Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ke Mang yo o Tla Falolang Letsatsi la ga Jehofa?

Ke Mang yo o Tla Falolang Letsatsi la ga Jehofa?

Ke Mang yo o Tla Falolang Letsatsi la ga Jehofa?

“Letsatsi le etla le le tukang jaaka leubelo.”—MALAKI 4:1.

1. Malaki o tlhalosa jang bokhutlo jwa tsamaiso e e boikepo eno?

MOPOROFETI MALAKI o ne a tlhotlhelediwa ke Modimo go kwala boporofeti jwa ditiragalo tse di gakgamatsang tse di tla diregang mo bogautshwaneng. Ditiragalo tseno di tla ama mongwe le mongwe mo lefatsheng. Malaki 4:1 e bolelela pele jaana: “‘Bonang! letsatsi le etla le le tukang jaaka leubelo, mme botlhe ba ba boikgodiso le botlhe ba ba dirang boikepo ba tla nna jaaka dirite. Letsatsi le le tlang ruri le tla ba kometsa,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘mo e leng gore ga le kitla le ba tlogelela modi kgotsa kala e kgolo.’” Tsamaiso eno e e boikepo ya dilo e tla senngwa go le kana kang? E tla tshwana le setlhare se se sentsweng medi gore se se ka sa tlhola se gola gape.

2. Ditemana dingwe di tlhalosa letsatsi la ga Jehofa jang?

2 O ka nna wa botsa wa re, ‘Moporofeti Malaki o bolelela pele ka “letsatsi” lefe?’ Ke lone letsatsi le go buiwang ka lone mo go Isaia 13:9, e e bolelang jaana: “Bona! Letsatsi la ga Jehofa le etla, le setlhogo ka tšhakgalo le ka bogale jo bo tukang, gore lefatshe le dirwe selo sa go akabalelwa, le gore le nyeletse baleofi ba lefatshe mo go lone.” Sefania 1:15 e le tlhalosa jaana: “Letsatsi leo ke letsatsi la tšhakgalo, letsatsi la matshwenyego le la tlalelo e e mahehe, letsatsi la matsubutsubu le la kgakgabalo, letsatsi la lefifi le la letobo, letsatsi la maru le letobo le lentshontsho.”

“Pitlagano e Kgolo”

3. “Letsatsi la ga Jehofa” ke eng?

3 Mo tiragatsong e kgolwane ya boporofeti jwa ga Malaki, “letsatsi la ga Jehofa” ke motlha o “pitlagano e kgolo” e diregang mo go one. Jesu o ne a bolelela pele jaana: “Ka nako eo go tla nna le pitlagano e kgolo e e jaaka e e iseng e ko e nne fa e sale ka tshimologo ya lefatshe go fitlha jaanong, nnyaa, le gone e se kitla e nna gone gape.” (Mathaio 24:21) A ko o akanye ka masetlapelo a a setseng a kile a wela lefatshe, segolobogolo fa e sa le go tloga ka 1914. (Mathaio 24:7-12) Aitsane, Ntwa ya Lefatshe II e le yosi fela e ganyaotse batho ba feta dimilione di le 50! Le fa go ntse jalo, “pitlagano e kgolo” e tla nna le masetlapelo a magolo mo e leng gore mathata ano e tla bo e se a sepe fa a bapisiwa le masetlapelo ao. Tiragalo eo, fela jaaka letsatsi la ga Jehofa, e felela ka Haramagedona, e konela metlha ya bofelo ya tsamaiso e e boikepo eno.—2 Timotheo 3:1-5, 13; Tshenolo 7:14; 16:14, 16.

