Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Koketsego e e Tlhomologileng e Dira Gore re Tlhoke go Aga ka Bonako

Koketsego e e Tlhomologileng e Dira Gore re Tlhoke go Aga ka Bonako

“Tlang mo go Nna, . . . Mme ke Tla lo Lapolosa”

Koketsego e e Tlhomologileng e Dira Gore re Tlhoke go Aga ka Bonako

JESU KERESETE o ne a re: “Tlang mo go nna, . . . mme ke tla lo lapolosa.” (Mathaio 11:28) A taletso e e itumedisang e e tswang mo go yo e leng Tlhogo ya phuthego ya Bokeresete! (Baefeso 5:23) Fa re akanya ka mafoko ao, re tlhotlheletsega go anaanela sengwe sa botlhokwa se se re lapolosang—go kopana mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba rona ba semoya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Ruri re dumalana le mokwadi wa dipesalema yo o neng a opela jaana: “Abo go le molemo jang e bile go itumedisa jang ne fa barwarramotho ba nna mmogo ka kutlwano!”—Pesalema 133:1.

Eleruri, batho bano ba re kopanelang le bone mo kobamelong kwa dikokoanong tseno ke ditsala tse di molemolemo, mme re ikutlwa re sireletsegile semoyeng e bile re itumetse fa re na le bone. Go a utlwala go bo Mokeresete mongwe yo mmotlana a ne a re: “Ke tlhola kwa sekolong letsatsi lotlhe, mme se a ntapisa. Le fa go ntse jalo, dipokano di tshwana le motswedi wa metsi mo sekakeng, koo ke bonang tapologo gone gore ke kgone go lebana le letsatsi le le latelang kwa sekolong.” Mosha mongwe wa kwa Nigeria o ne a akgela jaana: “Ke lemogile gore go tsalana thata le ba bangwe ba ba ratang Jehofa go nthusa gore ke nne ke le gaufi le ene.”

Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa e e mo lefelong la lona ke lefelo la kobamelo ya boammaaruri mo setšhabeng. Mo mafelong a le mantsi, dipokano di tshwarelwa kwa Holong ya Bogosi mo e ka nnang gabedi ka beke, mme batho ba ba ithutang Baebele ba kgothalediwa go nna teng mo dipokanong tseno ka bonako jo bo kgonegang gore ba solegelwe molemo ke tapologo e ba e bonang ka go kopana le ba bangwe koo.—Bahebera 10:24, 25.

Di Tlhokega ka Bonako

Le fa go ntse jalo, re tshwanetse go ela tlhoko gore ga se Basupi botlhe ba ga Jehofa ba ba nang le Holo ya Bogosi e e siameng. Tsela e e tlhomologileng e palo ya baboledi ba Bogosi e oketsegileng ka yone e dirile gore go nne le lebaka la go aga ka bonako. Go sa ntse go tlhokega Diholo Tsa Bogosi di le dintsi thata, segolo jang kwa dinageng tse di tlhabologang.—Isaia 54:2; 60:22.

Ka sekai: Go ne go na le Diholo Tsa Bogosi di le lesome fela kwa motsemogolong wa Democratic Republic of Congo tse di neng di dirisiwa ke diphuthego di le 290. Naga eno e ne e tlhoka Diholo Tsa Bogosi di le dintsi ka bonako. Kwa Angola, diphuthego di le dintsi di tshwarela dipokano tsa tsone kwa ntle mo lebaleng ka gonne go na le Diholo Tsa Bogosi di le mmalwa fela. Le mo dinageng tse dingwe di le dintsi go na le tlhokego e e ntseng jalo.

Ka jalo, fa e sa le ka 1999, go ile ga dirwa maiteko a go thusa gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi kwa dinageng tse di humanegileng. Basupi ba ba nang le maitemogelo ba ile ba ithaopela go dirisa bokgoni jwa bone go thusa mo tirong ya go aga e e dirwang mo dinageng tseno. Fa maiteko ano a dirwa ka moya wa go rata e bile go na le bangwe mo mafelong ano ba ba ithaopang, go nna le matswela a a kgothatsang thata. Ka ntlha ya moo, Basupi ba mo mafelong ano ba solegelwa molemo ke thapiso e ba e newang. Thulaganyo eno yotlhe e thusa gore ba kgone go aga Diholo Tsa Bogosi tse di tlhokegang mo dinageng tsa bone tse di farologaneng.

