Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Mosadi yo o Molemo Thata”

“O Mosadi yo o Molemo Thata”

“O Mosadi yo o Molemo Thata”

Mafoko ano a kakgolo a ne a lebisitswe kwa mosading mongwe wa Momoabe. E ne e le motlholagadi yo o bidiwang Ruthe, ngwetsi ya mosadi mongwe wa Moiseraele yo o bidiwang Naomi. Ruthe yo o neng a nna kwa Iseraele dingwaga di le 3 000 tse di fetileng, fa go ne go sa ntse go busa baatlhodi o ne a itirela leina le le molemo. (Ruthe 3:11) Go ne ga tla jang gore a nne le leina leno le le molemo? Ke bomang ba ba ka solegelwang molemo ke sekao sa gagwe?

E re ka a ne a sa je “senkgwe sa botshwakga” Ruthe o ne a bereka ka natla lobaka lo loleele e le moronopi kwa masimong mme go tlhagafala ga gagwe go ne ga dira gore a akgolwe. Le fa go ne go akantshiwa gore a fokolediwe tiro, o ne a tswelela a dira ka natla a dira se se neng se feta ka mo go neng go lebeletswe ka gone. O ne a tshwanela tota tlhaloso e e mo Baebeleng ya mosadi yo o bakiwang, yo o nang le bokgoni le yo o senatla.—Diane 31:10-31; Ruthe 2:7, 15-17.

E ne e le dinonofo tsa ga Ruthe tsa semoya—boikokobetso jwa gagwe, mokgwa wa gagwe wa go intsha setlhabelo le lorato lwa gagwe lo lo sa fetogeng—tse e neng e le mabaka a magolo a a dirileng gore a itirele leina le le siameng mo setšhabeng. O ne a tlogela batsadi ba gagwe le nagagae ya gaabo mme a kgomarela Naomi a se na tsholofelo epe ya go bona pabalesego e e fitlhelwang mo lenyalong. Mo godimo ga moo, Ruthe o ne a na le keletso ya go direla Jehofa, Modimo wa ga matsalaagwe. Fa pego ya Dikwalo e gatelela tsela e a neng a le botlhokwa ka yone, e bolela gore o ne a le “botoka mo go [Naomi] go na le bana ba basimane ba le supa.”—Ruthe 1:16, 17; 2:11, 12; 4:15.

Le fa gone pego ya go tlotlomadiwa ga ga Ruthe e ne e le botlhokwa gareng ga ditsala tsa gagwe, se se botlhokwa thata ke gore Modimo o ne a mo amogela mme a mo duela ka go mo naya tshiamelo ya go nna mmaagwemogologolwane wa ga Jesu Keresete. (Mathaio 1:5; 1 Petere 3:4) A bo Ruthe e le sekao se se molemo jang ne e seng fela mo basading ba Bakeresete mme gape le mo go botlhe ba ba bolelang gore ba obamela Jehofa!