Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Sekaseka Dilo Dingwe Tse Batho ba di Dumelang ka Loso

Go Sekaseka Dilo Dingwe Tse Batho ba di Dumelang ka Loso

Go Sekaseka Dilo Dingwe Tse Batho ba di Dumelang ka Loso

MO HISITORING yotlhe, batho ba ntse ba tlhakanngwa tlhogo e bile ba boifisiwa ke go akanya ka kgang e e hutsafatsang ya gore ba tla swa. Mo godimo ga moo, go boifa go swa go ile ga okediwa ke dikgopolo tsa bodumedi jwa maaka, dingwao tse di tlwaelegileng le dilo tse batho ba di dumelang tse di nweleletseng mo go bone. Mathata a go boifa loso ke gore go ka dira gore motho a se ka a itumelela botshelo le gore a se ka a tlhola a tlhomamisa gore botshelo bo na le bokao.

Madumedi a a latelwang ke batho ba le bantsi ke one a a dirileng gore go nne le bontsi jwa dilo tse batho ba di dumelang ka loso. Tlhatlhoba dingwe tsa tsone o dirisa boammaaruri jwa Baebele, mme o bone gore a o ka se nne le lesedi le le oketsegileng ka se o se akanyang ka loso.

Selo se se dumelwang 1: Ke ga tlholego gore botshelo bo felele ka loso.

Buka ya Death—The Final Stage of Growth ya re: “Loso . . . e tla nna e le karolo ya botshelo.” Dikakgelo tse di jaaka eno di bontsha tumelo e batho ba nang le yone ya gore loso ke selo sa tlholego, tsela ya tlholego e ditshedi tsotlhe di felelang ka yone. Mme tumelo eo e dira gore batho ba le bantsi ba amogele filosofi ya gore botshelo ga bo na mosola le gore ba rate go dira dilo ba sa kgathale.

A ruri ke ga tlholego gore botshelo bo felele ka loso? Ga se babatlisisi botlhe ba ba dumelang jalo. Ka sekai, fa Calvin Harley yo e leng moitsethutotshelo yo o ithutang ka go tsofala ga batho a botsolodiwa o ne a bolela fa a sa dumele gore batho ba “bopetswe gore ba tshele ba bo ba swa.” William Clark yo e leng moithuti wa thulaganyo ya mmele ya go lwantsha malwetse o ne a akgela jaana: “Loso ga lo tlhoke go tlhalosiwa e le karolo ya botshelo.” Mme Seymour Benzer yo o dirang kwa Setheong sa Boranyane Jwa Saense sa kwa California o akanya gore “ga se gore fa motho a tsofala e a bo e le nako ya gore a tsofale mme ke seemo se re solofelang gore re tla se fetola.”

Fa baitsesaense ba ithuta kafa motho a ntseng ka teng, ba sala ba akabetse. Ba fitlhela gore re na le dilo dingwe mo mmeleng wa rona tse di re thusang le bokgoni jo bogolo mo e leng gore dingwaga tse 70 go ya go 80 tse re di tshelang di dikhutshwane thata gore re ka dirisa dilo tseno tsotlhe. Ka sekai, baitsesaense ba fitlhetse gore boboko jwa motho bo na le bokgoni jo bogolo fela thata jwa go gopola dilo. Mmatlisisi mongwe o ne a fopholetsa gore boboko jwa rona bo kgona go boloka tshedimosetso e e neng e ka “tlatsa dibolumo di ka nna dimilione di le masome a mabedi, tse di lekanang le tse di mo dilaeboraring tse dikgolo go gaisa tsotlhe mo lefatsheng.” Baitse bangwe ba saense ya ditshika ba dumela gore mo lobakeng lo motho a tshelang ka lone, boboko jwa gagwe bo dira ka selekanyo se sennye thata fa go bapisiwa le se bo ka kgonang go dira ka sone. Go a tshwanela gore re botse jaana, ‘Ke eng fa re na le boboko jo bo nang le bokgoni jo bo kana kana mme re dirisa karolo e nnye fela thata ya jone mo lobakeng lo re tshelang ka lone?’

