Se re Se Ithutang mo Hisitoring ya Roma
Se re Se Ithutang mo Hisitoring ya Roma
“FA E le gore, jaaka batho, ke tlhabane le dibatana tsa naga kwa Efeso.” Bangwe ba akanya gore mafoko ao a a kwadilweng mo go 1 Bakorintha 15:32, a bolela gore moaposetoloi Paulo o ne a atlholetswe go lwa mo bobogelong jwa Roma. Ga re itse gore a o ne a lwa kgotsa nnyaa, mme fela go lwa mo bobogelong e ne e le selo se se tlwaelegileng mo motlheng oo. Hisitori e re bolelela eng ka bobogelo jono le dilo tse di neng di dirwa mo go jone?
Jaaka Bakeresete, re batla gore digakolodi tsa rona di dumalane le tsela e Jehofa a akanyang ka yone e leng seo se tla re thusang go dira ditshwetso ka boitlosobodutu jwa gompieno. Ka sekai, ela tlhoko ka fa Modimo a lebang bothubaki ka gone, jaaka seno se bontshiwa ke mafoko a a reng: “O se ka wa tswela pelo motho wa thubakanyo, le fa e le go tlhopha ditsela dipe tsa gagwe.” (Diane 3:31) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kaelwa ke kgakololo eo fa ba le bantsi ba bone ba ne ba rata metshameko ya kwa Roma ya batlhabani ba ba tlhabanang mo bobogelong. Fa o akanya ka se se neng se direga kwa metshamekong eo, mma re ele tlhoko gore Bakeresete ba gompieno ba ithuta eng mo go seno.
Batlhabani ba babedi ba lwa ka ditšhaka mo bobogelong jwa Roma. Fa ntwa e simolola, boidiidi jo bo modumo bo dudueletsa yo ba mo ratang. Ke ntwa e e matlhomahibidu. Go ise go ye kae, yo mongwe mo go bone yo o gobetseng e bile a sa tlhole a kgona go tswelela ka ntwa o latlhela dibetsa tsa gagwe fa fatshe a bo a khubama go kaya fa a fentswe e bile a kopa gore a utlwelwe botlhoko. Go tsoga modumo o o thibang ditsebe. Ba bangwe ba batla gore a utlwelwe botlhoko mme ba bangwe bone ba batla gore a bolawe. Matlho otlhe a lebile mofenyi. Fa e le gore o batla go reetsa boidiidi, a ka nna a mo itshwarela kgotsa a ka nna a ya le ba ba tsholeditseng monwana wa kgonojwe gore a mmolaye.
Baroma ba ne ba rata thata go bogela batlhabani. Go a gakgamatsa go bona gore metshameko eo e ne e tle e nne teng kwa diphitlhong tsa batho bangwe ba maemo a a kwa godimo. Go dumelwa gore metshameko eno e simologile mo bathong ba ba-Oscan kgotsa ba ba-Samnite ba ba neng ba rata go ntsha batho ditlhabelo ba gone jaanong ba nnang kwa Italy bogare. Ditlhabelo tseno e ne e le tsa go reba mewa ya baswi bogale. Metshameko eo e ne e bidiwa munus, kgotsa “mpho” (bontsi, munera). Metshameko ya ntlhantlha ya mofuta ono kwa Roma e ne ya tshwarwa ka 264 B.C.E. fa batlhabani ba le barataro ba ne ba lwa le dikgomo kwa marekisetsong a di neng di rekisiwa kwa go one. Kwa phitlhong ya ga Marcus Aemilius Lepidus, go ne ga nna le dintwa tse di ntseng jalo di le 22. Kwa phitlhong ya ga Publius Licinius’ go ne ga nna le tse dingwe di le 60. Ka 65 B.C.E. Julius Caesar o ne a romela ba bangwe gore ba ye go lwa kwa bobogelong mme ga nna le dintwa tseo di le 320.
