Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o Ruta ka Tsela e e Nang le Matswela?

A o Ruta ka Tsela e e Nang le Matswela?

A o Ruta ka Tsela e e Nang le Matswela?

BATSADI, bagolwane, baboledi ba dikgang tse di molemo—botlhe ba tshwanetse go nna barutisi. Batsadi ba ruta bana ba bone, bagolwane ba ruta maloko a phuthego ya Bokeresete mme baboledi ba dikgang tse di molemo ba ruta batho ba ba sa tswang go kgatlhega. (Duteronome 6:6, 7; Mathaio 28:19, 20; 1 Timotheo 4:13, 16) O ka dira jang gore o rute ka tsela e e nang le matswela thata? Tsela nngwe ke ka go etsa sekao le mokgwa wa barutisi ba ba nang le bokgoni ba go buiwang ka bone mo Lefokong la Modimo. Esera e ne e le morutisi yo o ntseng jalo.

Go Ithuta mo Sekaong sa ga Esera

Esera e ne e le moperesiti wa losika lwa ga Arone, mme o tshetse dingwaga di ka nna 2 500 tse di fetileng kwa Babelona. Ka ngwaga wa 468 B.C.E., o ne a ya Jerusalema go ya go tsweledisetsa kobamelo e e itshekileng pele mo Bajudeng ba ba neng ba nna koo. (Esera 7:1, 6, 12, 13) Tiro eno e ne e tlhoka gore a rute batho Molao wa Modimo. Esera o ne a dira eng go tlhomamisa gore o ne a ruta ka tsela e e nang le matswela? O ne a tsaya dikgato di le mmalwa tse di neng di tlhokega. Ela tlhoko dikgato tseno jaaka di kwadilwe mo go Esera 7:10:

“Esera ka boene o ne a [1] etleeditse pelo ya gagwe [2] go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le [3] go o dira le [4] go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.” A re sekasekeng ka bokhutshwane nngwe le nngwe ya dikgato tseno mme re bone gore re ka ithuta eng mo go tsone.

“Esera ka Boene O ne A Etleeditse Pelo ya Gagwe”

Fela jaaka molemi a simolola ka go baakanya mmu a dirisa mogoma pele a jala peo, Esera o ne a etleetsa pelo ya gagwe ka thapelo gore e amogele lefoko la Modimo. (Esera 10:1) Ka mafoko a mangwe, o ne a ‘sekamisetsa pelo ya gagwe’ mo go se Jehofa a neng a se ruta.—Diane 2:2.

Ka tsela e e tshwanang, Baebele e bolela gore Kgosi Jehoshafate ‘o ne a baakanya pelo ya gagwe gore e batle Modimo wa boammaaruri.’ (2 Ditiragalo 19:3) Go farologana le ene, kokomana ya Iseraele “e e neng e sa baakanya pelo ya yone” e tlhalosiwa e le “e e tlhogoethata le e e botsuolodi.” (Pesalema 78:8) Jehofa o bona “motho wa sephiri wa pelo.” (1 Petere 3:4) Ee, “o tla ruta ba ba pelonolo tsela ya gagwe.” (Pesalema 25:9) Ka jalo, a bo go le botlhokwa jang ne gore gompieno barutisi ba latele sekao sa ga Esera ka gore sa ntlha ba dirise thapelo go dira gore dipelo tsa bone di nne mo boemong jo bo siameng!

“Go Lopa Kgakololo mo Molaong wa ga Jehofa”

Esera o ne a lopa kgakololo mo Lefokong la Modimo gore e nne morutisi yo o nang le bokgoni. Fa o ne o ka tshwanelwa ke go lopa kgakololo ya ngaka, a o ne o se kitla o reetsa ka kelotlhoko le go tlhomamisa gore o tlhalogantse sengwe le sengwe se a neng a se bua kana a go laela gore o se dire? Ga go na pelaelo gore o ne o tla dira jalo, ka gonne seno se ama botsogo jwa gago. Ka jalo, re tshwanetse go reetsa ka kelotlhoko thata dilo tse Jehofa a re di bolelelang kgotsa a re laelang gore re di dire, a dirisa Lefoko la gagwe Baebele le “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale.” Aitsane, kgakololo ya gagwe e ama botshelo jwa rona tota! (Mathaio 4:4; 24:45-47) Ke boammaaruri gore ngaka e ka dira phoso, mme “molao wa ga Jehofa [one] o itekanetse.” (Pesalema 19:7) Re ka se tlhoke go tlhomamisediwa ke motho mongwe o sele.

