Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo

Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo

Go Ntlafadiwa re le Setšhaba, re Ntlafalediwa go Dira Ditiro Tse di Molemo

“A re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.”—2 BAKORINTHA 7:1.

1. Ke eng se Jehofa a batlang gore ba ba mo obamelang ba se dire?

“KE MANG yo o ka tlhatlogelang mo thabeng ya ga Jehofa, mme ke mang yo o ka emang mo lefelong la gagwe le le boitshepo?” Kgosi Dafide wa Iseraele wa bogologolo o ne a botsa potso eno e e dirang gore motho a akanye e e malebana le kobamelo e Jehofa a e amogelang. Morago ga moo o ne a e araba jaana: “Ope fela yo o diatla di se nang molato le yo o phepa mo pelong, yo o sa isang moya wa Me kwa dilong tse di se nang mosola, le fa e le go dira ikano ka tsietso.” (Pesalema 24:3, 4) Gore motho a amogelwe ke Jehofa yo o boitshepo, o tshwanetse go nna phepa le go nna boitshepo. Pelenyana ga moo Jehofa o ne a gakolola phuthego ya Iseraele jaana: “Lo iitshepise lo itshupe lo le boitshepo, ka gonne ke boitshepo.”—Lefitiko 11:44, 45; 19:2.

2. Paulo le Jakobe ba ile ba gatelela jang botlhokwa jwa go nna phepa mo kobamelong ya boammaaruri?

2 Makgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana a kwalela Bakeresete ka ene ba kwa motseng wa Korintha o o neng o tletse boitsholo jo bo maswe: “E re ka re na le ditsholofetso tseno, baratwa, a re intlafatseng leswe lengwe le lengwe la nama le moya, re itekanedisa boitshepo mo go boifeng Modimo.” (2 Bakorintha 7:1) Seno se bontsha gape gore motho o tshwanetse go nna phepa mo mmeleng le mo semoyeng gore a nne le kamano le Modimo le go amogela masego a a re solofeditseng one. Ka tsela e e tshwanang, fa morutwa Jakobe a ne a kwala ka kobamelo e Modimo a e amogelang, o ne a re: “Mofuta wa kobamelo o o phepa le o o sa leswafalang go ya ka pono ya Modimo wa rona le Rara ke ono: go tlhokomela masiela le batlholagadi mo pitlaganong ya bone, le motho go ipoloka a se na selabe se se tswang mo lefatsheng.”—Jakobe 1:27.

3. Gore Modimo a amogele kobamelo ya rona, re tshwanetse go amega ka eng thata?

3 E re ka go nna phepa, go nna boitshepo le go sa leswafala e le dilo tse di botlhokwa jaana mo kobamelong ya boammaaruri, mongwe le mongwe yo o batlang go amogelwa ke Modimo o tshwanetse go amega thata ka go fitlhelela dilo tseno. Le fa go ntse jalo, e re ka batho ba na le melao le dikgopolo tse di farologaneng malebana le bophepa, re tshwanetse go tlhaloganya le go tshela go dumalana le se Jehofa a reng se phepa e bile se a amogelesega. Re tshwanetse go batla go itse gore Modimo o batla gore baobamedi ba gagwe ba direng le gore ke eng se a se dirileng go ba thusa go nna phepa le go tswelela ba le phepa e bile ba amogelesega mo go ene.—Pesalema 119:9; Daniele 12:10.

Go Nna Phepa mo Kobamelong ya Boammaaruri

4. Tlhalosa tsela e kgopolo ya bophepa e dirisiwang ka yone mo Baebeleng.

4 Batho ba le bantsi ba tsaya gore go nna phepa go raya fela go se nne leswe kgotsa go se leswafadiwe ke sepe. Le fa go ntse jalo, mo Baebeleng, kgopolo ya go nna phepa e bontshiwa ka mafoko a le mmalwa a Sehebera le a Segerika a a tlhalosang gore bophepa ga se jwa mmele fela mme gape ke jwa boitsholo le jwa semoya. Ka jalo, saetlopedia nngwe ya Baebele e bolela jaana: “‘Go nna phepa’ le ‘go leswafala’ ke mafoko a ka sewelo fela a dirisiwang malebana le tsa boitekanelo, mme ke mafoko a a amanang thata le bodumedi. Ka jalo, molaomotheo wa ‘bophepa’ o ama mo e batlang e nna karolo nngwe le nngwe ya botshelo.”

