go tlhoma melao le go bona gore e a diragadiwa.

Jehofa—Moneimolao yo o Tshwanetseng

4. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a na le tshwanelo yotlhe ya go nna Moneimolao?

4 E re ka Jehofa e le Mmopi, o na le tshwanelo yotlhe ya go nna Moneimolao mo lobopong lotlhe. (Tshenolo 4:11) Moporofeti Isaia o ne a re: “Jehofa ke Moneimolao wa rona.” (Isaia 33:22) O tlhomile melao ya tlholego e e laolang dilo tse a di bopileng tse di tshelang le tse di sa tsheleng. (Jobe 38:4-38; 39:1-12; Pesalema 104:5-19) E re ka motho a bopilwe ke Modimo, o laolwa ke melao ya ga Jehofa ya tlholego. Mme le fa motho a kgona go itirela ditshwetso, a kgona go ikakanyetsa, o itumela fela fa a ikobela melao ya Modimo ya boitshwaro le ya semoya.—Baroma 12:1; 1 Bakorintha 2:14-16.

5. Molaomotheo o o mo go Bagalatia 6:7 o dira jang malebana le melao ya Modimo?

5 Jaaka fa re itse, melao ya ga Jehofa ya tlholego e ka se rojwe. (Jeremia 33:20, 21) Fa motho a dira kgatlhanong le melao mengwe ya tlholego, jaaka molao wa maatlakgogedi, o utlwa ditlamorago tsa gone. Ka tsela e e tshwanang, melao ya Modimo ya boitsholo e ka se fetolwe e bile e ka se kekologwe kgotsa ya rojwa mme go se na ditlamorago. Melao eno e tshwanetse ya latelwa fela jaaka ya tlholego, le fa ditlamorago tsa go e latela di ka nna tsa se tle ka bonako jaaka tsa go latela melao ya tlholego. “Modimo ga se yo o ka sotliwang. Gonne le fa e le eng se motho a se jalang, o tla roba sone seno gape.”—Bagalatia 6:7; 1 Timotheo 5:24.

Se se Akarediwang ke Molao wa ga Jehofa

6. Melao ya Modimo e akaretsa eng?

6 Tsela nngwe e e tlhomologileng e molao wa Modimo o neng wa tla ka yone e ne e le ka Molao wa ga Moshe. (Baroma 7:12) Fa nako e ntse e ya, Jehofa Modimo o ne a emisetsa Molao wa ga Moshe ka “molao wa ga Keresete.” * (Bagalatia 6:2; 1 Bakorintha 9:21) Jaaka Bakeresete ba ba kafa tlase ga ‘molao o o itekanetseng wa kgololesego,’ re tlhaloganya gore Modimo ga a laole dikarolo tse di rileng fela tsa botshelo jwa rona, tse di jaaka dithuto tse re di dumelang kgotsa mekgwa e re tshwanetseng go mo direla ka yone. Melao ya gagwe e akaretsa dikarolo tsotlhe tsa botshelo, go akaretsa ditirisano tsa malapa, ditirisano tsa kgwebo, boitshwaro jwa rona le batho ba bong bo sele, maikutlo a rona ka Bakeresete ka rona, le seabe sa rona mo kobamelong ya boammaaruri.—Jakobe 1:25, 27.

7. Naya dikai tsa melao e e botlhokwa ya Modimo.

7 Ka sekai, Baebele ya re: “Go le bagokafadi, le fa e le baobamedi ba medingwana, le fa e le baakafadi, le fa e le banna ba ba beetsweng maikaelelo a e seng a tlholego, le fa e le banna ba ba robalang le banna, le fa e le magodu, le fa e le batho ba ba bogagaru, le fa e le matagwa, le fa e le bagobolodi, le fa e le ba ba tsayang ka dikgoka ga ba na go rua bogosi jwa Modimo.” (1 Bakorintha 6:9, 10) Ee, boaka le kgokafalo ga se “go ratana” fela. Ditiro tsa bosodoma ga se “go tshela ke tsela e sele” fela. Go dira dilo tseno ke go roba molao wa ga Jehofa. Fela jaaka ditiro tse di jaaka go utswa, go aka le go senya leina. (Pesalema 101:5; Bakolosa 3:9; 1 Petere 4:15) Jakobe o ne a kgala go ipega fa Paulo ene a ne a re gakolola gore re tile puo ya boeleele kgotsa nyao e e ferosang sebete. (Baefeso 5:4; Jakobe 4:16) Mo Bakereseteng, melao eno yotlhe ya boitshwaro e akarediwa mo molaong o o itekanetseng wa Modimo.—Pesalema 19:7.

8. (a) Molao wa ga Jehofa o ntse jang? (b) Bokao jwa konokono jwa lefoko la Sehebera le le ranotsweng go twe “molao” ke bofe?

