Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Batlisisa Gore Go Tlhokega Eng?

A o Batlisisa Gore Go Tlhokega Eng?

A o Batlisisa Gore Go Tlhokega Eng?

JESU KERESETE o ne a naya barutwa ba gagwe tsholofelo ya go tshelela ruri mme gape o ne a ba kgothaletsa gore ba batlisise se go nna Mokeresete go se tlhokang. O ne a tshwantsha ntlha eno ka go botsa jaana: “Ke mang wa lona yo o batlang go aga tora a sa nneng fa fatshe pele a bo a bala ditshenyegelo [kana, a batlisisa gore go tlhokega eng], go bona gore a o na le mo go lekaneng go e wetsa?” (Luke 14:28) Jesu o ne a raya jang?

Bakeresete botlhe ba lebana le diteko—dingwe tsa tsone e le tse di masisi. (Pesalema 34:19; Mathaio 10:36) Ka jalo, re tlhoka go nna re ipaakantse mo tlhaloganyong le mo semoyeng gore re se ka ra gakgamala fa re lebana le dikganetso kana mathata a mangwe. Re tshwanetse ra bo re setse re bone gore go nna morutwa wa ga Keresete go tlhoka gore motho a lebane le dikgwetlho tse di ntseng jalo, re itse gore tuelo ya gone—e leng go gololwa mo boleong le mo losong—e gaisa kgakala sengwe le sengwe se re ka se bonang mo tsamaisong ya gone jaanong. Ee, ga go na sepe se Modimo a se letlelelang—tota le e leng loso—se se ka re utlwisang botlhoko go ya go ile fa re tswelela pele re mo direla.—2 Bakorintha 4:16-18; Bafilipi 3:8.

Go ka tla jang gore tumelo ya rona e nonofe go le kalo? Tumelo ya rona e a nonofa nako le nako fa re dira tshwetso e e siameng, re emela melaometheo ya Bokeresete ka nitamo, kana re dira sengwe se se tumalanong le go rata ga Modimo—segolobogolo fa re gatelelwa go dira ka tsela e sele. Fa Jehofa a re segofatsa motho ka namana ka ntlha ya go ikanyega ga rona, tumelo ya rona e a nonofa e bile e a oketsega. Ka tsela eo, re latela sekao sa ga Jesu, sa barutwa ba gagwe ba ntlha, le sa banna le basadi botlhe ba tumelo ba go ralala dingwaga ba ileng ba ‘batlisisa sentle gore go tlhokega eng’ go direla Modimo.—Mareko 1:16-20; Bahebera 11:4, 7, 17, 24, 25, 32-38.