Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Kgalalelo ya ga Jehofa e Phatsimela Batho Ba Gagwe

Kgalalelo ya ga Jehofa e Phatsimela Batho Ba Gagwe

Kgalalelo ya ga Jehofa e Phatsimela Batho Ba Gagwe

“Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena.”ISAIA 60:20.

1. Jehofa o segofatsa jang batho ba gagwe ba ba ikanyegang?

“JEHOFA o ipelela batho ba gagwe. O ntlafatsa ba ba pelonolo ka poloko.” (Pesalema 149:4) Go ne ga rialo mokwadi mongwe wa bogologolo wa dipesalema, mme hisitori e ile ya tlhomamisa boammaaruri jwa mafoko ao. Fa batho ba ga Jehofa ba ikanyega, o a ba tlhokomela, o dira gore tiro ya bone e nne le matswela e bile o a ba sireletsa. Mo metlheng ya bogologolo o ne a dira gore ba fenye baba ba bone. Gompieno o dira gore ba nne ba nonofile semoyeng mme o ba tlhomamisetsa gore ba ka bolokwa ka ntlha ya setlhabelo sa ga Jesu. (Baroma 5:9) O dira jalo ka gonne ba bantle mo matlhong a gagwe.

2. Le fa batho ba Modimo ba ganediwa, ba tlhomamisegile ka eng?

2 Ke boammaaruri gore mo lefatsheng le le aparetsweng ke lefifi, batho ba ba ‘tshelang ka boineelo jwa bomodimo’ ba tla ganediwa. (2 Timotheo 3:12) Le fa go ntse jalo, Jehofa o beile baganetsi leitlho, mme o ba tlhagisa jaana: “Setšhaba sepe le bogosi bope jo bo se kitlang bo go direla bo tla nyelela; mme ditšhaba tsone ruri di tla swafala.” (Isaia 60:12) Gompieno, kganetso e ka tla ka ditsela di le dintsi. Mo dinageng dingwe, fa Bakeresete ba ba peloephepa ba ntse ba obamela Jehofa, baganetsi ba leka go ba beela melao kgotsa go ba thibela gotlhelele. Mo go tse dingwe, baganetsi ba ba feteletsang dilo ba ile ba tlhasela baobamedi ba ga Jehofa ba bo ba fisa dithoto tsa bone. Le fa go ntse jalo, gakologelwa gore Jehofa o setse a itse diphelelo tsa kganetso epe fela e e leng kgatlhanong le gore thato ya gagwe e diragadiwe. Baganetsi ba tla retelelwa. Ba ba lwantshang Siona, yo o emelwang ke bana ba gagwe mo lefatsheng, ga ba ka ke ba atlega. A eno ga se tlhomamisetso e e nametsang e e tswang kwa go Jehofa, Modimo wa rona yo mogolo?

Ba Segofaditswe go Feta Kafa ba Neng ba Lebeletse ka Teng

3. Bontle jwa baobamedi ba ga Jehofa le tsela e tiro ya bone e nnang le matswela ka yone di tshwantshiwa jang?

3 Boammaaruri ke gore mo metlheng ya bofelo ya tsamaiso eno ya dilo, Jehofa o ile a segofatsa batho ba gagwe go feta kafa ba neng ba lebeletse ka teng. O ile a ntlafatsa lefelo la gagwe la kobamelo kgato ka kgato a ba a ntlafatsa le batho ba ba leng mo go lone ba ba bidiwang ka leina la gagwe. Go ya ka boporofeti jwa ga Isaia, o raya Siona a re: “Kgalalelo ya Lebanona e tla tla mo go wena, le setlhare sa mofira, setlharesetuba le mokuperese ka nako e le nngwe, e le go dira gore lefelo la me le le boitshepo le nne lentle; mme ke tla galaletsa lefelo la dinao tsa me.” (Isaia 60:13) Go gontle go bona dithaba tse di apesitsweng ke ditlhare tse dintsi tse di goletseng kwa godimo. Ka jalo, go a tshwanela gore ditlhare tse di godileng sentle di bo di ka tshwantshetsa bontle jwa baobamedi ba ga Jehofa le tsela e tiro ya bone e nnang le matswela ka yone.—Isaia 41:19; 55:13.

4. ‘Lefelo le le boitshepo’ le ‘lefelo la dinao tsa ga Jehofa’ ke eng, mme mafelo ano a ile a ntlafadiwa jang?