8 Melao e e ntseng jalo ya konokono mo Lefokong la ga Jehofa e bontsha gore molao wa gagwe ga se lethathama fela la melaolao e e gagametseng. Botshelo jo bo lekalekaneng jo bo mosola bo theilwe mo go one, mme o solegela botshelo jotlhe jwa motho molemo. Molao wa Modimo o a aga, o siame e bile o a ruta. (Pesalema 119:72) Lefoko “molao” jaaka le dirisiwa ke mopesalema le ranotswe go tswa mo lefokong la Sehebera e leng toh·rahʹ. Mokanoki mongwe wa Baebele a re: “Lefoko leno le tswa mo lediring le le kayang go kaela, go lebaganya, go hula. Ka gone . . . bokao jwa lone e tla nna sengwe se boitshwaro bo lekanngwang ka sone.” Mopesalema o ne a tsaya molao e le mpho e e tswang kwa Modimong. A le rona ga re a tshwanela go o tseela kwa godimo jalo, re o letla gore o laole botshelo jwa rona?

9, 10. (a) Ke ka ntlha yang fa re tlhoka kaelo e re ka e ikanyang? (b) Ke ka tsela efe fela re ka nnang le botshelo jo bo monate le jo bo atlegileng?

9 Dibopiwa tsotlhe di tlhoka kaelo e e ka ikanngwang. Go ntse jalo ka Jesu le baengele ba bangwe, ba ba nang le maemo a a fetang a motho. (Pesalema 8:5; Johane 5:30; 6:38; Bahebera 2:7; Tshenolo 22:8, 9) Fa dibopiwa tseno tse di itekanetseng di kgona go solegelwa molemo ke kaelo ya Modimo, a bo batho ba ba sa itekanelang ba ka solegelwa molemo le go feta jang ne! Hisitori ya motho le boitemogelo jwa rona bo supile gore mafoko ano a ga moporofeti Jeremia a boammaaruri: “Ke itse sentle, tlhe Jehofa, gore tsela ya motho wa mo lefatsheng ga se ya gagwe. Ga se ga motho yo o tsamayang ka dinao go kaela dikgato tsa gagwe.”—Jeremia 10:23.

10 Fa re eletsa go nna le botshelo jo bo itumedisang le jo bo atlegileng, re tshwanetse ra batla kaelo ya Modimo. Kgosi Solomone o ne a lemoga kotsi ya fa motho a tshela ka melao e a e itlhometseng, a sa kaelwe ke Modimo: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.”—Diane 14:12.

Mabaka a go Rata Molao wa ga Jehofa

11. Ke eng fa re tshwanetse ra eletsa go tlhaloganya molao wa Modimo?

11 Go molemo go nna le keletso e kgolo ya go batla go tlhaloganya molao wa ga Jehofa. Mopesalema o ne a bontsha keletso eo fa a ne a re: “Bipolola matlho a me, gore ke lebe dilo tse di gakgamatsang tse di tswang mo molaong wa gago.” (Pesalema 119:18) Fa re ntse re itse Modimo le ditsela tsa gagwe go ya pele, re tla tlhaloganya sentle boammaaruri jwa mafoko ano a ga Isaia: “Nna Jehofa, ke Modimo wa gago, Yo ke go rutang gore o solegelwe molemo, Yo ke dirang gore o gate mo tseleng e o tshwanetseng wa tsamaya mo go yone. Fa fela o ne o ka tlhwaela ditaolo tsa me tsebe!” (Isaia 48:17, 18) Jehofa o eletsa thata gore batho ba gagwe ba tile masetlapelo mme ba ipelele botshelo ka go tsaya tsia ditaelo tsa gagwe. A re tlhatlhobe mangwe a mabaka a konokono a go bo re tshwanetse go rata molao wa Modimo.

12. Tsela e Jehofa a re itseng ka yone e dira jang gore e nne ene a tshwanelang sentle go nna Moneimolao?

12 Molao wa Modimo o tswa mo go Ene yo o re itseng botoka. E re ka Jehofa e le Mmopi wa rona, go a utlwala gore a bo a ka itse batho go tswa le go tsena. (Pesalema 139:1, 2; Ditiro 17:24-28) Ditsala tse di gaufi, ba losika, tota le batsadi ba rona ba ka se re itse jaaka Jehofa a re itse. Aitsane, Modimo o re itse go feta jaaka re ikitse rona! Morediri o tlhaloganya ka botlalo dilo tse re di tlhokang mo semoyeng, mo maikutlong, mo tlhaloganyong le mo mmeleng. Fa a ntse a lebisa tlhokomelo ya gagwe mo go rona, o bontsha gore o tlhaloganya sentle tsela e re bopegileng ka yone, dilo tse re di eletsang le tse re batlang go di fitlhelela. Jehofa o tlhaloganya ditlhaelo tsa rona, mme gape o a itse gore re ka kgona go dira dilo tse di molemo. Mopesalema a re: “Gonne o itse popego ya rona sentle, a gakologelwa gore re lorole.” (Pesalema 103:14) Ka gone, re ka ikutlwa re sireletsegile semoyeng fa re ntse re leka go tsamaya mo molaong wa Modimo, re ineela ka go rata fa a re kaela.—Diane 3:19-26.