5. Molao wa ga Moshe o ne o laola dilo tse di amanang le bophepa go ya bokgakaleng jo bo kae mo botshelong jwa Baiseraele?

5 Eleruri, Molao wa ga Moshe o ne o akaretsa melao le ditaolo tse di amanang le mo e batlileng e nna karolo nngwe le nngwe ya botshelo jwa Baiseraele, o tlhalosa sentle gore ke eng se se phepa le se se seng phepa le gore ke eng se se amogelesegang le se se sa amogelesegeng. Ka sekai, mo go Lefitiko kgaolo 11 go ya go 15, re fitlhela go na le ditaelo tse di tlhalositsweng sentle tse di amanang le go nna phepa le go itshekologa. Diphologolo dingwe di ne di itshekologile, mme Baiseraele ba ne ba sa tshwanela go di ja. Go tshola ngwana go ne go dira gore mosadi a itshekologe ka lobaka lo lo rileng. Malwetse mangwe a letlalo, segolobogolo lepero, le keleketlo e e tswang mo dirweng tsa bonna le tsa bosadi le tsone di ne di dira gore motho a itshekologe. Gape, Molao o ne o tlhalosa sentle se se neng se tshwanetse go dirwa fa mongwe a itshekologile. Ka sekai, re bala jaana mo go Dipalo 5:2: “Laola bomorwa Iseraele gore ba ntshetse kwa ntle ga bothibelelo motho mongwe le mongwe yo o lepero le mongwe le mongwe yo o nang le keleketlo le mongwe le mongwe yo o itshekolotsweng ke moya o o suleng.”

6. Melao e e amanang le bophepa e ne ya newa ka boikaelelo bofe?

6 Ga go na pelaelo gore melao eno le e mengwe e e tswang kwa go Jehofa e ne e bua ka dilo tse di amanang le kalafi le tsela e mmele o dirang ka yone lobaka lo loleele pele batho ba di tlhaloganya, mme batho ba ne ba solegelwa molemo fa ba ne ba di dirisa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba sa newe melao eno e le melao fela ya tsa boitekanelo kgotsa ditaelo tsa kalafi. E ne e le karolo ya kobamelo ya boammaaruri. Lebaka la go bo di ne di bua ka botshelo jwa batho jwa letsatsi le letsatsi—go ja, go tshola bana, ditirisano tsa lenyalo, le dilo tse dingwe—le ne le gatelela fela ntlha ya gore e re ka Jehofa e ne e le Modimo wa bone, o ne a na le tshwanelo ya go ba bolelela gore ke eng se se neng se siame le gore ke eng se se neng se sa siama mo botshelong jwa bone, jo bo neng bo neetswe Jehofa fela.—Duteronome 7:6; Pesalema 135:4.

7. Setšhaba sa Iseraele se ne se tla segofadiwa jang fa se boloka Molao?

7 Molao wa kgolagano gape o ne o sireletsa Baiseraele gore ba se ka ba amiwa ke mekgwa e e leswafatsang ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. Fa Baiseraele ba ne ba ka boloka Molao ka dinako tsotlhe, go akaretsa le dilo tsotlhe tse ba neng ba tshwanetse go di dira gore ba nne ba le phepa mo matlhong a ga Jehofa, ba ne ba tla tshwanelegela go direla Modimo wa bone le go segofadiwa ke ene. Jehofa o ne a bolelela setšhaba jaana malebana le seno: “Fa lo ka utlwa lentswe la me ka kelotlhoko lo bo lo boloka kgolagano ya me, ruri lo tla nna thuo ya me e e kgethegileng mo ditšhabeng tse dingwe tsotlhe, ka gonne lefatshe lotlhe ke la me. Mme lo tla nna bogosi jwa baperesiti mo go nna le setšhaba se se boitshepo.”—Ekesodo 19:5, 6; Duteronome 26:19.

