Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato Mo go Ba ba Bo Tlhokang

Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato Mo go Ba ba Bo Tlhokang

Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato Mo go Ba ba Bo Tlhokang

“Lo direlane bopelonomi jwa lorato.”—SEKAREA 7:9.

1, 2. (a) Ke eng fa re tshwanetse go bontsha bopelonomi jwa lorato? (b) Re tla sekaseka dipotso dife?

LEFOKO la ga Jehofa Modimo le re kgothaletsa go rata “bopelonomi [jwa lorato].” (Mika 6:8) Gape le re naya mabaka a go bo re tshwanetse go dira jalo. Lebaka lengwe ke gore “motho wa bopelonomi jwa lorato o direla moya wa gagwe ka tsela e e duelang.” (Diane 11:17) A bo seo se le boammaaruri jang ne! Go bontsha bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lo lo ikanyegang, go dira gore motho a nne le kamano e e lorato le e e nnelang ruri le ba bangwe. Ka ntlha ya moo, re tla nna le ditsala tse di ikanyegang—tuelo e e tlhwatlhwakgolo eleruri!—Diane 18:24.

2 Mo godimo ga moo, Dikwalo di re bolelela jaana: “Yo o latelelang tshiamo le bopelonomi jwa lorato o tla bona botshelo.” (Diane 21:21) Ee, go latelela ga rona bopelonomi jwa lorato go tla dira gore re ratwe ke Modimo e bile go tla dira gore re bone masego mo nakong e e tlang, go akaretsa le botshelo jo bo sa khutleng. Mme re ka bontsha jang bopelonomi jwa lorato? Re tshwanetse go bo bontsha bomang? E bile, a bopelonomi jwa lorato bo farologana le bopelonomi jwa tlholego jo bo tlwaelegileng kgotsa le bopelonomi ka kakaretso?

Bopelonomi Jwa Tlholego le Bopelonomi Jwa Lorato

3. Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le bopelonomi jwa tlholego?

3 Bopelonomi jwa tlholego jo bo tlwaelegileng le bopelonomi jwa lorato bo farologana ka ditsela di le mmalwa. Ka sekai, batho ba ba bontshang ba bangwe bopelonomi jwa tlholego, gantsi ba dira jalo ba se na kamano epe e e gaufi le fa e le botsalano bope le batho ba ba ba tshwarang ka bopelontle. Le fa go ntse jalo, fa re bontsha mongwe bopelonomi jwa lorato, re dira gore re amane ka tsela e e lorato le ene. Mo Baebeleng, batho ba ne ba ka bontsha ba bangwe bopelonomi jwa lorato ka go bo ba setse ba na le kamano e e rileng le bone. (Genesise 20:13; 2 Samuele 3:8; 16:17) Kgotsa ba ne ba ka bo bontsha ka go bo ba na le kamano e e bakilweng ke go bo go dirilwe ditiro dingwe tsa bopelonomi mo nakong e e fetileng. (Joshua 2:1, 12-14; 1 Samuele 15:6; 2 Samuele 10:1, 2) Go tshwantsha pharologanyo eno, a re bapiseng dikai tse pedi tsa Baebele, se sengwe e le sa bopelonomi jwa tlholego mme se sengwe e le sa bopelonomi jwa lorato jo batho ba bo bontshang ba bangwe.

4, 5. Dikai tse pedi tsa Baebele tse di umakilweng fano di bontsha jang pharologanyo gareng ga bopelonomi jwa tlholego le bopelonomi jwa lorato?

4 Sekai sengwe sa bopelonomi jwa tlholego ke se se malebana le setlhopha sa batho ba ba neng ba thubegetswe ke sekepe, se Paulo le ene a neng a le mo go sone. Ba ne ba kgokgweelediwa kwa losing mo setlhaketlhakeng sa Maleta. (Ditiro 27:37–28:1) Le mororo Bamaleta bano ba ne ba ise ba ko ba direlwe sepe ke batho bano ba ba neng ba tsamaya ka sekepe ba ba neng ba gaeletswe le gone ba ne ba sa amane ka gope le bone, banni ba setlhaketlhake seno ba ne ba amogela batswakwa bano ka diatla tsoopedi, ba ba bontsha “bopelonomi jo bo sa tlwaelegang.” (Ditiro 28:2, 7) Ba ne ba ba amogela ka bopelonomi, le fa go ntse jalo, ba ne ba sa tlhotlhelediwe ke mabaka ape le gone batho bao e ne e le batswakwa. Ka jalo, seno e ne e le bopelonomi jwa tlholego.

