Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Dira Dilo Tse Modimo a di Batlang go Godisa Jehofa

Go Dira Dilo Tse Modimo a di Batlang go Godisa Jehofa

Go Dira Dilo Tse Modimo a di Batlang go Godisa Jehofa

“Ke tla mo godisa ka go ntsha ditebogo.”—PESALEMA 69:30.

1. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a tshwanelwa ke go godisiwa? (b) Re mo godisa jang ka go ntsha ditebogo?

JEHOFA ke Modimo yo o mothatayotlhe, Molaodimogolo wa Lobopo, Mmopi. Ka ntlha ya moo, leina la gagwe le maikaelelo a gagwe di tshwanelwa ke go godisiwa. Go godisa Jehofa go bolela go mo tseela kwa godimo thata, go mmaka le go mo galaletsa ka mafoko le ka ditiro. Go dira jalo “ka go ntsha ditebogo” go batla gore ka metlha re nne batho ba ba mo lebogelang se a se re direlang gone jaanong le se a tla se re direlang mo nakong e e tlang. Boikutlo jo re tshwanetseng go nna najo bo bontshiwa mo go Tshenolo 4:11, e mo go yone dibopiwa tse di ikanyegang tsa semoya kwa legodimong di bolelang jaana: “O a tshwanela, Jehofa, wena Modimo wa rona, go amogela kgalalelo le tlotlo le maatla, ka gonne o bopile dilo tsotlhe, mme ka ntlha ya thato ya gago di ne tsa nna gone e bile di ne tsa bopiwa.” Re godisa Jehofa jang? Ka go ithuta ka ene re bo re dira se a batlang re se dira. Re tshwanetse go ikutlwa ka tsela e mokwadi wa dipesalema a neng a ikutlwa ka yone fa a ne a re: “Nthuta go dira thato ya gago, gonne o Modimo wa me.”—Pesalema 143:10.

2. Jehofa o tshwara jang ba ba mo godisang mme ba ba sa mo godiseng bone o ba tshwara jang?

2 Jehofa o rata batho ba ba mo godisang. Ke gone ka moo a leng “moduedi wa ba ba mmatlang ka tlhoafalo.” (Bahebera 11:6) O ba duela ka eng? Jesu o ne a bua jaana fa a ne a rapela Rraagwe wa selegodimo: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Ee, ba ba ‘godisang Jehofa ka go ntsha ditebogo’ ba tla “rua lefatshe, mme ba tla aga mo go lone ka bosakhutleng.” (Pesalema 37:29) Ka fa letlhakoreng le lengwe, “ope yo o bosula ga a na go nna le isagwe.” (Diane 24:20) Mme mo metlheng eno ya bofelo, go potlakile gore re godise Jehofa ka gonne go ise go ye kae, o tla senya baikepi a bo a boloka basiami. “Lefatshe le a feta le keletso ya lone, mme yo o dirang thato ya Modimo o ntse ka bosaengkae.”—1 Johane 2:17; Diane 2:21, 22.

3. Ke eng fa re tshwanetse go tsaya buka ya Malaki tsia?

3 Baebele ke yone e re bolelelang gore thato ya ga Jehofa ke eng, ka gonne “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Lefoko leo la Modimo le na le dipego tse dintsi tsa kafa Jehofa a segofatsang ba ba mo godisang ka gone le gore go diregang ka ba ba sa mo godiseng. Nngwe ya dipego tseo e bua ka se se neng sa direga kwa Iseraele mo motlheng wa ga moporofeti Malaki. Mo e ka nnang ka ngwaga wa 443 B.C.E., fa Nehemia e ne e le molaodi wa Juda, Malaki o ne a kwala buka e e bidiwang ka leina la gagwe. Buka eno e e tlhotlheletsang e e kgatlhang e na le tshedimosetso le dipolelelopele tse “di [neng] tsa kwalwa gore e nne tlhagiso mo go rona ba bokhutlo jwa ditsamaiso tseno tsa dilo bo gorogileng mo go rona.” (1 Bakorintha 10:11) Go tsaya mafoko a ga Malaki tsia go ka re thusa go ipaakanyetsa “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa,” le A tlileng go senya tsamaiso e e boikepo eno ka lone.—Malaki 4:5.