Dibuka tsa Baebele tsa Ditiragalo (tse Esera a di kwadileng pele e le bolumo e le nngwe fela) di bontsha gore Esera ruri e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng. Gore a kwale dibuka tseo, o ne a tlhola mekwalo e mengwe e mentsi. * Bajuda, bao ba neng ba sa tswa go goroga ba tswa kwa Babelona, ba ne ba tlhoka go newa tshobokanyo ya hisitori ya setšhaba sa bone. Ba ne ba se na kitso e e lekaneng ka ditsamaiso tsa bodumedi jwa bone, tirelo ya mo tempeleng le ditiro tsa Balefi. Direkoto tsa masika a bone di ne di le botlhokwa thata mo go bone. Esera o ne a tlhoma mogopolo thata mo dikgannyeng tse di ntseng jalo. Bajuda ba ne ba tshwanetse go nna e le setšhaba se se nang le naga ya sone, tempele, tsamaiso ya boperesiti le mmusi go fitlha Mesia a tla. Ka ntlha ya tshedimosetso e Esera a neng a e kokoantse, batho ba ne ba ka tswelela ba na le kutlwano le kobamelo ya boammaaruri.

Mekgwa ya gago ya go ithuta e ntse jang fa e bapisiwa le ya ga Esera? Go ithuta Baebele ka tlhoafalo go tla go thusa gore o kgone go e ruta ba bangwe ka tsela e e nang le matswela.

“Go Lopa Kgakololo mo Molaong wa ga Jehofa” lo le Lelapa

Go ithuta ka namana ga se gone fela go ka thusang motho go bona kgakololo mo molaong wa ga Jehofa. Thuto ya lelapa le yone e ka naya motho sebaka se se molemo sa go dira jalo.

Banyalani bangwe ba kwa Netherlands e bong Jan le Julia, ba ile ba simolola go balela barwa ba bone go tloga fela fa ba sena go tsholwa. Gompieno, Ivo o na le dingwaga di le 15 mme Edo o na le di le 14. Ba sa ntse ba tshwara thuto ya bone ya lelapa gangwe fela mo bekeng. Jan o tlhalosa jaana: “Boikaelelo jwa rona jo bogolo ga se go akaretsa tshedimosetso e ntsi fa re ithuta mme ke go tlhomamisa gore basimane ba tlhaloganya se go tlotliwang ka sone.” O oketsa jaana: “Basimane ba dira dipatlisiso di le dintsi. Ba batlisisa ka mafoko a a sa tlwaelegang le batho ba go buiwang ka bone mo Baebeleng—gore ba tshetse leng, e ne e le bomang, ba ne ba dira tiro efe, jalo le jalo. Fa e sale ba ithuta go bala, ba ntse ba tlhola dibuka tse di jaaka Insight on the Scriptures, dibukantswe le disaetlopedia. Seno se dira gore thuto ya lelapa e nne monate thata. Basimane ba nna ba letile thuto ya lelapa ka tlhoafalo.” Molemo o mongwe wa seno ke gore basimane ka bobedi jaanong ba bona matshwao a a fetang a baithuti ka bone mo go tsa thutapuo.

Banyalani ba bangwe ba kwa Netherlands e bong John le Tini ba ne ba ithuta le morwa wa bone e bong Esli (yo jaanong a nang le dingwaga tse 24 e bile a bula tsela kwa phuthegong e nngwe) le morwadiabone e bong Linda (yo jaanong a nang le dingwaga tse 20 e bile a nyetswe ke mokaulengwe yo o molemo). Le fa go ntse jalo, mo boemong jwa go ithuta kgatiso nngwe ka mokgwa o o tlwaelegileng wa dipotso le dikarabo, ba ne ba dira gore thuto ya lelapa e tshwanele dingwaga tsa bana le se ba se tlhokang. Ba ne ba dirisa mokgwa ofe?

John o tlhalosa gore morwawe le morwadie ba ne ba tlhopha kgang e e kgatlhang mo setlhogong sa “Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading” (se se mo makasineng wa Tora ya Tebelo) le sa “Kgopolo e e mo Baebeleng” (se se mo makasineng wa Tsogang!). Moragonyana, ba ne ba tlhalosa se ba neng ba se baakanyeditse, mme seno gantsi se ne se felela ka metlotlo e e monate ya lelapa. Ka tsela eno bana ba ne ba tlwaela go dira dipatlisiso le go tlhalosa se ba se ithutileng. A o “lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa” o na le bana ba gago? Seno ga se ne se go thusa fela go tokafatsa bokgoni jwa gago jwa go ruta mme gape se tla thusa bana ba gago go nna barutisi ba ba nang le matswela.