8. Ke eng fa Bakeresete gompieno ba tshwanetse go tsaya tsia se Molao o se buang ka bophepa?

8 E re ka Jehofa a ne a akaretsa dintlha tseno tse di tlhalositsweng sentle mo Molaong go ruta Baiseraele kafa ba ka nnang phepa le boitshepo ka gone, le go amogelwa ke ene, a ga go molemo gore Bakeresete gompieno ba akanyetse ka kelotlhoko gore bone ba fitlhelela dilo tseno go le kana kang? Tota le fa Bakeresete ba sa laolwe ke Molao, ba tshwanetse go gakologelwa gore, jaaka Paulo a ne a tlhalosa, dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Molaong “ke moriti wa dilo tse di tlang, mme selo sa mmatota ke sa ga Keresete.” (Bakolosa 2:17; Bahebera 10:1) Fa Jehofa Modimo yo o reng, “ga ke a fetoga,” a ne a leba go nna phepa le go sa leswafala jaaka dilo tse di botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri ka nako eo, gompieno re tshwanetse go tsaya masisi kgang ya go nna phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng fa re batla gore a re amogele le go re segofatsa.—Malaki 3:6; Baroma 15:4; 1 Bakorintha 10:11, 31.

Go Nna Phepa mo Mmeleng Go a Re Buelela

9, 10. (a) Ke eng fa go le botlhokwa gore Mokeresete a nne phepa mo mmeleng? (b) Gantsi batho ba bua jang ka dikopano tse dikgolo tsa Basupi ba ga Jehofa?

9 A go nna phepa mo mmeleng e sa ntse e le selo se se botlhokwa mo kobamelong ya boammaaruri? Le mororo go nna phepa mo mmeleng ka bogone fela go sa dire gore motho a nne moobamedi wa boammaaruri wa Modimo, go a tshwanela gore moobamedi wa boammaaruri a nne phepa mo mmeleng go ya kafa maemo a gagwe a mo letlang ka gone. Gantsi batho ba ba ipolokang ba le phepa ba lemogwa ke batho ba ba leng gaufi le bone segolo jang mo motlheng ono wa rona o mo go one batho ba le bantsi ba se nang sepe go le kalo le go ipoloka ba le phepa, go boloka diaparo tsa bone kgotsa tikologo ya bone e le phepa. Seno se ka nna le matswela a a molemo, fela jaaka Paulo a ile a raya Bakeresete ba kwa Korintha a re: “Ka tsela epe ga re neye lebaka lepe la go kgopisa, gore bodiredi jwa rona bo se ka jwa bonwa molato; mme ka tsela nngwe le nngwe re itshupa re le badiredi ba Modimo.”—2 Bakorintha 6:3, 4.

10 Basupi ba ga Jehofa ba aga ba akgolwa gangwe le gape ke badiredi bagolo ka ntlha ya bophepa jwa bone, le go dira dilo ga bone ka thulaganyo le go nna le boitsholo le mekgwa e e bontshang tlotlo, e leng dilo tse di bonwang segolobogolo kwa dikopanong tsa bone tse dikgolo. Ka sekai, lokwalodikgang lwa La Stampa lo ne lwa akgela jaana ka kopano e kgolo e e neng e tshwaretswe kwa porofenseng ya Savona, kwa Italy: “Selo sa ntlha se motho a se bonang fa a feta mo lefelong le ba le dirisang ke bophepa le bothakga jwa batho bano.” Morago ga gore Basupi ba tshwarele kopano nngwe kwa setadiamong sengwe sa São Paulo, kwa Brazil, motlhokomedi wa setadiamo o ne a raya setlhopha sa gagwe se se phepafatsang a re: “Go simolola gompieno go ya pele, re batla gore setadiamo se phepafadiwe ka tsela e e tshwanang le e Basupi ba ga Jehofa ba se phepafaditseng ka yone.” Motlhokomedi yo mongwe mo go sone setadiamo seo o ne a re: “Fa Basupi ba ga Jehofa ba batla go hira setadiamo, re tshwenngwa fela ke matlha a ba batlang go se dirisa ka one. Ga re tshwenngwe ke sepe se sele.”

11, 12. (a) Re tshwanetse go gakologelwa molaomotheo ofe wa Baebele malebana le go ipoloka re le phepa ka namana? (b) Go ka bodiwa dipotso dife malebana le mekgwa ya rona ka namana le tsela e re tshelang ka yone?