4. Malaki kgaolo 1 e re bolelela ka dintlha dife tse thataro?

4 Buka ya ga Malaki e e kwadilweng dingwaga di feta 2 400 tse di fetileng e re thusa jang mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga go ipaakanyetsa letsatsi leo le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa? Kgaolo ya ntlha e re bolelela ka dintlha di ka nna thataro tse di botlhokwa thata tsa gore re godise Jehofa ka go ntsha ditebogo gore a re amogele le gore re bone botshelo jo bo sa khutleng: (1) Jehofa o rata batho ba gagwe. (2) Re tshwanetse go anaanela dilo tse di boitshepo. (3) Jehofa o lebeletse gore re mo direle sotlhe se re ka se kgonang. (4) Kobamelo ya boammaaruri e tlhotlhelediwa ke lorato lo lo se nang bogagapa, ga e tlhotlhelediwe ke bopelotshetlha. (5) Go direla Modimo ka tsela e e amogelesegang ga se mokgweleo. (6) Mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ikarabelela mo Modimong. Ka jalo, mo setlhogong seno sa ntlha sa ditlhogo tse tharo tse di tlileng go tlhalosa buka ya Malaki, a re sekasekeng nngwe le nngwe ya dintlha tseo fa re ntse re tlotla ka kgaolo 1 ya Malaki.

Jehofa o Rata Batho ba Gagwe

5, 6. (a) Ke eng fa Jehofa a ne a rata Jakobe? (b) Fa re etsa boikanyegi jwa ga Jakobe, re ka lebelelang?

5 Lorato lwa ga Jehofa lo tlhalosiwa sentle ka phepafalo mo ditemaneng tsa ntlha tsa Malaki. Buka eno e simolola ka mafoko a a reng: “Polelo: Lefoko la ga Jehofa . . . ka ga Iseraele.” Go tswa foo Modimo a re: “Ke lo ratile.” Mo go yone temana eno, Jehofa o ntsha sekai ka go bolela jaana: “Ke ne ka rata Jakobe.” Jakobe ke monna yo o neng a na le tumelo mo go Jehofa. Fa nako e ntse e tsamaya, Jehofa o ne a fetola leina la ga Jakobe go nna Iseraele, mme a nna rraagwemogologolwane wa setšhaba sa Iseraele. Jehofa o ne a rata Jakobe ka gonne e ne e le monna wa tumelo. Batho ba setšhaba seno ba ba neng ba ikutlwa ka tsela e Jakobe a neng a ikutlwa ka yone ka Jehofa le bone O ne a ba rata.—Malaki 1:1, 2.

6 Fa re rata Jehofa mme re ngaparela batho ba gagwe ka boikanyegi, re ka gomodiwa ke polelo e e mo go 1 Samuele 12:22 e e reng: “Jehofa ga a kitla a tlogela batho ba gagwe ka ntlha ya leina la gagwe le legolo.” Jehofa o rata batho ba gagwe mme kwa bofelong o ba duela ka botshelo jo bo sa khutleng. Ka jalo, re bala jaana: “Ikanye Jehofa mme o dire molemo; aga mo lefatsheng, mme o dire ka boikanyegi. Gape o itumelele Jehofa thata, mme o tla go naya dikopo tsa pelo ya gago.” (Pesalema 37:3, 4) Go rata ga rona Jehofa go akaretsa ntlha ya bobedi e re bolelelwang ka yone mo go Malaki kgaolo 1.

