Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba ka 2003

Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba ka 2003

Dikopano Tsa Ditšhabatšhaba ka 2003

KA Matlhatso, October 6, 2001, pokano ya ngwaga le ngwaga ya maloko a Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania e ne ya tshwarwa kwa Jersey City, New Jersey, U.S.A. Morago ga pokano, maloko ao le baeng ba bone ba ne ba nna le thulaganyo e e kgethegileng. Ka letsatsi le le latelang, kwa dipokanong tse dingwe tse di neng di tshwaretswe kwa ditoropong di le nnè kwa Canada le United States, maloko a Setlhopha se se Laolang sa Basupi ba ga Jehofa a ne a itsise jaana morago ga puo ya bone e e konelang:

“Fa re ntse re lebeletse pele kwa isagweng, go botlhokwa thata gore batho botlhe ba Modimo ba se kgaotse go kopana mmogo. Moaposetoloi Paulo o ne a kgothaletsa gore re dire seno re bo re kgothatsane, bogolosegolo ka re bona letsatsi la ga Jehofa le legolo le le le boitshegang le ntse le atamela. (Bahebera 10:24, 25) Tumalanong le taelo eno ya Dikwalo, re solofela gore re tla nna le dikopano tsa kgaolo mo lefatsheng lotlhe ngwaga o o tlang [2002]. Mme ka ngwaga wa 2003, fa Jehofa a ratile, go ka nna ga direga gore go tshwarwe dikopano tse di kgethegileng tsa ditšhabatšhaba mo dikarolong dingwe tsa lefatshe. Jaanong ke nako ya gore re nne re thantse e bile re disitse, re etse tlhoko kafa ditiragalo tsa lefatshe di diragalang ka teng.”

Le fa go sa tlhomamang le mathata a ntse a gola fa tsamaiso eno ya jaanong e ntse e ya bokhutlong, tiro ya batho ba Modimo e tshwanetse ya tswelela pele. Dikgang tse di molemo tsa Bogosi, go akaretsa molaetsa wa Baebele o o tlhagisang, di tshwanetse tsa bolelelwa batho ba ditšhaba, ditso le diteme tsotlhe, ba kgothalediwa gore ba ‘boife Modimo ba bo ba mo neye kgalalelo, ka gonne nako ya gagwe ya go atlhola e ntse e atamela.’ (Tshenolo 14:6, 7) Ka gone, go rulaganyediwa gore go nne le dikopano tsa ditšhabatšhaba mo dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ka ngwaga wa 2003, mme seo se tsamaisana le thato ya ga Rraarona wa selegodimo le se a se kgatlhegelang.

Sa ntlha, go dirilwe dithulaganyo tse di sa tlhomamang tsa gore dikokoano tseno di tshwarwe kwa ditoropong di sekae kwa Amerika Bokone mme nakwana fela moragonyana ga moo go tshwarwe tse dingwe kwa Yuropa. Morago ga moo ka 2003, go tla bo go dirilwe dithulaganyo gore ditlhopha tsa baemedi di tseye mesepele go ya kwa ditoropong di sekae kwa Asia; mme go ela kwa bokhutlong jwa ngwaga, ditlhopha tse dingwe gape di tla ya kwa Afrika, Amerika Borwa, le kwa karolong ya Pacific. Makala mangwe a tla kopiwa go romela palo e e rileng fela ya baemedi kwa mafelong mangwe a kopano, ka jalo ga go kitla go kgonega gore go lalediwe batho botlhe go nna teng. Le fa go ntse jalo, go tla bo go kgothatsa go nna le palo e e rileng ya ditlhopha tsa baemedi ba dinaga tse di farologaneng kwa lefelong lengwe le lengwe.

Mo bogautshwaneng diphuthego tsa Basupi ba ga Jehofa di tla amogela tshedimosetso e e malebana le dikokoano tseno. Makala a di leng kafa tlase ga one a tla di naya tshedimosetso ka matlha a a tlhomameng a dikopano le ditoropo tse dikopano tseno di tla tshwarelwang kwa go tsone tse baemedi ba ba laleditsweng ba ka kgonang go ya kwa go tsone. Ka gone, o kopiwa gore o se ka wa kwala kgotsa wa botsa ka kgang eno ga jaanong.

Batho ba kgabagare ba tla tlhophiwang go nna baemedi e tla nna fela Basupi ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba ba tla nnang sekao se se molemo ba bo ba bontshe bakaulengwe ba kwa ba etelang teng lorato lwa bokaulengwe. Bano le bone ba tla nna le sebaka se se molemo sa go amogela baeng ka lorato le go ba tshola sentle. (Bahebera 13:1, 2) Seno se tla felela ka gore ba “kgothatsane.” (Baroma 1:11, 12) Makala a a tla bong a kopilwe go romela baemedi kwa nageng kgotsa kwa dinageng dingwe a tla naya tshedimosetso e e oketsegileng malebana le dithulaganyo tseno.

Go tla rulaganngwa gore go nne le dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a mararo ka 2003 mo dinageng tse dingwe tse dintsi jaaka tlwaelo. Ka go kopana mmogo, botlhe ba tla nna le sebaka sa go ‘reetsa, go ithuta le go kgothatsega.’ (Duteronome 31:12; 1 Bakorintha 14:31) Seno se tla naya batho botlhe ba Modimo sebaka sa gore ba ‘leke mme ba bone gore Jehofa o molemo.’ (Pesalema 34:8) Kwa dikopanong tsotlhe tsa ditšhabatšhaba, mmogo le kwa dikopanong tse dintsi tsa kgaolo, go tla bo go na le barongwa, mme bangwe ba bone ba tla dirisiwa mo thulaganyong.

Monongwaga, re ipelela Dikopano Tsa Kgaolo tsa “Baboledi ba ba Tlhoafetseng ba Bogosi” tseo di re tlhotlheletsang go naya bosupi ka tsela e kgolwane. Fa re ntse re dira jalo, ruri re tla lebelela pele ka tlhoafalo le go feta pele kwa go se Jehofa a re tshwaretseng sone mo ngwageng o o tlang. Seno se tla re thusa gore re ‘nne re disitse, re tsogile e bile re itshupa re iketleeditse’ ka ntlha ya metlha eno ya mathata le e e botlhokwa.—Mathaio 24:42-44.