Rahisitori e bong Keith Hopkins o bolela jaana: “Go ne go dirisiwa diphitlho tsa batho ba maemo a a kwa godimo go rotloetsa ditiro tsa bopolotiki e bile metshameko eno kwa diphitlhong e ne e na le moya wa bopolotiki . . . ka gonne e ne e ratwa thata ke batlhophi. Eleruri, go rata metshameko ya batlhabani go ne go tlhotlhelediwa thata ke dikgaisano tsa sepolotiki tse di neng di tsenelwa ke batho ba maemo a a kwa godimo.” Fa Augustus a ne a busa (27 B.C.E. go fitlha go 14 C.E.) metshameko eno ya munera e ne e setse e fetogile mpho e kgolo—e e neng e abelwa boidiidi jwa batho go ba tlosa bodutu—e batlhankedibagolo ba ba humileng ba puso ba neng ba e aba gore ba tsweletse ditiro tsa bone tsa bopolotiki pele.
Batsayakarolo le go Ikatisa ga Bone
O ka nna wa botsa jaana, ‘batlhabani e ne e le bomang?’ E ka tswa e ne e le makgoba, dinokwane tse di neng di atlholetswe loso, magolegwa a ntwa kgotsa batho fela ba ba neng ba kgatlhwa ke metshameko eno ka tsholofelo ya gore e tla nna batho ba ba tumileng le ba ba humileng. Botlhe bano ba ne ba katisiwa mo dikolong tse di tshwanang le dikgolegelo. Buka ya setlhogo se se reng Giochi e spettacoli (Metshameko le Babogedi) e bega gore batlhabani ba ba neng ba santse ba katisiwa, “ka metlha ba ne ba tlhokomelwa ke badisa ba ba neng ba ba otlhaya botlhoko e bile ba ba beela melao e e gagametseng . . . Go ba tshwara jalo go ne go dira gore bangwe ba bone ba ipolaye, ba nne diganana ba bo ba nne ditsuolodi.” Sekolo se segolo go di feta tsotlhe sa batlhabani ba kwa Roma se ne se na le disele tse di neng di tsenya batho ba ka nna sekete. Mongwe le mongwe wa bone o ne a na le bokgoni jo bo rileng jwa go lwa. Bangwe ba ne ba lwa ba apere diaparo tsa teng, ba tshotse thebe le tšhaka, mme ba bangwe bone ba ne ba lwa ba tsentse nnete e bile ba tshotse tšhaka e e nang le meno a le mararo. Mo godimo ga moo ba bangwe ba ne ba katisediwa go lwa le dibatana mo motshamekong o mongwe o o rategang thata o o bidiwang motshameko wa go tsoma. A Paulo a ka tswa a ne a bua ka mofuta wa motshameko ono fela?
Batho ba ba neng ba rulaganya metshameko eno ba ne ba kopa bakatisi gore ba ba neye batlhabani ba ba katisitsweng ba dingwaga di le 17 kgotsa 18 gore ba tle go lwa. Go ne go dirwa kgwebo e kgolo ka matshelo a batho. Motshameko mongwe o o tlhomologileng o o neng wa rulaganngwa ke Trajan fa a ne a keteka moletlo wa phenyo ya sesole sa gagwe, o ne o
na le batlhabani ba le 10 000 le diphologolo di le 11 000.Letsatsi la Ntwa mo Bobogelong
Nako ya mo mosong mo bobogelong e ne e dirisediwa go lwa ga diphologolo. Dibatana tsa mefuta yotlhe di ne di patelediwa go tsena mo bobogelong. Batho ba ne ba rata thata go bogela ntwa fa gare ga poo le bera. Gantsi diphologolo tse pedi di ne di bofaganngwa mmogo di bo di lwa go fitlha e nngwe e swa, morago ga moo e e fentseng e ne e bolawa ke motho yo o lwang le diphologolo. Metshameko e mengwe e e rategang thata e ne e le ya ntwa fa gare ga ditau le dinkwe kgotsa ditlou di lwa le dibera. Batho ba ba lwang le diphologolo ba ne ba supa bokgoni jwa bone jwa go kgemetha diphologolo tse di neng di tswa kwa dinageng tse di farologaneng tsa puso ya Roma go sa kgathalesege gore di ne di ja madi a le makae—mangau, ditshukudu, dikubu, dithutlwa, diphiri, dikamela, dikolobe tsa naga le ditshepe.
