Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa

Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa

Go Solegelwa Molemo ke Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa

“Ke mang yo o botlhale? O tla . . . ela tlhoko ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jwa lorato.”PESALEMA 107:43.

1. Polelwana “bopelonomi jwa lorato” e ne ya dirisiwa leng la ntlha mo Baebeleng, mme re tla sekaseka dipotso dife malebana le nonofo eno?

DINGWAGA di ka nna 4 000 tse di fetileng, setlogolo sa ga Aborahame e bong Lote o ne a bua jaana ka Jehofa: “O godisa bopelonomi jwa gago jwa lorato.” (Genesise 19:19) Leno ke lekgetlho la ntlha polelwana e e reng “bopelonomi jwa lorato” e tlhaga mo Baebeleng. Jakobe, Naomi, Dafide le batlhanka ba bangwe ba Modimo le bone ba ne ba bua ka nonofo eno ya ga Jehofa. (Genesise 32:10; Ruthe 1:8; 2 Samuele 2:6) Tota e bile, dipolelwana “bopelonomi jwa lorato” le “mapelonomi a lorato” di tlhaga makgetlho a ka nna 250 mo Baebeleng ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Mme tota bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa ke eng? O ne a bo bontsha bomang mo nakong e e fetileng? Mme bo re solegela molemo jang gompieno?

2. Ke eng fa go le thata jaana go tlhalosa lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “bopelonomi jwa lorato,” mme le ka ranolwa ka tsela efe e nngwe e e tshwanelang?

2 Mo Dikwalong, “bopelonomi jwa lorato” ke thanolo ya lefoko la Sehebera le le nang le bokao jo bogolo mo e leng gore dipuo di le dintsi ga di kgone go ranola bokao jwa lone jo bo feletseng ka lefoko le le losi. Ka jalo, dithanolo tse di jaaka “lorato,” “kutlwelobotlhoko,” le “boikanyegi” ga di tlhalose bokao jwa lone ka botlalo. Le fa go ntse jalo, polelwana e le ranoletsweng mo go yone ya “bopelonomi jwa lorato” e akaretsa go le gontsi e bile e tlhagisa bokao jo bontsi jwa lefoko leno. Go a tshwanela gore New World Translation of the Holy Scriptures—With References e bo e dirisa polelwana e e reng “lorato lo lo ikanyegang” jaaka thanolo e nngwe ya lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “bopelonomi jwa lorato.”—Ekesodo 15:13; Pesalema 5:7; ntlha e e kwa tlase mo go NW.

Bo Farologane le Lorato le Boikanyegi

3. Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le lorato?

3 Bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lo lo ikanyegang, bo amana thata le dinonofo tsa lorato le boikanyegi. Le fa go ntse jalo, bo farologana le tsone ka ditsela tse di botlhokwa. Ela tlhoko kafa bopelonomi jwa lorato bo farologanang le lorato ka gone. Lorato lo ka bontshiwa dilo dingwe kgotsa dikgopolo dingwe. Baebele e bua ka ‘go rata beine le leokwane’ le ‘go rata botlhale.’ (Diane 21:17; 29:3) Le fa go ntse jalo, bopelonomi jwa lorato jone bo bontshiwa batho, e seng dikgopolo dingwe kgotsa dilo tse di sa tsheleng. Ka sekai, go buiwa ka batho fa Ekesodo 20:6 e re Jehofa o “[supa] bopelonomi jwa lorato mo kokomaneng ya bomakgolo a le lesome.”

4. Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le boikanyegi?

