Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A motho o tshwanetse go inwa ka mo go feletseng mo metsing fa a batla go kolobediwa mme a golafetse fela thata kana a le sekoa, mo go ka dirang gore go nne thata gore a inwe mo metsing?

Lefoko “kolobetsa” ke thanolo ya lediri la Segerika e leng baʹpto, le le kayang “go ina.” (Johane 13:26) Mo Baebeleng, “go kolobetsa” go tshwana le “go ina.” The Emphasised Bible ya ga Rotherham e bolela jaana malebana le fa Filipo a ne a kolobetsa moopafadiwa wa Moethiopia: “Ba ne ba tsena ka bobedi mo teng ga metsi, Filipo mmogo le moopafadiwa,—mme a mo ina mo metsing.” (Ditiro 8:38) Ka jalo, motho yo o kolobediwang tota o inwa mo metsing.—Mathaio 3:16; Mareko 1:10.

Jesu o ne a laela barutwa ba gagwe jaana: “Jalo tsamayang mme lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse.” (Mathaio 28:19, 20) Ka gone, Basupi ba ga Jehofa ba rulaganya gore batho ba kolobediwe mo makadibeng, mo matsheng, mo dinokeng, kana mo mafelong a mangwe a a nang le metsi a a lekaneng gore motho a ka inwa ka mo go feletseng mo go one. E re ka go kolobediwa ka go inwa ka mo go feletseng mo metsing e le se Dikwalo di laelang gore se dirwe, batho ga ba na thata epe ya go rebola mongwe gore a se ka a kolobediwa. Ka jalo, motho o tshwanetse go kolobediwa le fa go ka tlhokega gore go tsewe dikgato tse di sa tlwaelegang ka ntlha ya boemo jwa gagwe. Ka sekai, go kolobediwa mo dibateng tse dikgolo go ile ga thusa batho ba ba godileng kana ba ba dikoa. Metsi a bata a ka thutafadiwa, go tswa foo motho yo o kolobediwang a ka tsenngwa ka go nenekediwa le ka iketlo mo teng ga metsi mme fa a setse a tlwaelane le one, e bo e le gone a kolobediwang.

Tota le batho ba ba golafetseng fela thata ba ile ba kolobediwa. Ka sekai, batho ba ba ileng ba ariwa kgokgotso ba bo ba nna le leroba le le sa tswalegeng mo mometsong, kana ba ba tlhokang go dirisa selo se se ba thusang go hema ba ile ba inwa mo metsing. Mme gone, dilo di tshwanetse go rulaganngwa ka botlalo gore batho bano botlhe ba kolobediwe. Go ka nna molemo gore fa go kgonega go bo go na le mooki yo o kwadisitsweng kana ngaka. Le fa go ntse jalo, fa go nniwa kelotlhoko thata kana go tsewa dikgato tse di tlhokegang, batho ba ka kolobediwa mo e batlileng e nna mo maemong otlhe. Ka jalo, go tshwanetse ga dirwa maiteko otlhe a a kgonegang gore motho a kolobediwe mo metsing fa e le gore motho yono o eletsa ka pelo yotlhe go dira jalo e bile a iketleeleditse go lebana le dikotsi tsa gone.