11 Fa e le gore bophepa le bothakga mo lefelong la rona la kobamelo di baka Modimo yo re mo obamelang, ga go na pelaelo gore go bontsha dinonofo tseno mo botshelong jwa rona ka namana go botlhokwa ka tsela e e tshwanang. Le fa go ntse jalo, fa re le kwa magaeng a rona, re ka nna ra akanya gore re ka nna ra iteseletsa fela mme re dire kafa re ratang ka gone. Ke boammaaruri gore mo kgannyeng ya moaparo le tsela e re ipaakanyang ka yone mo mmeleng, re na le kgololesego ya go itlhophela se re se ratang! Le fa go ntse jalo, gantsi kgololesego eno e lekanyeditswe. Gakologelwa gore fa Paulo a ne a bua ka kgang ya go itlhophela gore motho o batla go ja dijo dife, o ne a tlhagisa Bakeresete ka ene jaana: “Nnang lo tlhokometse gore taolo eno ya lona ka tsela nngwe ga e nne sekgopi mo go ba ba bokoa.” Morago ga moo o ne a bolela molaomotheo mongwe o o botlhokwa a re: “Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di solegelang molemo. Dilo tsotlhe di kafa molaong; mme ga se dilo tsotlhe tse di agang.” (1 Bakorintha 8:9; 10:23) Kgakololo ya ga Paulo e dira jang mo go rona malebana le kgang ya bophepa?

12 Go a utlwala gore batho ba lebelele gore modiredi wa Modimo a nne phepa le go dira dilo ka thulaganyo mo botshelong jwa gagwe. Ka jalo, re tshwanetse go tlhomamisa gore tsela e legae la rona le lebegang ka yone le tikologo ya lone di dumalana le se re ipolelang gore re sone, e leng badiredi ba Lefoko la Modimo. Legae la rona le supa eng ka rona le ka se re se dumelang? A le bontsha gore tota re tlhoafaletse go tshela mo lefatsheng le le phepa la tshiamo le le le rulaganeng, le re bolelelang batho ba bangwe thata jaana ka lone? (2 Petere 3:13) Ka tsela e e tshwanang, tsela e re lebegang ka yone—ka nako ya fa re iketlile fela kgotsa re le mo bodireding—e ka dira gore batho ba kgatlhegele molaetsa o re o rerang kgotsa ba se ka ba o kgatlhegela. Ka sekai, ela tlhoko kakgelo eno e e neng ya dirwa ke mmegadikgang mongwe wa kwa Mexico: “Eleruri, go na le basha ba le bantsi mo gare ga Basupi ba ga Jehofa, mme selo se se kgatlhang thata ka bone ke tsela e ba ipaakanyang moriri ka yone, bophepa jwa bone le tsela e e siameng e ba aparang ka yone.” A bo go itumedisa jang ne go nna le basha ba ba ntseng jalo mo gare ga rona!

13. Re ka dirang go tlhomamisa gore re nna re le phepa mo dikarolong tsotlhe tsa botshelo jwa rona?

13 Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go ipoloka re le phepa, go boloka dilo tsa rona le magae a rona a le phepa ka metlha e bile a rulagantswe sentle. Ga go tlhokege gore motho a nne le dilo di le dintsi tse di kgethegileng le tse di jang madi a mantsi, mme se se tlhokegang fela ke gore a rulaganye dilo sentle le go dira maiteko ka metlha. Re tshwanetse go ipha nako ya go tlhapa, ya go tlhatswa diaparo tsa rona, go phepafatsa legae la rona, go tlhatswa koloi le go dira dilo tse dingwe. Go tshwarega mo bodireding, go ya dipokanong, go ithuta ka namana—mo godimo ga gore re tlhokomele maikarabelo a mangwe a re nang le one mo botshelong—ga se seipato sa gore re se ka ra nna re le phepa le go amogelesega mo Modimong le mo bathong. Molaomotheo o o tlwaelegileng o o reng “sengwe le sengwe se na le nako e se e tlhometsweng” o dira sentle le mo karolong eno ya botshelo jwa rona.—Moreri 3:1.

