Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Tlhaloganya Lorato Lwa Modimo?

A o Tlhaloganya Lorato Lwa Modimo?

A o Tlhaloganya Lorato Lwa Modimo?

MONNA yo o bidiwang Jobe o kile a tlhalosa boemo jwa go sa itekanelang ga batho ka mafoko ano: “Motho yo o tsetsweng ke mosadi, o botshelo bokhutshwane e bile o tletse matshwenyego. O dule jaaka sethunya mme a kgaolwe, o tshaba jaaka moriti mme ga a tswelele a le teng.” (Jobe 14:1, 2) Botshelo jo Jobe a neng a bo tshela ka nako eo bo ne bo tletse tlalelo e kgolo le kutlobotlhoko. A o kile wa ikutlwa jalo?

Mme gone, le fa re ka tswa re na le mathata a a kana kang, go na le tsholofelo e e tlhomameng, e e theilweng mo kutlwelobotlhokong le mo loratong lwa Modimo. Selo sa ntlha, Rraarona wa selegodimo yo o kutlwelobotlhoko o rulagantse gore go nne le setlhabelo sa thekololo go golola batho mo boemong jwa bone jwa boleo. Go ya ka Johane 3:16, 17, Jesu Keresete o ne a re: “Modimo o ratile lefatshe [le e leng batho] mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng. Gonne Modimo o ne a romela Morwawe [Jesu] mo lefatsheng, e seng gore a tle go atlhola lefatshe, mme gore lefatshe le bolokwe ka ene.”

Akanya gape ka bopelontle jo Modimo a bo bontshang rona batho ba ba sa itekanelang. Moaposetoloi Paulo o ne a bolela jaana: “O dirile setšhaba sengwe le sengwe sa batho go tswa mo mothong a le mongwe, gore ba nne mo godimo ga lefatshe lotlhe, mme o ne a baya dinako tse di tlhomilweng le melelwane e e tlhomilweng ya bonno jwa batho, gore ba batle Modimo, fa ba ka apaapa ba mmatla mme ruri ba mmona, le mororo, tota, a se kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:26, 27) Akanya fela! Le fa re le batho ba ba sa itekanelang, re sa ntse re ka nna le kamano e e gaufi le Mmopi wa rona yo o lorato, Jehofa Modimo.

Ka gone, re ka leba pele kwa isagweng re tlhatswegile pelo, re itse gore Modimo o a re kgathalela e bile o bontshitse lorato ka go re direla thulaganyo e e tla re solegelang molemo ka bosakhutleng. (1 Petere 5:7; 2 Petere 3:13) Kwantle ga pelaelo he, re na le mabaka a a utlwalang a gore re batle go itse mo go oketsegileng ka ga Modimo wa rona yo o lorato ka go ithuta Lefoko la gagwe, Baebele.