Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa

Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa

Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa

“Yo o latelelang tshiamo le bopelonomi jwa lorato o tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.”—DIANE 21:21.

1. Ke ditsela dife tsa batho gompieno tse di nnileng le diphelelo tse di botlhoko?

“GO NA le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.” (Diane 16:25) A bo seane seno sa Baebele se tlhalosa sentle jang ne ditsela tsa batho ba le bantsi gompieno! Ka kakaretso, batho ba tshwenyegile fela ka go dira se bone ba bonang se siame, ba tlhokomologa le dilo tsa konokono tse di tlhokwang ke ba bangwe. (Diane 21:2) Ba iphaka gore ba tlotla melao le ditekanyetso tsa naga ya bone mme nako le nako fa go kgonega ba leka go bona ditsela tsa go tsietsa. Seno se felela ka setšhaba se se kgaoganeng, se se tlhakaneng tlhogo le se se akabetseng.—2 Timotheo 3:1-5.

2. Ke eng se batho ba se tlhokang ka potlako gore ba solegelwe molemo?

2 Gore rona ka borona re solegelwe molemo—le gore batho botlhe ba nne le kagiso le polokesego—re tlhoka molao o o siameng ka potlako, o batho botlhe ba iketleeleditseng go o amogela le go o ikobela. Go bonala sentle gore ga go na motho ope yo o ka tlhomang molao o o ntseng jalo, le fa a ka tswa a le botlhale go le kana kang kgotsa a o tlhoma ka maikaelelo a a molemo go le kana kang. (Jeremia 10:23; Baroma 3:10, 23) Fa e le gore molao o o ntseng jalo o teng, o ka bonwa kae le gone o ntse jang? Gongwe potso e e botlhokwa thata ke gore, Fa e le gore molao o o ntseng jalo o teng, a o ka go natefelela le gone a o ka o ikobela?

Go Bona Molao o o Siameng

3. Ke mang yo o tshwanelegang go gaisa botlhe gore a ka re naya molao o o amogelesegang le o o tla solegelang batho botlhe molemo, mme ke eng fa a tshwanelega?

3 Go bona molao o o amogelesegang e bile o solegela batho botlhe molemo, re tla tshwanelwa ke go ya kwa mothong yo o sa kgorelediweng ke bomorafe, go tlhaola batho ka lotso le ke dipolotiki e bile a se na dikgoreletsi tse batho ba nang le tsone tsa go palelwa ke go bonela dilo kwa pele le go nna bokoa. Ga go na pelaelo gore motho a le mongwe fela yo o tshwanelegang ke Mmopi Mothatayotlhe e bong Jehofa Modimo, yo o bolelang jaana: “Jaaka magodimo a le kwa godimo ga lefatshe, fela jalo ditsela tsa me di kwa godimo ga ditsela tsa lona, le dikakanyo tsa me di kwa godimo ga dikakanyo tsa lona.” (Isaia 55:9) Mo godimo ga moo, Baebele e tlhalosa Jehofa e re ke “Modimo yo o ikanyegang, yo go se nang botlhoka tshiamiso mo go ene; o siame e bile o thokgame.” (Duteronome 32:4) Mo Baebeleng yotlhe, re bona mafoko a a reng “Jehofa o tshiamo.” (Ekesodo 9:27; 2 Ditiragalo 12:6; Pesalema 11:7; 129:4; Dikhutsafalo 1:18) Ee, re ka ikanya Jehofa gore a re neye molao o o siameng ka gonne o a ikanyega e bile o tshiamo.

4. Mo Baebeleng lefoko “tshiamo” le kaya eng?

4 Batho ba le bantsi ga ba amogele batho ba ba akanyang gore ba siame kgotsa ba boitshepo go gaisa batho ba bangwe, e bile ba ba bua maswe. Le fa go ntse jalo, lefoko tshiamo mo Baebeleng le akaretsa kgopolo ya go nna le tshiamiso, go thokgama, go nna molemo; go tlhoka molato, go tlhoka boleo; go tshela ka melaometheo ya molao wa Modimo kgotsa ditekanyetso tse di amogelesegang tsa boitsholo; go dira dilo ka tshwanelo. A o ne o se kitla o natefelelwa ke molao o o akaretsang dinonofo tseno tse di molemo?

