Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Jehofa o Ila Boferefere

Jehofa o Ila Boferefere

Jehofa o Ila Boferefere

‘Lo se ka lwa direlana ka boferefere.’—MALAKI 2:10.

1. Ke eng se Modimo a batlang re se dira gore re bone botshelo jo bo sa khutleng?

A O BATLA botshelo jo bo sa khutleng? Fa e le gore o dumela mo tsholofelong eo jaaka e solofeditswe mo Baebeleng, ga go na pelaelo gore o tla araba ka go re, ‘Ee.’ Mme fa o eletsa gore Modimo a go neye botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la gagwe le lesha, o tla tshwanelwa ke go dira se a se batlang. (Moreri 12:13; Johane 17:3) A ke sengwe se se sa utlwaleng go lebelela gore batho ba ba sa itekanelang ba dire jalo? Nnyaa, gonne Jehofa o kgothatsa jaana: “Ke natefeletswe ke bopelonomi jwa lorato, mme e seng ke setlhabelo; le ke kitso ya Modimo go na le ditshupelo tse di fisiwang di feletse.” (Hosea 6:6) Ka jalo tota le batho ba ba sekametseng mo go direng diphoso ba ka kgona go dira se Modimo a se batlang.

2. Baiseraele ba le bantsi ba ile ba direla Jehofa ka boferefere jang?

2 Le fa go ntse jalo, ga se mongwe le mongwe yo o batlang go dira thato ya ga Jehofa. Hosea o bolela gore tota le Baiseraele ba le bantsi ba ne ba sa batle go e dira. Jaaka setšhaba, ba ne ba dumetse go tsena mo kgolaganong, mo tumalanong, ya go utlwa melao ya Modimo. (Ekesodo 24:1-8) Le fa go ntse jalo, go ise go ye kae, ke fa ba ‘tlola kgolagano’ eo ka go se utlwe melao ya gagwe. Ka jalo, Jehofa o ne a re Baiseraele bao ‘ba mo diretse ka boferefere.’ (Hosea 6:7) Mme batho ba le bantsi ba ile ba dira jalo fa e sa le go tloga ka nako eo. Mme Jehofa o ila boferefere, e ka ne bo direlwa ene kgotsa bo direlwa ba ba mo ratang e bile ba mo direla.

3. Go tla sekasekwa eng mo thutong eno?

3 Hosea e ne e se ene fela moporofeti yo o neng a gatelela kafa Modimo a lebang boferefere ka gone, e leng tsela e le rona re tshwanetseng ra bo leba ka yone fa e le gore re batla go tshela botshelo jo bo itumetseng. Mo setlhogong se se fetileng, re simolotse ka go sekaseka bontsi jwa molaetsa wa boporofeti jwa ga Malaki, re simolola ka kgaolo ya ntlha ya buka ya gagwe. Jaanong a re lebeng kgaolo ya bobedi ya buka eo mme re bone gore tsela e Modimo a lebang boferefere ka yone e tlhalosiwa jang go ya pele. Le mororo Malaki a ne a tlotla ka boemo jo bo neng bo le teng mo gare ga batho ba Modimo masomesome a dingwaga fa ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona, kgaolo eo ya bobedi e na le bokao jo bogolo mo go rona gompieno.

Baperesiti ba ba Molato

4. Jehofa o ne a naya baperesiti tlhagiso efe?

4 Kgaolo ya bo2 e simolola ka mafoko a ga Jehofa a kgala baperesiti ba Bajuda ka go bo ba fapogile ditsela tsa gagwe tsa tshiamo. Fa ba ne ba ka tlhokomologa kgakololo ya gagwe ba bo ba sa baakanye ditsela tsa bone, ga go na pelaelo gore ba ne ba tla tlelwa ke ditlamorago tse di masisi. Ela tlhoko ditemana tsa ntlha tse pedi: “‘Taelo eno e tla kwa go lona, lona baperesiti. Fa lo ka se ka lwa reetsa, e bile fa lo ka se ka lwa go baya mo pelong gore lo tlisetse leina la me kgalalelo,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘ruri le nna ke tla lo romelela phutso, ke tla hutsa masego a lona.’” Baperesiti ba ka bo ba ile ba segofadiwa fa ba ka bo ba ile ba ruta batho melao ya Modimo ba bo ba e boloka. Mme ka ntlha ya go tlhokomologa thato ya Modimo, go ne go tla tla phutso mo boemong jwa moo. Tota le masego a baperesiti ba neng ba a bolela a ne a tla nna phutso.