Tsela e go neng go kgabisiwa ka yone e ne e dira gore metshameko eo e se ka ya lebalwa. Go ne go dirisiwa mafika, megobe le ditlhare go dira gore e nne e kete ke mo sekgweng. Mo mafelong mangwe a bobogelo, diphologolo di ne di tsenngwa ka tsela e e gakgamatsang di tlhatlosiwa ke dilifiti tse di tswang ka fa tlase ga lefatshe. Tsela e e sa lebelelwang e diphologolo di neng di itshwara ka yone e ne e kgatlha, mme se go neng go lebega se kgatlha thata e ne e le bosetlhogo jwa tsone.
Moragonyana mo lenaneong go ne go latela go bolawa ga batho. Ba ne dira gore seno se lebege e le selo sa mmatota. Go ne go tshamekiwa diterama tse mo go tsone batshameki ba neng ba swa ka tsela ya mmatota.
Thapama ditlhopha tsa batlhabani ba ba neng ba tlhometse ka ditsela tse di farologaneng e bile ba katisitswe ka ditsela tse di sa tshwaneng ba ne ba lwantshana. Ba ba neng ba ntsha ditopo ba ne ba apara jaaka dinokwane.
Ka fa Seno se Neng se Ama Babogedi ka Gone
Tota boidiidi bo ne bo sa kgotsofalele se bo neng bo se bona, ka jalo batlhabani ba ba neng ba itsemeletsa go lwa ba ne ba kgwathisiwa ba bo ba fisiwa ka tshipi e e bolelo. Ka jalo batho mo boidiiding ba ne ba goa ba re: “Ke ka ntlha yang fa a lwa ka tsela ya bogatlapa jaana? Ke ka ntlha yang fa a lwa e kete o lapile jaana? Bogolo ke eng a sa swe? Mo tsenyeng mo ntweng ka thupa! Mo iteyeng lo mo apole lo mo tlhabe ka tšhaka mo sehubeng!” Modiredi mongwe wa puso ya Roma e bong Seneca o kwala gore ka nako ya boikhutso go ne go dirwa kitsiso e e reng: “Mongwe o tla kgaolwa kgokgotso gore re se ka ra jewa ke bodutu!”
Ga go gakgamatse go bo Seneca a dumela gore o ne a boela gae “a le setlhogo ka mo go feteletseng.” Se mmogedi yono a se buang se tshwanetse go dira gore re akanye thata ka motshameko ono. A batho ba ba bogelang motshameko wa segompieno ba ka amega ka tsela e e tshwanang “ba nna setlhogo ka mo go feteletseng”?
Bangwe ba ka nna ba ikaya ba le lesego go bo ba sa nna jalo. Fa mmogedi mongwe a ne a dira motlae mongwe o o tshegisang ka Domitian, mmusimogolo yoo o ne a laela gore a ntshiwe mo mannong a gagwe a latlhelelwe dintša. Fa go se na dinokwane tse di tshwanetseng go bolawa, Caligula o ne a laela gore go tsewe bangwe mo boidiiding ba latlhelelwe dibatana.
Fa metšhine e e dirisiwang mo seraleng e sa bereke ka tsela e a neng a batla ka yone, Claudius o ne a laela gore babaakanyi ba yone ba lwe mo bobogelong.Tsela e babogedi le bone ba neng ba itshwara ka yone e ne e felela ka masetlapelo le dikhuduego. Bobogelo jo bo kwa bokone jwa Roma bo ne jwa phutlhama mme go begwa gore go ne ga swa diketekete tsa batho. Go ne ga tsoga dikhuduego fa motshameko o ne o tsweletse kwa Pompeii ka 59 C.E. Tacitus o bega gore ntwa fa gare ga boidiidi jo metshameko e neng e tshwaretswe mo lefelong la bone le baemakgatlhanong ba ba neng ba tswa kwa toropong nngwe gaufinyane, e ne ya simolola ka gore ba rogakane, morago ga moo ba konopane ka maje mme labofelo ba lwe ka ditšhaka. Ba le mmalwa ba bone ba ne ba kgaogile ditokololo kana ba gobetse, mme ba le bantsi ba ne ba sule.
Thuto mo go Rona
Dipontsho tse di neng tsa tshwarwa bosheng jaana kwa Bobogelong jwa Roma (Sangue e arena, “Madi le Lerole”) go bonala di ne di tshwana fela le metshameko ya munera. Go ne go bontshiwa bidio e mo go yone go neng go lwa dipoo, boramabole ba maemo a a kwa godimo, go thulana ga dikoloi le dithuthuthu mo kgaisanong ya lobelo, go lwa ga bathubalobelo mo metshamekong ya bone le go tsosa dikhuduego ga babogedi. Bidio eno e ne ya konelwa ka setshwantsho sa Bobogelo jono bo lebilwe go tswa kwa godimo. O akanya gore baeng ba ne ba tla fetsa ka go reng? Ke ba le kae ba ba neng ba tla ithuta sengwe mo tiragalong eno?