4. Go tla bo go diragetseng fa letsatsi la ga Jehofa le wela?

4 Fa letsatsi leo la ga Jehofa le wela, lefatshe la ga Satane le batshegetsi ba lone ba tla bo ba nyeleditswe. Bodumedi jotlhe jwa maaka bo tla senngwa pele. Morago ga moo Jehofa o tla atlhola tsamaiso ya ga Satane ya ikonomi le ya bopolotiki. (Tshenolo 17:12-14; 19:17, 18) Esekiele o porofeta jaana: “Ba tla latlhela selefera ya bone mo mebileng, mme gouta ya bone e tla nna selo se se ilegang. Le fa e le selefera ya bone kgotsa gouta ya bone ga e kitla e kgona go ba golola mo letsatsing la tšhakgalo ya ga Jehofa.” (Esekiele 7:19) Sefania 1:14 e bolela jaana malebana le letsatsi leo: “Letsatsi le legolo la ga Jehofa le gaufi. Le gaufi e bile le itlhaganela thata.” Ka ntlha ya se Baebele e se buang ka letsatsi la ga Jehofa, re tshwanetse ra ititaya sehuba gore re tla dira tumalanong le dilo tse di siameng tse Modimo a batlang re di dira.

5. Ba ba boifang leina la ga Jehofa ba diragalelwa ke eng?

5 Fa Malaki 4:2 e sena go bolelela pele gore letsatsi la ga Jehofa le tla dirang ka lefatshe la ga Satane, e umaka Jehofa a bua a re: “Lona ba lo boifang leina la me letsatsi la tshiamo le tla lo phatsimela, ka phodiso mo diphukeng tsa lone; mme tota lo tla tswa lo ya go tiba ka tlhako fa fatshe jaaka dinamane tse di nontshitsweng.” “Letsatsi la tshiamo” ke Jesu Keresete. Ke ene “lesedi [la semoya] la lefatshe.” (Johane 8:12) Jesu o phatsima ka phodiso, sa ntlha, ka phodiso ya semoya, e re fodisiwang ka yone gompieno, morago ga moo ka phodiso e e feletseng ya mmele mo lefatsheng le lesha. Jaaka fa Jehofa a bolela, ba ba fodisitsweng ba tla “tswa [ba] ya go tiba ka tlhako fa fatshe jaaka dinamane tse di nontshitsweng” tse di matlhagatlhaga e bile di itumeletse go bo di golotswe mo di neng di tswaletswe teng.

6. Batlhanka ba ga Jehofa ba tla itumelela phenyo jang?

6 Go tweng ka ba ba sa direng se Jehofa a se batlang? Malaki 4:3 e bolela jaana: “‘[Lona batlhanka ba Modimo] lo tla gataka baikepi, gonne ba tla nna jaaka loupa fela kafa tlase ga dipato tsa dinao tsa lona mo letsatsing le ke tsayang kgato ka lone,’ go buile Jehofa wa masomosomo.” Batho ba e leng baobamedi ba Modimo ga ba kitla ba nna le seabe mo go senyeng lefatshe la ga Satane. Go na le moo, ba “gataka baikepi” ka tsela ya tshwantshetso ka go kopanela mo boitumelong jo bogolo jwa go itumelela phenyo jo bo tla tlang morago ga letsatsi la ga Jehofa. Go ne ga nna le boitumelo jo bogolo fa masole a ga Faro a sena go senngwa kwa Lewatleng le Lehibidu. (Ekesodo 15:1-21) Ka tsela e e tshwanang, fa Satane a sena go senngwa mmogo le lefatshe la gagwe ka pitlagano e kgolo go tla nna le boitumelo jo bogolo jwa go itumelela phenyo. Bafalodi ba ba ikanyegang ba letsatsi la ga Jehofa ba tla goa ba re: “A re ipeleng mme re itumelele go bolokwa ke ene.” (Isaia 25:9) A bo go tla nna le boitumelo jo bogolo jang ne fa bolaodi jwa ga Jehofa bo tlotlomaditswe mme lefatshe le phepafaditswe gore batho ba nne mo go lone ka kagiso!

Labokeresete e Etsa Iseraele

7, 8. Tlhalosa boemo jwa bomoya jwa Baiseraele mo motlheng wa ga Malaki.

