Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

Modimo ke Mang?

THE Encyclopedia Americana e bolela jaana: “Gantsi fa go buiwa ka Modimo go tewa motswedi o mogolo thata wa lobopo le maatla a lone le mongwe yo o obamelwang mo bodumeding.” Dikishinare nngwe e tlhalosa lefoko “Modimo” e le “sengwe sa mmatota sa maemo a a kwa godimo go gaisa tsotlhe.” Sengwe seno sa mmatota se se boitshegang se ntse jang?

A Modimo ke maatla a e seng motho kana ke motho wa mmatota? A o na le leina? A ke modimo wa dikarolo tse tharo, yo e leng Tharonngwe, jaaka ba le bantsi ba dumela? Re ka itse Modimo jang? Baebele e araba dipotso tseno ka boammaaruri le ka tsela e e kgotsofatsang. Tota e bile, e re kgothaletsa gore re batle Modimo fa e re: “[Ga a] kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.”—Ditiro 17:27.

A ke Maatla a e Seng Motho Kana ke Motho wa Mmatota?

Batho ba le bantsi ba ba dumelang mo Modimong ba akanya gore ke maatla mangwe, e seng motho. Ka sekai, mo ditsong dingwe, medimo e ile ya amanngwa le maatla a tlholego. Bangwe ba ba ileng ba sekaseka bosupi jo bo bonweng ka dipatlisiso tsa saense malebana le botshelo mo lefatsheng le popego ya lobopo ba ile ba swetsa ka gore go tshwanetse ga bo go na le Motswedi wa Dilo Tsotlhe. Le fa go ntse jalo, ba etsaetsega go dumela gore Motswedi yono wa Dilo Tsotlhe ke mofuta mongwe wa motho.

Gone mme, a go raraana ga popo ga go supe gore Motswedi yono wa Dilo Tsotlhe o tshwanetse a bo a ne a le botlhale thata? Botlhale bo ka se nne teng kwantle ga tlhaloganyo. Tlhaloganyo eno e e nang le bokgoni jo bogolo e e dirisitsweng go bopa dilo tsotlhe ke ya Modimo. Ee, Modimo o na le mmele, e seng mmele wa nama jaaka rona, mme o na le mmele wa semoya. Baebele ya re: “Fa e le gore go na le mmele wa senama, gape go na le wa semoya.” (1 Bakorintha 15:44) Fa Baebele e tlhalosa gore Modimo o ntse jang, e bolela jaana ka tlhamalalo: “Modimo ke Moya.” (Johane 4:24) Moya ke mofuta wa botshelo jo bo farologaneng thata le jwa rona, e bile o ka se bonwe ka matlho. (Johane 1:18) Mme gape go na le dibopiwa tsa semoya tse di sa bonaleng. Ke baengele—“bomorwa Modimo wa boammaaruri.”—Jobe 1:6; 2:1.

E re ka Modimo e le motho yo o sa bopiwang yo o nang le mmele wa semoya, o tshwanetse a bo a na le mo a nnang teng. Fa Baebele e bua ka bonno jwa semoya ya re magodimo ke ‘lefelo le le tlhomameng la bonno’ la Modimo. (1 Dikgosi 8:43) Gape, mokwadi mongwe wa Baebele e bong Paulo o bolela jaana: ‘Keresete o ne a tsena mo legodimong ka bolone gore a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.’—Bahebera 9:24.

Lefoko “moya” le dirisiwa ka tsela e nngwe gape mo Baebeleng. Fa mokwadi wa dipesalema a ne a bua le Modimo mo thapelong, o ne a re: “Fa o romela moya wa gago, di a bopiwa.” (Pesalema 104:30) Moya ono ga se Modimo ka boene mme ke maatla a Modimo a a romang, kana a a dirisang go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira. Modimo o ne a dirisa moya ono go bopa magodimo, lefatshe le dilo tsotlhe tse di tshelang. (Genesise 1:2; Pesalema 33:6) Moya wa gagwe o bidiwa moya o o boitshepo. Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go tlhotlheletsa banna ba ba kwadileng Baebele. (2 Petere 1:20, 21) Ka gone, moya o o boitshepo ke maatla a a sa bonaleng a Modimo a a dirisang go diragatsa maikaelelo a gagwe.

Modimo O na Le Leina le le Tlhomologileng

Mokwadi mongwe wa Baebele e bong Agure o ne a botsa jaana: “Ke mang yo o phuthetseng phefo mo magofing a diatla tsoopedi? Ke mang yo o phuthetseng metsi ka seaparo? Ke mang yo o tlhatlositseng mafelelo otlhe a lefatshe? Leina la gagwe ke mang le leina la morwawe?” (Diane 30:4) Re ka re Agure o ne a botsa gore, ‘A o itse leina la motho mongwe yo o dirileng dilo tseno kana losika lwa gagwe?’ Ke Modimo fela yo o kgonang go laola maatla a tlholego. Le fa gone popo e naya bosupi jo bogolo jwa gore Modimo o teng, ga e re bolelele sepe ka leina la Modimo. Tota e bile, le ka motlha re ne re se kitla re itse leina la Modimo fa Modimo ka boene a ne a sa re le senolela. Mme o le senotse. Mmopi a re: “Ke nna Jehofa. Ke lone leina la me.”—Isaia 42:8.