5, 6. (a) Ke eng fa baperesiti e le bone ba segolobogolo ba neng ba le molato? (b) Jehofa o ne a tlhalosa jang tsela e baperesiti ba mo ferosang sebete ka yone?

5 Ke eng fa baperesiti e ne e le bone ba segolobogolo ba neng ba le molato? Temana ya bo7 e tlhalosa lebaka ka phepafalo: “Dipounama tsa moperesiti ke tsone di tshwanetseng tsa boloka kitso, mme molao ke se batho ba tshwanetseng ba se senka mo molomong wa gagwe; gonne ke morongwa wa ga Jehofa wa masomosomo.” Dingwaga tse di fetang sekete pele ga moo, melao ya Modimo e e neng e neilwe Iseraele ka Moshe e ne ya bolela gore baperesiti ba ne ba na le boikarabelo jwa ‘go ruta bomorwa Iseraele melao yotlhe e Jehofa a neng a e buile.’ (Lefitiko 10:11) Se se utlwisang botlhoko ke gore moragonyana, mokwadi wa 2 Ditiragalo 15:3 o ne a bega jaana: “Iseraele o ne a se na Modimo wa boammaaruri malatsi a le mantsi e bile a se na moperesiti yo o rutang gape a se na Molao.”

6 Mo motlheng wa ga Malaki, mo lekgolong la botlhano la dingwaga B.C.E., boemo jwa baperesiti bo ne bo sa fetoga. Ba ne ba sa rute batho Molao wa Modimo. Ka jalo baperesiti bao ba ne ba tshwanelwa ke go ikarabelela. Ela tlhoko kafa Jehofa a buang ka mafoko a a bogale le bone ka teng. Malaki 2:3 e bolela jaana: “Ke tla gasa boloko mo difatlhegong tsa lona, boloko jwa meletlo ya lona.” A kgalemelo ruri! Boloko jwa diphologolo tse di isiwang setlhabelo bo ne bo tshwanetse go ntshediwa ka kwa ntle ga bothibelelo bo bo bo fisiwa. (Lefitiko 16:27) Mme fa Jehofa a ba bolelela gore o tla ba gasa boloko joo mo difatlhegong, go bontsha ka phepafalo gore o ne a sa amogele e bile a ferosiwa sebete ke ditlhabelo tsa bone le ke batho ba ba neng ba di ntsha.

7. Ke eng fa Jehofa a ne a galefetse barutisi ba Molao?

7 Makgolokgolo a dingwaga pele ga motlha wa ga Malaki, Jehofa o ne a abetse Balefi go tlhokomela motlaagana mme moragonyana tempele le bodiredi jo bo boitshepo. E ne e le barutisi mo setšhabeng sa Iseraele. Go diragatsa dikabelo tsa bone go ka bo go dirile gore bone le setšhaba ba bone botshelo le kagiso. (Dipalo 3:5-8) Le fa go ntse jalo, Balefi ga ba a ka ba tlhola ba boifa Modimo jaaka pele. Ka jalo Jehofa o ne a ba raya a re: “Lo fapogile mo tseleng. Lo dirile gore ba bantsi ba kgotšwe mo molaong. Lo sentse kgolagano ya ga Lefi . . . Lo ne lo sa boloke ditsela tsa me.” (Malaki 2:8, 9) Baperesiti ba ne ba timetsa Baiseraele ba le bantsi ka ntlha ya go sa ba rute boammaaruri le ka go ba tlhomela sekao se se sa siamang, ka jalo go a utlwala go bo Jehofa a ne a ba galefetse.