7 Batho ba ba nnang le kamano e e molemo le Jehofa ke ba ba mo direlang, e seng ba ba sa mo direleng. Go ne go ntse jalo le ka nako ya fa Malaki a ne a kwala buka ya gagwe. Ka 537 B.C.E., masalela a Iseraele a ne a tsosolosiwa morago ga dingwaga di le 70 tsa go isiwa ga bone botshwarwa kwa Babelona. Le fa go ntse jalo, mo dingwageng di feta lekgolo tse di latelang, setšhaba se se tsosolositsweng seno se ne sa simolola go tlhanoga le go nna boikepo. Bontsi jwa batho ba ne ba tlontlolola leina la ga Jehofa; ba tlhokomologa melao ya gagwe e e siameng; ba leswafatsa tempele ya gagwe ka go tlisa diphologolo tse di foufetseng, tse di tlhotsang le tse di lwalang mo go yone go tla go di isa setlhabelo; e bile ba tlhala basadi ba bosha jwa bone.

8 Ka gone, Jehofa o ne a ba raya a re: “Ke tla lo atamela gore ke lo atlhole, mme ke tla nna mosupi yo o bofefo kgatlhanong le baloi, kgatlhanong le baakafadi, kgatlhanong le ba ba ikanang ka maaka, le kgatlhanong le ba ba dirang ka boferefere ka tuelo ya modiri yo o duelwang, ka motlholagadi le ka mosimane yo o se nang rre, le ba ba sa amogeleng moagi wa moeng, mme ba sa mpoifa, . . . gonne ke nna Jehofa; ga ke a fetoga.” (Malaki 3:5, 6) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a laletsa bape fela ba ba neng ba tla tlogela ditsela tsa bone tse di bosula a re: “Boelang mo go nna, mme ke tla boela mo go lona.”—Malaki 3:7.

9. Dipolelelopele tsa ga Malaki di ne tsa diragadiwa jang la ntlha?

9 Mafoko ao a ne a diragadiwa gape mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Masalela a Bajuda a ne a direla Jehofa mme a nna karolo ya “setšhaba” se sesha sa Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya, se moragonyana se neng sa akaretsa le Baditšhaba. Mme bontsi jwa Baiseraele ba tlholego ba ne ba gana Jesu. Ka jalo, Jesu o ne a bolelela setšhaba seo sa Iseraele jaana: “Bonang! Ntlo ya lona e tlogeletswe lona.” (Mathaio 23:38; 1 Bakorintha 16:22) Ka 70 C.E., jaaka go boleletswe pele mo go Malaki 4:1, “letsatsi . . . le le tukang jaaka leubelo” le ne la tlela Baiseraele ba tlholego. Jerusalema o ne a senngwa mmogo le tempele ya gagwe, mme go begwa gore go ne ga swa batho ba feta milione o le mongwe ka ntlha ya leuba, dintwa tsa go lwela maemo le ditlhaselo tsa masole a Roma. Le fa go ntse jalo, ba ba neng ba direla Jehofa ba ne ba falola pitlagano eo.—Mareko 13:14-20.

10. Batho ka kakaretso le baruti ba etsa Baiseraele ba lekgolo la ntlha la dingwaga jang?

10 Batho, segolobogolo Labokeresete, ba ntse ba etsa setšhaba sa Iseraele sa lekgolo la ntlha la dingwaga. Baeteledipele le batho ba Labokeresete ka kakaretso ba rata dithuto tsa bone tsa bodumedi go gaisa boammaaruri jwa Modimo jo Jesu a neng a bo ruta. Baruti ke bone ba segolobogolo ba leng molato. Ga ba batle go dirisa leina la ga Jehofa, e bile ba le ntsha le mo dithanolong tsa bone tsa Baebele. Ba tlontlolola Jehofa ka dithuto tse e seng tsa Dikwalo, jaaka dithuto tsa boheitane tsa go tlhokofadiwa ka bosakhutleng mo molelong wa dihele, Tharonngwe, go sa sweng ga moya le thutotlhagelelo. Ka go dira jalo, ga ba neye Jehofa pako e e mo tshwanelang, fela jaaka baperesiti ba motlha wa ga Malaki.

