Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Mathata a Batho a Tla Tsamaya a Fela?

A Mathata a Batho a Tla Tsamaya a Fela?

A Mathata a Batho a Tla Tsamaya a Fela?

PEGO e e tswang kwa Ireland e tlhalosa seemo sa lefatshe jaana: “Kwatara e le nngwe ya baagi ba lefatshe e tshelela mo lehumeng, dimilione di le dikete di le 1,3 tsa bone di tshela ka madi a a kafa tlase ga dolara e le nngwe ka letsatsi, ba le dimilione di le sekete ga ba itse go bala le go kwala, dimilione di le dikete di le 1,3 ga di na metsi a a phepa mme ba le dimilione di le sekete ga ba na se ba se jang letsatsi le letsatsi.”

A bo go kgoba marapo jang ne go bo batho ba paletswe ke go bona tharabololo ya leruri ya mathata a lefatshe! Mathata ano a utlwisa botlhoko le go feta fa re akanya gore bontsi jwa batho ba go buiwang ka bone mo pegong eno, ke basadi le bana ba ba sa kgoneng go dira sepe ka one. A ga go gakgamatse go bona gore le e leng gone jaanong, mo lekgolong leno la bo21 la dingwaga, ditshwanelo tsa “ba le bantsi ba bone di ntse di gatakiwa letsatsi le letsatsi”?—The State of the World’s Children 2000.

“Kokomana Yotlhe e Tsena mo Lefatsheng le Lesha”

United Nations Children’s Fund e ne ya bolela fa e na le tsholofelo ya gore “tlalelo e batho mo lefatsheng lotlhe ba nang le yone e e bakilweng ke maemo ano e ka kgona go fedisiwa.” Mokgatlho ono o bolela gore maemo a a hutsafatsang a batho ba le dimilione di le diketekete ba ba tlhokileng lesego ba tshwanetseng go a itshokela gone jaanong, “a ka se ka a kgona go tilwa kgotsa a fetolwa.” Tota e bile, mokgatlho ono o ikuetse mo “bathong botlhe gore ba lemoge gore kokomana yotlhe e tsena mo lefatsheng le lesha.” O solofela gore seno e tla nna lefatshe le mo go lone batho botlhe ba tla “gololesegang mo lehumeng le mo tlhaoleleng, mo bothubaking le mo malwetseng.”

Ba ba nang le tsholofelo e e ntseng jalo ba kgothadiwa ke gore le gone jaanong batho ba ba amegang ka ba bangwe ba dira tiro e kgolo ya go fokotsa matswela a a hutsafatsang a “dintwa le mathata tse go lebegang di sa fele.” Ka sekai, mo dingwageng di le 15 tse di fetileng, Chernobyl Children’s Project “e thusitse go fokotsa go boga ga bana ba le makgolokgolo ba ba tshwerweng ke dikankere tse di bakilweng ke go thunya ga dibetsa tsa nuklea.” (The Irish Examiner, April 4, 2000) Eleruri mekgatlho e mennye le e megolo ya namolo e tokafaditse matshelo a batho ba le bantsintsi ba ba amilweng ke ntwa le ke masetlapelo ano.

Le fa go ntse jalo, ba ba nnang le seabe mo go tokafatseng matshelo a batho jalo ba leba dilo ka tsela e e tshwanetseng. Ba a itse gore mathata a a leng teng gompieno “a aname thata e bile a etegetse go feta kafa a neng a ntse ka gone dingwaga di le lesome tse di fetileng.” David Begg, mookamedimogolo wa Mokgatlho wa kwa Ireland o o abang dimpho tsa kutlwelobotlhoko a re “badiri le batshegetsi ba mokgatlho ono le ba ba abang dimpho ba ne ba arabela ka tsela e e molemo tota” fa Mozambique e ne e tlhasetswe ke merwalela. O oketsa jaana: “Mme ga re na re kgona go lebana le masetlapelo a makanakana fa go se ope yo o re tshegetsang.” O dumela jaana ka tlhamalalo malebana le maiteko a go thusa ba bangwe mo Afrika: “Tsholofelonyana e re ntseng re na le yone e a nyelela.” Ba le bantsi ba tla akanya gore mafoko a gagwe a sobokanya seemo sa lefatshe sentle.

A tota re ka lebelela go bona “kokomana yotlhe e tsena mo lefatsheng le lesha” jaaka go solofetswe? Le fa gone jaanong go dirwa maiteko a a molemo a go thusa batho, go a utlwala gore re akanye ka tsholofelo e nngwe ya lefatshe le lesha la tshiamo le kagiso. Baebele e bolela ka tsholofelo eo, jaaka setlhogo se se latelang se tla tlhalosa.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 2]

Page 3, children: UN/DPI Photo by James Bu