Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Jala go Rata Jehofa mo Dipelong Tsa Bana ba Rona

Go Jala go Rata Jehofa mo Dipelong Tsa Bana ba Rona

Kgang ya botshelo

Go Jala go Rata Jehofa mo Dipelong Tsa Bana ba Rona

JAAKA GO BOLETSE WERNER MATZEN

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, morwaake wa leitibolo e bong Hans Werner, o ne a mpha Baebele. O ne a kwadile jaana mo teng ga khabara ya yone: “Rre yo o rategang, E kete Lefoko la ga Jehofa le ka tswelela le re goga jaaka lelapa mo tseleng ya botshelo. Ke a leboga, morwao wa leitibolo.” Batsadi ba tla tlhaloganya gore mafoko ao a ne a tlatsa pelo ya me ka tebogo le boitumelo jang. Ka nako eo, ke ne ke sa itse gore rona re le lelapa, re ne re sa ntse re tlile go lebana le dikgwetlho dife.

KE BELEGWE ka 1924 kwa Halstenbek, dikilometara di ka nna 20 go tswa kwa boemakepeng jwa Jeremane jwa Hamburg, mme ke godisitswe ke mmè le rremogolo. E re ka ke ne ke ithutetse go betla didirisiwa, ka 1942 ke ne ka kwadisiwa mo Wehrmacht, ke gore mo bosoleng. Se se neng sa ntiragalela ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II fa ke ne ke lwa mo moleng wa tlhabano wa Russia se boifisa tota go se tlhalosa. Ke ne ka tshwarwa ke letshoroma la typhoid mme ka busediwa gape kwa moleng wa tlhabano fa ke sena go alafiwa. Ka January 1945, ke ne ke le kwa Lodz, Poland, koo ke neng ka gobala botlhoko tota mme ka tsenngwa mo bookelong jwa sesole. Ke ne ke sa ntse ke le koo fa ntwa e fela. Ke ne ka nna le nako ya go ja marapo a tlhogo fa ke ne ke le kwa bookelong le fa ke ne ke le kwa kampeng ya botshwarwa kwa Neuengamme. Ke ne ke tshwenngwa ke dipotso tseno, A tota Modimo o teng? Fa e le gore o teng, ke eng fa a letlelela bosetlhogo jo bo kanakana?

Ka bonako fela fa ke sena go gololwa mo kampeng ya botshwarwa, ka September 1947, ke ne ka nyala Karla. Re ne re goletse mo toropong e le nngwe, mme le fa Karla e ne e le Mokatoliki, nna ke ne ke sa godisediwa mo bodumeding bope. Moruti yo o neng a re nyadisa o ne a akantsha gore bogolo re rapele Thapelo ya Morena mmogo maitseboa mangwe le mangwe. Re ne ra dira jaaka a re laetse, mme tota re sa itse se re neng re se rapelela.

Morago ga ngwaga, Hans Werner o ne a tsholwa. Mo e ka nnang ka yone nako eo, modiri ka nna e bong Wilhelm Ahrens, o ne a nkitsise Basupi ba ga Jehofa. O ne a mpontsha mo Baebeleng gore letsatsi lengwe dintwa di tla fela. (Pesalema 46:9) Ka letlhabula la 1950, ke ne ka neela botshelo jwa me mo go Jehofa mme ka kolobediwa. A bo ke ne ka itumela jang ne fa mosadi wa me yo o rategang le ene a ne a kolobediwa ngwaga morago ga moo!

Go Godisetsa Bana mo Ditseleng Tsa ga Jehofa

Ke ne ka bala mo Baebeleng gore lenyalo le tlhodilwe ke Jehofa. (Genesise 1:26-28; 2:22-24) Go nna teng ga me fa bana ba rona—Hans Werner, Karl-Heinz, Michael, Gabriele le Thomas—ba ne ba tsholwa go ne ga nonotsha boikemisetso jwa me jwa go nna monna le rre yo o molemo. Nna le Karla re ne re itumelela thata go tsholwa ga mongwe le mongwe wa bana ba rona.