5 Re ka bo bapisa ka go sekaseka tsela e Kgosi Dafide a neng a amogela Mefiboshethe sentle ka yone, morwa tsala ya gagwe Jonathane. Dafide o ne a raya Mefiboshethe a re: “Wena o tla ja senkgwe mo tafoleng ya me ka metlha.” Dafide o ne a bolela jaana fa a ne a mo tlhalosetsa lebaka la go bo a ne a dira thulaganyo eno: “Ruri ke tla go direla bopelonomi jwa lorato ka ntlha ya ga Jonathane rrago.” (2 Samuele 9:6, 7, 13) Go a tshwanela go bo go twe tsela e Dafide a neng a bontsha bopelontle ka metlha ka yone ke go bontsha bopelonomi jwa lorato, e seng bopelonomi fela, ka gonne e ne e le bosupi jwa gore o ikanyega mo kamanong e ba neng ba setse ba na le yone. (1 Samuele 18:3; 20:15, 42) Le gompieno batlhanka ba Modimo ba bontsha batho ka kakaretso bopelonomi jwa tlholego. Le fa go ntse jalo, ba bontsha bopelonomi jwa lorato jo bo nnelang ruri, kgotsa lorato lo lo ikanyegang, mo go ba ba amanang le bone ka kamano e e amogelesegang mo Modimong.—Mathaio 5:45; Bagalatia 6:10.

6. Lefoko la Modimo le tlhagisa ditsela dife tse di tlhaolang bopelonomi jwa lorato jo batho ba bo bontshang ba bangwe?

6 Re tla sekaseka ka bokhutshwane dipego tse tharo tsa Baebele tse di buang ka bopelonomi jwa lorato go bona ditsela tse dingwe tse di tlhaolang nonofo eno. Mo go tsone, re tla lemoga gore bopelonomi jwa lorato jo bo bontshiwang ke batho (1) bo bontshiwa ka ditiro tse di rileng, (2) bo bontshiwa ka go rata, e bile (3) bo bontshiwa segolobogolo ba ba bo tlhokang. Mo godimo ga moo, dipego tseno di bontsha kafa gompieno re ka bontshang ba bangwe bopelonomi jwa lorato ka teng.

Rre o Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato

7. Motlhanka wa ga Aborahame o ne a bolelela Bethuele le Labane eng, mme o ne a tsosa kgang efe e a neng a amegile ka yone?

7 Genesise 24:28-67 e feleletsa kgang ya motlhanka wa ga Aborahame e e umakilweng mo setlhogong se se fetileng. Fa a sena go kopana le Rebeka, o ne a lalediwa kwa ntlong ya ga Bethuele yo e leng rraagwe morweetsana yono. (Temana 28-32) Fa motlhanka yono a le koo, o ne a tlhalosa ka botlalo ka ga mosepele wa gagwe wa go tla go batlela morwa Aborahame mosadi. (Temana 33-47) O ne a gatelela gore o ne a tsaya tsela e a neng a atlegile ka yone e le sesupo se se tswang kwa go Jehofa, “yo o neng a nkgoga mo tseleng ya boammaaruri go tla go tseela morwa mong wa me morwadia morwarraagwe mong wa me.” (Temana 48) Ga go na pelaelo gore motlhanka yono o ne a solofetse gore go bega tiragalo eno go tswa pelong go ne go tla tlhatswa Bethuele le morwawe e bong Labane pelo gore Jehofa o ne a segofatsa loeto lono lwa gagwe. Kgabagare, motlhanka yono o ne a re: “Fa e le gore tota lo bontsha mong wa me bopelonomi jwa lorato le boikanyegi, mpolelelang; mme fa go sa nna jalo, mpolelelang, gore ke tle ke fapogele kafa seatleng sa moja kgotsa sa molema.”—Temana 49.

8.Bethuele o ne a tsibogela jang dikgang tse di amang Rebeka?