Gape, akanya kafa batho ba sa amogeleng loso ka teng! Mo bathong ba le bantsi, go swelwa ke mosadi, monna kgotsa ngwana e ka nna tiragalo e e utlwisang botlhoko go gaisa tsotlhe mo botshelong. Gantsi batho ba ngomoga pelo ka lobaka lo loleele morago ga loso lwa moratiwa wa bone. Tota le batho ba ba reng loso ke selo sa tlholego ba fitlhela go le thata go dumela gore fa ba swa go tla bo go sa tlhole go na le tsholofelo epe. British Medical Journal e ne ya bua ka “kgang nngwe e e tlwaelegileng e e ka tswang e le boammaaruri ya gore batho botlhe ba eletsa go tshela ka lobaka lo loleele kafa go ka kgonegang ka gone.”

Fa re akanya ka tsela e gantsi motho a itshwarang ka yone fa go na le loso, kafa a kgonang go gakologelwa le go ithuta dilo ka tsela e e gakgamatsang ka teng le kafa a eletsang go tshelela ruri ka teng, a ga go bonale sentle gore o ne a diretswe go tshela? Ee ruri, Modimo ga a bopela batho gore loso e nne phelelo ya bone ya tlholego, mme o ba bopile ka tebelelo ya gore ba tshelele ruri. Ela tlhoko isagwe e Modimo a neng a e solofetsa batho ba ntlha ba babedi: “Atang lo ntsifale lo tlatse lefatshe lo bo lo le fenye, mme lo laole ditlhapi tsa lewatle le dibopiwa tse di fofang tsa magodimo le sebopiwa sengwe le sengwe se se tshelang se se tsamayang mo lefatsheng.” (Genesise 1:28) A isagwe e e molemo, e e nnelang ruri!

Selo se se dumelwang 2: Modimo o tseela batho kwa go ene fa ba swa.

Mmè mongwe wa dingwaga tse 27 yo o neng a le mo diphateng tsa loso mme a tla tloga a tlogela bana ba gagwe ba bararo, o ne a raya moitlami mongwe wa mosadi wa Mokatoliki a re: “O se ka wa tla fa go tla go mpolelela gore se ke thato ya Modimo. . . . Ga ke rate fa motho yo mongwe a mpolelela mafoko ao.” Le fa go ntse jalo, seno ke sone se madumedi a le mantsi a se rutang ka loso—gore Modimo o tsaya batho gore ba tle go nna gaufi le ene.

A tota Mmopi o setlhogo go le kalo mo a ka nnang peloethata mme a dira gore re swe, a ntse a itse gore seno se re ngomola pelo? Nnyaa, e seng Modimo yo Baebele e buang ka ene. Go ya ka 1 Johane 4:8, “Modimo ke lorato.” Ela tlhoko gore temana eno ga e re Modimo o na le lorato kana gore Modimo o lorato, mme ya re Modimo ke lorato. Lorato lwa Modimo lo logolo, lo itshekile, lo itekanetse e bile lo bonala thata mo bothong le mo ditirong tsa gagwe mo go ka bolelwang ka tshwanelo gore Modimo ke mothofatso ya lorato. Modimo yono ga se yo o tsayang batho fa ba swa gore ba tle go nna gaufi le ene.

Bodumedi jwa maaka bo dirile gore batho ba le bantsi ba sale ba tlhakane tlhogo ba sa itse gore baswi ba kae le gore ba mo seemong sefe. Legodimo, dihele, pakatori, Limbo—mafelo ano le a mangwe a go tweng baswi ba ya kwa go one a thata go tlhaloganngwa e bile a boifisa fela thata. Le fa go ntse jalo, Baebele e re bolelela gore baswi ga ba ikutlwe; go ntse jaaka e kete ba robetse. (Moreri 9:5, 10; Johane 11:11-14) Ka jalo, ga re tlhoke go tshwenyega ka gore go diregang ka rona fa re swa, fela jaaka re sa tshwenyege fa re bona mongwe a robetse monate. Jesu o ne a bua ka nako ya fa “botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo” ba tla bong ba “tswa” mo go one gore ba bone botshelo jo bosha mo lefatsheng la paradaise.—Johane 5:28, 29; Luke 23:43.

Selo se se dumelwang 3: Modimo o tsaya bana ba bannye gore e nne baengele.