4 Lefoko la Sehebera le le ranotsweng ka go re “bopelonomi jwa lorato” gape le na le bokao jo bo akaretsang mo gontsi go feta jwa lefoko “boikanyegi.” Mo dipuong dingwe, lefoko “boikanyegi” gantsi le dirisediwa go tlhalosa maikutlo a motho wa maemo a a kwa tlase a tshwanetseng go nna le one mo go yo o kwa godimo ga gagwe ka maemo. Mme jaaka mmatlisisi mongwe a tlhalosa, go ya ka Baebele, bopelonomi jwa lorato “gantsi bo bontshiwa ke motho wa maemo a a kwa godimo: motho yo o nang le taolo o ikanyega mo go ba ba bokoa kgotsa ba ba tlhokang kgotsa ba maemo a a kwa tlase.” Ke gone ka moo Kgosi Dafide a neng a ka kopa Jehofa a re: “Dira gore sefatlhego sa gago se phatsimele motlhanka wa gago. Mpoloke ka bopelonomi jwa gago jwa lorato.” (Pesalema 31:16) Jehofa, yo o nang le taolo, o kopiwa gore a bontshe bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lo lo ikanyegang mo go yo o bo tlhokang, e bong Dafide. E re ka ba ba bo tlhokang ba se na thata epe mo go ba ba nang le taolo, bopelonomi jwa lorato jo bo bontshiwang mo maemong a a ntseng jalo bo bontshiwa ka go rata, e seng ka go patelelwa.

5. (a) Ke dintlha dife tsa konokono tse di malebana le bopelonomi jwa lorato jwa Modimo tse di mo Lefokong la gagwe? (b) Re tla sekaseka ditsela dife tse Jehofa a bontshang bopelonomi jwa lorato ka tsone?

5 “Ke mang yo o botlhale?” go ne ga botsa jalo mokwadi wa dipesalema. “O tla . . . ela tlhoko ditiro tsa ga Jehofa tsa bopelonomi jwa lorato.” (Pesalema 107:43) Bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa bo ka felela ka gore motho a gololwe le go bolokwa. (Pesalema 6:4; 119:88, 159) Bo a sireletsa e bile bo namola mo mathateng. (Pesalema 31:16, 21; 40:11; 143:12) Re ka kgona go gololwa mo boleong ka ntlha ya nonofo eno. (Pesalema 25:7) Fa re sekaseka dipego dingwe tsa Dikwalo le ditemana tse dingwe tsa Baebele, re tla bona gore bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa (1) bo bontshiwa ka ditiro tse di rileng e bile (2) bo bontshiwa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

Kgololo—Sesupo sa Bopelonomi Jwa Lorato

6, 7. (a) Jehofa o ne a godisa bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jang mo kgannyeng ya ga Lote? (b) Lote o ne a umaka bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa leng?

6 Gongwe tsela e e molemo thata ya go bona gore bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa bo bogolo go le kana kang ke go sekaseka dipego tsa Dikwalo tse di amanang le nonofo eno. Mo go Genesise 14:1-16, re bolelelwa gore Lote, setlogolo sa ga Aborahame, o ne a gapiwa ke mephato ya baba. Le fa go ntse jalo, Aborahame o ne a namola Lote. Botshelo jwa ga Lote bo ne jwa nna mo kotsing gape fa Jehofa a ne a swetsa ka gore a senye motse o o boikepo wa Sodoma, koo Lote a neng a nna gone le lelapa la gagwe.—Genesise 18:20-22; 19:12, 13.

7 Pele fela ga fa Sodoma e senngwa, baengele ba ga Jehofa ba ne ba thusa Lote le lelapa la gagwe go tswa mo motseng. Ka nako eo, Lote o ne a re: “Motlhanka wa gago o bone kamogelo mo matlhong a gago mo e leng gore o godisa bopelonomi jwa gago jwa lorato, jo o bo mpontshitseng gore o boloke moya wa me o ntse o tshela.” (Genesise 19:16, 19) Ka mafoko ano, Lote o ne a bontsha fa a dumela gore Jehofa o ne a mmontshitse bopelonomi jo bogolo jwa lorato ka go mo namola. Mo kgannyeng eno, Modimo o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ka go mo golola le go mmoloka.—2 Petere 2:7.

Bopelonomi Jwa Lorato Jwa ga Jehofa le Kaelo ya Gagwe

8, 9. (a) Motlhanka wa ga Aborahame o ne a romilwe go dira eng? (b) Ke eng fa motlhanka a ne a rapelela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo, mme go ne ga diragalang fa a ntse a rapela?