Pelo E e Sa Leswafalang

14. Ke eng fa go ka bolelwa gore go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng go botlhokwa thata go feta go nna phepa mo mmeleng?

14 Fela jaaka re tsaya go le botlhokwa go amega ka go ipoloka re le phepa mo mmeleng, re tshwanetse go leba kgang ya go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng e le botlhokwa le go feta. Re bolela jalo ka gonne fa re akanya ka setšhaba sa Baiseraele, Jehofa ga a ka a se latlha ka go bo se ne se se phepa mo mmeleng, mme e ne e le ka gonne se ne se leswafetse mo boitsholong le mo semoyeng. Jehofa o ne a ba bolelela ka moporofeti Isaia gore e re ka e ne e le “setšhaba se se nang le boleo, batho ba ba imelwang ke tlolo,” ditlhabelo tsa bone, go boloka ga bone ngwedi yo mosha le sabata, ee, tota le dithapelo tsa bone di ne di fetogile mokgweleo mo go ene. Ba tshwanetse go dirang gore Modimo a ba amogele gape? Jehofa o ne a re: “Itlhapiseng; iphepafatseng; tlosang bosula jwa ditiro tsa lona fa pele ga matlho a me; kgaotsang go dira bosula.”—Isaia 1:4, 11-16.

15, 16. Jesu o ne a re ke eng se se leswafatsang motho, mme mafoko a ga Jesu a ka re solegela molemo jang?

15 Gore re kgone go tlhaloganya go ya pele botlhokwa jwa go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng, a re akanyeng ka se Jesu a neng a se bua fa Bafarasai le bakwadi ba ne ba re barutwa ba gagwe ba ne ba se phepa ka gonne ba sa tlhape diatla pele ba ja. Jesu o ne a baakanya phoso ya bone ka go bua jaana: “Ga se se se tsenang mo molomong wa motho se se mo leswafatsang; mme se se tswang mo molomong wa motho ke sone se se mo leswafatsang.” Go tswa foo Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Dilo tse di tswang mo molomong di tswa mo pelong, mme dilo tseo di leswafatsa motho. Ka sekai, mo pelong go tswa dikakanyo tse di boikepo, dipolao, maakafalo, dikgokafalo, bogodu, ditshupo tsa maaka, ditlhapatso. Tseno ke dilo tse di leswafatsang motho; mme go ja dijo ka diatla tse di sa tlhapiwang ga go leswafatse motho.”—Mathaio 15:11, 18-20.

16 Re ka ithutang mo mafokong ano a ga Jesu? Jesu o ne a bontsha gore ditiro tsa boikepo, tsa boitsholo jo bo maswe le tse di seng phepa di etelelwa pele ke dikakanyo tse motho a ka nnang le tsone mo pelong tse di boikepo, tsa boitsholo jo bo maswe le tse di seng phepa. Jaaka morutwa Jakobe a ne a bolela, “mongwe le mongwe o lekwa ka go gogelwa a ba a hepisiwa ke keletso ya gagwe.” (Jakobe 1:14, 15) Ka jalo, fa re sa batle go wela mo maleong a a masisi a Jesu a neng a a tlhalosa, re tshwanetse go ntsha gotlhelele dikakanyo dipe fela tse di tsamaisanang le dilo tseo mo dipelong tsa rona. Seno se bolela gore re tshwanetse go nna kelotlhoko ka se re se balang, se re se lebang le se re se reetsang. Gompieno batho ba diintaseteri tsa boitlosobodutu le tsa phasalatso ba dira mmino le ditshwantsho tse dintsintsi tse di kgotsofatsang keletso ya batho ba ba sa itekanelang e le fa ba re ba dirisa kgololesego ya bone ya go bua le ya go tlhama. Re tshwanetse go ititaya sehuba go se letle dikgopolo dipe tse di ntseng jalo go mela mo dipelong tsa rona. Ntlha ya konokono ke gore re tshwanetse go itisa ka metlha gore re nne le pelo e e phepa e e sa leswafalang gore re itumedise Modimo mme a re amogele.—Diane 4:23.