8 Jehofa o ne a setse a bontshitse Aborahame bopelonomi jwa lorato. (Genesise 24:12, 14, 27) A Bethuele le ene o ne a tla dira se se tshwanang ka go letla Rebeka a tsamaya le motlhanka wa ga Aborahame? A bopelonomi jwa lorato jwa Modimo bo ne bo tla tladiwa ke bopelonomi jwa lorato jwa motho gore bo diragatse boikaelelo jwa jone? Kgotsa a loeto lo loleele lwa motlhanka yono e ne e tlile go nna lwa lefela? Go tshwanetse ga bo go ne go kgothatsa motlhanka yono wa ga Aborahame tota go utlwa Labane le Bethuele ba re: “Selo seno se tswa kwa go Jehofa.” (Temana 50) Ba ne ba lemoga gore Jehofa ke ene a neng a kaela dilo mme ba amogela tshwetso ya gagwe kwantle ga go okaoka. Morago ga moo, Bethuele o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ka go oketsa jaana: “Rebeka ke yo fa pele ga gago. Mo tseye o tsamaye, mme o mme a nne mosadi wa ga morwa mong wa gago, fela jaaka Jehofa a buile.” (Temana 51) Rebeka o ne a tsamaya le motlhanka wa ga Aborahame ka go rata, mme go ise go ye kae a nna mosadi yo o rategang wa ga Isake.—Temana 49, 52-58, 67.

Bopelonomi Jwa Lorato jo bo Bontshiwang ke Morwa

9, 10. (a) Jakobe o ne a kopa morwawe e bong Josefa gore a mo direleng? (b) Josefa o ne a bontsha rraagwe bopelonomi jwa lorato jang?

9 Morwa ngwana wa ga Aborahame e bong Jakobe le ene o ne a bontshiwa bopelonomi jwa lorato. Jaaka Genesise kgaolo 47 e bolela, ka nako eo Jakobe o ne a nna kwa Egepeto, mme “malatsi a gore . . . a swe a [ne a] atamela.” (Temana 27-29) O ne a tshwenyegile ka gonne o ne a tlile go swa a se mo lefatsheng le Modimo a neng a le solofeditse Aborahame. (Genesise 15:18; 35:10, 12; 49:29-32) Le fa go ntse jalo, Jakobe o ne a sa batle go fitlhwa kwa Egepeto, ka jalo o ne a dira dithulaganyo tsa gore setopo sa gagwe se isiwe kwa nageng ya Kanana. Ke mang yo o neng a tla bo a le mo seemong se se botoka thata go ka tlhomamisa gore keletso ya gagwe e a diragadiwa fa e se morwawe yo o neng a na le taolo, e bong Josefa?

10 Pego e bolela jaana: “Ka jalo [Jakobe] a bitsa morwawe Josefa mme a mo raya a re: ‘Jaanong, fa ke bone kamogelo mo matlhong a gago, . . . o ntirele bopelonomi jwa lorato le boikanyegi. (Tsweetswee, o se ka wa mphitlha mo Egepeto.) Mme ke tshwanetse go lala le borre, mme o nketshe mo Egepeto o mphitlhe mo phupung ya bone.’” (Genesise 47:29, 30) Josefa o ne a solofetsa gore o tla diragatsa kopo eno, mme ka bonako fela morago ga moo, Jakobe a tlhokafala. Josefa le barwa ba bangwe ba ga Jakobe ba ne ba isa setopo sa gagwe kwa “lefatsheng la Kanana mme ba mo fitlha mo logageng lwa tshimo ya Makapela, tshimo e Aborahame a neng a e rekile.” (Genesise 50:5-8, 12-14) Ka gone, Josefa o ne a bontsha rraagwe bopelonomi jwa lorato.

Ngwetsi e Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato

11, 12. (a) Ruthe o ne a bontsha Naomi bopelonomi jwa lorato jang? (b) ‘Lekgetlho la bofelo’ le Ruthe a neng a bontsha bopelonomi jwa lorato ka lone le ne le le botoka jang go feta “la ntlha”?

11 Buka ya Ruthe e bolela kafa Naomi wa motlholagadi a neng a bontshiwa bopelonomi jwa lorato ka gone ke ngwetsi ya gagwe ya Momoabe e bong Ruthe, yo le ene e neng e le motlholagadi. E ne ya re fa Naomi a swetsa ka gore a boele kwa Bethelehema kwa Juda, Ruthe a bontsha bopelonomi jwa lorato le boikemisetso fa a re: “Kwa o yang gone ke tla ya gone, le kwa o lalang gone bosigo ke tla lala gone. Batho ba gaeno e tla nna batho ba gaetsho, le Modimo wa gago e tla nna Modimo wa me.” (Ruthe 1:16) Moragonyana Ruthe o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato fa a ne a itsise gore o iketleeleditse go nyalwa ke Boase yo o neng a godile wa losika lwa ga Naomi. * (Duteronome 25:5, 6; Ruthe 3:6-9) O ne a raya Ruthe a re: “O bontshitse bopelonomi jwa gago jwa lorato botoka mo lekgetlhong la bofelo go na le mo go la ntlha, ka go sa latele makawana e ka tswa e le a maemo a a kwa tlase kana a a humileng.”—Ruthe 3:10.