8 Mo go Genesise kgaolo 24, re bala ka tsela e nngwe gape e Modimo a bontshang bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lo lo ikanyegang ka yone. Pego e bontsha gore Aborahame o ne a roma motlhanka wa gagwe gore a ye kwa nageng ya ba losika lwa ga Aborahame go ya go batlela morwawe e bong Isake mosadi. (Temana 2-4) Seno e ne e le namane e tona ya tiro, mme motlhanka yono o ne a tlhomamisegile gore moengele wa ga Jehofa o ne a tla mo kaela. (Temana 7) Kgabagare motlhanka yono a goroga fa sedibeng sengwe ka fa ntle ga ‘motse wa Nahore’ (gongwe e le mo Harana kgotsa mo lefelong lengwe le le fa gaufi) ka nako ya fa basadi ba ne ba tla go ga metsi. (Temana 10, 11) E rile a bona basadi bano ba atamela, a itse gore nako e e botlhokwa ya loeto lwa gagwe e gorogile. Mme tota o ne a ka kgona jang go tlhopha mosadi yo o tshwanetseng?

9 E re ka motlhanka wa ga Aborahame a ne a lemoga gore o tlhoka thuso ya Modimo, o ne a rapela jaana: “Jehofa Modimo wa mong wa me Aborahame, dira gore go direge, tsweetswee, fa pele ga me mo letsatsing leno mme o direle mong wa me Aborahame bopelonomi jwa lorato.” (Temana 12) Jehofa o ne a tla bontsha jang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato? Motlhanka yono o ne a kopa sesupo se se kgethegileng se a neng a ka kgona go bona ka sone morweetsana yo o tlhophilweng ke Modimo. (Temana 13, 14) Mosadi mongwe o ne a dira fela jaaka motlhanka a ne a kopile mo go Jehofa. Aitsane, go ne go ntse jaaka e kete mosadi yono o ne a utlwile thapelo ya gagwe! (Temana 15-20) Motlhanka yono “o ne a mo tlhomile matlho ka kgakgamalo” a gamaregile. Le fa go ntse jalo, go ne go sa ntse go na le dilo dingwe tsa botlhokwa tse di neng di tlhoka go tlhomamisiwa pele. A mosadi yo montle yono e ne e le mongwe wa ba losika lwa ga Aborahame? A o ne a ise a nyalwe? Ka jalo motlhanka yono o ne a nna fela “a didimetse gore a tle a itse gore a Jehofa o ne a atlegisitse loeto lwa gagwe kgotsa nnyaa.”—Temana 16, 21.

10. Ke eng fa motlhanka wa ga Aborahame a ne a swetsa ka go re Jehofa o ne a bontshitse mong wa gagwe bopelonomi jwa lorato?

10 Ka bonako fela morago ga moo, morweetsana yono o ne a ikitsise gore ke “morwadia Bethuele morwa Mileka, yo a neng a mo tsholela Nahore [morwarraagwe Aborahame].” (Genesise 11:26; 24:24) Ka yone nako eo, motlhanka o ne a lemoga gore Jehofa o arabile thapelo ya gagwe. E re ka seno se ne se mo amile maikutlo, o ne a obama a bo a re: “A go bakwe Jehofa Modimo wa ga Aborahame mong wa me, yo o sa tlogelang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le boikanyegi jwa gagwe mo go mong wa me. Fa ke le mo tseleng, Jehofa o ne a ntlisa mo ntlong ya bomorwarraagwe mong wa me.” (Temana 27) Fa Modimo a ne a kaela motlhanka yono, o ne a bontsha mong wa gagwe e bong Aborahame bopelonomi jwa lorato.

Bopelonomi Jwa Modimo Jwa Lorato bo a Golola e Bile bo a Sireletsa

11, 12. (a) Jehofa o ne a bontsha Josefa bopelonomi jwa lorato fa a ne a lebane le diteko dife? (b) Modimo o ne a bontsha bopelonomi jwa gagwe jwa lorato jang mo kgannyeng ya ga Josefa?