11. Ditumelo tsa lefatshe di bontsha jang gore tota di direla mang?

11 Ka 1914, fa metlha ya bofelo e ne e simolola, ditumelo tsa lefatshe leno tse di eteletsweng pele ke batho ba ba ipitsang gore ke Bakeresete, di ne tsa bontsha gore tota di direla mang. Mo dintweng tse pedi tsa lefatshe, ditumelo tseno di ne tsa kgothaletsa maloko a tsone gore a ye go lwa kwa dintweng tse di bakilweng ke dikgotlhang tsa merafe, le fa ba ne ba ka bolaya batho ba bodumedi jwa bone. Lefoko la Modimo le bontsha sentle gore ke bomang ba ba utlwang Jehofa le gore ke bomang ba ba sa mo utlweng: “Bana ba Modimo le bana ba ga Diabolo ba supega ka ntlha eno: Mongwe le mongwe yo o sa tsamayeng mo tshiamong ga a tswe mo Modimong, le ene yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe. Ka gonne ono ke molaetsa o lo o utlwileng go tloga kwa tshimologong, gore re tshwanetse go ratana; e seng jaaka Kaine, yo o neng a tswa mo go yo o boikepo mme a bolaya morwarraagwe.”—1 Johane 3:10-12.

Go Diragatsa Boporofeti

12, 13. Batlhanka ba Modimo ba diragaditse dipolelelopele dife mo motlheng wa rona?

12 Fa Ntwa ya Lefatshe I e fela ka 1918, batlhanka ba ga Jehofa ba ne ba kgona go bona gore Modimo o ne a atlhotse Labokeresete le bodumedi jotlhe jwa maaka. Go simolola ka nako eo go ya pele, go ne ga tlhabiwa mokgosi o o yang kwa bathong ba dipelo tse di siameng o o reng: “Tswang mo go ene, batho ba me, fa lo sa batle go tlhakanela le ene mo maleong a gagwe, le fa lo sa batle go amogela karolo ya dipetso tsa gagwe. Gonne maleo a gagwe a koame go fitlha fela kwa legodimong, mme Modimo o gakologetswe ditiro tsa gagwe tsa go tlhoka tshiamiso.” (Tshenolo 18:4, 5) Ba ba neng ba batla go direla Jehofa ba ne ba simolola go ntlafadiwa ba tlosiwa sepe fela se se amanang le bodumedi jwa maaka ba bo ba simolola go rera dikgang tse di molemo mo lefatsheng lotlhe tsa Bogosi jo bo tlhomilweng, e leng tiro e e tshwanetseng go wediwa pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo.—Mathaio 24:14.

13 Seno e ne e le go diragatsa boporofeti jwa Malaki 4:5, mo Jehofa a neng a bolela jaana: “Bonang! ke lo romelela Elija moporofeti pele letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa le tla.” Boporofeti joo bo ne jwa diragadiwa la ntlha ke tiro e Johane Mokolobetsi a neng a e dira, yo o neng a tshwantshediwa ke Elija. Johane o ne a dira tiro e e tshwanang le ya ga Elija fa a ne a kolobetsa Bajuda ba ba neng ba ikwatlhaetse maleo a bone a ba neng ba a dirile ba tlola kgolagano ya Molao. Se se botlhokwa le go feta ke gore Johane o tlile pele ga ga Mesia. Le fa go ntse jalo, tiro ya ga Johane e ne e le tiragatso ya ntlha fela ya boporofeti jwa ga Malaki. Le fa Jesu a ne a bitsa Johane a re ke Elija wa bobedi, o ne a bontsha gore mo isagweng, go ne go tla nna le tiro e e tshwanang le ya ga “Elija.”—Mathaio 17:11, 12.

14. Ke tiro efe e e botlhokwa e e tshwanetseng ya dirwa pele tsamaiso eno e fela?

14 Boporofeti jwa ga Malaki bo ne jwa bontsha gore tiro e kgolo eno ya ga Elija e ne e tla dirwa pele ga “letsatsi le legolo le le le boitshegang la ga Jehofa.” Letsatsi leo le konelwa ka ntwa e e atamelang ka bofefo ya letsatsi le legolo la Modimo Mothatayotlhe, kwa Haramagedona. Seno se bolela gore tiro e e tshwanang le ya ga Elija e tla dirwa pele ga bokhutlo jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo le pele ga tshimologo ya Puso ya Mileniamo ya Bogosi jwa Modimo jwa selegodimo e mo go yone go busang Jesu Keresete yo o beilweng bogosi. Fela jaaka boporofeti joo bo boletse, pele Jehofa a senya tsamaiso eno e e boikepo, setlhopha sa motlha wa segompieno sa ga Elija, se se engweng nokeng ke dimilione tsa Bakeresete ka bone ba ba nang le tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng, se dira tiro ya go tsosolosa kobamelo e e itshekileng ka tlhagafalo, se godisa leina la ga Jehofa le go ruta ba dinku tse dingwe boammaaruri jwa Baebele.