5. Tlhalosa nonofo ya go nna tshiamo e go buiwang ka yone mo Baebeleng.

5 Encyclopaedia Judaica e bolela jaana ka nonofo ya go nna tshiamo: “Tshiamo ga se kgopolo fela mme go na le moo ke go direla batho ba bangwe se se tshwanetseng le se se siameng.” Ka sekai, tshiamo ya Modimo ga se nonofo fela ya kafa teng kgotsa nonofo e a nang le yone, jaaka boitshepo le boitsheko jwa gagwe. Go na le moo, ke go bontsha mofuta wa motho o a leng ene ka ditsela tse di siameng. Go ka nna ga bolelwa gore e re ka Jehofa a le boitshepo e bile a itshekile, sengwe le sengwe se a se dirang le sengwe le sengwe se se tswang mo go ene se siame. Jaaka fa Baebele e bolela, “Jehofa o siame mo ditseleng tsa gagwe tsotlhe e bile o ikanyega mo ditirong tsa gagwe tsotlhe.”—Pesalema 145:17.

6. Paulo o ne a reng ka Bajuda bangwe ba motlha wa gagwe ba e neng e se badumedi, mme ke eng fa a ne a rialo?

6 Moaposetoloi Paulo o ne a gatelela ntlha eno mo lekwalong la gagwe le le yang kwa Bakereseteng ba kwa Roma. O ne a kwala jaana ka Bajuda bangwe ba e neng e se badumedi: “Ka ntlha ya go bo ba sa itse tshiamo ya Modimo mme ba batla go tlhoma ya bone, ba ne ba se ka ba ipaya mo taolong ya tshiamo ya Modimo.” (Baroma 10:3) Ke ka ntlha yang fa Paulo a ne a re ga ‘ba itse tshiamo ya Modimo’? A ba ne ba sa rutwa Molao, ditekanyetso tse di siameng tsa Modimo? Ruri ba ne ba o rutilwe. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa bone ba ne ba leba tshiamo e le molemo wa bone ka namana fela, o o fitlhelelwang ka go ikobela melao ya bodumedi ka kelotlhoko thata, go na le go e leba e le sengwe se se ba kaelang mo ditirisanong tsa bone le ba bangwe. Fela jaaka baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu, ba ne ba sa tlhaloganye bokao jwa mmatota jwa tshiamiso le tshiamo.—Mathaio 23:23-28.

7. Jehofa o bontsha jang tshiamo ya gagwe?

7 Go farologana le seo, Jehofa o bontsha tshiamo ya gagwe mo ditseleng tsotlhe tse a dirisanang le ba bangwe ka tsone. Le mororo go nna tshiamo ga gagwe go dira gore a se ka a itlhokomolosa maleo a batho ba ba leofang ka boomo, seo ga se mo dire Modimo yo o sa kgathaleng le yo o gatelelang, yo batho ba tshwanetseng go mo tshaba le go mo katoga. Go farologana le moo, ditiro tsa gagwe tsa tshiamo di neile batho tsela ya go mo atamela gore ba bolokwe mo diphelelong tse di botlhoko tsa boleo. Ka jalo, go tshwanela sentle go bo Jehofa a tlhalosiwa e le “Modimo yo o siameng le Mmoloki.”—Isaia 45:21.

Tshiamo le Poloko

8, 9. Molao o ne wa tlhalosa tshiamo ya Modimo ka ditsela dife?