13. Ke ka ntlha yang fa re ka tlhomamisega gore Jehofa o re batlela se se molemolemo?

13 Molao wa Modimo o tswa kwa go Ene yo o re ratang. Modimo o amegile thata ka gore re atlege ka bosakhutleng. A ga a ka a latlhegelwa thata ka go ntsha Morwawe “thekololo gore a bone ba le bantsi”? (Mathaio 20:28) A Jehofa ga a solofetsa gore ‘ga a na go re lesa re raelwa go feta se re ka se itshokelang’? (1 Bakorintha 10:13) A Baebele ga e re tlhomamisetse gore ‘o a re kgathalela’? (1 Petere 5:7) Ga go ope yo o batlang ka lorato go naya batho kaelo e e mosola go feta kafa Jehofa a batlang ka teng. O itse se se re siametseng e bile o itse gore ke eng se se tla re itumedisang le gore ke eng se se tla re hutsafatsang. Le mororo re sa itekanela e bile re dira diphoso, fa re latelela tshiamo, o re bontsha lorato ka ditsela tse di tla felelang ka botshelo le masego.—Esekiele 33:11.

14. Molao wa Modimo o farologana ka tsela efe ya botlhokwa le megopolo ya batho?

14 Molao wa Modimo o ka se fetoge, mme seo se a re kgothatsa. Mo metlheng ya mathata e re tshelang mo go yone, Jehofa ke lefika le le nonofileng, le le teng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng. (Pesalema 90:2) O ne a bolela jaana kaga gagwe: “Ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:6) Melao ya Modimo, jaaka e kwadilwe mo Baebeleng, e ikanyega tota—ga e tshwane le megopolo ya batho e e nnelang go fetoga ka metlha. (Jakobe 1:17) Ka sekai, ka dingwagangwaga baithutatlhaloganyo ba ile ba buelela go godisa bana o repisitse letsogo thata, mme morago bangwe ba ne ba fetola megopolo ya bone mme ba dumela gore kgakololo ya bone e ne e le phoso. Melao ya lefatshe le dikaelo mo ntlheng eno di ya kwa le kwa jaaka e kete di ntaakwa ke diphefo. Le fa go ntse jalo, Lefoko la ga Jehofa ga le fetoge. Ka makgolokgolo a dingwaga Baebele e ntse e neela kgakololo malebana le kafa bana ba ka godisiwang ka teng ka lorato. Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Borre, lo se ka lwa tshwenya bana ba lona, mme tswelelang lo ba godisetsa mo kotlhaong le mo taolong ya mogopolo ya ga Jehofa.” (Baefeso 6:4) A bo go kgothatsa jang go itse gore re ka ikaega ka melao ya ga Jehofa; ga e kitla e fetoga!

Masego a Batho ba ba Utlwang Melao ya Modimo

15, 16. (a) Go tla felela ka eng fa re tshela ka melao ya ga Jehofa? (b) Melao ya Modimo e re kaela sentle jang mo lenyalong?

15 Modimo o ne a bua jaana ka moporofeti wa gagwe Isaia: “Lefoko la me le le tswang mo molomong wa me . . . ruri le tla atlega.” (Isaia 55:11) Fela jalo, ruri fa re leka ka tlhoafalo go latela melao e e mo Lefokong la gagwe, re tla atlega, re tla dira se se molemo, mme re itumele.

16 Ela tlhoko kafa melao ya Modimo e re kaelang sentle ka teng gore re nne le manyalo a a atlegileng. Paulo o ne a kwala jaana: “A lenyalo le tlotlege mo go botlhe, le bolao jwa lenyalo bo nne bo sa leswafala, gonne Modimo o tla atlhola bagokafadi le baakafadi.” (Bahebera 13:4) Banyalani ba tshwanetse ba tlotlana le go ratana: “A mongwe le mongwe wa lona ka bongwe a rate mosadi wa gagwe jalo jaaka a ithata; kafa letlhakoreng le lengwe, mosadi o tshwanetse go nna le tlotlo e e boteng mo monneng wa gagwe.” (Baefeso 5:33) Lorato lo lo tlhokegang lo tlhalosiwa mo go 1 Bakorintha 13:4-8: “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi. Lorato ga lo fufege, ga lo ikgantshe, ga lo ikgogomose, ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela, ga lo gakatsege. Ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko. Ga lo ipelele tshiamololo, mme lo ipela le boammaaruri. Lo emelana le dilo tsotlhe, lo dumela dilo tsotlhe, lo solofela dilo tsotlhe, lo itshokela dilo tsotlhe. Lorato ga lo ke lo fela.” Lenyalo le le nang le mofuta ono wa lorato ga le kitla le fela.