Elisabeth Kübler-Ross, yo o neng a batlisisa ka batho ba ba lwalelang go swa, o ne a umaka kgopolo e nngwe e e tlwaelegileng e batho ba bodumedi ba nang le yone. Fa a ne a anela ka tiragalo nngwe ya mmatota, o ne a bolela gore “ga go a siama go bolelela ngwana yo o swetsweng ke kgaitsadie yo mmotlana gore Modimo o rata basimanyana thata jaana mo e leng gore o tseetse mosimanyana Johnny kwa legodimong.” Go bua jalo go senya Modimo leina e bile ga go bontshe kafa a ntseng ka teng le kafa a dirang dilo ka teng. Dr. Kübler-Ross o ne a tswelela jaana: “Fa mosetsanyana yono a setse a godile e le mosadi ga a ka a tlogela go galefela Modimo, mme seo se ile sa felela ka gore a utlwe botlhoko thata a bo a latlhegelwe ke tlhaloganyo fa a ne a swelwa ke morwawe yo mmotlana dingwaga di le masome a mararo moragonyana.”

Ke eng fa Modimo a ne a ka tsaya ngwana gore a nne moengele yo mongwe wa gagwe—jaaka e kete Modimo o ne a tlhoka ngwana yoo go feta kafa batsadi ba gagwe ba neng ba mo tlhoka ka teng? Fa e ne e le gore tota Modimo o tsaya bana, a seo se ne se se kitla se mo dira Mmopi yo o seng lorato, yo o bogagapa? Go farologana le kgopolo e e ntseng jalo, Baebele ya re: “Lorato lo tswa kwa Modimong.” (1 Johane 4:7) A Modimo yo o lorato a ka amoga batho bana ka tsela e tota le batho ba ba nang le botho le fa e le ka selekanyo se se rileng fela ba neng ba ka se ka ba e amogela e le tsela e e siameng?

Ka jalo ke eng fa bana ba swa? Bontlhanngwe jwa karabo e e mo Baebeleng bo mo go Moreri 9:11: “Botlhe ba diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele.” Mme Pesalema 51:5 e re bolelela gore rotlhe ga re a itekanela, re na le boleo go tloga ka nako e re imiwang ka yone mme batho botlhe ba tla feleletsa ba sule ka ntlha ya mabaka a a farologaneng. Ka dinako tse dingwe ngwana o swa a ise a tsholwe. Mo mabakeng a mangwe, bana ba swa ka ntlha ya maemo mangwe a a botlhoko kana ba welwa ke dikotsi ba bo ba swa. Modimo ga se ene yo o dirang gore ba diragalelwe ke dilo tse di ntseng jalo.

Selo se se dumelwang 4: Batho bangwe ba a tlhokofadiwa morago ga loso.

Madumedi a le mantsi a ruta gore baikepi ba tla ya kwa diheleng tsa molelo ba bo ba tlhokofadiwa ka bosakhutleng. A thuto eno e a utlwala e bile e tswa mo Dikwalong? Motho o tshela dingwaga di ka nna 70 kana 80 fela. Tota le fa motho a ne a dirile boikepo jo bo feteletseng botshelo jotlhe jwa gagwe, a go ne go tla bo go siame gore a otlhaiwe ka go tlhokofadiwa ka bosakhutleng? Nnyaa. Go ne go tla bo go sa siama le e seng go tlhokofatsa motho ka bosakhutleng ka ntlha ya maleo a a a dirileng mo botshelong jwa gagwe jo bokhutshwane go le kalo.

Modimo ke ene fela yo o ka re nayang tshedimosetso malebana le se se diregang fa batho ba swa, mme o re neile yone mo Baebeleng e e leng Lefoko la gagwe le le kwadilweng. Baebele ya re: “Jaaka [phologolo e] swa, [motho le ene o] a swa; mme tsotlhe di na le moya o le mongwe fela . . . Tsotlhe di ya lefelong le le lengwe. Tsotlhe di nnile gone di tswa mo loroleng, mme tsotlhe di boela mo loroleng.” (Moreri 3:19, 20) Ga go buiwe sepe ka dihele tsa molelo fano. Fa batho ba swa ba boela mo loroleng—ba tsena mo seemong sa go sa nne teng.

Gore motho a tlhokofadiwe o tshwanetse gore a bo a ikutlwa. A baswi ba a ikutlwa? Le fano Baebele e re naya karabo: “Batshedi ba a itse gore ba tla swa; mme fa e le baswi bone, ga ba itse sepe gotlhelele, le gone ga ba tlhole ba na le tuelo, ka gonne go ba gakologelwa go lebetswe.” (Moreri 9:5) Ga go kgonege gore baswi, ba ba sa ‘itseng sepe gotlhelele,’ ba ka ya kwa lefelong lengwe gore ba utlwe botlhoko.

Selo se se dumelwang 5: Fa re swa re ka se tlhole re nna teng gape.