Ka jalo, ba newa thuso e e mosola e e tla dirang gore ba kgone go fetofetoga le maemo fa ba aga Diholo Tsa Bogosi le go dirisa mekgwa ya mo lefelong la bone ya go aga le didirisiwa tsa gone. Mokgele wa bone ga se go aga Diholo Tsa Bogosi di le dintsi fela tse ba di tlhokang mme gape ke go dira gore go nne le thulaganyo ya go di tlhokomela e e tshwanelang maemo a lefelo la bone.—2 Bakorintha 8:14, 15.

Ditiragalo Tse di Lapolosang

Maiteko ano a go aga mafelo a kobamelo a feletse ka eng? Mo masimologong a ngwaga wa 2001, pego nngwe ya kwa Malawi e ne ya bolela jaana: “Go a kgatlha go bona se se fitlheletsweng mo nageng eno. Mo dikgweding tse pedi tse di tlang, re tla wetsa Diholo tse dingwe Tsa Bogosi.” (Setshwantsho 1 le 2) Mo dikgweding tsa bosheng jaana, baithaopi kwa Togo ba ne ba kgona go aga Diholo Tsa Bogosi di le dintsinyana tse e seng tsa maemo a a kwa godimo. (Setshwantsho 3) Gape tiro eno e e molemo e e dirwang ke baithaopi ba ba iketleeditseng e thusa gore go agiwe Diholo Tsa Bogosi tse di siameng kwa Mexico, Brazil le kwa dinageng tse dingwe.

Diphuthego di fitlhela gore fa Holo ya Bogosi e agilwe mo lefelong la bone, batho ba lemoga gore Basupi ba ga Jehofa ba tlile go nnela ruri mo lefelong leo. Go bonala ba le bantsi ba ile ba itsemeletsa go kopanela le Basupi go fitlha go nna le lefelo le le siameng la kobamelo. Phuthego ya Nafisi kwa Malawi e bega jaana: “E re ka jaanong re na le Holo ya Bogosi e e siameng, seno se naya batho bosupi jo bo molemo. Ka jalo, go motlhofo go simolola dithuto tsa Baebele.”

Maloko a Phuthego ya Krake kwa Benin a ne a itshokela go sotlwa thata mo nakong e e fetileng ka gonne Holo ya bone ya pele ya Bogosi e ne e le ya maemo a a kwa tlase thata fa e bapisiwa le dikereke dingwe. (Setshwantsho 4) Jaanong phuthego eno e na le Holo e ntle e ntšha ya Bogosi e e emelang kobamelo ya boammaaruri ka mokgwa o o nang le seriti. (Setshwantsho 5) Phuthego eno e ne e na le baboledi ba Bogosi ba le 34 mme palogare ya ba ba neng ba nna teng mo dipokanong tsa Sontaga e ne e le 73, le fa go ntse jalo, fa Holo eno ya Bogosi e kgakolwa go ne ga tla batho ba le 651. Bontsi jwa bone e ne e le batho ba ba tswang mo motseng ba ba neng ba kgatlhilwe thata ke go bona gore Basupi ba kgona go aga holo ka nako e khutshwanyane go le kalo. Fa lekala la Zimbabwe le akgela ka dilo tse di diragetseng mo nakong e e fetileng malebana le seno le ne la kwala jaana: “Mo kgweding e le nngwe fela fa go sena go agiwa Holo e ntšha ya Bogosi, gantsi palo ya ba ba nnang teng mo dipokanong e menagana gabedi.”—Setshwantsho 6 le 7.

Ga go na pelaelo gore Diholo di le dintsi tse disha Tsa Bogosi ke mafelo a a dirang gore Bakeresete ba ba ineetseng mmogo le batho ba ba kgatlhegang ba lapologelwe semoyeng. Mosupi mongwe kwa Ukraine o ne a bolela jaana fa phuthego ya gaabo e sena go simolola go dirisa Holo ya yone e ntšha ya Bogosi: “Re itumetse thata. Re iponetse kafa Jehofa a thusang batho ba gagwe ka gone.”