Jehofa o Segofatsa Batlhanka ba Gagwe

15. Jehofa o gakologelwa batlhanka ba gagwe jang?

15 Jehofa o segofatsa ba ba mo direlang. Malaki 3:16 ya re: “Ka nako eo ba ba boifang Jehofa ba ne ba buisana mmogo, mongwe le mongwe le molekane wa gagwe, mme Jehofa a nna a tlhwaya tsebe a ba a reetsa. Mme buka ya kgakologelo ya simolola go kwalwa fa pele ga gagwe e kwalelwa ba ba boifang Jehofa le ba ba akanyang ka leina la gagwe.” Go simolola ka Abele go ya pele, Modimo o ntse a kwala mo bukeng ka tsela ya tshwantshetso maina a batho ba a tla ba gakologelwang ka boikaelelo jwa gore a ba neye botshelo jo bo sa khutleng. Jehofa o raya batho bano a re: “Tlisang ditsabosome tsotlhe mo ntlong ya polokelo, gore go tle go nne le dijo mo ntlong ya me; mme ntekang, tsweetswee, ka ga seno . . . gore a ga nkitla ke lo bulela dikgoro tsa morwalela tsa magodimo ke bo ke lo tshololela lesego go fitlha lo sa tlhole lo tlhoka sepe.”—Malaki 3:10.

16, 17. Jehofa o segofaditse batho ba gagwe le tiro ya bone jang?

16 Ruri Jehofa o segofaditse ba ba mo direlang. Jang? Tsela nngwe e a dirileng seno ka yone ke ka go dira gore ba tlhaloganye maikaelelo a gagwe botoka. (Diane 4:18; Daniele 12:10) E nngwe ke ka go dira gore ba nne le matswela a a gakgamatsang mo tirong ya bone ya go rera. Batho ba le bantsi ba ba dipelo di ikanyegang ba ile ba kopanela le bone mo kobamelong ya boammaaruri, mme bano botlhe ba bopa “boidiidi jo bogolo . . . [go] tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme, . . . ba nna ba goa ka lentswe le le kwa godimo, ba re: ‘Poloko re e neilwe ke Modimo wa rona, yo o ntseng mo setulong sa bogosi, le ke Kwana.’” (Tshenolo 7:9, 10) Boidiidi jo bogolo jono bo ile jwa bonala ka tsela e e gakgamatsang, mme ba ba direlang Jehofa ka tlhagafalo jaanong ba feta dimilione di le thataro mo diphuthegong tse di fetang 93 000 mo lefatsheng lotlhe!

17 Selo se sengwe se se bontshang masego a ga Jehofa ke gore Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tse di theilweng mo Baebeleng tse di phasaladiwang go gaisa tsotlhe tse di kileng tsa gatisiwa mo hisitoring. Gone jaanong, go gatisiwa dikhopi di le dimilione di le 90 tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! kgwedi le kgwedi, Tora ya Tebelo ka dipuo di le 144, Tsogang! ka di le 87. Buka e e dirisediwang go ithuta Baebele ya setlhogo se se reng Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng, e e gatisitsweng ka 1968, e ne ya phasaladiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 107 ka dipuo di le 117. Buka ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise, e e golotsweng ka 1982, e ne ya phasaladiwa ka dikhopi di feta dimilione di le 81 ka dipuo di le 131. Buka ya Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng, e e golotsweng ka 1995, go tla go fitlha jaanong e gatisitswe ka dikhopi di feta dimilione di le 85 ka dipuo di le 154. Go tla go fitlha gone jaanong go phasaladitswe dikhopi di le dimilione di le 150 ka dipuo di le 244 tsa boroutšhara jwa Modimo o Batla Gore Re Direng? jo bo gatisitsweng ka 1996.