Fa re swa re tsena mo seemong sa go sa nne teng, mme seo ga se reye gore ga go tlhole go na le tsholofelo epe. Monna yo o ikanyegang e bong Jobe o ne a itse gore fa a swa o tla ya kwa lebitleng, e leng kwa Sheole. Le fa go ntse jalo, reetsa gore o ne a reng fa a rapela Modimo: “E kete o ne o ka mphitlha mo Sheole, wa mpaya mo sephiring go fitlha bogale jwa gago bo boela morago, gore o ntekanyetse nako mme o nkgakologelwe! Fa monna yo o nonofileng a swa a o ka tshela gape? . . . O tla bitsa, mme nna ka bonna ke tla go araba.”—Jobe 14:13-15.

Jobe o ne a dumela gore fa a ne a ka ikanyega go fitlha a swa, Modimo o ne a tla mo gakologelwa a bo a mo tsosa moragonyana. Seno ke sone se se neng se dumelwa ke batlhanka botlhe ba Modimo ba metlha ya bogologolo. Jesu ka boene o ne a tlhomamisa tsholofelo eno a bo a bontsha gore Modimo o ne a tla mo dirisa go tsosa baswi. Mafoko a ga Keresete ka boene a re tlhomamisetsa jaana: “Nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa, ba ba dirileng dilo tse di molemo ba tswela kwa tsogong ya botshelo, ba ba dirileng dilo tse di bosula ba tswela kwa tsogong ya katlholo.”—Johane 5:28, 29.

Mo bogautshwaneng Modimo o tla tlosa boikepo jotlhe a bo a dira lefatshe le lesha le le tla bong le busiwa go tswa kwa legodimong. (Pesalema 37:10, 11; Daniele 2:44; Tshenolo 16:14, 16) Seno se tla felela ka gore lefatshe lotlhe e nne paradaise e e tla bong e nniwa ke batho ba ba direlang Modimo. Re bala jaana mo Baebeleng: “Ka utlwa lentswe le le kwa godimo le tswa mo setulong sa bogosi le re: ‘Bona! Mogope wa Modimo o mo bathong, mme o tla aga le bone, mme ba tla nna batho ba gagwe. Mme Modimo ka boene o tla nna le bone. Mme o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone. Dilo tsa pele di fetile.’”—Tshenolo 21:3, 4.

Go Gololwa mo Poifong

Go itse ka tsholofelo ya tsogo mmogo le go itse Ene yo o dirileng thulaganyo eo, go ka go gomotsa. Jesu o ne a solofetsa jaana: “Lo tla itse boammaaruri, mme boammaaruri bo tla lo golola.” (Johane 8:32) Seno se akaretsa go gololwa mo go boifeng loso. Jehofa ke ene fela yo tota a ka dirang gore re se ka ra tlhola re tsofala le go swa a bo a re naya botshelo jo bo sa khutleng. A o ka dumela ditsholofetso tsa Modimo? Ee, o ka di dumela ka gonne ka dinako tsotlhe Lefoko la Modimo le diragala fela jaaka le builwe. (Isaia 55:11) Re go kgothaletsa go ithuta mo go oketsegileng ka se Modimo a se ikaeletseng ka batho. Basupi ba ga Jehofa ba tla itumelela go go thusa.

[Mafoko a a mo go tsebe 6]

Mathata a go boifa loso ke gore go ka dira gore motho a se ka a itumelela botshelo

[Tšhate mo go tsebe 7]

DILO DINGWE TSE DI DUMELWANG KA LOSO DIKWALO TSA RENG?

● Ke ga tlholego gore botshelo bo felele ka loso Genesise 1:28; 

2:17; Baroma 5:12

● Modimo o tseela batho kwa go ene fa ba swa Jobe 34:15;

Pesalema 37:11, 29; 115:16

● Modimo o tsaya bana ba bannye gore e nne baengele Pesalema 51:5; 104:1, 4;

Bahebera 1:7, 14

● Batho bangwe ba a tlhokofadiwa morago ga loso Pesalema 146:4;

Moreri 9:5, 10; Baroma 6:23

● Fa re swa re ka se tlhole re nna teng gape Jobe 14:14, 15;

Johane 3:16; 17:3; Ditiro 24:15

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Go itse boammaaruri ka loso go re golola mo poifong

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 5]

Barrators—Giampolo/The Doré Illustrations For Dante’s Divine Comedy/Dover Publications Inc.