8 Gore re tlhaloganye kamano fa gare ga tshiamo ya Modimo le kgato ya gagwe e e lorato ya go boloka batho, a re akanyeng ka Molao o a neng a o naya setšhaba sa Iseraele ka Moshe. Ga go na pelaelo epe gore Molao oo o ne o siame. Fa Moshe a ne a kgaogana le Baiseraele, o ne a ba gakolola jaana: “Go na le setšhaba sefe se segolo se se nang le melao e e siameng le ditshwetso tsa boatlhodi jaaka molao ono otlhe o ke o bayang fa pele ga lona gompieno?” (Duteronome 4:8) Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a bolela jaana: “Ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa di boammaaruri; di itshupile di siame thata fela.”—Pesalema 19:9.

9 Jehofa o ne a dirisa Molao go tlhalosa sentle ditekanyetso tsa gagwe tse di itekanetseng tsa se se siameng le se se sa siamang. Molao o ne wa tlhalosa ka botlalo kafa Baiseraele ba neng ba tshwanetse go itshwara ka gone e seng mo dilong tse di amanang le bodumedi fela mme gape le mo kgwebong, mo ditirisanong tsa lenyalo, mo dilong tse di amanang le dijo le mekgwa ya go tlosa leswe mmogo le ditshwetso tsa boatlhodi. Gape Molao o ne o na le dikotlhao tse di gagametseng tse di neng di ka tlela ba ba o tlolang, e bile o ka ba atlholela loso ka dinako tse dingwe. * Le fa go ntse jalo, a ditaelo tse di siameng tsa Modimo, tse di tlhalosiwang mo Molaong, e ne e le mokgweleo o o boima o o lapisang mo bathong, o o dirang gore ba se ka ba nna le kgololesego le boitumelo, jaaka batho ba le bantsi ba bolela gompieno?

10. Batho ba ba ratang Jehofa ba ne ba ikutlwa jang ka melao ya gagwe?

10 Ba ba neng ba rata Jehofa ba ne ba natefelelwa thata ke melao le ditaelo tsa gagwe tse di siameng. Ka sekai, jaaka fa re bone, Kgosi Dafide ga a ka a leba ditshwetso tsa boatlhodi tsa ga Jehofa e le tse di boammaaruri e bile di siame fela, mme gape o ne a di rata le go di anaanela ka pelo yotlhe. O ne a kwala jaana malebana le melao le ditshwetso tsa ga Jehofa tsa boatlhodi: “Di eletsega go gaisa gouta, ee, go gaisa gouta e ntsi e e itshekileng; mme di botshe go gaisa tswina ya dinotshe le tswina e e elelang ya mamepe a dinotshe. Gape, motlhanka wa gago o tlhagisitswe ke tsone; go di boloka go na le maduo a magolo.”—Pesalema 19:7, 10, 11.

11. Molao o ne wa itshupa jang e le “mogogi yo o isang kwa go Keresete”?

11 Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, Paulo o ne a bontsha molemo o mongwe o mogolo tota wa Molao. O ne a kwala jaana mo lekwalong la gagwe le le neng le ya go Bagalatia: “Molao o fetogile mogogi wa rona yo o isang kwa go Keresete gore re tle re bolelwe re le ba ba siameng ka ntlha ya tumelo.” (Bagalatia 3:24) Mo motlheng wa ga Paulo, mogogi (morutabana, Kingdom Interlinear) e ne e le motlhanka kgotsa lekgoba mo lelapeng le legolo. Tiro ya gagwe e ne e le go sireletsa bana le go ba isa sekolong. Ka tsela e e tshwanang, Molao o ne o sireletsa Baiseraele mo mekgweng e e bodileng ya boitsholo le ya bodumedi ya ditšhaba tse di neng di ba dikologile. (Duteronome 18:9-13; Bagalatia 3:23) Mo godimo ga moo, Molao o ne o thusa Baiseraele go lemoga gore ke baleofi le gore ba tlhoka go itshwarelwa le go bolokwa. (Bagalatia 3:19) Thulaganyo ya go ntsha setlhabelo e ne e bontsha gore go tlhokega setlhabelo sa thekololo e bile e ne e le setshwani sa boporofeti se Mesia wa boammaaruri a neng a tla lemogiwa ka sone. (Bahebera 10:1, 11, 12) Ka jalo, le mororo Jehofa a ne a bontsha tshiamo ya gagwe a dirisa Molao, o ne a dira jalo a akantse ka go direla batho molemo le gore ba bolokwe ka bosakhutleng.