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 10, 11

Go Tshegetsa ka Bopelotshweu go Anaanelwa Thata

Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go bona kgatelopele e e dirilweng ka bonako ya go aga Diholo tse disha Tsa Bogosi tse di neng di tlhokega thata mo lefatsheng lotlhe. Palo e e ntseng e oketsega ya baobamedi ba ga Jehofa mo dinageng tse di farologaneng e dira gore go tlhokege gore go agiwe Diholo tse disha Tsa Bogosi di le dintsi mo nakong e e tlang. Aitsane, ka ngwaga wa tirelo wa 2001, go ne go tlhongwa palogare ya diphuthego tse disha di le 32 beke le beke! Diphuthego tseo di tlhoka mafelo a di ka kopanelang le go obamela mo go one.

Go ka nna ga bodiwa jaana, ‘Re tshegetsa jang ka madi ditiro tse di jaaka go aga Diholo tse disha Tsa Bogosi, segolobogolo kwa dinageng tse bakaulengwe ba se nang madi kwa go tsone?’ Karabo ke gore tiro eno e tshegediwa ke Modimo le ke batho ba ba pelotshweu.

Fela jaaka Jehofa a solofeditse, o tshololela moya wa gagwe o o boitshepo mo batlhankeng ba gagwe, gore ba kgone “go dira molemo, go huma ditiro tse di molemo, go aba ka bopelontle, go iketleeletsa go abelana.” (1 Timotheo 6:18) Moya wa Modimo o tlhotlheletsa Basupi ba ga Jehofa go tshegetsa tiro ya go rera ka Bogosi ka ditsela tsotlhe—ka go dirisa nako ya bone, maikatlapelo a bone, bokgoni jwa bone le dilo tse dingwe tse ba nang natso go dira ditiro tsa Bokeresete.

Moya wa go aba ka bopelotshweu o tlhotlheletsa Basupi le batho ba bangwe go thusa ka madi mo tirong ya go atolosa le ya go aga. Mo godimo ga go duelela ditshenyegelo tsa ka metlha tsa phuthego ya lefelo la bone, ba ntsha meneelo ya go tshegetsa tiro ya go aga e e dirwang kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe.

Mo phuthegong nngwe le nngwe, go na le mabokose a a nang le mokwalo o o bonalang sentle o o reng “Meneelo ya Tiro ya Lefatshe Lotlhe.—Mathaio 24:14.” Batho ba ka tsenya meneelo ya bone e ba e ntshang ka go rata mo teng ga one fa ba eletsa go dira jalo. (2 Dikgosi 12:9) Go anaanelwa meneelo yotlhe, e megolo le e mennye. (Mareko 12:42-44) Meneelo eno e dirisiwa ka ditsela tse di farologaneng go ya kafa go tlhokegang ka gone, go akaretsa le mo go agiweng ga Diholo Tsa Bogosi. Meneelo eno ga e dirisediwe go duela baeteledipele ba ba tshwanelwang ke go duelwa ka metlha ka gonne batho ba ba ntseng jalo ga ba yo mo Basuping ba ga Jehofa.

A meneelo e e ntshediwang tiro ya lefatshe lotlhe e kgona go fitlhelela maikaelelo a yone? Ee. Lekala la kwa Liberia—naga e e kgautlhantsweng ke ntwa ya selegae—le bega gore Basupi ba le bantsi ba naga eo ga ba bereke e bile ba na le mathata a magolo a madi. Batho ba ga Jehofa ba naga eno ba ka kgona jang go nna le mafelo a a siameng a kobamelo? Ofisi ya lekala e akgela jaana: “Meneelo e bakaulengwe ba ba kwa dinageng tse dingwe ba e ntshang ka bopelotshweu e tla dirisediwa go tshegetsa tiro eno ka madi. A bo seno e le thulaganyo e e bontshang botlhale le lorato jang ne!”

Bakaulengwe ba mafelo ano le bone ba ntsha meneelo le fa ba le dikobo dikhutshwane. Naga e e mo Afrika ya Sierra Leone e bega jaana: “Bakaulengwe ba naga eno ba tshegetsa maiteko ano e bile ba itumelela go dira ka natla le go ntsha meneelo epe fela e ba ka kgonang go e ntsha gore ba tshegetse tiro ya go aga Diholo Tsa Bogosi.”

Kgabagare, tiro eno ya go aga e tlisetsa Jehofa pako. Bakaulengwe ba kwa Liberia ba bua jaana ka boitumelo: “Go agiwa ga mafelo a a siameng a kobamelo go ralala naga yotlhe go tla bontsha batho gore kobamelo ya boammaaruri e tla nnela ruri e bile go tla naya leina le legolo la Modimo wa rona seriti le go le galaletsa.”