Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Pabalesego ya Gago e Ikaegile ka Eng?

Pabalesego ya Gago e Ikaegile ka Eng?

Pabalesego ya Gago e Ikaegile ka Eng?

Mo motsaneng mongwe o monnye wa kwa Afrika Bophirima, Josué yo mmotlana o sadisa ba lelapa la gagwe le ditsala sentle. * Go tswa foo o ya kwa toropong e kgolo go ya go batla pabalesego ya madi. Le fa go ntse jalo, ka bonako morago ga gore a fitlhe koo, o felelwa ke tsholofelo fa a lemoga gore ga go motlhofo go huma fa o le mo toropong eno.

FA Josué a ntse a kgaratlha go tlwaelana le botshelo jwa toropo, o kgobega marapo thata. Toropo e kgolo eno ga e jaaka a ne a akanya. Ka nako eo, kwa tengteng ga pelo ya ga Josué, o tlhologetswe thata go boela kwa go ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe kwa motsaneng ole wa maemo a a kwa tlase o a tswang kwa go one. Mme le fa go ntse jalo, o tshaba gore baagi bangwe ba motsana oo ba tla mo sotla. O tshwenyega ka go re: ‘Ba tla re ke paletswe, ka gonne ga ke a atlega kwa toropong.’

Mme selo se se boima le go feta mo go ene ke tsela e batsadi ba gagwe ba tla bong ba swabile ka yone. Ba ikaegile ka ene gore a ba thuse ka tsa madi. Fa Josué a ntse a leka go lwantshana le mokgweleo ono wa maikutlo, o dira diura tse ditelele mo tirong ya maemo a a kwa tlase, mme o amogela fela bonnye jwa se a neng a akanya gore o tla se amogela. O lapile ke go bereka thata. Mme nako e e setseng ya gore a dire ditiro tsa Bokeresete, e e leng botlhokwa thata mo go ene, e nna e ntse e fokotsega beke nngwe le nngwe. E re ka a le kgakala jaana le lorato lwa ba lelapa la gagwe le ditsala tsa gagwe tse dikgolo, o ikutlwa a hutsafetse e bile a le bodutu. O lemoga gore toropo ga ya ka ya mo naya pabalesego e a neng a e batla thata jaana.

Le mororo seno se diragalela batho ba ba farologaneng mo mafelong a a farologaneng, kgang e e hutsafatsang eno ya ga Josué e anelwa gangwe le gape. Ga se gore Josué o ne a le pelotshetlha fa a ne a batla go fuduga—o ne a batla fela pabalesego. Tota o ne a akanya gore o tla nna le ditshono tse dintsi mo toropong go na le kwa motsaneng wa gaabo o monnye. Ke boammaaruri gore ka dinako tse dingwe, motho a ka tokafatsa seemo sa gagwe sa itsholelo mme seo ga se reye gore o tla bona pabalesego ya mmatota. Ga go a ka ga nna jalo ka Josué, e bile go ka nna ga se ka ga direga mo go ba bangwe ba le bantsi ba ba lekang go dira jalo. Se se dira gore re ipotse gore, ‘Pabalesego ke eng?’

Pabalesego e tlhaloganngwa ka ditsela tse di farologaneng ke batho ba ba farologaneng. Dikishinare nngwe ya re pabalesego ke “go gololesega mo kotsing” kana “go gololesega mo poifong kana mo tlhobaelong.” Batho ba le bantsi ba lemoga gore go “gololesega ka botlalo mo kotsing” ga go yo gotlhelele gompieno. Ba kgotsofetse fa fela bone ba ikutlwa ba babalesegile, le fa gone go na le maemo a a tshosetsang a a ba dikologileng.

Go tweng ka wena? O batla kae pabalesego? A o ka e bona mo toropong go na le kwa metsaneng, jaaka Josué a ne a akanya? Kana a o ka e bona ka go nna le madi, go sa kgathalesege gore o ka a bona kae kana gore o a bona jang? A gongwe ke ka go leka go nna le maemo a a kwa godimo? Le fa o ka tswa o akanya gore pabalesego ya gago e ikaegile ka eng, pabalesego eo e tla nna sebaka se se kana kang mo go wena le mo go ba lelapa la gago?

A re sekasekeng ditsela tse tharo tse batho ba le bantsi ba batlang pabalesego ka tsone—lefelo la go nna; ka go nna le madi; kana ka go nna le maemo. Go tswa foo re tla sekaseka gore pabalesego ya mmatota e e nnelang ruri e ikaegile ka eng.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 2 Leina le fetotswe.