Go lwa ga dintša, ga mekoko, ga dipoo le metshameko e e tletseng bothubaki di tlwaelegile thata mo dinageng dingwe gompieno. Boidiidi jo bo seng kana ka sepe jwa batho bo itumedisiwa ke go tsenya matshelo a batho mo kotsing mo metshamekong ya kgaisano ya lobelo lwa dikoloi. Mme akanya ka se re se bonang mo thelebisheneng letsatsi le letsatsi. Dipatlisiso dingwe kwa dinageng tsa bophirima di bontshitse gore fa ngwana yo o lebelelang thelebishene a tshwara dingwaga di le lesome, o tla bo a setse a bone dipolao di le 10 000 le ditiro di le 100 000 tsa bothubaki.
Mokwadi wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Tertullian o ne a bolela gore menate e e neng e ipelelwa ke babogedi bano “e ne e sa dumalane le bodumedi jwa boammaaruri le go utlwa Modimo wa boammaaruri ka tsela ya mmatota.” O ne a leba batho ba ba neng ba ya kwa metshamekong eno ba tshwana fela le babolai. Go tweng ka gompieno? Motho a ka nna a ipotsa jaana, ‘A ke kgatlhwa ke go lebelela tshololo ya madi, polao, kgotsa bothubaki mo thelebisheneng kgotsa mo Internet?’ Go botlhokwa go gakologelwa gore Pesalema 11:5 ya re: “Jehofa ka boene o tlhatlhoba mosiami le moikepi, mme moya wa Gagwe o tlhoile ope fela yo o ratang thubakanyo.”
[Lebokoso mo go tsebe 28]
Dintwa Tsa go “Reba Baswi Bogale”
Mokwadi wa lekgolo la boraro la dingwaga e bong Tertullian o bolela jaana ka tshimologo ya metshameko ya batlhabani: “Batho ba bogologolo ba ne ba akanya gore ka go bogela metshameko eno, ba ne ba direla baswi fa ba sena go tswakanya metshameko eno le bosetlhogo jwa bone jo bo tlhabologileng. Gonne bogologolo, e re ka ba ne ba dumela gore meya ya baswi e ne e letlanyediwa ka madi a batho, kwa diphitlhong, ba ne ba tlwaetse go isa batshwarwa kgotsa makgoba a maemo a a kwa tlase a ba a rekileng setlhabelo. Moragonyana ba ne ba itumelela go fitlha bosetlhogo jono jwa bone ka go bo dira e kete ke selo se se itumedisang. Morago ga gore ba bone katiso ya maemo a a kwa godimo ya go dirisa dibetsa tseo—katiso ya bone e ne e felela ka gore ba swe!—ba ne ba bolawa ka letsatsi le le tlhomilweng la phitlho kwa mabitleng. Ka jalo batho bao ba ba swetsweng ba ne ba ikgomotsa ka polao. Eno ke tsela e munus e simologileng ka yone. Fa nako e ntse e tswelela bosetlhogo jwa bone bo ne jwa oketsega; ka gonne fa dibatana tse di setlhogo di ne di sa garole mebele ya batho, ba ne ba sa itumelele letsatsi la bone la boikhutso, ba ne ba le utlwa le tlhaela sengwe. Se ba neng ba se dira go reba baswi bogale ba ne ba se tsaya e le moetlo wa phitlho.”
[Setshwantsho mo go tsebe 27]
Tlhoro ya bogologolo ya batlhabani le sesireletsa momo
[Ditshwantsho mo go tsebe 29]
Bakeresete ba ne ba sa amogele boitlosobodutu jo bo tletseng thubakanyo. A le wena o ikutlwa ka tsela e e ntseng jalo?
[Metswedi ya Ditshwantsho]
Boxing: Dave Kingdon/Index Stock Photography; car crash: AP Photo/Martin Seppala
[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 26]
Phoenix Art Museum, Arizona/Bridgeman Art Library