Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Re Tlhoka go Itse Gore Modimo ke Mang

Re Tlhoka go Itse Gore Modimo ke Mang

Re Tlhoka go Itse Gore Modimo ke Mang

A GA o kgatlhwe ke go bona dinaledi tse dintsintsi bosigo fa loapi lo apogile sentle? A lonko lo lo monate lwa dithunya tse di mebalabala ga lo itumedise? A ga o itumelele go reetsa melodi e e monate ya dinonyane le modumo o o gwasang wa matlhare fa go foka pheswana e e monate? Mme a bo maruarua a a nonofileng le dibopiwa tse dingwe tsa lewatle di kgatlha jang ne! Gape fa o akanya ka batho, ba na le segakolodi le boboko jo bo raraaneng ka tsela e e gakgamatsang. O ne o ka re dilo tseno tsotlhe tse dintle tse di re dikologileng di tswa kae?

Batho bangwe ba dumela gore dilo tseno tsotlhe di itlhagetse fela. Mme fa e le gore go ntse jalo, ke eng fa batho ba dumela mo Modimong? Go ka tla jang gore dibopiwa tse di tlhokang dilo tsa semoya di nne teng morago ga go kopana mo go itiragaletseng fela ga dikhemikale tse di farologaneng?

“Bodumedi bo nweleletse thata mo bathong mme e bile bo ama batho ba maemo otlhe a itsholelo le a thutego.” Mafoko ano a ne a sobokanya patlisiso e Porofesa Alister Hardy a neng a bua ka yone mo bukeng ya gagwe ya The Spiritual Nature of Man. Ditekeletso tsa boboko tse di dirilweng bosheng jaana di ile tsa dira gore baithutaboboko bangwe ba akantshe gore batho ba ka tswa ba ile ba bopiwa ba na le tshekamelo ya go rata bodumedi. Buka ya Is God the Only Reality? e bolela jaana: “Go batlisisa dilo o dirisa bodumedi . . . ke selo se se tlwaelegileng mo setsong sengwe le sengwe le mo motlheng mongwe le mongwe fa e sa le motho a nna teng.”

Akanya ka se monna mongwe yo o rutegileng a neng a se bua dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng. O ne a kwala jaana: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” (Bahebera 3:4) Tota e bile, temana ya ntlhantlha ya Baebele e bolela jaana: “Mo tshimologong Modimo o ne a bopa magodimo le lefatshe.”—Genesise 1:1.

Mme gone, Modimo ke mang? Batho ba araba potso eno ka ditsela tse di farologaneng. Fa mosha mongwe wa kwa Japane e bong Yoshi a ne a bodiwa gore Modimo ke mang, o ne a re: “Ga ke itse sentle. Ke Mobuda, mme ke ntse ke sa tlhoke go itse gore Modimo ke mang.” Le fa go ntse jalo, Yoshi o ne a dumela gore batho ba le bantsi ba tsaya gore Buddha ka boene ke modimo. Nick, yo e leng rakgwebo yo o mo dingwageng tsa gagwe tsa bo60, o dumela mo Modimong mme o akanya gore ke maatla a magolo go feta a mangwe otlhe. Fa Nick a ne a kopiwa go tlhalosa gore o itse eng ka Modimo, o ne a araba jaana morago ga gore a didimale sebaka se seleele: “Tsala, eo ke potso e e thata ruri. Se nka se bolelang fela ke gore Modimo o teng.”

Batho bangwe ba “obamela dilo tse Modimo a di bopileng go na le gore ba obamele Mmopi ka boene.” (Baroma 1:25, Today’s English Version) Batho ba le dimilione di le dintsi ba obamela bagologolwane ba ba suleng, ba akanya gore Modimo o kgakala thata gore ba ka mo atamela. Mo bodumeding jwa Sehindu, go na le medimo e le mentsi e e akaretsang le medimo ya sesadi. Mo metlheng ya baaposetoloi ba ga Jesu Keresete, go ne go obamelwa medimo e e farologaneng e e jaaka Seuse le Heremese. (Ditiro 14:11, 12) Dikereke di le dintsi tsa Labokeresete di ruta gore Modimo ke Tharonngwe, ke gore Modimo Rara, Modimo Morwa le Modimo Moya o o Boitshepo.

Ke boammaaruri gore fela jaaka Baebele e bolela, “go na le ‘medimo’ e le mentsi le ‘barena’ ba le bantsi.” Le fa go ntse jalo, e oketsa jaana: “Mo go rona go na le Modimo a le mongwe e bong Rara yo dilo tsotlhe di tswang mo go ene.” (1 Bakorintha 8:5, 6) Ee, go na le Modimo a le mongwe fela wa boammaaruri. Mme tota ke mang? O ntse jang? Go botlhokwa gore re itse dikarabo tsa dipotso tseno. Jesu ka boene o ne a bua jaana fa a ne a Mo rapela: “Seno se raya botshelo jo bo sa khutleng, go tsenya kitso ka ga gago, Modimo yo o esi wa boammaaruri, le ka ga yo o mo romileng, e bong Jesu Keresete.” (Johane 17:3) Go na le lebaka la go dumela gore go atlega ga rona ka bosakhutleng go ikaegile ka go itse boammaaruri ka Modimo.

[Setshwantsho mo go tsebe 3]

Di nnile gone jang?

[Motswedi wa Setshwantsho]

Whale: Courtesy of Tourism Queensland

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

COVER: Index Stock Photography © 2002