Kopano ya 1953 ya Basupi ba ga Jehofa kwa Nuremberg e ne e le nako e e botlhokwa thata mo lelapeng la rona. Ka Labotlhano thapama, mo puong e e reng “Go Godisetsa Bana mo Mokgatlhong wa Lefatshe le Lesha,” sebui se ne sa bua sengwe se re iseng re ke re se lebale: “Boswa jo bogolo jo re ka bo nayang bana ba rona ke keletso ya go nna batlhanka ba Modimo.” Nna le Karla re ne re batla go dira sone fela seo ka thuso ya ga Jehofa. Mme re ne re tla dira jalo jang?

Re ne ra simolola ka go itlwaetsa go rapela mmogo re le lelapa letsatsi le letsatsi. Seno se ne sa gatelela botlhokwa jwa thapelo mo baneng ba rona. Ngwana mongwe le mongwe o ne a ithuta a sa le monnye gore ka metlha re a rapela pele re ja. Tota le fa ba ne ba sa ntse ba le masea, e ne e re fa ba bona lebotlolo la go anya, ba bo ba oba ditlhogonyana tsa bone ba phutha le matsogonyana a bone a mannye. Nako nngwe re ne ra lalediwa kwa lenyalong la mongwe wa ba losika lwa mosadi wa me ba e neng e se Basupi. Morago ga moletlo, batsadi ba monyadiwa ba ne ba laletsa baeng kwa ntlong ya bone go tla go ja dijonyana. E rile fa di goroga, mongwe le mongwe a bo a setse a batla go ja ka yone nako eo. Mme ngwana wa rona yo o nang le dingwaga di le tlhano e bong Karl-Heinz o ne a bona go sa siama go dira jalo. O ne a re: “A re rapeleng pele.” Baeng ba ne ba mo leba, ba re leba, ba bo ba leba mong wa ntlo. Go dira gore ope a se ka a tlhabiwa ke ditlhong, ke ne ka kopa go lebogela dijo, mme mong wa ntlo a ntetla.

Tiragalo eno e ne ya nkgopotsa mafoko a ga Jesu a a reng: “O lerile pako ka se se tswang mo molomong wa masea le ba ba anyang.” (Mathaio 21:16) Re tlhomamisegile gore dithapelo tsa rona tsa ka metlha tse di tswang pelong di thusitse bana ba rona gore ba lebe Jehofa jaaka Rraabone yo o lorato wa selegodimo.

Boikarabelo Jwa Rona mo go Jehofa

Go ruta bana go rata Modimo go tlhoka le gore ba bale le go ithuta Lefoko la gagwe ka metlha. Re akantse ka seno, re ne ra nna le thuto ya lelapa beke le beke, gantsi e le ka Mantaga maitseboa. E re ka ngwana wa rona wa ntlha le wa bofelo ba ne ba siana ka dingwaga di le robongwe, bana ba rona ba ne ba tlhoka go rutiwa ka ditsela tse di sa tshwaneng gotlhelele, ka jalo re ne re sa kgone go ithuta selo se le sengwe fela le bone botlhe ka dinako tsotlhe.

Ka sekai, fa re ithuta le bana ba ba iseng ba tsene sekolo, re ne re ba ruta dilo tse di motlhofo. Karla o ne a tlotla le bone temana e le nngwe fela ya Baebele, kgotsa o ne a dirisa ditshwantsho tse di mo dikgatisong tse di theilweng mo Baebeleng. Ke sa ntse ke gakologelwa ka lorato ke tsoswa ke bana ba rona ba bannye go sa le gale mo mosong ba palama bolao gore ba re bontshe ditshwantsho tse ba di ratang thata mo bukeng ya The New World. *

Karla o ne a nna setswerere sa go ruta bana ba rona ka bopelotelele a ba ruta mabaka a le mantsi a go bo rotlhe re tshwanetse go rata Jehofa. Seno se ka utlwala se le motlhofo fela e bile se sa raraana, mme tota, e ne e batla e le tiro ya letsatsi lotlhe mo go nna le Karla e e neng e re ama mo mmeleng le mo maikutlong. Le fa go ntse jalo, ga re a ka ra latlha seditse. Re ne re batla go tlhotlheletsa dipelo tsa bone ba sa le bannye pele batho ba bangwe ba ba sa itseng Jehofa ba simolola go ba tlhotlheletsa. Ka ntlha ya seno, re ne re tlhomamisa gore fela fa bana ba rona ba setse ba kgona go dula, ba nne teng mo thutong ya lelapa.

