Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Thaterakeramatone mo Thanolong ya Septuagint

Thaterakeramatone mo Thanolong ya Septuagint

Thaterakeramatone mo Thanolong ya Septuagint

LEINA la Modimo, Jehofa, le emelwa ke Thaterakeramatone, e leng ditlhaka tse nnè tsa Sehebera יהוה (YHWH). Ke bogologolo go ntse go dumelwa gore Thaterakeramatone ga e tlhage mo dikhoping tsa thanolo ya Septuagint, e e leng thanolo ya bogologolo ya Segerika ya Dikwalo Tsa Sehebera. Ka gone, go ile ga bolelwa gore fa bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika ba ne ba nopola Dikwalo Tsa Sehebera, go ne go se kafa ba ka dirisang leina la Modimo mo mokwalong wa bone ka gone.

Metseletsele ya dithibololo e e ileng ya dirwa mo dingwageng di le lekgolo kana go feta tse di fetileng e ile ya bontsha gore leina la Modimo le ne le tlhaga mo thanolong ya Septuagint. Buka nngwe e bolela jaana: “Bajuda ba ba neng ba fetogetse mo Bogerikeng ba ne ba na le keletso e kgolo ya go boloka leina le le boitshepo la Modimo le sa fetolwa, mo e leng gore fa ba ne ba ranolela Baebele ya Sehebera mo Segerikeng, ba ne ba kwalololela ditlhaka tsa Thaterakeramatone jaaka di ntse mo go se ba neng ba se kwala ka Segerika.”

Kapetla e e bontshitsweng kafa molemeng ya papirase ke nngwe ya tse dintsinyana tse di sa ntseng di le gone. Kapetla eno e e ileng ya fitlhelwa kwa Oxyrhynchus, kwa Egepeto, mme ya newa nomore ya 3522, ke ya lekgolo la ntlha la dingwaga C.E. * E boleele jwa disentimetara di le 7 le bophara jwa di le 10,5 mme e nopola lekwalo la Jobe 42:11, 12. Thaterakeramatone, jaaka go thaletswe go e dikologa mo setshwantshong, e kwadilwe ka ditlhaka tsa bogologolo tsa Sehebera. *

Ka gone, a leina la Modimo le ne le tlhaga mo dikhoping tsa bogologolo tsa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika? George Howard yo e leng mokanoki a re: “E re ka Thaterakeramatone e ne e ntse e kwadilwe mo dikhoping tsa Baebele ya Segerika [ya Septuagint] e e neng e le karolo ya Dikwalo tsa kereke ya pele, go a utlwala go dumela gore bakwadi ba [Tesetamente e Ntšha] ba ne ba boloka Thaterakeramatone mo mokwalong wa Baebele fa ba ne ba nopola Dikwalo mo thanolong ya Septuagint.” Go bonala gore ka bonako fela morago ga moo bakwalolodi ba ile ba emisetsa leina la Modimo ka mareo a a jaaka Kyʹri·os (Morena) le The·osʹ (Modimo).

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 4 Go bona tshedimosetso e e oketsegileng malebana le dipapirase tse di fitlhetsweng kwa Oxyrhynchus, bona Tora ya Tebelo ya February 15, 1992, tsebe 26-8.

^ ser. 4 Go bona dikai tse dingwe tsa leina la Modimo mo dithanolong tsa bogologolo tsa Segerika, bona New World Translation of the Holy Scriptures—With References, appendix 1C.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 30]

Courtesy of the Egypt Exploration Society