Anaanela Dilo Tse di Boitshepo

7. Ke eng fa Jehofa a ne a tlhoile Esau?

7 Fa re bala mo go Malaki 1:2, 3, fa Jehofa a sena go re, “Ke ne ka rata Jakobe,” o bolela jaana, “Esau ene ke ne ka mo tlhoa.” Ke ka ntlha yang fa go na le pharologanyo jalo? Jakobe o ne a godisa Jehofa, mme morwarraagwe wa lewelana e bong Esau ene o ne a sa mo godise. Esau gape o ne a bidiwa Edoma. Mo go Malaki 1:4, lefatshe la Edoma le bidiwa karolo ya naga ya boikepo, mme baagi ba yone ba a atlholwa. Leina Edoma (le le rayang “Bohibidu”) le ne la newa Esau fa a sena go rekisetsa Jakobe tshwanelo ya gagwe e e botlhokwa thata ya go nna leitibolo ka dikgobe tse dikhibidu. Genesise 25:34 ya re: “Esau a nyatsa tshwanelo ya go nna leitibolo.” Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa badumedi ka ene gore ba nne kelotlhoko gore “go se ka ga nna le mogokafadi ope le fa e le mongwe yo o sa anaaneleng dilo tse di boitshepo, jaaka Esau, yo o neng a aba ditshwanelo tsa gagwe jaaka leitibolo gore a bone sejo se le sengwe fela.”—Bahebera 12:14-16.

8. Ke eng se se neng sa dira gore Paulo a tshwantshe Esau le mogokafadi?

8 Ke eng fa Paulo a ne a amanya ditiro tsa ga Esau le kgokafalo? Ka gonne go akanya ka tsela ya ga Esau go ka dira gore motho a se ka a anaanela dilo tse di boitshepo. Mme seno se ka nna sa felela ka go dira maleo a a masisi, a a jaaka kgokafalo. Ka jalo, mongwe le mongwe wa rona a ka ipotsa jaana: ‘A ka dinako dingwe ke raelesega go ananya boswa jwa me jwa Bokeresete—botshelo jo bo sa khutleng—ka sengwe sa nakwana fela se se jaaka mogopo wa dikgobe? A gongwe ke nyatsa dilo tse di boitshepo ke sa lemoge?’ Esau o ne a eletsa ka mafega go kgotsofatsa keletso ya gagwe ya nama. O ne a raya Jakobe a re: “Tsweetswee, nneye bohibidu jo bonnye ka bonako.” (Genesise 25:30) Ka maswabi, bangwe ba batlhanka ba Modimo le bone re ka re ba ile ba re: “Dira ka bonako tlhe! Ke eng fa ke tshwanetse go letela lenyalo le le tlotlegang?” Go eletsa ga bone go kgotsofatsa keletso ya tlhakanelodikobo go sa kgathalesege matswela a gone go fetogile mogopo wa dikgobe mo go bone.

9. Re ka dira jang gore re nne re ntse re boifa Jehofa ka tlotlo?

9 E kete le ka motlha re ka se ka ra nyatsa dilo tse di boitshepo ka go tseela boitsheko, bothokgami le boswa jwa rona jwa semoya kwa tlase. Go na le gore re nne jaaka Esau, a re nneng jaaka Jakobe yo o ikanyegang mme re nne re ntse re boifa Modimo ka tlotlo ka go anaanela thata dilo tse di boitshepo. Re ka dira seno jang? Ka go nna kelotlhoko gore re dira dilo tse Jehofa a batlang re di dira. Seno se re tlisa mo ntlheng ya boraro e e tlhalosiwang mo go Malaki kgaolo 1. Ke efe eo?