Go Tshela ka Melao ya Modimo

8. A go lebelela gore batho ba tshele ka melao ya Modimo ke go lebelela gore ba dire se ba ka se kang ba kgona go se dira? Tlhalosa.

8 Ga re a tshwanela go akanya gore baperesiti bano ba ne ba tshwanelwa ke go utlwelwa botlhoko le gore ba tshwanetse go ka bo ba ile ba itshwarelwa ka gonne e ne e le batho ba ba sa itekanelang e bile go ne go ka se ka ga lebelelwa gore ba tshele ka melao ya Modimo. Boammaaruri ke gore batho ba ka kgona go boloka ditaelo tsa Modimo, gonne Jehofa ga a lebelela gore ba dire se ba ka se kang ba kgona go se dira. Go bonala go ne go na le baperesiti bangwe ka nako eo ba ba neng ba tshela ka melao ya Modimo, e bile go na le yo re tlhomamisang gore o ne a dira jalo moragonyana—Jesu, “moperesiti yo mogolo.” (Bahebera 3:1) Ruri go ne go ka buiwa jaana ka ene: “Molao wa boammaaruri ka boone o ne o le mo molomong wa gagwe, e bile go ne go sa fitlhelwa tshiamololo epe mo dipounameng tsa gagwe. O ne a tsamaya le nna ka kagiso le ka thokgamo, mme ba a neng a ba busa gore ba tswe mo tlolong ba ne ba le bantsi.”—Malaki 2:6.

9. Ke bomang ba ba ileng ba anamisa boammaaruri ka boikanyegi mo motlheng wa rona?

9 Ka tsela e e tshwanang, go setse go fetile lekgolo la dingwaga jaanong bomorwarraagwe Keresete ba ba tloditsweng, ba ba nang le tsholofelo ya go ya go tshela kwa legodimong, ba ntse ba direla e le “boperesiti jo bo boitshepo, gore [ba] ise ditlhabelo tsa semoya tse di amogelesegang mo Modimong.” (1 Petere 2:5) Ba eteletse pele mo go boleleleng ba bangwe ka boammaaruri jwa Baebele. E re ka o setse o ithutile boammaaruri jo ba bo rutang, a ga o ise o iponele ka bowena gore molao wa boammaaruri o mo melomong ya bone? Ba thusitse ba le bantsi gore ba tlogele bodumedi jo bo fapogileng boammaaruri, mo e leng gore jaanong go na le dimilione tsa batho mo lefatsheng lotlhe ba ba ithutileng boammaaruri jwa Baebele le ba ba nang le tsholofelo ya go tshelela ruri. Bano le bone ba na le tshiamelo ya go ruta dimilione tse dingwe tsa batho molao wa boammaaruri.—Johane 10:16; Tshenolo 7:9.

Lebaka la go Nna Kelotlhoko

10. Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko?

10 Le fa go ntse jalo, re tshwanetse ra nna kelotlhoko. Re ka nna ra se ka ra tlhaloganya dithuto tse di kaiwang mo go Malaki 2:1-9. A rona ka borona re nna re iketse tlhoko gore go se ka ga fitlhelwa tshiamololo epe mo dipounameng tsa rona? Ka sekai, a tota maloko a lelapa la rona a ka ikanya se re se buang? A bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya mo phuthegong ba ka dira jalo? Go ka nna motlhofo gore re nne le mokgwa wa go dirisa mafoko a a lebegang a se phoso ka boone mme a tsietsa. Kgotsa motho a ka nna a feteletsa dilo kgotsa a fitlha dintlha dingwe tse di amanang le kgwebo. A Jehofa o ne a se kitla a bona dilo tseo? Mme fa re ne re ka dira dilo tse di ntseng jalo, a o ne a tla amogela ditlhabelo tsa pako tsa dipounama tsa rona?