“Go o Dira”

Esera o ne a dirisa se a neng a se ithuta. Ka sekai, fa a sa ntse a le kwa Babelona, o ka tswa a ne a tshela botshelo jo bo iketlileng. Le fa go ntse jalo, e rile a lemoga gore o ne a ka thusa batho ba gaabo ba ba kgakala, a tlogela manobonobo a Babelona a ya kwa motseng o o kwa kgakala wa Jerusalema, le fa o ne o na le maemo a a seng monate, mathata le dikotsi. Go bonala sentle gore Esera o ne a sa bapala kitso ya Baebele fela mme gape o ne a iketleeditse go dirisa se a neng a se ithutile.—1 Timotheo 3:13.

Moragonyana, fa Esera a ntse a nna kwa Jerusalema, o ne a boa gape a bontsha gore o ne a dirisa se a neng a se ithutile le se a neng a se ruta. Seno se ne sa bonala fa a ne a utlwa ka banna ba Baiseraele ba ba neng ba nyala basadi ba baheitane. Baebele e bega gore o ne a ‘gagoganya seaparo sa gagwe le seaparo sa gagwe se se se nang mabogo mme a simolola go khumola moriri wa tlhogo ya gagwe le wa ditedu tsa gagwe mme a nna fela a gamaregile go fitlha maitseboa.’ O ne a ba a ikutlwa a ‘tlhabiwa ke ditlhong e bile a swaba go tsholeletsa sefatlhego sa gagwe’ kwa go Jehofa.—Esera 9:1-6.

A bo go ithuta Molao wa Modimo go ne go mo amile jang ne! Esera o ne a bona sentle gore go sa utlwe ga batho go ne go tlile go nna le diphelelo tse di botlhoko tota. Bajuda ba ba neng ba boetse gae ba ne ba le bannye fela ka palo. Fa ba ne ba ka nyalalana le batho ba sele, ba ne ba ka tloga ba tswakana le ditšhaba tse di ba dikologileng tsa baheitane mme kobamelo e e itshekileng e ne e ka nyelela motlhofo mo lefatsheng!

Se se itumedisang ke gore, sekao sa ga Esera sa go ineela ka poifo le ka tlhoafalo se ne sa rotloetsa Baiseraele go baakanya ditsela tsa bone. Ba ne ba tsamaisa basadi ba bone ba seeng. Mo dikgweding di le tharo sengwe le sengwe se ne se baakantswe. E re ka Esera ka boene a ne a ikanyega mo Molaong wa Modimo, o ne a ruta ka tsela e e nang le matswela tota.

Go ntse fela jalo le gompieno. Rre mongwe wa Mokeresete o ne a re: “Bana ga ba dire se o se buang; ba dira se o se dirang!” Molaomotheo ono o dira le mo phuthegong ya Bokeresete. Bagolwane ba ba tlhomang sekao se se molemo ba ka lebelela gore phuthego e tsibogele dilo tse ba di rutang.

“Go Ruta Molao le Tshiamiso mo Iseraele”

Go na le lebaka le lengwe gape la go bo Esera a ne a ruta ka tsela e e nang le matswela. O ne a sa rute dikgopolo tsa gagwe, mme o ne a ruta “molao le tshiamiso.” Ke gore, melao ya ga Jehofa. Jono e ne e le boikarabelo jwa gagwe ka e ne e le moperesiti. (Malaki 2:7) Gape o ne a ruta tshiamiso mme o ne a tlhoma sekao sa se a neng a se ruta ka go ngaparela se se siameng ka tsela ya tshiamiso le e e sa gobeleleng, go ya ka molao. Fa batho ba ba nang le taolo ba bontsha tshiamiso, dilo di tla tsamaya sentle le gone go tla nna le matswela a a nnelang ruri. (Diane 29:4) Ka tsela e e tshwanang, bagolwane ba Bakeresete, batsadi le baboledi ba Bogosi ba ba tlwaelaneng sentle le Lefoko la Modimo ba tla nonotsha ba bangwe semoyeng fa ba ruta phuthego, ba malapa a bone le ba ba kgatlhegang melao ya ga Jehofa le tshiamiso.

A ga o dumele gore o ka ruta ka tsela e e nang le matswela thata fa o etsa sentle sekao sa ga Esera yo o ikanyegang? Ka jalo, ‘etleetsa pelo ya gago, lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa, o o dire, o bo o rute molao wa ga Jehofa le tshiamiso.’—Esera 7:10.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 11 Lenaane la mekwalo e le 20 ya tshedimosetso le ka bonwa mo bukeng ya Insight on the Scriptures, Bolumo 1, tsebe 444-5, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 22]

KE ENG SE SE NENG SA DIRA GORE ESERA A RUTE KA TSELA E E NANG LE MATSWELA?

1. O ne a dira gore pelo ya gagwe e nne mo boemong jo bo siameng

2. O ne a lopa kgakololo mo Molaong wa ga Jehofa

3. O ne a tlhoma sekao se se molemo ka go dirisa se a neng a se ithuta

4. O ne a dira ka natla go ruta kgopolo e e mo Dikwalong