Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ikganetsa ga ga Tertullian

Go Ikganetsa ga ga Tertullian

Go Ikganetsa ga ga Tertullian

‘KE ENG se se tshwanang ka Mokeresete le mofilosofi? ka motho yo o sokamisang boammaaruri le yo o bo tsosolosang le go bo ruta? Thuto e e Kwa Godimo le Kereke di dumalana ka eng?’ Dipotso tse di gwetlhang tseno di ne tsa bodiwa ke mokwadi mongwe wa lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. e bong Tertullian. Kgabagare o ne a itsiwe e le “mongwe wa batho ba ba dirileng go le gontsi go bopa hisitori ya Kereke le go tlhama dithuto tsa motheo tse di neng di rutwa mo motlheng wa gagwe.” Go ne go lebega a itse mo e batlileng e nna sengwe le sengwe se se amanang le botshelo jwa bodumedi.

Gongwe Tertullian o ne a itsege thata ka dipolelo tsa gagwe tse go neng go bonala e kete di a ikganetsa, tse di jaaka tseno: “Ka gone Modimo o mogolo thata, le fa A le monnye.” “Kwantle ga pelaelo [loso lwa Morwa Modimo] lo tshwanetse go dumelwa, ka gonne ke sengwe se se sa utlwaleng.” “[Jesu] o ne a fitlhwa, mme a tsoga; kgang eno e boammaaruri, ka gonne ke sengwe se se ka se kang sa kgonega.”

Tertullian o ne a sa ikganetse ka dipolelo tsa gagwe fela. Le fa a ne a ikaeletse go femela boammaaruri ka mekwalo ya gagwe le go dira gore kereke e nne e ntse e tshegetsa melao le dithuto tsa yone, tota o ne a sokamisa dithuto tsa boammaaruri. Tlhotlheletso ya gagwe e kgolo mo go Labokeresete e ne e le kgopolo e moragonyana bakwadi ba neng ba thaya thuto ya Tharonngwe mo go yone. Go bona gore seno se ne sa direga jang, a re simololeng pele ka go tlhatlhoba botshelo jwa ga Tertullian ka bokhutshwane.

“Ga a Ke a Tlhoka go Kgatlha”

Ga go itsiwe sepe se se kalo ka botshelo jwa ga Tertullian. Bontsi jwa bakanoki ba dumela gore o belegwe mo e ka nnang ka 160 C.E. kwa Carthage, kwa Afrika Bokone. Go bonala a ne a rutegile sentle e bile a tlwaelane thata le bafilosofi ba bagolo ba motlha wa gagwe. Go bonala se se neng sa mo gogela mo Bokereseteng e ne e le go bona kafa batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ba neng ba iketleeleditse go swela tumelo ya bone ka gone. O ne a botsa jaana malebana le go swela tumelo ga Bokeresete: “Gonne ke mang yo e reng fa a akanya ka kgang ya go swela tumelo, a bo a sa tlhotlheletsege go batlisisa lebaka la gone? yo e reng fa a sena go batlisisa jalo, a bo a sa amogele dithuto tsa rona?”

Fa Tertullian a sena go nna Mokeresete ka leina, o ne a nna mokwadi yo o neng a kgona go tlhama e bile e le setswerere sa go dirisa dipolelo tse dikhutshwane tse di bontshang botlhajana. Buka e e bidiwang The Fathers of the Church e bolela jaana: “[O] ne a na le bokgoni jo baithutabodumedi ba le bantsi ba neng ba se na jone. Ga a ke a tlhoka go kgatlha.” Mokanoki mongwe o ne a re: “Tertullian [o ne a na le] mpho ya go dirisa mafoko e seng dipolelo e bile go motlhofo thata go tlhaloganya mafoko a gagwe a botlhajana go na le go mo tlhaloganya fa a baya mabaka. Gongwe ke lone lebaka la go bo a nopolwa gantsi jaana mme gantsi a sa nopolwe ka boleele.”

Go Femela Bokeresete

Buka e e itsegeng thata ya ga Tertullian e bidiwa Apology, mme e tsewa e le nngwe ya dibuka tse di nang le tlhotlheletso e kgolo go gaisa tse dingwe tse di femelang se go tweng ke Bokeresete. E ne ya kwala mo motlheng wa fa Bakeresete ba ne ba bogisiwa ke digopa tsa batho ba ba dumelang mo tumelobotlhoding. Tertullian o ne a femela Bakeresete bano e bile a ganana le go sa tshwarweng sentle ga bone. O ne a re: “[Baganetsi] ba akanya gore Bakeresete ke bone ba bakang masetlapelo mangwe le mangwe mo setšhabeng le bomadimabe bongwe le bongwe jwa batho. . . . Fa noka ya Nile e sa tlhatse gore e nosetse masimo, fa maemo a bosa a sa fetoge, fa go na le thoromo ya lefatshe, leuba, kgotsa sebetso—go tla bo go utlwala mokgosi gone fela foo o o reng: ‘Latlhelang Bakeresete kwa ditaung!’”