Re Ntlafaleditswe go Dira Ditiro Tse di Molemo

17. Ke eng fa Jehofa a ntlafaditse batho ba gagwe?

17 Ruri ke tshiamelo le tshireletso gore ka thuso ya ga Jehofa re ka nna batho ba a ba lebang ba le phepa. (2 Bakorintha 6:14-18) Le fa go ntse jalo, gape re tlhaloganya gore Jehofa o ntlafaditse batho ba gagwe ka boikaelelo bongwe jo bo rileng. Paulo o ne a bolelela Tito gore Keresete Jesu “o [ne] a ineela ka ntlha ya rona gore a re golole mo mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao a ba a intlafaletsa setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) E re ka re le batho ba ba ntlafaditsweng, re tshwanetse go tlhoafalela ditiro dife?

18. Re ka bontsha jang gore re tlhoafaletse ditiro tse di molemo?

18 Sa ntlhantlha, re tshwanetse go iteka ka natla go bolela dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo phatlalatsa. (Mathaio 24:14) Fa re dira jalo, re bolelela batho gongwe le gongwe ka tsholofelo ya go tshelela ruri mo lefatsheng le le sa leswafalang ka tsela epe fela. (2 Petere 3:13) Ditiro tsa rona tse di molemo gape di akaretsa go bontsha maungo a moya wa Modimo mo botshelong jwa rona jwa letsatsi le letsatsi, ka go dira jalo re galaletsa Rraarona wa selegodimo. (Bagalatia 5:22, 23; 1 Petere 2:12) E bile ga re lebale ba ba seng mo boammaaruring ba ba ka tswang ba amilwe ke masetlapelo a tlholego kgotsa a mangwe a a tlelang batho. Re nna re ntse re akantse ka kgakololo ya ga Paulo e e reng: “Ruri he, fa fela re sa ntse re na le nako e e go dumelelang, a re direng se se molemo mo go botlhe, mme segolobogolo mo go ba ba amanang le rona mo tumelong.” (Bagalatia 6:10) Ditiro tsotlhe tse di ntseng jalo, tse di dirwang ka pelo e e phepa le ka maitlhomo a a siameng, di itumedisa Modimo thata.—1 Timotheo 1:5.

19. Re tla bona masego afe fa re tswelela re boloka ditekanyetso tse di kwa godimo tsa go nna phepa—mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng?

19 Rona batlhanka ba Mogodimodimo, re tsaya tsia mafoko a ga Paulo a a reng: “Ke a lo rapela ka mapelotlhomogi a Modimo, bakaulengwe, gore lo ise mebele ya lona setlhabelo se se tshelang, se se boitshepo, se se amogelesegang mo Modimong, e leng tirelo e e boitshepo ka maatla a lona a go akanya.” (Baroma 12:1) E kete re ka tswelela pele go ipelela tshiamelo ya go ntlafadiwa ke Jehofa le go dira ka natla gore re nne re tshwareletse mo ditekanyetsong tse di kwa godimo tsa go nna phepa mo mmeleng, mo boitsholong le mo semoyeng. Go dira jalo ga go ne go dira fela gore re itlotle le go kgotsofala gone jaanong mme gape go tla dira gore re nne le tebelelo ya go bona “dilo tsa pele”—tsamaiso ya gone jaanong e e boikepo le e e leswe—e feta fa Modimo a “dira dilo tsotlhe disha.”—Tshenolo 21:4, 5.

A o A Gakologelwa?

• Ke eng fa Baiseraele ba ne ba neilwe melao e mentsi e e amanang le bophepa?

• Go nna phepa mo mmeleng go dira jang gore batho ba kgatlhegele molaetsa o re o rerang?

• Ke eng fa go nna phepa mo boitsholong le mo semoyeng go le botlhokwa thata go feta go nna phepa mo mmeleng?

• Re ka bontsha jang gore re setšhaba se se “tlhoafaletseng ditiro tse di molemo”?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 21]

Go nna phepa mo mmeleng go dira gore batho ba kgatlhegele thata molaetsa o re o rerang

[Ditshwantsho mo go tsebe 22]

Jesu o ne a tlhagisa gore dikakanyo tse di boikepo di felela ka gore motho a dire ditiro tse di boikepo

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Basupi ba ga Jehofa ke setšhaba se se ntlafaditsweng, se se tlhoafaletseng ditiro tse di molemo