Jaaka batsadi, nna le Karla re ne ra lemoga botlhokwa jwa go tlhomela bana ba rona sekao se se molemo malebana le kobamelo. Le fa re ne re ja, re bereka mo tshingwaneng, kgotsa re iphokisa phefo, re ne re leka go nonotsha kamano e ngwana mongwe le mongwe a neng a na le yone le Jehofa. (Duteronome 6:6, 7) Re ne ra tlhomamisa gore ngwana mongwe le mongwe o na le Baebele ya gagwe go tloga bonyenyaneng. Mo godimo ga moo, fa re amogela dimakasine, ke ne ke kwala leina la leloko lengwe le lengwe la lelapa mo khoping ya gagwe. Ka gone, bana ba ne ba kgona go bona gore dibuka tsa bone ke dife. Re ne ra nna le mogopolo wa gore re abele bana ditlhogo dingwe tsa Tsogang! gore ba di bale. Fa re sena go ja dijo tsa motshegare ka Sontaga, ba ne ba re tlhalosetsa kafa ba tlhalogantseng ditlhogo tseno ka teng.

Go Naya Bana Tlhokomelo E ba E Tlhokang

Ke boammaaruri gore dilo di ne di sa tsamaye ka thelelo ka dinako tsotlhe. Fa bana ba ntse ba gola, re ne ra lemoga gore go jala lorato mo dipelong tsa bone go ne go batla gore re itse se se neng se setse se le mo dipelong tsa bone. Seno se ne se bolela go ba reetsa. Ka dinako tse dingwe bana ba rona ba ne ba ikutlwa ba na le dilo dingwe tse ba ka ngongoregang ka tsone, ka jalo nna le Karla re ne re nna le bone fa fatshe go tlotla le bone ka bothata joo. Kwa bokhutlong jwa thuto ya lelapa, re ne re nna le halofo ya ura e re neng re e dirisetsa seo. Mongwe le mongwe wa bone o ne a letlwa go ntsha maikutlo a gagwe ka kgololesego.

Ka sekai, bana ba rona ba ba botlana thata e bong Thomas le Gabriele, ba ne ba akanya gore rona batsadi re ne re rata mogoloabone thata go ba feta. Ka nngwe ya dinako tseno ba ne ba bua ba re: “Papa, re akanya gore wena le Mama ka dinako tsotlhe lo letla Hans Werner go dira dilo ka tsela e a batlang ka yone.” Sa ntlha, ke ne ke sa dumele se ke se utlwang. Le fa go ntse jalo, fa re sena go sekaseka kgang eno ka tlhamalalo, nna le Karla re ne ra tshwanelwa ke go dumalana gore ba ne ba bua boammaaruri. Ka jalo re ne ra leka thata gore re ba tshware ka tsela e e tshwanang botlhe.

Ka dinako tse dingwe, ke ne ke itlhaganelela go otlhaya bana le gone e le ka tsela e e sa tshwanelang. Fa seo se direga, rona batsadi re ne re tshwanelwa ke go ithuta go kopa maitshwarelo. Morago ga moo, re ne re atamela Jehofa ka thapelo. Go ne go le botlhokwa gore bana ba lemoge gore rraabone o ne a sa okaoke go kopa maitshwarelo mo go Jehofa le mo go bone bana. Ka ntlha ya moo, re ne ra nna le kamano e e molemo le e e botsalano le bone. Gantsi ba ne ba re raya ba re, “Lo ditsala tsa rona tse dikgolo.” Seno se ne se re itumedisa tota.

Go dira dilo mmogo re le lelapa go dira gore re nne seoposengwe. Gore re kgone go dira jalo, mongwe le mongwe o ne a na le ditiro tsa lelapa tse a di dirang ka metlha. Hans Werner o ne a abelwa go ya mabenkeleng gangwe mo bekeng go ya go reka dilwana tsa ntlo, mo go neng go bolela gore ka metlha o ne a newa madi le lenaane la dilo tse a neng a tshwanetse go di reka. Beke nngwe re ne ra se ka ra mo naya lenaane lepe le fa e le madi. O ne a botsa mmaagwe ka gone mme a mmolelela gore re ne re ise re nne le madi. Morago ga moo bana ba ne ba simolola go sebaseba mmogo, go tswa foo mongwe le mongwe wa bone a tsaya lebokoso le a bolokelang madi mo go lone mme a le tlhotlhorela mo tafoleng. Botlhe ba ne ba re: “Mama, re ka nna ra ya mabenkeleng jaanong!” Ee, bana ba ne ba ithuta go thusa fa go le thata, mme seo se ne sa dira gore lelapa le nne seoposengwe le go feta pele.

