Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Nako ya go Senola Sephiri

Nako ya go Senola Sephiri

Nako ya go Senola Sephiri

Go boloka dilo dingwe e le sephiri go ka baka kagiso kgotsa dikgotlhang. Mme gone a go na le nako ya go senola sephiri? Ela tlhoko se moporofeti Amose a se bolelang ka Modimo wa gagwe: “Jehofa ga a kitla a dira sepe fa a sa senolela batlhanka ba gagwe, e bong baporofeti sephiri sa gagwe.” (Amose 3:7) Go tswa mo mafokong ano, re ithuta sengwe ka go boloka sephiri. Jehofa a ka boloka dilo dingwe e le sephiri ka lobaka lo lo rileng lwa nako mme kgabagare a di senolele batho bangwe. Re ka etsa Jehofa jang mo kgannyeng eno?

Ka dinako tse dingwe, balebedi ba ba tlhomilweng mo phuthegong ya Bokeresete ba bona go tshwanela gore ba se ka ba senola dilo dingwe. (Ditiro 20:28) Ka sekai, ka gonne ba akanyetsa phuthego, ba ka nna ba swetsa ka gore ba se ka ba bolelela phuthego ka dithulaganyo dingwe kgotsa diphetogo mo maikarabelong a mo phuthegong go fitlhela nako e e rileng.

Le fa go ntse jalo, fa go na le kgang e e ntseng jalo go botlhokwa go bolelela botlhe ba ba amegang gore kgang eo e tla senolwa leng le gone jang. Fa ba itse gore batho botlhe ba tla senolelwa kgang eo leng, go ka ba thusa go boloka sephiri.—Diane 25:9.