Go Direla Jehofa Sotlhe Se re Ka se Kgonang

10. Baperesiti ba ne ba nyatsa tafole ya ga Jehofa jang?

10 Baperesiti ba Juda ba ba neng ba direla mo tempeleng kwa Jerusalema mo motlheng wa ga Malaki ba ne ba sa ntshetse Jehofa ditlhabelo tse di molemolemo. Malaki 1:6-8 e bolela jaana: “‘Fa e le morwa ene, o tlotla rraagwe; mme motlhanka, mong wa gagwe yo mogolo. Ka gone, fa ke le rre, go ntlotla go kae? Mme fa ke le Mong Yo Mogolo, go mpoifa go kae?’ Jehofa wa masomosomo o lo reile jalo, lona baperesiti ba lo nyatsang leina la me.” Baperesiti ba ne ba botsa ba re: “Re nyaditse leina la gago ka tsela efe?” Jehofa a araba a re: “Ka go isa senkgwe se se kgotletsweng mo sebesong sa me.” Baperesiti ba botsa ba re: “Re go kgotletse ka tsela efe?” Mme Jehofa a ba raya a re: “Ka go bua lo re: ‘Tafole ya ga Jehofa ke selo se se nyatsegang.’” Baperesiti bao ba ne ba bontsha gore ba nyatsa tafole ya ga Jehofa nako le nako fa ba isa setlhabelo se se golafetseng, ba re: “Ga se sepe se se bosula.”

11. (a) Jehofa o ne a reng ka ditlhabelo tse di sa amogelesegeng? (b) Batho ka kakaretso ba ne ba le molato ka tsela efe?

11 Morago ga moo Jehofa o ne a ntsha mabaka jaana malebana le ditlhabelo tseo tse di sa amogelesegeng: “Tsweetswee, e tlise gaufi le molaodi wa gago. A o tla go ipelela, kgotsa a o tla go amogela ka bopelonomi?” Nnyaa, molaodi wa bone o ne a se kitla a itumelela mpho e e ntseng jalo. Ruri Molaodimogolo wa Lobopo le ene o ne a se kitla a amogela ditlhabelo tse di golafetseng! Mme molato e ne e se wa baperesiti fela. Ke boammaaruri gore ba ne ba nyatsa Jehofa ka go isa ditlhabelo tseo. Mme a batho ka kakaretso ba ne ba se na molato? Le go ka! Ke bone ba ba neng ba tlhophile diphologolo tseo tse di foufetseng, tse di golafetseng le tse di lwalang e bile ke bone ba neng ba di tlisitse mo baperesiting gore di isiwe setlhabelo. A bo ba ne ba leofa jang ne!

12. Re thusiwa jang go direla Jehofa sotlhe se re ka se kgonang?

12 Fa re direla Jehofa sotlhe se re ka se kgonang, re a bo re bontsha gore tota re a mo rata. (Mathaio 22:37, 38) Go farologana le baperesiti ba batsuolodi ba motlha wa ga Malaki, gompieno phuthego ya ga Jehofa e re naya kgakololo e ntsi e e molemo ya Dikwalo e e re thusang go godisa Jehofa ka go ntsha ditebogo ka go dira dilo tse a di batlang. Seno se amana le ntlha ya bonè e e botlhokwa e re ka e ithutang mo go Malaki kgaolo 1.

Kobamelo ya Boammaaruri e Tlhotlhelediwa ke Lorato, e Seng Bopelotshetlha

13. Baperesiti ba ne ba dirang go bontsha gore ba ne ba tlhotlhelediwa ke bopelotshetlha?

13 Baperesiti ba motlha wa ga Malaki ba ne ba le pelotshetlha, ba se na lorato e bile ba rata madi thata. Re itse seo jang? Malaki 1:10 e bolela jaana: “‘Gape ke mang mo gare ga lona yo o tla tswalang dikgoro? Ga lo kitla lo tshubela sebeso sa me—lefela. Ga lo intumedise ka gope,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘e bile ga ke ipelele tshupelo ya mpho e e tswang mo seatleng sa lona.’” Ee, baperesiti ba ba pelotshetlha bao ba ne ba bile ba batla gore ba duelelwe go direla batho ditiro tse e seng tsa sepe fela tse ba neng ba di dira mo tempeleng, ba batla gore ba duelelwe go tswala dikgoro le go gotsa molelo wa sebeso! Ga go gakgamatse go bo Jehofa a ne a sa itumelele ditshupelo tse ba neng ba di mo isetsa!