Leina la Modimo le le tlhomologileng, e bong Jehofa, le tlhaga ka makgetlho a ka nna 7 000 mo Dikwalong Tsa Sehebera fela. Jesu Keresete o ne a itsise batho ba bangwe leina leno a ba a le baka fa pele ga bone. (Johane 17:6, 26) Leina leo le fitlhelwa mo bukeng ya bofelo ya Baebele e le bontlhanngwe jwa polelwana e e reng “Haleluja,” ke gore “bakang Jah.” Mme “Jah” ke khutshwafatso ya leina “Jehofa.” (Tshenolo 19:1-6; Baebele e e Boitshepo) Le fa go ntse jalo, Dibaebele tse dintsi tsa gone jaanong di dirisa leina leo ka sewelo. Gantsi di dirisa lefoko “MORENA” kana “MODIMO,” le kwadilwe ka ditlhaka tse dikgolo go le tlhaola mo diretong tse dingwe tse di tlwaelegileng e leng “Morena” le “Modimo.” Bakanoki bangwe ba akantsha gore leina la Modimo le ka tswa le ne le bidiwa Yahweh.

Ke ka ntlha yang fa go na le dikakanyo tse di farologaneng jaana ka leina la Motho yono yo mogolo go gaisa botlhe mo lobopong? Bothata bo simologile makgolokgolo a dingwaga a a fetileng fa Bajuda ka ntlha ya tumelobotlhodi ba ne ba tlogela go bitsa leina la Modimo mme ba simolola go le emisetsa ka lefoko la Sehebera le le kayang “Morena Molaodimogolo” gongwe le gongwe mo ba neng ba kopana le leina la Modimo gone fa ba ntse ba bala Dikwalo. E re ka puo ya Sehebera ya Baebele e ne e kwalwa kwantle ga ditumanosi, ga go na tsela e re ka itseng sentlentle ka yone gore Moshe, Dafide le batho ba bangwe ba motlha wa bogologolo ba ne ba bitsa jang ditlhaka tse di bopang leina la Modimo. Le fa go ntse jalo, tsela ya Setswana ya go bitsa Jehofa, ga e bolo go dirisiwa ka dingwaga di le dintsi, mme tiriso e e tshwanang le yone mo dipuong tse dintsi e itsege thata gompieno.—Ekesodo 6:3; Isaia 26:4.

Le mororo go sa tlhomamisege gore leina la Modimo le ne le bidiwa jang mo Sehebereng sa bogologolo, bokao jwa lone ga se sengwe se se sa itsiweng gotlhelele. Leina la gagwe le raya “O Dira Gore go Diragale.” Ka tsela eo, Jehofa Modimo o itlhalosa e le Modiragatsamaikaelelo yo Mogolo. Ka metlha o dira gore maikaelelo a gagwe le ditsholofetso tsa gagwe di diragale. Modimo wa boammaaruri, yo o nang le maatla a go dira seno, ke ene fela a tshwanelwang ke go bidiwa ka leina leo.—Isaia 55:11.

Kwantle ga pelaelo, leina Jehofa le tlhaola Modimo Mothatayotlhe mo medimong e mengwe yotlhe. Ke gone ka moo leina leo le tlhagang gantsi jaana mo Baebeleng. Le mororo dithanolo tse dintsi di sa dirise leina la Modimo, Pesalema 83:18 e bolela jaana ka phepafalo: “Wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” Jesu Keresete o ne a ruta balatedi ba gagwe jaana ka nako ya bodiredi jwa gagwe: “Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong, a leina la gago le itshepisiwe.’” (Mathaio 6:9) Ka jalo, re tshwanetse go dirisa leina la Modimo fa re rapela, fa re bua ka ene le fa re mmaka mo gare ga ba bangwe.

A Jesu ke Modimo?

Jehofa Modimo ka boene o tlhalosa sentle gore Morwawe ke mang. Pego ya Efangele ya ga Mathaio e tlhalosa gore fa Jesu a sena go kolobediwa go ne “ga nna lentswe le tswa kwa magodimong le le neng le re: ‘Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.’” (Mathaio 3:16, 17) Jesu Keresete ke Morwa Modimo.