11 Jaanong, a re sekasekeng Genesise kgaolo 39. E tlotla ka setlogotlogolwana sa ga Aborahame e bong Josefa, yo o neng a rekisediwa mo bokgobeng kwa Egepeto. Le fa go ntse jalo, “Jehofa [o ne] a nna le Josefa.” (Temana 1, 2) Tota le mong wa ga Josefa wa Moegepeto e bong Potifaro, o ne a swetsa ka go re Jehofa o ne a na le Josefa. (Temana 3) Le fa go ntse jalo, Josefa o ne a lebana le teko e e masisi tota. O ne a latofadiwa ka maaka ka la gore o ne a leka go tlhakanela dikobo le mosadi wa ga Potifaro mme a tsenngwa mo kgolegelong. (Temana 7-20) “Ba ne ba bogisa dinao tsa gagwe ka mehiri, moya wa gagwe wa tsena mo ditshiping” a le “mo lehuting la kgolegelo.”—Genesise 40:15; Pesalema 105:18.

12 Go ne ga diragalang ka nako eo e a neng a lekwa thata ka yone? “Jehofa [o ne] a nna le Josefa a bo a nna a mmontsha bopelonomi jwa lorato.” (Temana 21a) Tiro nngwe ya bopelonomi jwa lorato e ne ya simolola motseletsele wa ditiragalo dingwe tse moragonyana di neng tsa felela ka gore Josefa a tswe mo matshwenyegong a a neng a na le one. Jehofa o ne a dira gore Josefa “a bone kamogelo mo matlhong a modiredi yo mogolo wa ntlo ya kgolegelo.” (Temana 21b) Ka gone, modiredi yono o ne a tlhoma Josefa mo maemong mangwe a boikarabelo. (Temana 22) Morago ga moo, Josefa o ne a kopana le monna yo o neng a mo umaka mo go Faro, mmusi wa Egepeto. (Genesise 40:1-4, 9-15; 41:9-14) Kgosi le yone e ne ya tlhatlosetsa Josefa mo maemong a go nna mmusi wa maemo a bobedi wa Egepeto, mo go neng ga felela ka gore a dire tiro e e bolokang botshelo mo nageng ya Egepeto e e neng e wetswe ke leuba. (Genesise 41:37-55) Josefa o simolotse go boga a le dingwaga di 17 mme go ne ga feta dingwaga tse 12 a ntse a boga jalo! (Genesise 37:2, 4; 41:46) Mme mo dingwageng tseo tsotlhe tsa matshwenyego le go bogisega, Jehofa Modimo o ne a bontsha Josefa bopelonomi jwa lorato ka go mo sireletsa gore a se ka a tlelwa ke masetlapelo a magolo le ka go mmoloka gore a tle a nne le tshiamelo ya go nna le seabe mo go diragatseng maikaelelo a Modimo.

Bopelonomi Jwa Lorato Jwa Modimo Ga bo Ke bo Fela

13. (a) Pesalema 136 e re bolelela ka ditsela dife tse Jehofa a bontshitseng bopelonomi jwa lorato ka tsone? (b) Tota bopelonomi jwa lorato ke eng?

13 Jehofa o ne a bontsha setšhaba sotlhe sa Baiseraele bopelonomi jwa gagwe jwa lorato gangwe le gape. Pesalema 136 e bolela gore o ne a ba golola (Temana 10-15) ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato, a ba kaela (Temana 16), a bo a ba sireletsa. (Temana 17-20) Gape Modimo o ne a bontsha batho ba ba farologaneng bopelonomi jwa gagwe jwa lorato. Motho yo o bontshang batho ka ene bopelonomi jwa lorato o dira jalo ka go ithaopela go dira dilo dingwe ka boikaelelo jwa go ba thusa ka dilo tsa botlhokwa tse ba di tlhokang. Buka nngwe e e tlhalosang Baebele e bua jaana ka bopelonomi jwa lorato: “Ke sengwe se se dirwang go boloka botshelo kgotsa go dira gore bo nne monate. Ke go thusa mongwe yo o tlhokileng lesego kgotsa yo o mo matshwenyegong.” Mokanoki mongwe o bo tlhalosa a re ke “lorato lo lo bontshiwang ka ditiro.”

