Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Tsamaya mo Ditselaneng Tsa ga Jehofa Go na Le Maduo a Magolo

Go Tsamaya mo Ditselaneng Tsa ga Jehofa Go na Le Maduo a Magolo

Go Tsamaya mo Ditselaneng Tsa ga Jehofa Go na Le Maduo a Magolo

A O KILE wa ya go tsamaya mo dithabeng? Fa go ntse jalo, o tshwanetse wa bo o ile wa ikutlwa e kete o kwa lefelong le le kwa godimo go gaisa otlhe mo lefatsheng. A bo go ne go itumedisa jang ne go hema mowa o o monate, go bonela kgakala, go boga bontle jwa popo! Gongwe dikgang tsa botshelo kwa gae di ne di sa tlhole di le botlhokwa go le kalo.

Bontsi jwa batho ga ba a tlwaela go tsaya mesepele e e ntseng jalo ya go ijesa monate, mme fa o le Mokeresete yo o ineetseng, o ka tswa o ile wa tshela botshelo jo bo ka tshwantshiwang le go tsamaya mo dithabeng ka lobakanyana. Fela jaaka mokwadi mongwe wa bogologolo wa dipesalema, o tshwanetse wa bo o kile wa rapela jaana: “Nkitsise ditsela tsa gago, wena Jehofa; nthute ditselana tsa gago.” (Pesalema 25:4) A o gakologelwa gore o ne wa ikutlwa jang fa o ne o tlhatlogela la ntlha kwa thabeng ya ntlo ya ga Jehofa o bo o simolola go tsamaya mo mafelong a a kwa godimo? (Mika 4:2; Habakuke 3:19) Kwantle ga pelaelo, o ile wa lemoga ka bonako gore go tsamaya mo ditselaneng tseno tse di kwa godimo tsa kobamelo e e itshekileng go ne ga go leretse tshireletso le boipelo. O ile wa nna le maikutlo a a tshwanang le a mokwadi mongwe wa dipesalema fa a ne a re: “Go itumela batho ba ba itseng mokgosi wa boipelo. Ao tlhe Jehofa, ba nna ba tsamaya mo leseding la sefatlhego sa gago.”—Pesalema 89:15.

Le fa go ntse jalo, ka dinako tse dingwe batho ba ba tsamayang mo dithabeng ba tshwanelwa ke go tsamaya ka bothata mo ditseleng tse di nang le metlhatlogo e meleele. Maoto a bone a simolola go nna botlhoko le gone ba a lapa. Le rona re ka nna le mathata fa re ntse re direla Modimo. Gongwe bosheng jaana re ntse re goga dinao. Re ka dira jang gore re boe re nne le tlhagafalo le boipelo gape? Kgato ya ntlha ke go dumela gore ditsela tsa ga Jehofa ke tsone tsa maemo a a kwa godimo.

Melao ya ga Jehofa e e Kwa Godimo

Ditsela tsa ga Jehofa ‘di kwa godimo ga ditsela tsa batho,’ mme kobamelo ya gagwe ‘e tlhomamisitswe thata kwa godimo ga dithaba e bile e tsholeleditswe kwa godimo ga dithota.’ (Isaia 55:9; Mika 4:1) Botlhale jwa ga Jehofa ke “botlhale jo bo tswang kwa godimo.” (Jakobe 3:17) Melao ya gagwe e kwa godimo ga e mengwe yotlhe. Ka sekai, ka nako ya fa Bakanana ba ne ba na le mokgwa o o setlhogo wa go isa bana ditlhabelo, Jehofa o ne a naya Baiseraele melao e e neng e ba laela go nna le boitsholo jwa maemo a a kwa godimo mme e supa kafa a leng kutlwelobotlhoko ka gone. O ne a ba raya a re: “O se ka wa tshwara motho wa maemo a a kwa tlase ka go tlhaola, gape motho yo mogolo ka maemo, o se ka wa mo rata bogolo go ba bangwe. . . . Moagi wa moeng . . . o tshwanetse go nna jaaka motho wa mo lefatsheng la ga lona; mme o mo rate jaaka o ithata.”—Lefitiko 19:15, 34.