Ba Modimo a ba Lebang ba Siame

12. Baiseraele ba ka bo ba ile ba nna le eng ka go ikobela Molao ka kelotlhoko?

12 E re ka Molao wa ga Jehofa o ne o siame ka ditsela tsotlhe, Baiseraele ba ka bo ba ile ba nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo ka go o ikobela. Fa Baiseraele ba ne ba tloga ba tsena mo Nageng e e Solofeditsweng, Moshe o ne a ba gakolola jaana: “Go tla raya tshiamo mo go rona, gore re tlhokomele go dira molao ono otlhe fa pele ga ga Jehofa Modimo wa rona, fela jaaka a re laetse.” (Duteronome 6:25) Mo godimo ga moo, Jehofa o ne a solofeditse jaana: “Lo boloke melao ya me le ditshwetso tsa me tsa boatlhodi, tse fa motho a di dira, gape a tshwanetseng go tshela ka tsone. Ke nna Jehofa.”—Lefitiko 18:5; Baroma 10:5.

13. A Jehofa o ne a se na tshiamiso fa a ne a batla gore batho ba gagwe ba boloke Molao o o siameng? Tlhalosa.

13 Se se utlwisang botlhoko ke gore, jaaka setšhaba, Baiseraele ga ba a ka ba “dira molao ono otlhe fa pele ga ga Jehofa” mme ka jalo ba se ka ba bona masego a a neng a solofeditswe. Ga ba a ka ba boloka ditaelo tsotlhe tsa Modimo ka gonne Molao wa Modimo o ne o itekanetse mme bone ba ne ba sa itekanela. A seno se bolela gore Modimo ga a na tshiamiso kgotsa ga a siama? Le e seng. Paulo o ne a kwala jaana: “Jaanong re tla reng? A go na le botlhokatshiamiso mo Modimong? Le ka motlha e kete go ka se ka ga nna jalo!” (Baroma 9:14) Boammaaruri ke gore mo metlheng ya pele Modimo a naya batho Molao le morago ga moo, go ne go na le batho bangwe ba a ileng a ba leba ba siame le fa ba ne ba sa itekanela e bile ba na le boleo. Lenaane la batho ba ba ntseng jalo ba ba boifang Modimo le akaretsa Noa, Aborahame, Jobe, Rahabe le Daniele. (Genesise 7:1; 15:6; Jobe 1:1; Esekiele 14:14; Jakobe 2:25) Jaanong potso ke gore: Modimo o ne a leba batho bano e le ba ba siameng ka mabaka afe?

14. Baebele e raya jang fa e re motho o “tshiamo”?

14 Fa Baebele e re motho o “tshiamo,” ga e kaye gore ga a na boleo kgotsa gore o itekanetse. Go na le moo, e kaya gore o diragatsa maikarabelo a gagwe fa pele ga Modimo le batho. Ka sekai, Noa o ne a bidiwa “monna yo o siameng” e bile “a se na molato mo gare ga ba ba neng ba tshela ka nako ya gagwe” ka gonne o ne “a dira kafa go sotlhe se Modimo a neng a se mo laetse. A dira fela jalo.” (Genesise 6:9, 22; Malaki 3:18) Batsadi ba ga Johane Mokolobetsi e bong Sekarea le Elisabetha, “ba ne ba siame fa pele ga Modimo ka ntlha ya go tsamaya ka go tlhoka molato tumalanong le ditaelo tsotlhe le dipatlafalo tsa semolao tsa ga Jehofa.” (Luke 1:6) Mme modiredi mongwe wa sesole wa kwa Italy e bong Korenelio, yo e neng e se Moiseraele, o ne a tlhalosiwa e le “monna yo o siameng yo o boifang Modimo.”—Ditiro 10:22.