4 ‘Lefelo le le boitshepo’ le ‘lefelo la dinao tsa ga Jehofa’ a go buiwang ka one mo go Isaia 60:13 ke eng? Dipolelwana tseno di kaya malwapa a tempele e kgolo ya semoya ya ga Jehofa, e leng thulaganyo ya go mo atamela re mo obamela ka Jesu Keresete. (Bahebera 8:1-5; 9:2-10, 23) Jehofa o boletse boikaelelo jwa gagwe jwa go galaletsa tempele eo ya semoya ka go tlisa batho ba ba tswang mo ditšhabeng tsotlhe gore ba tle go obamela mo go yone. (Hagai 2:7) Pelenyana Isaia ka boene o ne a bona boidiidi jwa batho go tswa mo ditšhabeng tsotlhe bo ologela kwa thabeng ya ga Jehofa e e goletseng kwa godimo ya kobamelo. (Isaia 2:1-4) Makgolokgolo a dingwaga morago ga moo, moaposetoloi Johane o ne a bona mo ponatshegelong “boidiidi jo bogolo, jo go seng motho ope yo o neng a kgona go bo bala, bo tswa mo merafeng yotlhe le ditso le ditšhaba le diteme.” Bano ba ne ba eme “fa pele ga setulo sa bogosi sa Modimo . . . , ba mo direla tirelo e e boitshepo motshegare le bosigo mo tempeleng ya gagwe.” (Tshenolo 7:9, 15) E re ka dipolelelopele tseno di ile tsa diragadiwa mo motlheng wa rona, re ile ra bona ntlo ya ga Jehofa e ntlafadiwa.

5. Ke phetogo efe e e molemo e e neng ya tlela bana ba ga Siona?

5 A bo dilo tseno tsotlhe di tlisitse phetogo e e molemo jang ne mo go Siona! Jehofa a re: “Mo boemong jwa gore o nne yo o tlogetsweng gotlhelele e bile o tlhoilwe, go se na ope yo o ralalang, ke tla go tlhoma jaaka sengwe sa go ikgogomosa ka bosakhutleng, boitumelo jwa kokomana morago ga kokomana.” (Isaia 60:15) Go ela kwa bokhutlong jwa ntwa ya ntlha ya lefatshe, “Iseraele wa Modimo” ruri o ne a nna le motlha wa kgakgabalo. (Bagalatia 6:16) O ne a ikutlwa ‘a tlogetswe gotlhelele,’ ka gonne bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng ba ne ba sa lemoge sentle gore Modimo o batla ba dira eng. Go tswa foo, ka 1919, Jehofa o ne a tsosolosa batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng, mme fa e sa le ka nako eo o ba ntlafaditse ka koketsego e e gakgamatsang ya semoya. Mo godimo ga moo, a tsholofetso e e mo temaneng eno ga e itumedise? Jehofa o tla leba Siona jaaka “sengwe sa go ikgogomosa.” Ee, bana ba ga Siona, le Jehofa ka boene ba tla ipela ka Siona. O tla nna “boitumelo,” sengwe sa go ipelelwa thata. Mme seo ga se kitla se direga ka nakwana fela. Boemo jwa go amogelwa ga ga Siona, yo o emelwang ke bana ba gagwe ba ba mo lefatsheng, bo tla tswelela pele “kokomana morago ga kokomana.” Ga bo kitla bo fela.

6. Bakeresete ba boammaaruri ba dirisa dithuso tsa ditšhaba jang?

6 Jaanong reetsa tsholofetso e nngwe ya Modimo. Jehofa o raya Siona a re: “O tla anya mashi a ditšhaba, o tla anya mabele a dikgosi; mme ruri o tla itse gore nna, Jehofa, ke Mmoloki wa gago, mme Yo o Maatla wa ga Jakobe ke Morekolodi wa gago.” (Isaia 60:16) Siona o anya “mashi a ditšhaba” le “mabele a dikgosi” jang? Ka gore Bakeresete ba batlodiwa le ditsala tsa bone tsa “dinku tse dingwe” ba dirisa dithuso tsa ditšhaba go tsweledisa kobamelo e e itshekileng pele. (Johane 10:16) Meneelo ya madi e e ntshiwang ka go rata e ba thusa gore ba kgone go dira tiro e kgolo ya go rera le go ruta mo lefatsheng lotlhe. Ba dirisa boranyane jwa saense ya gompieno ka botlhale go ba thusa gore ba gatise Dibaebele le dibuka tse di theilweng mo Baebeleng ka dipuo di le makgolokgolo. Gompieno batho ba bantsi go feta le fa e le leng mo hisitoring ba kgona go bona boammaaruri jwa Baebele. Baagi ba ditšhaba di le dintsintsi ba ithuta gore ruri Jehofa ke Mmoloki, e re ka a ile a rekolola batlhanka ba gagwe ba ba tloditsweng mo botshwarong jwa semoya.