12 Fa go buiwa ka ‘lekgetlho la ntlha’ le Ruthe a neng a bontsha bopelonomi jwa lorato ka lone go tewa nako ya fa a ne a tlogela batho ba gaabo mme a ngaparela Naomi. (Ruthe 1:14; 2:11) Kgato eo e ne ya gaisiwa ke ‘lekgetlho la bofelo’ la go bontsha bopelonomi jwa lorato—fa Ruthe a ne a iketleetsa go nyalwa ke Boase. Jaanong Ruthe o ne a tla kgona go tshola moruaboswa a mo tsholela Naomi yo a neng a fetile dingwaga tsa go tshola bana. Lenyalo le ne la nna, mme e ne ya re fa Ruthe a tshola ngwana moragonyana, basadi ba Bethelehema ba goa ba re: “Naomi o tsaletswe ngwana wa mosimane.” (Ruthe 4:14, 17) Ruri Ruthe e ne e le “mosadi yo o molemo thata,” yo ka gone Jehofa a neng a mo segofatsa ka tshiamelo e e molemo ya go nna mmèmogologolwane wa ga Jesu Keresete.—Ruthe 2:12; 3:11; 4:18-22; Mathaio 1:1, 5, 6.

Bo Bontshiwa ka Ditiro

13. Bethuele, Josefa le Ruthe ba ne ba bontsha jang bopelonomi jwa bone jwa lorato?

13 A o etse tlhoko kafa Bethuele, Josefa le Ruthe ba bontshitseng bopelonomi jwa lorato ka gone? Ba dirile jalo e seng ka mafoko a bopelonomi fela mme le ka ditiro tse di rileng. Bethuele ga a ka a bua fela a re, “Rebeka ke yo” mme tota o ne a “ba naya Rebeka.” (Genesise 24:51, 59) Josefa ga a ka a bua fela a re, “Nna ka bonna ke tla dira tumalanong le lefoko la gago” mme ene le bomorwarraagwe ba ne ba direla Jakobe “fela jaaka a ne a ba laetse.” (Genesise 47:30; 50:12, 13) Ruthe ga a ka a bua fela a re, “Kwa o yang gone ke tla ya gone” mme o ne a tlogela batho ba gaabo a tsamaya le Naomi, mo e leng gore “boobabedi ba [ne ba] tswelela ba tsamaya go fitlha ba goroga mo Bethelehema.” (Ruthe 1:16, 19) Kwa Juda, Ruthe o ne gape a dira “go ya ka sotlhe se matsalaagwe a neng a se mo laetse.” (Ruthe 3:6) Ee, bopelonomi jwa lorato jwa ga Ruthe, jaaka jwa ba bangwe, bo ne jwa bontshiwa ka ditiro.

14. (a) Batlhanka ba mo metlheng eno ba Modimo ba bontsha jang bopelonomi jwa lorato ka ditiro? (b) O itse ditiro dife tsa bopelonomi jwa lorato tse Bakeresete ba ba mo lefelong la lona ba di direlanang?

14 Go a itumedisa go bona kafa batlhanka ba Modimo gompieno ba tswelelang pele ka gone go bontsha bopelonomi jwa lorato ka ditiro. Ka sekai, akanya ka bao ka metlha ba kgothatsang badumedi ka bone ba ba bokoa, ba ba tshwenyegileng thata mo maikutlong kgotsa ba ba mo kutlobotlhokong. (Diane 12:25) Kgotsa akanya ka Basupi ba bantsi ba ga Jehofa ba ka metlha ba isang batsofe ka dijanaga kwa Holong ya Bogosi gore ba nne teng mo dipokanong tsa phuthego tsa beke le beke. Anna, yo o nang le dingwaga di le 82 e bile a tshwerwe ke ramatiki, o tlhalosa maikutlo a a tshwanang le a ba bangwe ba bantsi fa a re: “Go isiwa ka sejanaga kwa dipokanong tsotlhe ke tshegofatso e e tswang kwa go Jehofa. Ke mo leboga ka pelo yotlhe go bo a nneile bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba lorato jalo.” A le wena o kopanela mo ditirong tse di ntseng jalo mo phuthegong ya lona? (1 Johane 3:17, 18) Fa e le gore o dira jalo, tlhomamisega gore bopelonomi jwa gago jwa lorato bo anaanelwa thata.

