Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditshwantsho Tse di Takilweng Tsa Bodumedi—Kwa di Simologileng Teng

Ditshwantsho Tse di Takilweng Tsa Bodumedi—Kwa di Simologileng Teng

Ditshwantsho Tse di Takilweng Tsa Bodumedi—Kwa di Simologileng Teng

“Ditshwantsho tse di takilweng di re kopanya le bomolemo le boitshepo jwa Modimo le Baitshepi ba Gagwe.”—GREEK ORTHODOX ARCHDIOCESE OF AUSTRALIA

MO LETSATSING leno le le mogote thata la August, letsatsi le tserema mo ditepising tsa semente tse di tlhatlogelang kwa lefelong la baitlami la “Mma Modimo yo o Boitshepotshepo,” mo setlhaketlhakeng sa Tínos, sa Lewatle la Aegean. Mogote o o babolang wa letsatsi ga o nyemise moko baeti ba sedumedi ba ba ineetseng ba Orthodox ya Gerika ba ba fetang 25 000, ba ba ntseng ba tsamaya ka bonya ba leka go fitlha kwa setshwantshong se se takilweng e bile se kgabisitswe thata sa ga mmaagwe Jesu.

Mosetsanyana mongwe yo o segole yo go bonalang sentle gore o mo botlhokong, o gogoba ka mangole a a tsorotlang madi, mme go lebega a leka go dira sotlhe se a ka se kgonang gore a ye kwa pele. Gaufi le ene, mosadimogolo mongwe yo o lapileng yo o tsamaileng sekgala se seleele go tswa kwa ntlheng e nngwe ya naga, o ntse a ikgoga ka thata. Monna mongwe yo o tlhoafetseng yo o mo dingwageng tsa bogare o tshologa sethitho fa a ntse a leka ka natla go feta boidiidi jwa batho ba ba ntseng ba kgarametsana. Ba ikaeletse go atla setshwantsho se se takilweng sa ga Marea le go se ikobela.

Kwantle ga pelaelo batho bano ba ba ratang bodumedi thata ba eletsa go obamela Modimo ka pelo yotlhe. Le fa go ntse jalo, ke ba le kae ba ba lemogang gore go obamela ditshwantsho tse di takilweng tsa bodumedi go simologile mo mekgweng e e saleng e nna teng makgolo a dingwaga pele ga Bokeresete?

Go Anama ga Ditshwantsho Tse di Takilweng

Mo mafelong a batho ba bodumedi jwa Orthodox, ditshwantsho tse di takilweng di gongwe le gongwe. Mo dikerekeng, ditshwantsho tse di takilweng tsa ga Jesu, Marea le “baitshepi” ba bantsi, di beilwe mo mafelong a di bonalang sentle mo go one. Gantsi badumedi ba tlotla ditshwantsho tseno tse di takilweng ka go di atla, go di fisetsa maswalo le go di tshubela dikerese. Mo godimo ga moo, mo e batlileng e nna mo magaeng otlhe a Ba-Orthodox go na le mafelo a a kgethegileng a go beilweng ditshwantsho tse di takilweng mo go one, mme e le a ba rapelelang mo go one. Gantsi Bakeresete ba Ba-Orthodox ba bolela gore fa ba obamela setshwantsho se se takilweng, ba ikutlwa ba le gaufi le Modimo. Ba le bantsi ba dumela gore ditshwantsho tse di takilweng di tletse maatla a Modimo le maatla a go dira dikgakgamatso.

Badumedi bao ba ka nna ba gakgamadiwa ke go utlwa gore Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba sa amogele go dirisiwa ga ditshwantsho tse di takilweng mo kobamelong. Buka ya Byzantium ya re: “Bakeresete ba bogologolo, ba ba neng ba tlhoile kobamelo ya medingwana fela jaaka Bajuda, ba ne ba sa rate go tlotlwa ka tsela epe fela ga ditshwantsho tsa baitshepi.” Yone buka eo ya re: “Go tloga ka Lekgolo la Botlhano la Dingwaga go ya pele, ditshwantsho tse di takilweng . . . di ne tsa simolola go anama thata mo kobamelong ya mo mafelong a botlhe le ya kwa malapeng.” Fa e le gore go dirisa ditshwantsho tse di takilweng tsa bodumedi ga go a simologa mo Bokereseteng jwa lekgolo la ntlha la dingwaga, go simologile kae?

Go Batla Kwa di Simologileng Teng

Mmatlisisi Vitalij Ivanovich Petrenko o ne a kwala jaana: “Go dirisiwa ga ditshwantsho le tlwaelo ya gone go simologile dingwaga di le dintsi pele ga motlha wa Bokeresete mme ‘go simologile mo boheitaneng.’” Bakwalahisitori ba le bantsi ba dumalana le seno, mme ba bolela gore kobamelo ya ditshwantsho tse di takilweng e simologile mo madumeding a Babelona wa bogologolo, Egepeto le Gerika. Ka sekai, kwa Gerika wa bogologolo ditshwantsho tsa bodumedi e ne e le tse di setilweng kana tse di gabilweng. Go ne go dumelwa gore di ne di tletse maatla a Modimo. Batho ba ne ba dumela gore dingwe tsa ditshwantsho tseno di ne di sa itirelwa mme di ne di tswa kwa legodimong. Ka nako ya meletlo e e kgethegileng, batho ba ne ba dira mokoloko ba tshwere ditshwantsho tse di ntseng jalo tsa kobamelo go dikologa motse, mme ba ne ba di isetsa ditlhabelo. Petrenko o ne a re: “Batho ba ba ineetseng mo tumelong ba ne ba leba setshwantsho se se obamelwang e le modimo ka bosone, le mororo go ne go dirilwe maiteko . . . a go bontsha gore setshwantsho ga se sone modimo.”