Kgatelopele ya Phuthego

7. Bana ba ga Siona ba bone kgatelopele efe e e tlhomologileng?

7 Jehofa o ntlafaditse batho ba gagwe ka tsela e nngwe. O ba segofaditse ka go dira gore phuthego e gatele pele. Re bala jaana mo go Isaia 60:17: “Mo boemong jwa kgotlho ke tla tlisa gouta, mme mo boemong jwa tshipi ke tla tlisa selefera, mme mo boemong jwa logong, kgotlho, mme mo boemong jwa maje, tshipi; ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” Go dirisa gouta mo boemong jwa kgotlho ke kgatelopele, fela jaaka go ntse ka didirisiwa tse dingwe tse di umakilweng fano. Go dumalana le seno, Iseraele wa Modimo o ntse a bona dithulaganyo tsa phuthego di tokafadiwa kgato ka kgato go ralala metlha ya bofelo. Akanya ka dikai di se kae.

8-10. Tlhalosa dilo dingwe tse phuthego e gatetseng pele mo go tsone fa e sa le ka 1919.

8 Pele ga 1919, diphuthego tsa batho ba Modimo di ne di kaelwa ke bagolwane le batiakone, botlhe ba tlhophilwe ka tsela ya temokerasi ke maloko a phuthego. Go simolola ka one ngwaga oo, “motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale” o ne a tlhoma mokaedi wa tirelo mo phuthegong nngwe le nngwe gore a tlhokomele ditiro tsa tirelo ya tshimo. (Mathaio 24:45-47) Le fa go ntse jalo, mo diphuthegong di le dintsi thulaganyo eo ga e a ka ya tsamaya sentle go le kalo ka gonne bagolwane bangwe ba ba tlhophilweng ba ne ba sa tshegetse tiro ya go rera ka botlalo. Ka gone, ka 1932, diphuthego di ne tsa kaelwa gore di se tlhole di tlhopha bagolwane le batiakone. Go na le moo, di ne di tshwanetse go tlhopha banna gore ba direle mo komiting ya tirelo mmogo le mokaedi wa tirelo. Seo se ne se tshwana le go dirisa “kgotlho” mo boemong jwa “logong”—kgatelopele ruri!

9 Ka 1938, diphuthego mo lefatsheng lotlhe di ne tsa dira tshwetso gore di amogele thulaganyo e e botoka, e e neng e tsamaisana sentle le sekao se se mo Dikwalong. Tsamaiso ya phuthego e ne ya tlhokomelwa ke motlhanka wa mophato a thusiwa ke batlhanka ba bangwe, botlhe e le ba ba tlhomilweng ka kaelo ya motlhanka yo o boikanyego le yo o botlhale. Go ne go sa tlhole go tla nna le ditlhopho! Ka jalo, botlhe ba ba neng ba tlhomiwa mo phuthegong ba ne ba tlhomiwa ka tsela ya puso ya Modimo. Seo se ne se tshwana le “tshipi” mo boemong jwa “maje” kgotsa “gouta” mo boemong jwa “kgotlho.”

10 Fa e sa le ka nako eo dilo di ntse di gatela pele. Ka sekai, ka 1972 go ne ga bonwa gore tsela ya gore diphuthego di okamelwe ke setlhopha se se dirisanang mmogo sa bagolwane ba ba tlhomilweng ka tsela ya puso ya Modimo, mme go se mogolwane a le mongwe yo o laolang ba bangwe botlhe, e ne e tshwana thata le tsela e diphuthego tsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga di neng di kaelwa ka yone. Mo godimo ga moo, dingwaga di ka nna pedi tse di fetileng, go ne ga nna le kgatelopele e nngwe gape. Go ne ga nna le phetogo mo bokaeding jwa makgotla mangwe a semolao, mme seo sa dira gore Setlhopha se se Laolang se kgone go tlhokomela ka botlalo dilo tsa semoya tse di amang batho ba Modimo go na le gore se kgorelediwe ke dikgang tsa semolao tsa letsatsi le letsatsi.

11. Ke mang yo o ntseng a dira gore go nne le diphetogo mo phuthegong ya batho ba ga Jehofa, mme diphetogo tseno di feletse ka eng?

11 Ke mang yo o ntseng a dira gore go nne le diphetogo tseno tse di tlang kgato ka kgato? Ga se ope fa e se Jehofa Modimo. Ke ene a reng: “Ke tla tlisa gouta.” E bile ke ene a tswelelang pele ka go re: “Ke tla tlhoma kagiso go nna balebedi ba gago le tshiamo go nna baabi ba gago ba tiro.” Ee, Jehofa ke ene a tlhokomelang gore batho ba gagwe ba okamelwa jang. Kgatelopele eno e e boleletsweng pele e e dirwang mo phuthegong ke tsela e nngwe e a ntlafatsang batho ba gagwe ka yone. Mme seo se bakile gore Basupi ba ga Jehofa ba segofadiwe ka ditsela tse dintsi. Re bala jaana mo go Isaia 60:18: “Thubakanyo ga e kitla e tlhola e utlwiwa mo lefatsheng la gago, thopo le tshenyo mo melelwaneng ya gago. Mme ruri o tla bitsa dipota tsa gago Poloko le dikgoro tsa gago Pako.” A mafoko a mantle! Mme a diragaditswe jang?