14, 15. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore Lote e ne e le motlhanka yo o amogelwang ke Modimo?

14 Dipego tsa Genesise tse re di sekasekileng di re bontsha gore Jehofa o bontsha ba a ba ratang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato ka dinako tsotlhe. Maemo a botshelo a ga Lote, Aborahame le Josefa a ne a sa tshwane mme ba ne ba lebana le diteko tse di farologaneng. E ne e le batho ba ba sa itekanelang, mme e ne e le batlhanka ba ba amogelwang ke Jehofa le gone ba tlhoka thuso ya Modimo. Re gomodiwa ke go itse gore Rraarona yo o lorato wa selegodimo o bontsha batho ba ba ntseng jalo bopelonomi jwa lorato.

15 Lote o ne a dira ditshwetso dingwe tse di sa bontsheng botlhale tse di neng tsa mo tlisetsa mathata. (Genesise 13:12, 13; 14:11, 12) Mme gape o ne a bontsha gore o na le dinonofo tse di molemo. E ne ya re fa baengele ba babedi ba Modimo ba goroga kwa Sodoma, Lote a ba amogela ka bopelontle. (Genesise 19:1-3) Ka tumelo o ne a tlhagisa bagwe ba gagwe gore Sodoma o ne a tla tloga a senngwa. (Genesise 19:14) Re bona tsela e Modimo a neng a leba Lote ka yone mo go 2 Petere 2:7-9, e e balegang jaana: “[Jehofa] o ne a golola Lote yo o siameng, yo o neng a tshwenyegile thata ka go itlhapedisa mo boitshwarong jo bo repileng ga batho ba ba tlhokomologang molao—gonne monna yo o siameng yoo, ka se a neng a se bona le se a neng a se utlwa fa a ne a nna gareng ga bone letsatsi le letsatsi o ne a tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa go tlhoka molao—Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong.” Ee, Lote e ne e le monna yo o siameng, mme mafoko a a dirisitsweng fano a kaya gore e ne e le motho yo o ineetseng mo Modimong. Le rona re ipelela bopelonomi jwa lorato jwa Modimo jaaka ene fa re ntse re dira “[ditiro] tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo.”—2 Petere 3:11, 12.

16. Baebele e bua Aborahame le Josefa molemo jang?

16 Pego ya Genesise kgaolo 24 e bontsha sentle gore Aborahame o ne a na le kamano e e gaufi thata le Jehofa. Temana ya ntlha e bontsha gore “Jehofa o ne a segofaditse Aborahame mo go sengwe le sengwe.” Motlhanka wa ga Aborahame o ne a bitsa Jehofa “Modimo wa mong wa me Aborahame.” (Temana 12, 27) Mme morutwa Jakobe o bolela gore Aborahame o ne a “bolelwa a siame” mme “a simolola go bidiwa ‘tsala ya ga Jehofa.’” (Jakobe 2:21-23) Go ntse fela jalo le ka Josefa. Kgaolo yotlhe ya Genesise 39 e bontsha sentle gore Jehofa o ne a na le kamano e e gaufi le Josefa. (Temana 2, 3, 21, 23) Mo godimo ga moo, morutwa Setefane o ne a bua jaana ka Josefa: “Modimo o ne a na le ene.”—Ditiro 7:9.