17. Go dirisa melao ya ga Jehofa e e malebana le tiriso ya bojalwa go na le mesola efe?

17 Bosupi jo bongwe jwa gore melao ya ga Jehofa e mosola ke gore o iletsa botagwa. E bile ga a rate fa batho ba ‘ineela mo beineng e ntsi.’ (1 Timotheo 3:3, 8; Baroma 13:13) Batho ba le bantsi ba ba tlhokomologang melao ya Modimo mo kgannyeng eno ba bolawa ke malwetse a a bakilweng kgotsa a a gakaditsweng ke go nwa mo go feteletseng. Bangwe ba ile ba tlhokomologa kgakololo ya Baebele malebana le go lekanyetsa, mme ba tsene mo mokgweng wa go nwa mo go feteletseng gore “go ba thuse go ritibala.” Mathata a a bakwang ke go nwa mo go feteletseng a mantsi, a akaretsa go felelwa ke seriti, mathata a lelapa kgotsa go thubega ga lelapa, go itshenyetsa madi a motho a a bereketseng le go senyegelwa ke tiro. (Diane 23:19-21, 29-35) A melao ya ga Jehofa malebana le tiriso ya bojalwa ga e re sireletse?

18. A melao ya Modimo e mosola mo dikgannyeng tsa madi? Tlhalosa.

18 Melao ya Modimo gape e itshupile e le mosola mo dikgannyeng tsa madi. Baebele e rotloetsa Bakeresete gore ba ikanyege le gore ba tlhagafale. (Luke 16:10; Baefeso 4:28; Bakolosa 3:23) Ka ntlha ya go latela kgakololo eno, Bakeresete ba le bantsi ba ile ba tlhatlosiwa maemo kgotsa ba se ka ba latlhegelwa ke ditiro fa go fokodiwa batho mo tirong. Gape motho o solegelwa molemo mo go tsa madi fa a tila mekgwa e e seng ya Dikwalo le e e tshwakgolang e e jaaka go betšha, go goga motsoko le go se dirise diokobatsi ka tshwanelo. Kwantle ga pelaelo o ka akanya ka dikai tse dingwe tse di bontshang kafa go latela melao ya Modimo go leng mosola ka teng mo go tsa itsholelo.

19, 20. Ke ka ntlha yang fa go le botlhale go amogela le go ngaparela melao ya Modimo?

19 Go motlhofo gore batho ba ba sa itekanelang ba fapoge melao le ditekanyetso tsa Modimo. Akanya ka Baiseraele kwa Thabeng ya Sinai. Modimo o ne a ba raya a re: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe.” Ba ne ba arabela ba re: “Re iketleeleditse go dira sotlhe se Jehofa a se buileng.” Mme ba ne ba tlhopha go tsaya tsela e e farologaneng le eo gotlhelele! (Ekesodo 19:5, 8; Pesalema 106:12-43) A re se direng jaaka bone mme re amogele melao ya Modimo re bo re e ngaparele.

20 Ke sengwe se se botlhale e bile se itumedisa go ngaparela melao ya ga Jehofa e a re fileng yone e e sa tshwaneng le epe e mengwe gore e re kaele mo matshelong a rona. (Pesalema 19:7-11) Gore re kgone go dira seno ka katlego, gape re tshwanetse ra tlhaloganya kafa melaometheo ya bomodimo e leng molemo ka teng. Setlhogo se se latelang se tla tlhalosa ntlha eno.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 6 Fa o batla go bona tlhaloso e e feletseng ya “molao wa ga Keresete,” bona Tora ya Tebelo, September 1, 1996, ditsebe 14-24.

A o A Gakologelwa?

• Ke ka ntlha yang fa re ka tshepa gore melao ya Modimo e diretswe go re solegela molemo?

• Re tshwanetse ra rata molao wa ga Jehofa ka mabaka afe?

• Melao ya Modimo e mosola ka ditsela dife?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Aborahame o ne a segofadiwa thata ka ntlha ya go utlwa molao wa ga Jehofa

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Ditlhobaelo tsa botshelo jwa gompieno jo bo sa iketlang di dira gore batho ba le bantsi ba tlhokomologe molao wa Modimo

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Molao wa Modimo o tlhomame e bile o ka se fetoge, fela jaaka ntlwana e e mo godimo ga lefika ya dipone tse di kaelang dikepe