Dikgopolo tseno le mekgwa eno e ne ya tsena jang mo Bokereseteng? Mmatlisisi ene yono o ne a bolela gore, mo makgolong a dingwaga a a neng a latela morago ga go swa ga baaposetoloi ba ga Keresete, bogolo jang kwa Egepeto, “ditumelo tsa Bokeresete di ne tsa lebana le ‘motswako wa ditumelo tsa boheitane’—o o neng o kopantse mekgwa le dilo tse di neng di dumelwa kwa Egepeto, kwa Gerika, kwa Juda, kwa Botlhaba le kwa Roma, tse batho ba neng ba di dumela ba ntse ba le mo Bokereseteng.” Ka ntlha ya moo, “badiri ba ditshwantsho ba Bakeresete ba ne ba nna le mokgwa wa go [kopanya ditumelo] ba dirisa ditshwantsho tsa boheitane, ba di dirisa ka tsela e sele mme ba sa fedise gotlhelele tsela e di amanang le boheitane ka yone.”

Go ise go ye kae ditshwantsho tse di takilweng di ile tsa simolola go dirisiwa thata ke batho mo bodumeding fa ba le kwa malapeng le fa ba le kwa mafelong a botlhe. Mo bukeng ya The Age of Faith, mokwalahisitori mongwe e bong Will Durant o tlhalosa kafa seno se diragetseng ka gone, a re: “Fa palo ya baitshepi ba ba obamelwang e ntse e oketsega, go ne ga tlhokega tsela ya go ba tlhaola le go ba gopola; go ne ga dirwa ditshwantsho di le dintsi tsa bone le tsa ga Marea; mme fa e le ka Keresete, batho ga ba a ka ba obamela fela setshwantsho sa kafa ba neng ba akanya gore O ne a ntse ka teng mme ba ne ba obamela le sefapaano sa Gagwe—mme batho ba ba dumelang sengwe le sengwe ba ne ba bile ba di tsaya e le dipheko. Mokgwa wa go dumela sengwe le sengwe se ba neng ba se akanya o ne wa dira gore ba simolole go tlotla dilo tse di boitshepo tsa bodumedi, ditshwantsho tse di takilweng le tse di gabilweng kana tse di betlilweng; batho ba ne ba di ikobela, ba di atla, ba di tshubela dikerese le go di fisetsa maswalo, ba di apesa dithunya le go batla gore di ba direle dikgakgamatso ka maatla a tsone a masaitseweng. . . . Borara le makgotla a Kereke ba ne ba tlhalosetsa batho gangwe le gape gore ditshwantsho e ne e se medimo, mme e ne e le dilo tse di ba gopotsang yone fela; batho ba ne ba se na sepe le go dira pharologanyo eo.”

Gompieno batho ba le bantsi ba ba dirisang ditshwantsho tse di takilweng tsa bodumedi le bone ba ka bolela gore ba di tlotla fela—ga ba di obamele. Ba ka nna ba bolela gore ditshwantsho tse di takilweng tsa bodumedi ke dilo tse di tshwanelegang—e bile di tlhokega—go ba thusa go obamela Modimo. Gongwe le wena o ikutlwa jalo. Le fa go ntse jalo, potso ke gore, Modimo ene o ikutlwa jang ka seno? A go ka tswa e le gore go tlotla setshwantsho se se takilweng tota ke go se obamela? A mekgwa e e ntseng jalo e ka tswa e le kotsi ka tsela nngwe e e bofitlha?

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 4]

Setshwantsho sa Bodumedi ke Eng?

Ditshwantsho tse o kgonang go bona matlhakore otlhe a tsone di dirisiwa thata mo kobamelong ya Katoliki ya Roma. Ditshwantsho tse o kgonang go bona letlhakore le le lengwe fela la tsone gantsi di bontsha Keresete, Marea, “baitshepi,” baengele, batho le ditiragalo tsa Baebele, kana dilo tse di diragetseng mo hisitoring ya Kereke ya Orthodox. Gantsi di takiwa mo mamating a mannye a logong.

Go ya ka Kereke ya Orthodox, “Ditshwantsho tsa Baitshepi ga di lebege jaaka ditshwantsho tsa batho ba nama le madi.” Gantsi “go a bo go se na meriti, kgotsa ditsela tsa go bontsha gore a go motshegare kgotsa go bosigo.” Go dumelwa gape gore logong le pente tsa ditshwantsho tseno di ka “tlala moya wa Modimo.”

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Go dirisiwa ga ditshwantsho go simologile mo mekgweng ya boheitane

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 3]

© AFP/CORBIS