11. Ke bomang ba segolobogolo ba tshwanetseng go nna kelotlhoko?

11 Malaki 2:7 e tshwanetse go nna tlhagiso mo go ba ba nang le tshiamelo ya go ruta Lefoko la Modimo mo diphuthegong gompieno. Ya re dipounama tsa bone ‘di tshwanetse go boloka kitso, mme molao ke se batho ba tshwanetseng ba se senka’ mo melomong ya bone. Barutisi bano ba na le maikarabelo a a boima, gonne Jakobe 3:1 e bontsha gore ba “tla amogela katlholo e e boima segolo.” Le fa ba tshwanetse go ruta ka tlhagafalo, thuto ya bone e tshwanetse ya bo e theilwe thata mo Lefokong la Modimo le le kwadilweng le mo ditaelong tse re di newang ka phuthego ya ga Jehofa. Fa ba dira jalo, ba tla bo ba ‘tshwanelega sentle go ruta ba bangwe.’ Ka jalo, ba gakololwa jaana: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.”—2 Timotheo 2:2, 15.

12. Ke eng se ba ba rutang ba tshwanetseng go se ela tlhoko?

12 Fa re se kelotlhoko, re ka nna ra raelesega go tsenya dikgopolo tsa rona fa re ruta. Seo se tla nna kotsi thata segolobogolo fa motho a itshepa malebana le ditshwetso tse a di dirang le fa di sa dumalane le se phuthego ya ga Jehofa e se rutang. Mme Malaki kgaolo ya bo2 e bontsha gore re tshwanetse go lebelela gore ba ba rutang mo phuthegong ba ngaparele kitso e e tswang kwa Modimong e seng dikgopolo tsa bone ka namana, tse di ka nnang tsa kgopisa dinku. Jesu o ne a re: “Le fa e le mang yo o kgopisang mongwe wa ba bannye bano ba ba dumelang mo go nna, go molemo segolo gore a gokelelwe lelwala mo molaleng wa gagwe le le tshwanang le leo le pitikololwang ke esele mme a nwediwe mo lewatleng le le atlhameng, le le bulegileng.”—Mathaio 18:6.

Go Nyala Motho yo e Seng Modumedi

13, 14. Malaki o ne a bua ka ga mokgwa ofe wa boferefere?

13 Go tswa mo temaneng ya bo10 go ya pele, Malaki kgaolo ya bo2 e bua ka boferefere ka tlhamalalo go feta pele. Malaki o bua ka mekgwa mengwe e mebedi e e tsamaisanang e fa a bua ka yone gangwe le gape a dirisang lefoko “boferefere.” Sa ntlha, ela tlhoko gore Malaki o simolola kgakololo ya gagwe ka dipotso tseno: “A rotlhe ga re na rre a le mongwe? A ga re a bopiwa ke Modimo a le mongwe? Ke ka ntlha yang fa re direlana ka boferefere, re itshepolola kgolagano ya borraaronamogologolwane?” Morago ga moo temana ya bo11 e oketsa ka gore boferefere jwa Iseraele ke go tlontlolola “boitshepo jwa ga Jehofa.” Ba ne ba dirang se se neng se le masisi go le kalo? Temana eo e re bolelela sengwe sa dilo tse di sa siamang tse ba neng ba di dira: Ba ne ba “tsere morwadia modimo o sele go nna monyadiwa.”

14 Ka mafoko a mangwe, Baiseraele bangwe, ba e neng e le karolo ya setšhaba se se ineetseng mo go Jehofa, ba ne ba nyetse batho ba ba neng ba sa mo obamele. Ditemana tse di dikologileng eno di re thusa go bona gore ke ka ntlha yang fa seno se ne se le masisi jaana. Temana ya bo10 ya re ba ne ba na le rre a le mongwe fela. Yono e ne e se Jakobe (yo leina la gagwe le neng la fetolwa go nna Iseraele) kgotsa Aborahame kgotsa le fa e le Adame. Malaki 1:6 e bontsha gore Jehofa e ne e le ene “rre a le mongwe fela.” Setšhaba sa Iseraele se ne se na le kamano le ene, se le karolo ya kgolagano e e neng ya dirwa le borraabonemogologolwane. Mongwe wa melao ya kgolagano eo o ne o re: “O se ka wa dira kgolagano epe ya lenyalo le bone. O se ka wa naya morwaabone morwadio, e bile o se ka wa tseela morwao morwadiabone.”—Duteronome 7:3.

