Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Bona Boammaaruri Mo go Sa Lebelelwang Gone

Go Bona Boammaaruri Mo go Sa Lebelelwang Gone

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Go Bona Boammaaruri Mo go Sa Lebelelwang Gone

KE THATO ya Modimo gore “batho ba mefuta yotlhe ba bolokwe mme ba tle mo kitsong e e leng yone ya boammaaruri.” (1 Timotheo 2:3, 4) Gore Basupi ba ga Jehofa ba fitlhelele seo, ba ile ba gatisa le go anamisa dikhopi di le dimilione di le dintsi tsa Baebele le dikgatiso tse di thusang batho go ithuta Baebele. Ka dinako dingwe, dikgatiso tseno di ile tsa thusa batho ba ba dipelo di ikanyegang go ithuta boammaaruri ka ditsela tse di neng di sa lebelelwa gotlhelele. Mabapi le seno, baboledi ba Bogosi kwa Freetown, kwa nageng ya Sierra Leone, ba bega maitemogelo a a latelang.

Osman e ne e le morwa wa bobedi mo lelapeng la bana ba le robongwe. E re ka a ne a golela mo lelapeng le le ratang bodumedi, ka metlha o ne a ya go obamela le rraagwe. Le fa go ntse jalo, Osman o ne a tshwenngwa thata ke se bodumedi jwa gagwe bo neng bo se ruta ka dihele. O ne a sa kgone go tlhaloganya gore go ka tla jang gore Modimo yo o kutlwelobotlhoko a tlhokofatse baikepi ka go ba fisa mo molelong. Dilo tsotlhe tse di neng di buiwa go leka go tlhalosetsa Osman thuto ya molelo wa dihele ga di a ka tsa mo kgotsofatsa.

Ka letsatsi le lengwe, fa Osman a ne a le dingwaga tse 20, o ne a bona buka e pududu e fitlhegile go sekae mo thining ya matlakala. E re ka a ne a rata dibuka, o ne a e sela, a e phophotha, mme a bona setlhogo sa yone se se reng—Boamarure jo bo Isang Botshelong jo Bosakhutleng. *

Osman o ne a ipotsa gore, ‘Ke boammaaruri bofe jono?’ Seno se ile sa tsosa kgatlhego ya ga Osman, mme a ya le buka eno kwa gae a bo a e bala yotlhe ka yone nako eo. A bo a ile a itumela jang ne go ithuta gore Modimo o na le leina—e bong Jehofa! (Pesalema 83:18) Osman o ile a ithuta le gore nonofo ya Modimo e e tlhomologileng ke lorato e bile kgang ya go tlhokofadiwa ga batho mo molelong ke sengwe se se makgapha mo go Ene. (Jeremia 32:35; 1 Johane 4:8) Kgabagare, Osman o ne a bala gore Jehofa o tla tloga a tlisa lefatshe la paradaise le batho ba tla tshelelang ruri mo go lone. (Pesalema 37:29; Tshenolo 21:3, 4) A bo e le boammaaruri jo bo molemo jang ne jo bo tswang kwa Modimong yo o pelotlhomogi, yo o lorato! Osman o ile a leboga Jehofa go tswa pelong go bo a ile a dira gore a bone boammaaruri mo lefelong leno le go neng go sa lebelelwa gotlhelele gore bo ka bonwa mo go lone.

E rile morago ga malatsi a sekae, ditsala dingwe tsa ga Osman tsa mo thusa go bona Holo ya Bogosi ya Basupi ba ga Jehofa, mme a ya kwa pokanong e le la ntlha. Fa a le koo, o ne a kopa Mosupi mongwe gore a ithute Baebele le ene. Osman o ile a gatela pele semoyeng a ba a kolobediwa le fa ba gaabo ba ne ba mo ganetsa thata. (Mathaio 10:36) Gompieno ke mogolwane mo phuthegong. A bo go kgatlha jang ne go bo seno sotlhe se simologile ka gore a bone kgatiso e e theilweng mo Baebeleng mo thining ya matlakala!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 5 E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa ka 1968.