Bo Bontshiwa ka go Rata

15. Dipego tse tharo tsa Baebele tse re di sekasekileng di tlhagisa tsela efe e nngwe e e tlhaolang bopelonomi jwa lorato?

15 Dipego tsa Baebele tse re di sekasekileng, gape di bontsha gore bopelonomi jwa lorato bo bontshiwa ka tshosologo le ka go rata, e seng ka go patelelwa. Bethuele o ne a dirisana le motlhanka wa ga Aborahame ka go rata, mme Rebeka le ene o ne a dira fela jalo. (Genesise 24:51, 58) Josefa o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato a sa patelediwe ke ope. (Genesise 50:4, 5) Ruthe “o ne a . . . emeletse [Naomi] ka ga go tsamaya le ene.” (Ruthe 1:18) E ne ya re fa Naomi a akantsha gore Ruthe a ikatametse gaufi le Boase, bopelonomi jwa lorato bo ne jwa tlhotlheletsa mosadi yono wa Momoabe go bolela jaana: “Sotlhe se o se mpolelelang ke tla se dira.”—Ruthe 3:1-5.

16, 17. Ke eng se se dirang gore bopelonomi jwa lorato jwa ga Bethuele, Josefa le Ruthe bo nne le bokao jo bogolo thata, mme ba ne ba tlhotlhelediwa ke eng gore ba bo bontshe?

16 Bopelonomi jo bo bontshitsweng ke Bethuele, Josefa le Ruthe bo na le bokao jo bogolo thata ka gonne Aborahame, Jakobe le Naomi ba ne ba ka se ka ba ba patelela gore ba bo bontshe. Aitsane, Bethuele o ne a sa patelediwe ke molao ka gope gore a kgaogane le morwadie. Go ne go ka nna motlhofo fela gore a reye motlhanka wa ga Aborahame a re: ‘Nnyaa, ga ke batle morwadiake wa senatla a tsamaela kgakala le nna.’ (Genesise 24:18-20) Ka tsela e e tshwanang, Josefa le ene o ne a gololesegile go diragatsa kopo ya ga rraagwe kgotsa go se e diragatse, ka gonne Jakobe o ne a tla bo a tlhokafetse e bile a ka se ka a kgona go mo patelela go diragatsa lefoko la gagwe. Naomi ka boene o ne a bolela gore Ruthe o ne a ka nna a sala mo Moabe fa a batla. (Ruthe 1:8) Gape Ruthe o ne a gololesegile go ka nyalwa ke mongwe wa “makawana” go na le go nyalwa ke Boase yo o neng a godile.

17 Bethuele, Josefa le Ruthe ba ne ba bontsha bopelonomi jwa lorato ka go rata; ba ne ba tlhotlheletsega go tswa pelong gore ba dire jalo. Ba ne ba ikutlwa ba tshwanetse go bontsha batho ba ba neng ba amana le bone ka tsela nngwe nonofo eno, fela jaaka Kgosi Dafide moragonyana a ne a ikutlwa a tshwanetse go e bontsha Mefiboshethe.

18. (a) Bagolwane ba Bakeresete ba ‘disa letsomane’ ba na le boikutlo bofe? (b) Mogolwane mongwe o ne a tlhalosa maikutlo a gagwe jang malebana le go thusa badumedi ka ene?

18 Bopelonomi jwa lorato e sa ntse e le letshwao le le tlhaolang batho ba Modimo, go akaretsa le banna ba ba disitseng letsomane la Modimo. (Pesalema 110:3; 1 Bathesalonika 5:12) Bagolwane kgotsa balebedi bao, ba ikutlwa ba tshwanetse go diragatsa boikarabelo jo ba nang le jone ka ntlha ya go tlhomiwa ga bone. (Ditiro 20:28) Le fa go ntse jalo, tiro ya bone ya bodisa le ditiro tse dingwe tsa bopelonomi jwa lorato tse ba di direlang phuthego ba di dira “e seng ka go patelelwa, mme . . . ka go rata.” (1 Petere 5:2) Bagolwane ba disa letsomane ka gonne ba eletsa go dira jalo e bile seno e le boikarabelo jwa bone. Ba bontsha dinku tsa ga Keresete bopelonomi jwa lorato ka gonne ba tshwanetse e bile ba batla go dira jalo. (Johane 21:15-17) Mogolwane mongwe wa Mokeresete o bolela jaana: “Ke rata go etela kwa magaeng a bakaulengwe kgotsa go ba leletsa mogala e le fela go ba bontsha gore ke ne ke akantse ka bone. Go thusa bakaulengwe go a intumedisa e bile go nkgotsofatsa fela thata!” Bagolwane gongwe le gongwe ba ba amegang ka ba bangwe ba dumalana le seno ka pelo yotlhe.