Fa basimane ba ntse ba gola, ba ne ba simolola go kgatlhegela basetsana. Ka sekai, Thomas o ne a simolola go kgatlhegela thata Mosupi ka ene yo o neng a na le dingwaga di le 16. Ke ne ka mo tlhalosetsa gore fa e le gore o ne a tota a rata mosetsana yono, o ne a tshwanetse go bo a ipaakanyeditse go mo nyala le go rwala maikarabelo a go tlhokomela mosadi le bana. Thomas o ne a lemoga gore o ne a ise a siamele go nyala, e re ka a ne a na le dingwaga di le 18 fela.

Go Gatela Pele re le Lelapa

Fa bana ba ne ba sa ntse ba le bannye, ba ne ba ikwadisa mo Sekolong sa Bodiredi sa Puso ya Modimo ka go latelana. Re ne re reetsa dipuo tsa bone ka kelotlhoko, mme re kgothala ka gonne re bona kafa ba neng ba rata Modimo go tswa pelong ka gone. Balebedi ba potologo le ba kgaolo ba ba neng ba nna le rona gangwe le gape ba ne ba re bolelela maitemogelo a botshelo jwa bone kgotsa ba re balela Baebele. Banna bano le basadi ba bone ba ne ba thusa lelapa la rona go rata tirelo ya nako e e tletseng.

Re ne re rata thata go ya dikopanong. E ne e le tsone di re thusang thata mo maitekong a rona a go jala mo baneng ba rona keletso ya go nna batlhanka ba Modimo. Nako ya go tsenya dibetšhe pele re ya kwa lefelong la kopano e ne e le nako e e kgethegileng mo baneng ba rona. Re ne ra itumela tota fa Hans Werner a ne a kolobediwa a le dingwaga di le lesome. Bangwe ba ne ba akanya gore o monnye thata go ka ineela mo go Jehofa, mme e ne ya re fa a le dingwaga di 50, a mpolelela kafa a neng a itumeletse go direla Jehofa ka dingwaga di le 40 ka gone.

Re ne ra bontsha bana ba rona gore go botlhokwa go nna le kamano le Jehofa mme re ne re sa ba pateletse gore ba ineele mo go ene. Le fa go ntse jalo, re ne re itumela fa ba bangwe le bone ba ne ba gatela pele go fitlha ba kolobediwa ka nako e e ba siametseng.

Go Ithuta go Latlhela Morwalo wa Rona mo go Jehofa

Re ne re itumetse tota fa Hans Werner a ne a aloga jaaka leloko la setlhopha sa bo51 sa Sekolo sa Baebele sa Watchtower sa Gileate ka 1971 a bo a abelwa go ya go direla e le morongwa kwa Spain. Bana ba bangwe le bone ba ne ka bongwe ka bongwe ba dirisa nako e e rileng e le badiredi ba nako e e tletseng, mme seno sa re itumedisa fela thata rona batsadi. Mo e ka nnang ka yone nako eno, Hans Werner o ne a mpha Baebele e e umakilweng kwa tshimologong ya setlhogo seno. Go ne ga lebega boitumelo jwa rona re le lelapa e le jo bo feletseng.

Morago ga moo re ne ra lemoga gore re ne re tlhoka go ngaparela Jehofa le go feta pele. Ka ntlha yang? Ka gonne re ne ra bona bangwe ba bana ba rona ba ba godileng ba kopana le mathata a a neng a leka tumelo ya bone ka tsela e e masisi. Ka sekai, morwadiarona yo o rategang e bong Gabriele o ne a nna le mathata a magolo. Ka 1976 o ne a nyalana le Lothar. Lothar o ne a lwala ka bonako fela morago ga lenyalo. Fa a ntse a koafalela pele, Gabriele o ne a mo oka go fitlha a tlhokafala. Go bona leloko le le neng le itekanetse sentle la lelapa le simolola go lwala le bo le tlhokafala go ne ga re gakolola gore re tlhoka seatla se se lorato sa ga Jehofa fela thata.—Isaia 33:2.