Le fa gantsi Bakeresete ba ne ba latofadiwa ka la gore ga ba ikanyege mo Pusong, Tertullian o ne a leka go bontsha gore tota e ne e le baagi ba ba ikanyegang go gaisa botlhe mo nageng. Fa a sena go umaka maiteko a le mmalwa a a neng a dirwa go menola puso, o ne a gakolola baganetsi ba gagwe gore balogamaano bao tota e ne e le baheitane, e seng Bakeresete. Tertullian o ne a tlhalosa gore fa Bakeresete ba ne ba bolawa, Puso ke yone e e neng e latlhegelwa thata.

Dibuka tse dingwe tsa ga Tertullian di ne di bua ka botshelo jwa Bokeresete. Ka sekai, mo bukeng ya gagwe e e tlhalosang dilo e e bidiwang On the Shows, Tertullian o ne a gakolola gore go se ka ga iwa kwa mafelong mangwe a boitlosobodutu, kwa metshamekong ya boheitane le kwa ditiragalong tsa mafelo a bobogelo. Go bonala go ne go na le basokologi ba basha ba ba neng ba bona go siame fela go ya kwa pokanong ya go rutwa Baebele morago ga moo ba bo ba ya kwa metshamekong ya boheitane. Tertullian o ne a leka go ba tlhotlheletsa gore ba dirise bokgoni jwa bone jwa go akanya ka go kwala jaana: “A bo go le maswe jang ne go tswa mo kerekeng ya Modimo go ya kwa go ya ga diabolo—go tswa mo ditirong tsa semoya go ya kwa go tsa bophologolo.” O ne a re: “Se o se ganang ka ditiro tsa gago, ga o a tshwanela go se amogela ka mafoko.”

O Sokamisa Boammaaruri a Ntse a bo Femela

Tertullian o ne a simolola tlhamo ya gagwe ya setlhogo se se reng Against Praxeas a re: “Diabolo o ganeditse boammaaruri a bo a ganana le jone ka ditsela tse di farologaneng. Ka dinako tse dingwe, maikaelelo a gagwe e ne e le go senya boammaaruri ka go bo femela.” Ga go itsiwe sentle gore monna yo o bidiwang Praxeas yo go buiwang ka ene mo tlhamong eno ke mang, mme Tertullian o ne a ganetsa dithuto tsa gagwe ka ga Modimo le Keresete. O ne a leba Praxeas e le moemedi wa ga Satane yo o neng a leka go senya Bokeresete ka sephiri.

Kgang e e neng e le botlhokwa mo bathong ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete ka nako eo e ne e le gore Modimo le Keresete ba amana jang. Bangwe ba bone, segolobogolo ba e neng e le Bagerika, ba ne ba fitlhela go le thata go bona gore go dumela mo Modimong a le mongwe go tsamaisana jang le gore Jesu ke Mmoloki le Mogolodi. Praxeas o ne a leka go rarabolola bothata jwa bone ka go ruta gore Jesu e ne e le Rara ka popego e nngwe le gore go ne go se na pharologanyo epe fa gare ga Rara le Morwa. Kgopolo eno ya go iphetola popego, e bolela gore Modimo o itshenotse “e le Rara ka nako ya Popo le fa a ne a ntsha Molao, a itshenola a le mo popegong ya Morwa e le Jesu Keresete a bo a itshenola e le Moya o o Boitshepo fa Keresete a sena go tlhatloga.”

Tertullian o ne a bontsha gore Dikwalo di dira pharologanyo e e bonalang sentle fa gare ga Rara le Morwa. Fa a sena go nopola 1 Bakorintha 15:27, 28, o ne a re: “Ene yo o neng a baya (dilo tsotlhe) mo taolong, le Ene yo di neng tsa bewa mo taolong ya gagwe—e tshwanetse ya bo e le Batho ba babedi ba ba farologaneng.” Tertullian o ne a umaka mafoko a ga Jesu ka boene a a reng: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) O ne a dirisa dikarolo dingwe tsa Dikwalo Tsa Sehebera jaaka Pesalema 8:5 go bontsha kafa Baebele e tlhalosang ka gone gore Morwa “ke wa maemo a a kwa tlase.” Tertullian o ne a konela jaana: “Ka gone, Rara o farologane le Morwa, o mogolo mo go Morwa. Fela jaaka Yo o tsalang e le motho mongwe, mme Yo o tsalwang e le o sele; Yo o romang le ene ke motho mongwe, mme Yo o romiwang, ke o sele; mme gape, Yo o dirang ke motho mongwe, mme Yo selo se dirwang ka ene ke o sele.”