Makgolo a le 15 a dingwaga moragonyana, Jesu o ne a naya dikai tse dingwe gape tsa ‘molao o o tlotlometseng’ wa ga Jehofa. (Isaia 42:21) Mo Therong ya mo Thabeng, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Mathaio 5:44, 45) O ne a oketsa jaana: “Jalo, dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang; tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti.”—Mathaio 7:12.

Melao eno e e kwa godimo e ama dipelo tsa batho ba ba e amogelang, e ba rotloetsa go etsa Modimo yo ba mo obamelang. (Baefeso 5:1; 1 Bathesalonika 2:13) Akanya ka tsela e Paulo a ileng a fetoga ka yone. Fa a umakwa la ntlha mo Baebeleng, “o ne a dumelela go bolawa ga” ga Setefane e bile o ne a tshwara “phuthego makgwakgwa.” Dingwaga di le mmalwa fela moragonyana, o ne a nna bonolo mo Bakereseteng ba kwa Thesalonika jaaka “mmè yo o amusang a ngomaela bana ba gagwe.” Thuto ya bomodimo e ne ya dira gore Paulo a tlogele go nna mmogisi mme e nne Mokeresete yo o amegang ka ba bangwe. (Ditiro 8:1, 3; 1 Bathesalonika 2:7) Eleruri o ne a lebogela gore botho jwa gagwe bo ne bo fetotswe ke thuto ya ga Keresete. (1 Timotheo 1:12, 13) Go nna le kanaanelo e e ntseng jalo go ka re thusa jang gore re nne re tsamaye mo ditselaneng tse di kwa godimo tsa Modimo?

Go Tsamaya re Ntse re Bontsha Kanaanelo

Batho ba ba tsamayang mo dithabeng ba itumelela bontle jwa naga jo motho a kgonang go bo bona fa a le kwa godimo ga thaba. Gape ba ipha nako ya go anaanela dilo tse dinnye tse ba di bonang go bapa le tsela, tse di jaaka leje le le sa tlwaelegang, sethunya se sentle kgotsa go gaodisa phologolo ya naga. Re tshwanetse go nna re ntshitse matlho dinameng ka tsela ya semoya gore re bone melemo—e megolo le e mennye—ya go tsamaya le Modimo. Go itse ka melemo eo go tla re rotloetsa e bile go tla dira gore re kgaotse go goga dinao mme re nne matlhagatlhaga mo tseleng e re tsamayang ka yone. Re tla dumalana le mafoko a ga Dafide a a reng: “Dira gore ke utlwe bopelonomi jwa gago jwa lorato mo mosong, gonne ke ikantse wena. Nkitsise tsela e ke tshwanetseng go tsamaya mo go yone, gonne ke tsholeleditse moya wa me kwa go wena.”—Pesalema 143:8.

Mary, yo o tsamaileng ka dingwaga di le dintsi mo ditselaneng tsa ga Jehofa, a re: “Fa ke leba popo ya ga Jehofa, ga ke bone fela tsela e e raraaneng e e dirilweng ka yone, mme ke bona botho jo bo lorato jwa Modimo. Le fa e ka tswa e le phologolo, nonyane kgotsa tshenekegi, nngwe le nngwe ya tsone ga e tshwane le epe, mme e a kgatlha eleruri. Dithuto tsa semoya tse ke ntseng ke di tlhaloganya botoka fa dingwaga di ntse di tsamaya le tsone di nnaya boitumelo jo bo ntseng jalo.”

Re ka godisa kanaanelo ya rona jang? Tsela nngwe ke ka go se tseele kwa tlase dilo tse Jehofa a re direlang tsone. Paulo o ne a kwala jaana: “Rapelang lo sa kgaotse. Lebogang ka ga dilo tsotlhe.”—1 Bathesalonika 5:17, 18; Pesalema 119:62.