Ditshiamelo mo Phuthegong ya ga Jehofa

Fa ke ne ke tlhomiwa go nna motlhanka wa phuthego (yo gompieno a bidiwang molebedi yo o okamelang) ka 1955, ke ne ke ikutlwa ke sa tshwanelege go ka sikara boikarabelo joo. Ke ne ke na le dilo di le dintsi go di dira, mme tsela e le nngwe fela ya go lepalepana le tiro eno e ne e le gore ka dinako tse dingwe ke tsoge ka ura ya bonè mo mosong. Mosadi wa me le bongwanake ba ne ba nkema nokeng fela thata, ba tlhomamisa gore ga ke itewe tsebe mo maitseboeng fa go ne go sa ntse go na le dilo dingwe tse ke neng ke tlhoka go di dira.

Le fa go ntse jalo, re ne re dirisa nako e ntsi kafa re ka kgonang ka gone go itlosa bodutu re le lelapa. Ka dinako tse dingwe mothapi wa me o ne a ntetla go dirisa koloi ya gagwe gore ke intshe le lelapa la me. Bana ba ne ba itumelela dinako tsa fa re ne re ithuta Tora ya Tebelo mo sekgweng. Gape re ne re palama dithaba mmogo, ka dinako tse dingwe re opela dipina re tsamaisana le letlhaka la me le ke neng ke le letsa fa re ntse re tsamaya re raletse sekgwa.

Ka 1978, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo wa nakwana (modiredi yo o etang). Ke ne ka rapela jaana ke tseegile maikutlo: “Jehofa, ga ke akanye gore ke tla kgona go dira tiro eno. Mme fa o batla gore ke leke, ke tla dira bojotlhe jwa me.” Morago ga dingwaga di le pedi, ke le dingwaga di 54, ke ne ka naya morwaake yo mmotlana, e bong Thomas, kgwebo ya me e potlana.

Bana ba rona botlhe ba ne ba setse ba godile jaanong, mme seno se ne sa naya nna le Karla sebaka sa go direla Jehofa ka mo go oketsegileng. Mo go one ngwaga oo, ke ne ka tlhomiwa go nna molebedi wa potologo mme ka abelwa go ya go dira kwa karolong ya Hamburg le Schleswig-Holstein yotlhe. E re ka re na le maitemogelo a go godisa bana, re ne re kgona go tlhaloganya seemo sa batsadi mmogo le bana ba bone ka tsela e e kgethegileng. Bakaulengwe ba le bantsi ba ne ba re bitsa batsadi ba bapotologi.

Morago ga dingwaga di le lesome Karla a ntse a mpatile mo tirong ya potologo, o ne a tshwanelwa ke go ariwa. Mme mo go one ngwaga oo, dingaka di ne tsa lemoga gore ke ne ke dule tlhagala mo bobokong. Ka gone, ke ne ka tlogela go nna molebedi wa potologo mme ka ariwa boboko. Go ne ga feta dingwaga di le tharo pele ke kgona go nna molebedi wa potologo wa nakwana gape. Nna le Karla re mo dingwageng tsa rona tsa bo70 mme ga re tlhole re le mo tirong ya go eta. Jehofa o ne a re thusa go bona gore go ne go sa thuse go ngaparela tshiamelo e ke neng ke sa tlhole ke kgona go e diragatsa.

Fa re leba kwa re tswang teng, nna le Karla re leboga Jehofa ka go bo a re thusitse go jala lorato lwa boammaaruri mo dipelong tsa bana ba rona. (Diane 22:6) Mo dingwageng tseno tsotlhe Jehofa o ile a re kaela le go re thapisa, a re thusa go diragatsa maikarabelo a rona. Le fa re ka tswa re tsofetse e bile re le bokoa, lorato lwa rona mo go Jehofa ga lo a fetoga, lo sa ntse lo tuka fela jaaka pele.—Baroma 12:10, 11.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 15 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa, mme ga e tlhole e le teng.

[[Setshwantsho mo go tsebe 26]

Lelapa la rona, le tsamaya go bapa le Noka ya Elbe, Hamburg, ka 1965

[Setshwantsho mo go tsebe 28]

Maloko mangwe a lelapa kwa kopanong ya ditšhabatšhaba kwa Berlin ka 1998

[Setshwantsho mo go tsebe 29]

Ke na le mosadi wa me, Karla