Le fa go ntse jalo, batho bangwe ba bodumedi ba bolela gore Jesu ke Modimo. Ba bangwe ba re Modimo ke Tharonngwe. Go ya ka thuto eno, “Rara ke Modimo, Morwa ke Modimo le Moya o o Boitshepo ke Modimo mme le fa go ntse jalo, Medimo ga e meraro, Modimo o mongwe fela.” Go dumelwa gore boraro jono “jotlhe bo nna ka bosakhutleng e bile bo a lekana.” (The Catholic Encyclopedia) A dikakanyo tse di ntseng jalo di boammaaruri?

Dikwalo tse di tlhotlheleditsweng di bolela jaana ka Jehofa: “O Modimo le eleng go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.” (Pesalema 90:2) Ke “Kgosi ya bosakhutleng”—e e se nang tshimologo kana bokhutlo. (1 Timotheo 1:17) Jesu kafa letlhakoreng le lengwe, ke “leitibolo la popo yotlhe,” “tshimologo ya popo ya Modimo.” (Bakolosa 1:13-15; Tshenolo 3:14) Jesu o ne a bolela jaana a bitsa Modimo Rraagwe: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Gape Jesu o ne a tlhalosa gore go na le dilo dingwe tse ene le fa e le baengele ba neng ba sa di itse mme di itsiwe ke Modimo fela. (Mareko 13:32) Mo godimo ga moo, Jesu o ne a rapela Rraagwe jaana: “A go diragale thato ya gago, e seng ya me.” (Luke 22:42) O ne a rapela mang fa e le gore o ne a sa rapele Motho mongwe yo mogolo thata mo go ene? Le gone Modimo ke ene a neng a tsosa Jesu mo baswing, e seng gore Jesu ke ene a neng a itsosa.—Ditiro 2:32.

Ka jalo, go ya ka Dikwalo, Jehofa ke Modimo Mothatayotlhe mme Jesu ke Morwawe. Pele Jesu a tla mo lefatsheng o ne a sa lekane le Rraagwe, tota le ka nako ya fa a ne a tshela mo lefatsheng o ne a sa lekane le ene; le gone Jesu ga a ka a lekana le Rraagwe fa a sena go tsosediwa kwa legodimong. (1 Bakorintha 11:3; 15:28) Jaaka re bone, se go tweng ke motho wa boraro mo go Tharonngwe, e leng moya o o boitshepo, ga se motho. Go na le moo, ke maatla a Modimo a a dirisang go dira sengwe le sengwe se a batlang go se dira. Ka jalo, Tharonngwe ga se thuto ya Dikwalo. * Baebele ya re: “Jehofa Modimo wa rona ke Jehofa a le mongwe fela.”—Duteronome 6:4.

Itse Modimo Botoka

Gore re rate Modimo le go mo neela kobamelo e e mo tshwanetseng, re tshwanetse go itse kafa tota a leng ka gone. Re ka itse Modimo botoka jang? Baebele ya re: “Dinonofo tse di sa bonaleng tsa gagwe di bonwa sentle mo popong ya lefatshe go ya pele, ka gonne di lemogiwa ka dilo tse di dirilweng, e leng maatla a gagwe a a sa feleng le Bomodimo.” (Baroma 1:20) Tsela nngwe ya go itse Modimo botoka ke gore re sekaseke le go akanya ka dilo tse a di bopileng re di anaanela.

Le fa go ntse jalo, popo ga e re bolelele sengwe le sengwe se re tlhokang go se itse ka Modimo. Ka sekai, gore re tle re itse gore ke Motho wa mmatota wa semoya yo o nang le leina le le tlhomologileng, re tshwanetse go leba mo Baebeleng. Totatota, go ithuta Baebele ke yone tsela e e molemolemo ya go itse Modimo botoka. Mo Dikwalong, Jehofa o re bolelela dilo tse dingwe tse dintsi malebana le gore ke Modimo yo o ntseng jang. Gape o re senolela maikaelelo a gagwe e bile o re ruta ditsela tsa gagwe. (Amose 3:7; 2 Timotheo 3:16, 17) A bo re itumela jang ne go bo Modimo a batla gore re “tle mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri” gore re solegelwe molemo ke dilo tse a re nayang tsone ka lorato! (1 Timotheo 2:4) Ka jalo, a re direng bojotlhe jwa rona gore re ithute sengwe le sengwe se re ka se kgonang ka Jehofa.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 19 Go bona tlhaloso e e tseneletseng ya kgang eno, bona boroutšhara jwa A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe?, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Modimo o ne a dirisa moya wa gagwe o o boitshepo go bopa lefatshe le go tlhotlheletsa banna bangwe go kwala Baebele

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Lentswe go tswa kwa magodimong le ne la re: “Yono ke Morwaake”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a rapela Modimo—Motho yo mogolo thata mo go ene

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Jesu o ne a itsise batho ba bangwe leina la Modimo

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Re ka kgona go itse Modimo botoka