17. Re ithuta eng mo dikaing tsa ga Lote, Aborahame le Josefa?

17 Batho ba re sa tswang go tlotla ka bone ba Modimo a neng a ba bontsha bopelonomi jwa lorato ke batho ba ba neng ba na le kamano e ntle le Jehofa Modimo mme ba ne ba diragatsa maikaelelo a gagwe ka ditsela tse di farologaneng. Ba ne ba lebana le dikgoreletsi tse ba neng ba ka se ka ba di fenya ka bobone fela. Go ne go na le dilo tse di neng di ka kgoreletsa go bolokwa ga botshelo jwa ga Lote, go tsweledisiwa ga losika lwa ga Aborahame pele le go sirelediwa ga seabe se Josefa a neng a na le sone. Jehofa ke ene fela yo o neng a ka kgona go thusa banna bano ba ba neng ba mmoifa mme o ne a dira jalo ka go ba direla ditiro tsa bopelonomi jwa lorato. Fa re batla gore Jehofa Modimo a re bontshe bopelonomi jwa lorato ka bosakhutleng, le rona re tshwanetse go nna le kamano e e molemo le ene e bile re tshwanetse go tswelela pele re dira thato ya gagwe.—Esera 7:28; Pesalema 18:50.

Modimo o Rata Batlhanka ba Gagwe

18. Ditemana tse di farologaneng tsa Baebele di supa eng ka bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa?

18 Bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa “bo tladitse lefatshe,” mme a bo re anaanela nonofo eno ya Modimo thata jang ne! (Pesalema 119:64) Re dumalana ka pelo yotlhe le mafoko a a tlhagang kgapetsakgapetsa a pina ya mokwadi wa dipesalema fa a re: “A batho ba ke ba ntshetse Jehofa ditebogo ka ntlha ya bopelonomi jwa gagwe jwa lorato le ka ntlha ya ditiro tsa gagwe tse di gakgamatsang mo go bomorwa batho.” (Pesalema 107:8, 15, 21, 31) Re itumelela go bo Jehofa a naya batlhanka ba gagwe ba a ba amogelang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato—e ka ne e le motho ka bongwe kgotsa ba le setlhopha. Fa moporofeti Daniele a ne a rapela, o ne a bitsa Jehofa a re ke “Modimo wa boammaaruri, Yo mogolo le Yo o boitshegang, yo o bolokang kgolagano le bopelonomi jwa lorato mo go ba ba mo ratang le ba ba bolokang ditaolo tsa gagwe.” (Daniele 9:4) Kgosi Dafide o ne a rapela jaana: “Tsweledisa bopelonomi jwa gago jwa lorato mo go ba ba go itseng.” (Pesalema 36:10) A bo re itumela jang ne go bo Jehofa a bontsha batlhanka ba gagwe bopelonomi jwa lorato!—1 Dikgosi 8:23; 1 Ditiragalo 17:13.

19. Re tla sekaseka dipotso dife mo setlhogong se se latelang?

19 Eleruri Jehofa o a re rata rona batho ba gagwe! Mo godimo ga go solegelwa molemo ke lorato lo Modimo a lo bontshang batho ka kakaretso, re ipelela masego a a kgethegileng a re a bonang ka ntlha ya bopelonomi jwa lorato, kgotsa lorato lo lo ikanyegang lwa Rraarona wa selegodimo. (Johane 3:16) Re solegelwa molemo ke nonofo e e molemolemo eno ya ga Jehofa segolobogolo mo dinakong tsa fa re e tlhoka. (Pesalema 36:7) Mme re ka etsa jang bopelonomi jwa lorato jwa ga Jehofa Modimo? A mongwe le mongwe wa rona o bontsha nonofo eno e e tlhomologileng? Re tla sekaseka dipotso tseno le tse dingwe tse di tshwanang le tsone mo setlhogong se se latelang.

A o A Gakologelwa?

• Ke polelwana efe e nngwe e e dirisiwang mo Dikwalong go ranola “bopelonomi jwa lorato”?

• Bopelonomi jwa lorato bo farologana jang le lorato le boikanyegi?

• Jehofa o ne a bontsha Lote, Aborahame le Josefa bopelonomi jwa lorato ka ditsela dife?

• Ditsela tse Jehofa a neng a bontsha bopelonomi jwa lorato ka tsone mo nakong e e fetileng di re tlhomamisetsa eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

A o itse kafa Modimo a neng a bontsha Lote bopelonomi jwa lorato ka gone?

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

Jehofa o ne a kaela motlhanka wa ga Aborahame ka bopelonomi jwa gagwe jwa lorato

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Jehofa o ne a bontsha bopelonomi jwa lorato ka go sireletsa Josefa