Tertullian o ne a leba Morwa a le kwa tlase ga Rara. Le fa go ntse jalo, fa a ne a leka go ganetsa kgopolo ya go iphetola popego, o ne a “ya ka kwa ga dilo tse di kwadilweng.” (1 Bakorintha 4:6) Tertullian o ne a fapoga fa a ne a leka go dirisa kgopolo e nngwe go leka go supa gore Jesu o na le bomodimo ka go tlhama tlhaloso e e reng “batho ba bararo ba ba bopang setshedi se le sengwe fela.” O ne a dirisa kgopolo eno a leka go bontsha gore Modimo, Morwawe, le moya o o boitshepo ke batho ba bararo ba ba farologaneng ba e leng modimo a le mongwe fela. Ka tlhaloso ya gagwe, Tertullian e ne ya nna motho wa ntlha go dirisa lefoko la Selatine le le ranolwang go twe “tharonngwe” go tlhalosa Rara, Morwa, le moya o o boitshepo.

Itise mo Filosofing ya Lefatshe

Tertullian o ne a kgona jang go tlhama kgopolo ya “batho ba bararo ba ba bopang setshedi se le sengwe fela”? Re bona karabo mo go se sengwe gape se a ikganetsang mo go sone—tsela e a lebang filosofi ka yone. Tertullian o ne a bitsa filosofi a re ke “‘dithuto’ tsa batho le ‘tsa madimona.’” O ne a kgala phatlalatsa mokgwa wa go dirisa filosofi go tshegetsa dithuto tsa boammaaruri tsa Bokeresete. O ne a re, “Tlogelang go tlisa Bokeresete jo bo kgotletsweng jwa Se-Stoic, jo bo tlhamilweng ke Plato le jo bo tlhamilweng ka go tlhotlhomisa mabaka.” Le fa go ntse jalo, Tertullian ka boene o ne a dirisa filosofi ya lefatshe thata fa e ne e dumalana le dikgopolo tsa gagwe.—Bakolosa 2:8.

Buka nngwe e tlhalosa jaana: “Thutabodumedi ya Tharonngwe e ne e tlhoka go tshegediwa ka dikgopolo tsa Segerika gore e nne teng e bo e tlhalosiwe.” Mme buka e e bidiwang The Theology of Tertullian e akgela jaana: “[E ne e le] tlhakantsuke e e sa tlwaelegang ya dikgopolo le mafoko a filosofi le a semolao, a a neng a dira gore Tertullian a kgone go kwala ka thuto ya tharonngwe ka tsela e, le fa e ne e tlhaela e bile e na le diphoso, e neng ya dirisiwa moragonyana e le motheo wa thuto eno kwa Lekgotleng la Nicaea.” Ka jalo, tlhaloso ya ga Tertullian—batho ba bararo ba ba farologaneng ba e leng modimo a le mongwe fela—e ne ya nna le seabe se segolo mo go anamiseng maaka a bodumedi mo go Labokeresete yotlhe.

Tertullian o ne a latofatsa batho bangwe ka gore ba senya boammaaruri fa ba ne ba leka go bo femela. Le fa go ntse jalo, go a gakgamatsa go bo a ile a dira sone fela seo ka go tswakanya boammaaruri jwa Baebele jo bo tlhotlheleditsweng ke Modimo le difilosofi tsa batho. Ka jalo, a re tseyeng tsia tlhagiso ya Dikwalo ya gore re se ka ra “tlhokomela dipolelo tse di tlhotlheleditsweng tse di tsietsang le dithuto tsa madimona.”—1 Timotheo 4:1.

[Ditshwantsho mo go tsebe 29, 30]

Tertullian o ne a kgala filosofi mme ene a e dirisa go anamisa dikgopolo tsa gagwe

[Motswedi wa Setshwantsho]

Pages 29 and 30: © Cliché Bibliothèque nationale de France, Paris

Pages 29 and 30: © Cliché Bibliothèque nationale de France, Paris

[Setshwantsho mo go tsebe 31]

Bakeresete ba boammaaruri ga ba tswakanye boammaaruri jwa Baebele le filosofi ya batho