Go ithuta ka namana go ka re thusa gore re nne le moya wa go leboga. Paulo o ne a rotloetsa Bakeresete ba kwa Kolosa jaana: “Tswelelang lo tsamaya lo le seoposengwe le [Keresete Jesu], . . . lo penologa ka tumelo mo go ntshiweng ga ditebogo.” (Bakolosa 2:6, 7) Go bala Baebele le go tlhatlhanya ka se re se balang go nonotsha tumelo ya rona e bile go dira gore re atamalane le Mokwadi wa Baebele. Mo go yone go na le matlotlo a a ka re tlhotlheletsang gore re ‘penologe mo go ntshiweng ga ditebogo.’

Go direla Jehofa re na le bakaulengwe ba rona le gone go dira gore tsela e nne motlhofo. Mokwadi mongwe wa dipesalema o ne a itlhalosa jaana: “Ke molekane wa botlhe ba ba go boifang.” (Pesalema 119:63) Dingwe tsa dinako tse re di itumelelang thata ke fa re le kwa dikopanong tsa Bokeresete kgotsa re na le bakaulengwe ba rona ka dinako tse dingwe. Re lemoga gore lelapa la rona le le rategang la Bokeresete la lefatshe lotlhe le nnile gone ka ntlha ya ga Jehofa le ditsela tsa gagwe tse di kwa godimo.—Pesalema 144:15b.

Mo godimo ga go nna le kanaanelo, go nna le boikarabelo go tla re nonotsha gore re nne re gatele pele mo ditselaneng tsa ga Jehofa tse di kwa godimo.

Go Tsamaya Re na Le Boikarabelo

Batho ba ba tsamayang mo dithabeng ka tsela e e bontshang gore ba na le boikarabelo, ba lemoga gore ba tlhoka go tsamaya ka kelotlhoko gore ba se ka ba latlhega kgotsa ba tsamaela gaufi thata le makgotlho. E re ka re le batho ba ba kgonang go itlhophela se re batlang go se dira, Jehofa o re naya selekanyo se se rileng sa kgololesego le sa go ikakanyetsa se re ka se dirang. Mme kgololesego e e ntseng jalo e tlhoka gore re bo re na le boikarabelo fa re ntse re dira ditiro tsa rona tsa Bokeresete.

Ka sekai, Jehofa o tshepa batlhanka ba gagwe gore ba ka dira ditiro tsa bone ka tsela e e bontshang gore ba na le boikarabelo. Ga a bolele gore re tshwanetse ra dirisa maatla le nako e e kana kang mo ditirong tsa Bokeresete kgotsa gore re tshwanetse ra ntsha meneelo e e kana kang ya madi kgotsa ya dilo tse dingwe. Go na le moo, mafoko ano a Paulo a neng a a kwalela Bakorintha a dira mo go rona rotlhe: “A mongwe le mongwe a dire fela jaaka a sweditse mo pelong ya gagwe.”—2 Bakorintha 9:7; Bahebera 13:15, 16.

Go aba ga Bakeresete ka tsela e e bontshang gore ba na le boikarabelo go akaretsa go bolelela batho ba bangwe dikgang tse di molemo. Gape re bontsha gore re na le boikarabelo ka go ntsha meneelo go thusa mo tirong ya Bogosi ya lefatshe lotlhe. Mogolwane mongwe yo o bidiwang Gerhadt, o tlhalosa gore ene le mosadi wa gagwe ba ne ba oketsa meneelo ya bone fela thata fa ba sena go ya kopanong kwa Yuropa Botlhaba. A re: “Re ne ra bona gore bakaulengwe ba rona koo ba humanegile; mme ba anaanela dibuka tsa rona tsa Baebele fela thata, ka jalo re ne ra swetsa ka gore re thuse bakaulengwe ba rona ba ba tlhokang kwa dinageng tse dingwe ka sotlhe se re ka se kgonang.”