18. Ke ka ntlha yang fa re ipelela letlepu la dilo tsa semoya le fa re ganediwa?

18 Go ntse go na le letlepu leno la dilo tsa semoya le mororo go na le kganetso e e seng kana ka sepe e e sa kgaotseng go tswa mo lefatsheng la ga Satane. Seno se bontsha kafa Isaia 54:17 e leng boammaaruri ka gone: “‘Sebetsa le fa e ka nna sefe se se tla bopiwang kgatlhanong le wena ga se kitla se atlega, mme loleme le fa e ka nna lofe lo lo tla emang kgatlhanong le wena mo katlholong o tla lo bona molato. Seno ke se se ruilweng boswa sa batlhanka ba ga Jehofa, mme tshiamo ya bone e tswa mo go nna,’ go bua Jehofa.” A bo go kgothatsa batlhanka ba ga Jehofa jang ne go itse gore Malaki 3:17 e diragadiwa ka tsela e kgolwane mo go bone: “‘Ruri ba tla nna ba me,’ go buile Jehofa wa masomosomo, ‘ka letsatsi la fa ke tla bo ke tlhagisa thuo e e kgethegileng.’”

Go Direla Jehofa ka Boipelo

19. Batho ba ba direlang Jehofa ba farologana jang le ba ba sa mo direleng?

19 Fa nako e ntse e tsamaya pharologanyo e e leng teng fa gare ga batlhanka ba ba ikanyegang ba ga Jehofa le batho ba ba leng mo lefatsheng la ga Satane e nna e gola. Malaki 3:18 e boleletse pele jaana: “Lona ruri lo tla bona gape pharologanyo fa gare ga yo o siameng le yo o boikepo, fa gare ga yo o direlang Modimo le yo o sa mo direlang.” Nngwe ya dipharologanyo tse dintsi ke gore ba ba direlang Jehofa ba mo direla ka boitumelo jo bogolo. Lengwe la mabaka a gone ke tsholofelo e e molemolemo e ba nang le yone. Ba tshepa Jehofa ka botlalo fa a re: “Bona, ke bopa magodimo a masha le lefatshe le lesha; mme dilo tsa pele ga di kitla di gakologelwa, le fa e le go tsoga mo pelong. Mme itumeleng, lo ipele ka bosaengkae mo go se ke se bopang.”—Isaia 65:17, 18; Pesalema 37:10, 11, 29; Tshenolo 21:4, 5.

20. Ke eng fa re le batho ba ba itumetseng?

20 Re dumela tsholofetso ya ga Jehofa ya gore batho ba gagwe ba ba ikanyegang ba tla falola letsatsi la gagwe le legolo ba bo ba tsenngwa mo lefatsheng le lesha. (Sefania 2:3; Tshenolo 7:13, 14) Mme le fa bangwe ba ka swa pele ga nako eo ka ntlha ya botsofe, bolwetse kgotsa kotsi, Jehofa o tlhomamisa gore o tla ba tsosa gore ba bone botshelo jo bo sa khutleng. (Johane 5:28, 29; Tito 1:2) Ka jalo, le fa rotlhe re na le mathata le dikgwetlho fa re ntse re ya re lebile letsatsi leno la ga Jehofa, re na le mabaka a a utlwalang a go nna batho ba ba itumetseng go gaisa botlhe mo lefatsheng.

O Araba Jang?

• “Letsatsi la ga Jehofa” ke eng?

• Ditumelo tsa lefatshe di etsa Iseraele wa bogologolo jang?

• Batlhanka ba ga Jehofa ba diragatsa dipolelelopele dife?

• Jehofa o segofaditse batho ba gagwe jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Jerusalema wa lekgolo la ntlha la dingwaga ‘o ne a tuka jaaka leubelo’

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Jehofa o tlamela ba ba mo direlang

[Ditshwantsho mo go tsebe 24]

Batlhanka ba ga Jehofa ba itumetse tota ka ntlha ya tsholofelo ya bone e e molemolemo