Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bogole bo Mefutafuta mo Lefatsheng

Bogole bo Mefutafuta mo Lefatsheng

Bogole bo Mefutafuta mo Lefatsheng

CHRISTIAN yo o nnang kwa nageng nngwe mo Afrika, o ile a tsewa ka dikgoka ke masole a a neng a leka go mo pateletsa go tsenela bosole, mme o ne a gana ka ntlha ya segakolodi sa gagwe se se thapisitsweng ka Baebele. Morago ga foo masole a ne a mo isa kwa kampeng ya sesole, mme fa a sena go itewa ka malatsi a le manè, mongwe wa masole o ile a mo thuntsha mo leotong. Christian o ne a kgona go fitlha kwa kokelong, mme leoto la gagwe le ne la tshwanelwa ke go kgaolwa fa tlase ga lengole. Mo nageng e nngwe ya Afrika, tota le bana ba bannye ba ne ba kgaolwa maoto kana matsogo ke marabele a a neng a tlhometse. Mme go tswa kwa Cambodia go ya kwa dinageng tsa Balkan, go tswa kwa Afghanistan go ya kwa Angola, dibomo tse di epetsweng fa fatshe di ntse di golafatsa basha le bagolo di sa tlhaole.

Selo se sengwe se se bakang masetlapelo ano ke dikotsi le malwetse a a jaaka bolwetse jwa sukiri. Tota le botlhole jo bo leng mo tikologong bo ka baka bogole mo bathong. Ka sekai, mo mafelong a a mabapi kwa motseng mongwe o o kwa Yuropa Botlhaba, bana ba le bantsi ba tshotswe ba se na karolo e e fa tlase ga sekgono ya lengwe la matsogo a bone. Ba na le kutu e khutshwane fela ka fa tlase ga sekgono. Bosupi bo bontsha gore seno se bakiwa ke dijini tse di sentsweng ke kgotlelo ya dikhemikale. Batho ba bangwe ba le bantsi ba sa ntse ba na le maoto le matsogo mme le fa go ntse jalo ba digole ka gonne ba sule ditokololo kana ba na le bolwetse bongwe. Ee ruri, bogole bo mefutafuta mo lefatsheng.

Le fa bogole bo ka tswa bo bakiwa ke eng, bo ka utlwisa pelo botlhoko thata. Junior o ne a kgaoga leoto fa lengoleng fa a ne a le dingwaga di le 20. Moragonyana o ne a re: “Ke ne ke tshwenyega thata mo maikutlong. Ke ne ke ledisiwa thata ke go bo ke se kitla ke tlhola ke nna le leoto gape. Ke ne ke sa itse gore ke dire eng. Ke ne ke tlhakane tlhogo.” Le fa go ntse jalo, fa nako e ntse e tsamaya, boikutlo jwa ga Junior bo ne jwa fetoga thata. O ne a simolola go ithuta Baebele a bo a utlwa dilo di le dintsi tse di neng tsa se ka tsa mo thusa fela go itshoka mme gape tsa dira gore a solofele go nna le isagwe e e itumedisang gone mo lefatsheng. Fa e le gore o na le bogole bongwe, a le wena o ka rata go nna le tsholofelo eo?

Fa go ntse jalo, tsweetswee bala setlhogo se se latelang. Re akantsha gore o bule Baebele ya gago o bale Dikwalo tse di umakilweng gore o iponele ka bowena se Mmopi a tla se direlang batho ba ba ithutang ka maikaelelo a gagwe ba bo ba tshela go dumalana le one.