O Akanya Eng ka Loso?
O Akanya Eng ka Loso?
GO AKANYA ka loso go re sulafaletsa botshelo, le fa re ka tswa re itekanetse mo mmeleng kgotsa re humile go le kana kang. E ka nna ya re kgantele fa o ntse o tsamaya kana o robetse wa swa. Ditiragalo tsa masetlapelo tse di jaaka ditlhaselo tsa dirukutlhi tsa September 11, 2001, kwa New York City le Washington, D.C., di re lemotsha gore loso lo e leng “mmaba wa bofelo,” ga lo tlhaole, ka dinako tse dingwe lo tlhasela batho ba le diketekete ka metsotso e se kae fela.—1 Bakorintha 15:26.
Le fa go ntse jalo, go lebega batho ba sa batle go fetwa ke dikgang tse di malebana le loso. Fa go na le dipego tsa dintsho, segolobogolo fa go sule batho ba le bantsi ka tsela e e setlhogo, dipampiri tsa dikgang di rekwa ka bontsi, e bile batho ga ba batle go tswa fa pele ga dithelebishene tsa bone. Go lebega batho ba sa lapisiwe ke go utlwa dipego tsa dintsho, di ka tswa di bakilwe ke dintwa, masetlapelo a tlholego, bokebekwa kgotsa bolwetse. Seo se bonala segolobogolo fa go tlhokafetse batho ba maemo kgotsa ba ba tumileng, mo batho ba bontshang maikutlo a bone ka tsela e e feteletseng.
Ke kafa go ntseng ka teng. Batho ga ba batle go fetwa ke dikgang tsa dintsho tsa batho ba bangwe. Le fa go ntse jalo, fa motho a bona gore o a swa, o tshaba le go akanya ka gone. Bontsi jwa rona ga re batle le go akanya ka kgang ya gore re tla swa ka letsatsi lengwe.
A Loso Lo a Go Akabatsa?
Kgopolo ya gore re tla swa ka letsatsi lengwe ga e ke e itumedisa mme seo se ka se fetoge. Ke eng fa go ntse jalo? Ke ka go bo fa Modimo a ne a re bopa o ne a re naya keletso ya go tshelela ruri. Moreri 3:11 ya re: “E bile o tsentse bosakhutleng mo pelong ya bone.” Ka jalo, e re ka loso e le selo se se nnang se le teng, motho o nna le dikakanyo tse di sa tsamaisaneng, kgotlhang e e sa feleng ya maikutlo. Go fedisa kgotlhang eno ya maikutlo le go kgotsofatsa keletso ya bone ya go tshelela ruri, batho ba ile ba tlhama mefuta e e farologaneng ya ditumelo, tse di jaaka thuto ya gore moya ga o swe le tumelo ya gore motho o tsalwa e le setshedi se sesha.
Gone mme, loso lo tlisa matshwenyego, lo a tshabega mme lo boifiwa gongwe le gongwe. Ka jalo, ga re a tshwanela go gakgamadiwa ke gore batho ka kakaretso ba boifa loso. Totatota, loso lo supa kafa go sa thuseng sepe ka teng go gagamalela go nna le dikhumo le go laola batho ba bangwe.
A o Tla Iphitlhela o le Nosi O le Mo Diphateng Tsa Loso?
Mo nakong e e fetileng, fa motho a ne a lwalela go swa kana a gobetse thata, gantsi go ne go dirwa gore fa a swa a bo a le kwa legaeng la gagwe Genesise 49:1, 2, 33) Fa seemo se ntse jalo, ba lelapa ba a kopana mme le bana ba akarediwa mo puisanong. Se se dira gore mongwe le mongwe mo lelapeng a bone gore ga a hutsafala a le nosi mme o gomodiwa ke go itse gore ga se maikarabelo a gagwe a le nosi.
e re ka e le lefelo le a le tlwaetseng e bile a le rata. Gantsi go ne go nna jalo mo metlheng e Baebele e kwadilweng ka yone e bile go sa ntse go ntse jalo mo ditsong dingwe. (Se se farologana thata le se se diregang mo setšhabeng se se tsayang gore go bua ka loso ke moila, ke kgang e e tshosang e bana ba sa akarediweng mo go yone ka gonne go akanngwa gore e tla ba imela. Gompieno batho ba swa mo maemong a a farologaneng ka ditsela tse dintsi le maemo a pele batho ba neng ba swa ba le mo go one mme gantsi fa motho a tla go swa o a bo a le nosi fela. Le mororo batho ba le bantsi ba ne ba ka rata go swela kwa gae, ba le mo kagisong ba tlhokometswe ke ba lelapa, gantsi se se diragalang ke gore ba swela kwa kokelong, ba le bosi ba le mo ditlhabing e bile ba faraferwe ke mafaratlhatlha a didirisiwa tse di tshosang tsa boranyane jwa saense. Ka fa letlhakoreng le lengwe, batho ba le dimilione ba swa fela go sa itse ope—ba swela mo kgailong ya merafe, ba swa ka ntlha ya leuba, AIDS, ntwa ya selegae kana lehuma le le feteletseng.
Kgang e re Tshwanetseng go e Akanyetsa
Baebele ga e re thibele go akanya ka loso. Tota e bile, Moreri 7:2 ya re: “Go botoka go ya kwa ntlong ya khutsafalo go na le go ya kwa ntlong ya mokete, ka gonne seo ke bokhutlo jwa batho botlhe.” Fa go na le loso, re ka nna ra tlogela go akanya ka ditiro tsa rona tsa ka metlha mme ra akanya kafa botshelo bo leng bokhutshwane ka teng. Seno se ka re thusa go tshela re na le boikaelelo go na le go pholetha fela mo botshelong.
O akanya eng ka loso? A o kile wa ipotsa gore o ikutlwa jang, o dumela eng, o solofetse eng, le gore o boifa eng ka loso lwa gago?
Motho a ka se kgone go tlhalosa le go tlhaloganya loso, fela jaaka a ka se kgone go dira jalo ka botshelo. Mmopi ke ene fela a ka re bolelelang boammaaruri ka kgang eno. O na le “motswedi wa botshelo,” mme “ditsela tsa go tswa mo losong” ke tsa gagwe. (Pesalema 36:9; 68:20) Le fa seno se ka tswa se gakgamatsa, fa re ka dirisa Lefoko la Modimo go tlhatlhoba dingwe tsa ditumelo tse di tlwaelegileng malebana le loso re tla gomotsega le go kgothatsega. Re tla lemoga gore go na le tsholofelo morago ga loso.
[Mafoko a a mo go tsebe 4]
Go itse gore re tla swa go re thusa gore re nne le boikaelelo mo botshelong