15. Tshiamo e amana thata le eng?

15 Mo godimo ga moo, mo bathong tshiamo e amana thata le se se mo pelong—tumelo e motho a nang le yone mo go Jehofa le mo ditsholofetsong tsa gagwe le tsela e a mo anaanelang le go mo rata ka yone—ga e amane fela le go dira se Modimo a se batlang. Dikwalo tsa re Aborahame o ne a “dumela mo go Jehofa; mme a go kaya e le tshiamo mo go ene.” (Genesise 15:6) Aborahame o ne a sa dumele fela gore Modimo o teng mme gape o ne a dumela le se a neng a mo solofeditse sone malebana le “losika.” (Genesise 3:15; 12:2; 15:5; 22:18) Ka ntlha ya tumelo e e ntseng jalo le ditiro tse di tsamaisanang le tumelo, Jehofa o ne a ka dirisana le Aborahame mmogo le ba bangwe ba ba ikanyegang a ba a ba segofatsa le mororo ba ne ba sa itekanela.—Pesalema 36:10; Baroma 4:20-22.

16. Go dumela mo thekololong go feletse ka eng?

16 Kwa bofelong, mo bathong tshiamo e ikaegile ka go nna le tumelo mo setlhabelong sa thekololo sa ga Jesu Keresete. Paulo o ne a kwala jaana ka Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga: “Go ntse jaaka e kete ke mpho ya mahala go bo ba bolelwa e le ba ba siameng ka bopelonomi jo bo sa re tshwanelang jwa [Modimo] ka go gololwa ka thekololo e e neng ya duelwa ke Keresete Jesu.” (Baroma 3:24) Paulo foo o ne a bua ka ba ba tlhophilweng gore e nne baruaboswa mmogo le Keresete mo Bogosing jwa selegodimo. Mme gape setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se ne se fa batho ba bangwe ba le dimilione sebaka sa go nna le boemo jo bo siameng fa pele ga Modimo. Mo ponatshegelong, moaposetoloi Johane o ne a bona “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, . . . ba eme fa pele ga setulo sa bogosi le fa pele ga Kwana, ba apere diaparo tse di telele tse ditshweu.” Diaparo tsa bone tse di telele tse ditshweu di tshwantshetsa gore ba phepa e bile ba siame fa pele ga Modimo ka gonne “ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.”—Tshenolo 7:9, 14.

Natefelelwa ke Tshiamo ya ga Jehofa

17. Ke dikgato dife tse re tshwanetseng go di tsaya gore re latelele tshiamo?

17 Le mororo Jehofa a neile batho Morwawe e bong Jesu Keresete ka lorato e le tsela ya gore ba nne le boemo jo bo siameng fa pele ga gagwe, boemo jono ga bo itlele fela. Motho o tshwanetse go dumela mo thekololong eno, a dumalanye botshelo jwa gagwe le thato ya Modimo, a ineele mo go Jehofa, a bo a bontshe boineelo joo ka go kolobediwa mo metsing. Morago ga moo, o tshwanetse go tswelela pele a latelela tshiamo, mmogo le dinonofo tse dingwe tsa semoya. Timotheo, Mokeresete yo o kolobeditsweng yo o amogetseng pitso ya selegodimo, o ne a kgothadiwa jaana ke Paulo: “Latelela tshiamo, boineelo jwa bomodimo, tumelo, lorato, boitshoko, bonolo.” (1 Timotheo 6:11; 2 Timotheo 2:22) Gape, Jesu o ne a gatelela botlhokwa jwa go tswelela re dira maiteko fa a ne a re: “Nnang lo batle pele bogosi le tshiamo ya gagwe.” Re ka nna ra bo re dira ka natla go senka masego a Bogosi jwa Modimo, mme a re dira ka natla ka tsela e e tshwanang gore re tsamaye mo ditseleng tse di siameng tsa ga Jehofa?—Mathaio 6:33.

18. (a) Ke eng fa go se motlhofo go latelela tshiamo? (b) Re ka ithuta eng mo sekaing sa ga Lote?