14. Ke eng fa re ka bolela gore Basupi ba ga Jehofa ba tlhotlhelediwa ke lorato?

14 Bogagaru le bopelotshetlha jwa baperesiti ba baleofi kwa Jerusalema wa bogologolo di ka re gakolola gore, go ya ka Lefoko la Modimo, batho ba ba bogagaru ga ba kitla ba rua Bogosi jwa Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Go akanya ka bopelotshetlha jwa baperesiti bao go dira gore re anaanele thata tiro ya go rera e Basupi ba ga Jehofa ba e dirang mo lefatsheng lotlhe. Re e dira ka go ithaopa; ga re ke re duedisa batho sepe se re se dirang mo bodireding. Nnyaa, “ga re babapatsi ba lefoko la Modimo.” (2 Bakorintha 2:17) Fela jaaka Paulo, mongwe le mongwe wa rona a ka bua ka boammaaruri a re: “Kwantle ga tuelo ke lo boleletse dikgang tse di molemo tsa Modimo ka go itumela.” (2 Bakorintha 11:7) Ela tlhoko gore Paulo ‘o ne a bolela dikgang tse di molemo ka go itumela.’ Seno se re tlisa mo ntlheng ya botlhano e re bolelelwang ka yone mo go Malaki kgaolo 1.

Go Direla Modimo ga se Mokgweleo

15, 16. (a) Baperesiti ba ne ba ikutlwa jang ka go isa ditlhabelo? (b) Basupi ba ga Jehofa ba isa ditlhabelo tsa bone jang?

15 Baperesiti ba ba neng ba sa ikanyege kwa Jerusalema wa bogologolo ba ne ba leba go isa ditlhabelo e le tiro e e lapisang. E ne e le mokgweleo mo go bone. Jaaka go kwadilwe mo go Malaki 1:13, Modimo o ne a ba raya a re: “Lo rile, ‘Bonang! A bo e lapisa jang ne!’ mme lo dirile gore e penelwe nko.” Baperesiti bao ba ne ba penela dilo tse di boitshepo tsa Modimo nko, kgotsa ba ne ba di nyatsa. A re rapeleng ka tlhoafalo gore le ka motlha re se ka ra tshwana le bone. Go na le moo, e kete ka metlha re ka nna le maikutlo a a tlhalosiwang mo go 1 Johane 5:3: “Seno ke se lorato lwa Modimo lo se kayang, gore re boloke ditaelo tsa gagwe; mme ditaelo tsa gagwe ga di imele.”

16 A re itumeleleng go ntshetsa Modimo ditlhabelo tsa semoya, le ka motlha re sa lebe seno e le mokgweleo o o lapisang. E kete re ka tsaya tsia mafoko a boporofeti a a reng: “Mo reyeng [Jehofa] lo re, ‘E kete o ka itshwarela tlolo; mme o amogele se se molemo, mme le rona re tla go isetsa dipowana tsa dipounama tsa rona.’” (Hosea 14:2) Mafoko a a reng “dipowana tsa dipounama tsa rona” a bolela ditlhabelo tsa semoya, mafoko a re a buang fa re baka Jehofa le maikaelelo a gagwe. Bahebera 13:15 e bolela jaana: “A ka metlha re isetseng Modimo setlhabelo ka [Jesu Keresete] sa pako, ke gore, leungo la dipounama tse di bolelang leina la gagwe phatlalatsa.” A bo re ipela jang ne go bo ditlhabelo tsa rona tsa semoya e se tiro e e lapisang, mme e le go bontsha ka pelo yotlhe gore re rata Modimo! Seno se re tlisa mo ntlheng ya borataro e re ka e ithutang mo go Malaki kgaolo 1.

Mongwe le Mongwe o Tshwanetse go Ikarabelela

17, 18. (a) Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a hutsa “yo o dirang ka boferefere”? (b) Ba ba neng ba dira ka boferefere ba ne ba sa akanyetsa eng?