Bontsha Bopelonomi Jwa Lorato Mo go Ba ba Bo Tlhokang

19. Dipego tsa Baebele tse go tlotlilweng ka tsone mo setlhogong seno di gatelela ntlha efe ka bopelonomi jwa lorato?

19 Dipego tsa Baebele tse re tlotlileng ka tsone, gape di gatelela ntlha ya gore bopelonomi jwa lorato bo tshwanetse go bontshiwa batho ba ba sa kgoneng go itirela dilo dingwe. Aborahame o ne a tlhoka tirisanommogo ya ga Bethuele gore a kgone go tsweletsa losika lwa gagwe pele. Jakobe o ne a tlhoka thuso ya ga Josefa gore setopo sa gagwe se isiwe kwa Kanana. Mme Naomi o ne a tlhoka thuso ya ga Ruthe gore a tsholelwe moruaboswa. Aborahame, Jakobe le Naomi ba ne ba ka se ka ba kgona go dira dilo tseno kwantle ga gore ba thusiwe. Le gompieno bopelonomi jwa lorato bo tshwanetse gore segolobogolo bo bontshiwe ba ba bo tlhokang. (Diane 19:17) Re tshwanetse go etsa tlhogo ya lotso Jobe, yo o neng a tlhokomela “yo o bogisiwang a goa a kopa thuso, le mosimane yo o se nang rraagwe le ope fela yo o se nang mothusi” mmogo le “yo o tla tlogang a nyelela.” Gape, Jobe ‘o ne a itumedisa pelo ya motlholagadi’ mme a nna ‘matlho mo go yo o foufetseng le dinao mo go yo o tlhotsang.’—Jobe 29:12-15.

20, 21. Ke bomang ba ba tlhokang gore re ba direle ditiro tsa bopelonomi jwa lorato, mme mongwe le mongwe wa rona o tshwanetse go ititaya sehuba go dirang?

20 Boammaaruri ke gore go na le ba ba ‘bogisiwang ba ba goang ba kopa thuso’ mo phuthegong nngwe le nngwe ya Bokeresete. Seno se ka tswa se bakwa ke dilo tse di jaaka bodutu, go kgobega marapo, go ikutlwa o se na mosola, go swabisiwa ke ba bangwe, bolwetse jo bo masisi kgotsa loso lwa motho yo o mo ratang. Le fa go boga gono go ka tswa go bakiwa ke eng, batho bano botlhe ba ba rategang ba na le dilo tse ba di tlhokang tse re ka ba thusang mo go tsone e bile re tshwanetse go dira jalo ka go ba direla ditiro tsa bopelonomi jwa lorato ka go rata le gone re go dira ka metlha.—1 Bathesalonika 5:14.

21 Ka jalo he, a re tsweleleng pele go etsa Jehofa Modimo, yo o “nang le bopelonomi jo bogolo jwa lorato.” (Ekesodo 34:6; Baefeso 5:1) Re ka dira jalo ka go dira sengwe se se rileng ka go rata, segolobogolo re se direla batho ba ba tlhokang thuso. Mme ga go na pelaelo gore re tla tlotla Jehofa le go itumela thata fa re ntse re “[direlana] bopelonomi jwa lorato.”—Sekarea 7:9.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Go bona dintlha tse di oketsegileng gore ke lenyalo la mofuta ofe leno, bona Bolumo 1, tsebe 370, ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

O ne O Tla Araba Jang?

• Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le bopelonomi jwa tlholego?

• Bethuele, Josefa le Ruthe ba bontshitse bopelonomi jwa lorato ka ditsela dife?

• Re tshwanetse go bontsha bopelonomi jwa lorato re na le boikutlo bofe?

• Ke bomang ba ba tlhokang gore re ba bontshe bopelonomi jwa lorato?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Bethuele o ne a bontsha jang bopelonomi jwa lorato?

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Lorato lo lo ikanyegang lwa ga Ruthe e ne e le tshegofatso mo go Naomi

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Bopelonomi jwa lorato jo batho ba bo bontshang bo bontshiwa ka go rata, bo bontshiwa ka ditiro tse di rileng e bile bo bontshiwa ba ba bo tlhokang