18 Gone ke boammaaruri gore ga go motlhofo go latelela tshiamo. Seno ke ka gonne rotlhe ga re a itekanela e bile re ganelela mo go direng dilo tse di sa siamang. (Isaia 64:6) Mo godimo ga moo, re dikologilwe ke batho ba ba sa kgathaleleng ditsela tsa ga Jehofa tsa tshiamo. Re mo seemong se se tshwanang thata le sa ga Lote, yo o neng a nna kwa motseng wa Sodoma o o neng o itsege ka bosula jwa one. Moaposetoloi Petere o ne a tlhalosa lebaka la go bo Jehofa a ne a bona go tlhokega gore a namole Lote mo tshenyegong e e neng e atamela. Petere o ne a re: “Monna yo o siameng yoo, ka se a neng a se bona le se a neng a se utlwa fa a ne a nna gareng ga bone letsatsi le letsatsi o ne a tlhokofatsa moya wa gagwe o o siameng ka ntlha ya ditiro tsa bone tsa go tlhoka molao.” (2 Petere 2:7, 8) Ka jalo, go ka nna molemo gore mongwe le mongwe wa rona a ipotse jaana: ‘A mo pelong ya me ke amogela mekgwa ya boitsholo jo bo sa siamang e e re dikologileng? A ke bona boitlosobodutu kgotsa metshameko e e rategang mme e tletse thubakanyo e se monate fela? Kgotsa a ke utlwisiwa botlhoko ke ditiro tse di ntseng jalo tse di sa siamang fela jaaka Lote?’

19. Re ka bona masego afe fa re natefelelwa ke tshiamo ya Modimo?

19 Mo metlheng eno e e kotsi e e sa tlhomamang, go natefelelwa ke tshiamo ya ga Jehofa go a re sireletsa. Potso e e reng: “Jehofa, ke mang yo o tla nnang molalediwa mo mogopeng wa gago? Ke mang yo o tla agang mo thabeng ya gago e e boitshepo?” e ne ya arabiwa jaana ke Kgosi Dafide: “Ke yo o tsamayang ka go tlhoka molato le yo o dirang tshiamo.” (Pesalema 15:1, 2) Fa re latelela tshiamo ya Modimo e bile e re natefelela, re ka nna re ntse re na le botsalano jo bo molemo le ene mme a tswelela pele a re amogela le go re segofatsa. Ka jalo, mo botshelong jwa rona re nna re kgotsofetse, re itlotla e bile re ritibetse mo mogopolong. Lefoko la Modimo la re: “Yo o latelelang tshiamo le bopelonomi jwa lorato o tla bona botshelo, tshiamo le kgalalelo.” (Diane 21:21) Mo godimo ga moo, fa re leka ka natla go dira se se siameng mo go sengwe le sengwe se re se dirang re tla nna le ditirisano tse di itumetseng le ba bangwe re bo re tshele botshelo jo bo botoka—mo boitsholong le mo semoyeng. Mokwadi wa dipesalema o ne a bolela jaana: “Go itumela ba ba bolokang tshiamiso, ba ba dirang tshiamo ka dinako tsotlhe.”—Pesalema 106:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 9 Go bona dintlha ka botlalo malebana le kafa Molao wa ga Moshe o neng o dira thata ka gone, bona setlhogo se se reng “Some Features of the Law Covenant,” mo tsebeng 214-20 ya bolumo 2 ya Insight on the Scriptures, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

A o Ka Tlhalosa?

• Tshiamo ke eng?

• Poloko e amana jang le tshiamo ya Modimo?

• Modimo o leba batho e le ba ba siameng ka mabaka afe?

• Re ka natefelelwa jang ke tshiamo ya ga Jehofa?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 15]

Kgosi Dafide o ne a bontsha gore o rata melao ya Modimo ka pelo yotlhe

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Modimo o ne a leba Noa, Aborahame, Sekarea le Elisabetha le Korenelio e le ba ba siameng. A o a itse gore ke ka ntlha yang?