15. (a) Bangwe ba ka nna ba leka go buelela kgato ya go nyalana le motho yo e seng modumedi jang? (b) Jehofa o tlhalosa maikutlo a gagwe jang malebana le lenyalo?

15 Gompieno, bangwe ba ka nna ba re: ‘Motho yo ke mo ratang ke motho yo o molemo tota. A ka nna a amogela kobamelo ya boammaaruri fa nako e ntse e tsamaya.’ Go akanya jalo go bontsha boammaaruri jwa tlhagiso e e tlhotlheleditsweng e e reng: “Pelo e boferefere go gaisa sengwe le sengwe mme e gagamalela se e se batlang.” (Jeremia 17:9) Tsela e Modimo a lebang go nyala motho yo e seng modumedi ka yone e tlhalosiwa mo go Malaki 2:12: “Jehofa o tla kgaola . . . mongwe le mongwe yo o go dirang.” Ka gone, Bakeresete ba kgothalediwa go nyala “mo Moreneng fela.” (1 Bakorintha 7:39) Mo thulaganyong ya Bokeresete, modumedi ga a ‘kgaolelwe’ go nyala motho yo e seng modumedi. Le fa go ntse jalo, fa motho yo e seng modumedi a sa fetoge modumedi, o tla diragalelwa ke eng fa Jehofa a fedisa tsamaiso eno mo bogautshwaneng?—Pesalema 37:37, 38.

Go Sotla Molekane wa Lenyalo

16, 17. Bangwe ba ne ba dira boferefere bofe?

16 Morago ga moo, Malaki o tlotla ka boferefere jwa bobedi: go sotla molekane wa gago wa lenyalo, segolobogolo ka go mo tlhala ka mabaka a a sa utlwaleng. Temana ya bo14 ya kgaolo ya bo2 e bolela jaana: “Jehofa ka boene o neetse bosupi fa gare ga gago le mosadi wa bosha jwa gago, yo wena ka bowena o mo diretseng ka boferefere, le mororo e le molekane wa gago le mosadi wa kgolagano ya gago.” Banna ba ba nyetseng ba Bajuda ba ne ba dira gore sebeso sa ga Jehofa se ‘bipiwe ka dikeledi’ ka go direla basadi ba bone ka boferefere. (Malaki 2:13) Banna bao ba ne ba tlhala ka mabaka a a sa utlwaleng, ba tlogela basadi ba bosha jwa bone go sa tshwanela, gongwe e le gore ba nyale basadi ba babotlana kgotsa ba baheitane. Mme baperesiti ba ba bosula ba ne ba letlelela seo! Le fa go ntse jalo, Malaki 2:16 e bolela jaana: “‘O tlhoile tlhalo,’ go buile Jehofa Modimo wa Iseraele.” Moragonyana Jesu o ne a bontsha gore boitsholo jo bo sa siamang ke jone fela lebaka la go tlhala le le ka gololang molekane yo o se nang molato go ka nyala gape.—Mathaio 19:9.

17 Akanya ka masisi ka mafoko ano a ga Malaki mme o bone kafa a dirang gore re nne batho ba ba kutlwelobotlhoko le ba ba pelonomi ka gone. O bua ka “molekane wa gago le mosadi wa kgolagano ya gago.” Monna mongwe le mongwe yo go buiwang ka ene fano o ne a nyetse modumedi ka ene, yo e leng mosadi wa Moiseraele, a mo tlhophile jaaka molekane wa gagwe yo o rategang, gore a nne molekane wa botshelo jotlhe. Le fa ba ka tswa ba nyalane ba sa le babotlana, go feta ga nako le go gola ga bone ka dingwaga go ne go sa fedise kgolagano e ba neng ba e dirile, ke gore, kgolagano ya lenyalo.