17 Mongwe le mongwe wa batho ba ba neng ba tshela mo motlheng wa ga Malaki o ne a ikarabelela ditiro tsa gagwe, mme go ntse jalo le ka rona. (Baroma 14:12; Bagalatia 6:5) Ka gone, Malaki 1:14 e tlhalosa jaana: “Go hutsegile yo o dirang ka boferefere fa go na le phologolo e tonanyana [e e sa golafalang] mo motlhapeng wa gagwe, mme a bo a dira maikano a ntshetsa Jehofa e e bokoa.” Monna yo o neng a na le motlhape, o ne a sa rua phologolo e le nngwe fela—a re re, nku e le nngwe fela—mo e leng gore e ne e le yone fela e a neng a ka e isa setlhabelo. Fa a ne a tlhopha phologolo gore a ise setlhabelo, o ne a sa patelesege go tlhopha e e foufetseng, e e tlhotsang kgotsa e e lwalang. Fa a ne a ka tlhopha phologolo e e golafetseng jalo, go ne go tla bontsha gore o nyatsa thulaganyo ya ga Jehofa ya go ntsha setlhabelo, ka gonne ga go na pelaelo gore monna yo o neng a na le motlhape o ne a ka bona e e sa golafalang!

18 Ka jalo, go na le lebaka le le utlwalang la go bo Jehofa a ile a hutsa yo o dirang ka boferefere, yo o neng a na le phologolo e tonanyana e e tshwanetseng mme a bo a tlisa—gongwe e bile a tla a goga—phologolo e e foufetseng, e e tlhotsang kgotsa e e lwalang a e isa kwa moperesiting gore a e ntshe setlhabelo. Le fa go ntse jalo, ga go na le fa e le sepe se se bontshang gore go na le ope wa baperesiti yo o ileng a nopola molao wa Modimo o o reng diphologolo tse di golafetseng di ne di sa amogelwe. (Lefitiko 22:17-20) Batho ba ba akanyang sentle ba ne ba itse gore dilo di ne di ka se ba tsamaele sentle fa ba ne ba ka naya molaodi wa bone mpho e e sa siamang ka boferefere. Mme totatota, ba ne ba dirisana le Molaodimogolo wa Lobopo, Jehofa, yo mogolo thata go gaisa molaodi ope wa batho. Malaki 1:14 e tlhalosa dintlha jaana: “‘Ke Kgosi e kgolo,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘mme leina la me le tla boitshega mo ditšhabeng.’”

19. Re tlhologeletswe eng, mme re tshwanetse ra bo re dirang?

19 Rona batlhanka ba ba ikanyegang ba Modimo, re tlhologeletswe letsatsi le ka lone Kgosi e Kgolo, Jehofa, a tla bong a tlotliwa thata ke batho botlhe. Ka nako eo, “lefatshe le tla tlala kitso ya ga Jehofa jaaka metsi a khurumeditse lewatle.” (Isaia 11:9) Ga jaanong, a re lekeng go dira se Jehofa a se batlang ka go etsa mokwadi wa dipesalema yo o neng a re: “Ke tla mo godisa ka go ntsha ditebogo.” (Pesalema 69:30) Gore re kgone go dira jalo, Malaki o re naya kgakololo e nngwe gape e e ka re solegelang molemo thata. Ka jalo mo ditlhogong tse pedi tse di latelang, a re sekasekeng dikarolo tse dingwe tsa buka ya Malaki ka kelotlhoko.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa re tshwanetse go godisa Jehofa?

• Ke eng fa Jehofa a ne a sa amogele ditlhabelo tsa baperesiti mo motlheng wa ga Malaki?

• Re isetsa Jehofa setlhabelo sa pako jang?

• Re tshwanetse go tlhotlhelediwa ke eng go obamela ka boammaaruri?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

Boporofeti jwa ga Malaki bo ne bo bolelela pele ka motlha wa rona

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

Esau o ne a sa anaanele dilo tse di boitshepo

[Setshwantsho mo go tsebe 11]

Baperesiti le batho ba ne ba isa ditlhabelo tse di sa amogelesegeng

[Setshwantsho mo go tsebe 12]

Mo lefatsheng lotlhe, Basupi ba ga Jehofa ba isa ditlhabelo tsa pako ba sa duedise batho