Go Oketsa Boitshoko Jwa Rona

Fa motho a tsamaya mo dithabeng o tlhoka go nna le maatla gore a se lape ka bonako. Batho ba ba tsamayang mo dithabeng ba a ikatisa nako le nako fa ba kgonne mme ba le bantsi ba bone ba tsamaya dikgala tse dikhutshwane go ipaakanyetsa mesepele e meleele mo dithabeng. Ka tsela e e tshwanang, Paulo o ne a gakolola gore re nne re tshwaregile mo ditirong tsa puso ya Modimo gore re nne re itekanetse sentle semoyeng. Paulo o ne a re batho ba ba ratang go ‘tsamaya kafa go tshwanetseng Jehofa’ le “go dirwa maatla” ba tshwanetse ba ‘tswelela ba ungwa maungo mo tirong nngwe le nngwe e e molemo.’—Bakolosa 1:10, 11.

Fa motho yo o tsamayang mo dithabeng a na le sengwe se se mo rotloetsang o tla kgona go itshoka. Jang? Go tlhoma mogopolo mo mokgeleng mongwe, jaaka thaba e e kgakala, go a kgothatsa. Mme fa motho yo o tsamayang mo dithabeng a fitlha mo mafelong mangwe mo tseleng ya gagwe, a ka kgona go itse sekgala se se setseng gore a fitlhe kwa mokgeleng wa gagwe wa bofelo. Fa a leba sekgala se a setseng a se tsamaile, o a kgotsofala.

Tsholofelo ya rona ya botshelo jo bo sa khutleng le yone e a re nonotsha e bile e a re rotloetsa. (Baroma 12:12) Fa re ntse re tsamaya mo ditseleng tsa ga Jehofa, re kgotsofadiwa ke go tlhoma le go fitlhelela mekgele ya Bokeresete. Mme a bo re itumela jang ne fa re akanya ka dingwaga tse dintsi tse di fetileng tse re diretseng ka boikanyegi ka tsone kgotsa re akanya ka diphetogo tse re di dirileng mo bothong jwa rona!—Pesalema 16:11.

Batho ba ba tsamayang mo dithabeng ba tsamaya kgato ka kgato gore ba kgone go tsamaya sekgala se seleele ba sa lape ka bonako. Ka tsela e e tshwanang, thulaganyo e e siameng e e akaretsang go ya dipokanong le go ya tirelong ya tshimo ka metlha e tla re thusa gore re tsamaye re ntse re tlhomile mogopolo mo mokgeleng wa rona. Ka gone, Paulo o ne a kgothatsa Bakeresete ka ene jaana: “A re tsweleleng re tsamaya ka thulaganyo ka one mokgwa ono.”—Bafilipi 3:16.

Boammaaruri ke gore, ga re tsamaye re le rosi mo ditselaneng tsa ga Jehofa. Paulo o ne a kwala jaana: “A re akanyetsaneng gore re tlhotlheletsaneng mo loratong le mo ditirong tse di molemo.” (Bahebera 10:24) Go nna le ditsala tse di molemo tsa semoya go tla dira gore go nne motlhofo gore re se ka ra felelwa ke maatla fa re ntse re tsamaya mmogo le badumedi ka rona.—Diane 13:20.

Selo sa bofelo e bile e le sone sa botlhokwa le go feta ke gore le ka motlha re se ka ra lebala maatla a Jehofa a re nayang one. Ba ba ikantseng maatla a ga Jehofa ba tla “tswelela ba tsamaya maatla a bone a botlhaga a ntse a gola.” (Pesalema 84:5, 7) Le fa ka dinako tse dingwe re tshwanelwa ke go lebana le maemo a a bokete, re ka kgona go lepalepana le one ka thuso ya ga Jehofa.