18. Kgakololo ya ga Malaki e e amanang le boferefere e dira ka ditsela dife gompieno?

18 Kgakololo e e amanang le dikgang tseo e dira ka tsela e e tshwanang le gompieno. Go utlwisa botlhoko gore bangwe ba tlhokomologa kaelo ya Modimo ya go nyala mo Moreneng fela. E bile gape go a swabisa go bona gore bangwe ga ba tswelele pele go dira gore lenyalo la bone le nne le nonofile. Go na le moo, ba dira diipato ba bo ba dira se Modimo a se tlhoileng ka go tlhala e se kafa Dikwalong gore ba nyalane le mongwe o sele. “Ba lapisitse Jehofa” ka go dira dilo tse di ntseng jalo. Mo motlheng wa ga Malaki, ba ba neng ba tlhokomologa kgakololo ya Modimo ba ne ba bile ba na le sebete sa go ipolelela gore Jehofa o ne a leba dilo ka tsela e e sa siamang. Re ka re ba ne ba re: “O kae Modimo wa tshiamiso?” A kakanyo e e bosula ruri! A re se weleng mo seraing seo.—Malaki 2:17.

19. Banna le basadi ba ba mo lenyalong ba ka amogela jang moya wa Modimo?

19 Se se molemo ke gore Malaki o bontsha gore banna bangwe bone ba ne ba sa direle basadi ba bone ka boferefere. Ba ‘ne ba na le mo go setseng ga moya o o boitshepo wa Modimo.’ (Temana ya bo15) Go a itumedisa gore phuthego ya Modimo gompieno e tletse ka banna ba ba ntseng jalo ba ba ‘nayang basadi ba bone tlotlo.’ (1 Petere 3:7) Ga ba sotle basadi ba bone mo mmeleng kgotsa ka mafoko, ga ba ganelele mo ditirong tse di makgapha tsa tlhakanelodikobo, e bile ga ba tlontlolole basadi ba bone ka go kgatlhegela basadi ba bangwe kgotsa ka go leba ditshwantsho tse di hepisang. Gape, phuthego ya ga Jehofa e segofaditswe ka basadi ba le bantsi ba ba nyetsweng ba Bakeresete, ba ba ikanyegang mo Modimong le mo melaong ya gagwe. Banna le basadi bao botlhe ba itse se Modimo a se tlhoileng, mme ba akanya le go dira dilo tumalanong le seo. Tswelela pele o tshwane le bone, ‘o utlwe Modimo e le mmusi’ o bo o segofadiwe ka moya wa gagwe o o boitshepo.—Ditiro 5:29.

20. Batho botlhe ba gaufi le nako efe?

20 Go ise go ye kae, Jehofa o tla atlhola lefatshe leno lotlhe. Mongwe le mongwe o tla tshwanelwa ke go ikarabelela mo go ene ka tumelo ya gagwe le ka ditiro tsa gagwe. “Mongwe le mongwe wa rona o tla ikarabelela mo Modimong.” (Baroma 14:12) Ka jalo, potso e e kgatlhang jaanong ke go re: Ke mang yo o tla falolang letsatsi la ga Jehofa? Setlhogo sa boraro le sa bofelo sa motseletsele ono se tla tlotla ka kgang eo.

A o Ka Tlhalosa?

• e lebaka lefe la konokono le le neng la dira gore Jehofa a kgale baperesiti kwa Iseraele?

• Ke eng fa melao ya Modimo e se kwa godimo thata mo batho ba ka se kang ba kgona go tshela ka yone?

• Ke eng fa re tshwanetse go nna kelotlhoko fa re ruta gompieno?

• Jehofa o ne a kgala mekgwa efe e mebedi thata?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Mo motlheng wa ga Malaki, baperesiti ba ne ba kgalwa ka go bo ba sa tsamaye mo ditseleng tsa ga Jehofa

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Re tshwanetse go nna kelotlhoko go ruta ditsela tsa ga Jehofa, re sa buelele dikgopolo tsa rona

[Ditshwantsho mo go tsebe 18]

Jehofa o ne a kgala Baiseraele ba ba neng ba tlhala basadi ba bone ka mabaka a a sa utlwaleng gore ba nyale basadi ba baheitane

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Gompieno Bakeresete ba tlotla kgolagano ya bone ya lenyalo