12. Kagiso e nnile le seabe se segolo jang mo Bakereseteng ba boammaaruri?

12 Bakeresete ba boammaaruri ba leba kwa go Jehofa ka tlhoafalo gore a ba rute le go ba kaela, mme diphelelo tsa seo di boleletswe pele mo go Isaia: “Bomorwao botlhe e tla nna batho ba ba rutiwang ke Jehofa, mme kagiso ya bomorwao e tla nna kgolo.” (Isaia 54:13) Mo godimo ga moo, moya wa ga Jehofa o dira mo bathong ba gagwe mme loungo longwe lwa moya oo ke kagiso. (Bagalatia 5:22, 23) Kagiso e batho ba ga Jehofa ba nnang le yone ka ntlha ya moo e dira gore ba nne lefelo le le lapolosang la botshabelo mo lefatsheng le le tletseng thubakanyo. Kagiso ya bone, e e theilweng mo loratong lo Bakeresete ba boammaaruri ba ratanang ka lone, e ba naya sebaka sa go latswa kafa botshelo bo tla bong bo le ka teng mo lefatsheng le lesha. (Johane 15:17; Bakolosa 3:14) Kwantle ga pelaelo mongwe le mongwe wa rona o rata go utlwa le go rotloetsa kagiso eo, e e tlisetsang Modimo wa rona pako le tlotlo e bile e na le seabe se segolo mo paradaiseng ya rona ya semoya!—Isaia 11:9.

Lesedi la ga Jehofa le Tla Phatsimela Pele

13. Ke eng fa re ka tlhomamisega gore lesedi la ga Jehofa ga le kitla le kgaotsa go phatsimela batho ba gagwe?

13 A lesedi la ga Jehofa le tla phatsimela pele mo bathong ba gagwe? Ee! Re bala jaana mo go Isaia 60:19, 20: “Letsatsi ga le kitla le tlhola le nna lesedi la gago motshegare, mme ngwedi ga a kitla a tlhola a go fa lesedi la phatsimo. Mme Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, le Modimo wa gago o tla nna bontle jwa gago. Letsatsi la gago ga le kitla le tlhola le phirima, le fa e le ngwedi wa gago go ngotlega lesedi; gonne Jehofa o tla nna lesedi le le nnang ka bosakhutleng mo go wena, mme malatsi a go hutsafala ga gago a tla bo a weditswe.” Fa “go hutsafala” ga batshwarwa ba semoya go sena go wela ka 1919, lesedi la ga Jehofa le ne la simolola go ba phatsimela. Dingwaga di feta 80 moragonyana, ba sa ntse ba ipelela go amogelwa ke Jehofa fa lesedi la gagwe le ntse le phatsimela pele. Mme le ka se eme. Modimo wa rona ga a kitla a “phirima” jaaka letsatsi kgotsa a “ngotlega lesedi” jaaka ngwedi mo baobameding ba gagwe. Go na le moo, o tla ba phatsimisetsa lesedi ka bosakhutleng. A bo e le kgothatso e e molemo jang ne mo go rona ba re tshelang mo metlheng ya bofelo ya lefatshe leno le le lefifi!

14, 15. (a) Batho ba Modimo botlhe ba ‘siame’ ka tsela efe? (b) Ba dinku tse dingwe ba lebeletse pele go bona tiragatso efe e e botlhokwa malebana le Isaia 60:21?

14 Jaanong, utlwa tsholofetso e nngwe e Jehofa a e dirang malebana le moemedi wa Siona yo o mo lefatsheng, Iseraele wa Modimo. Isaia 60:21 ya re: “Fa e le batho ba gago, botlhe e tla nna ba ba siameng; ba tla rua lefatshe ka bosakhutleng, letlhogela la go jala ga me, tiro ya diatla tsa me, gore ke ntlafadiwe.” Ka 1919 fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ne ba busediwa mo tirong, e ne e le setlhopha se se sa tlwaelegang sa batho. Mo lefatsheng leno le le tletseng boleo, ba ile “ba bolelwa e le ba ba siameng” ka go bo ba na le tumelo e e nonofileng mo setlhabelong sa thekololo sa ga Keresete Jesu. (Baroma 3:24; 5:1) Mme fela jaaka Baiseraele ba ba neng ba golotswe mo botshwarong jwa Babelona, ba ne ba rua “lefatshe,” ke gore lefatshe la semoya kgotsa lefelo la tiro, le ba neng ba tla nna le paradaise ya semoya mo go lone. (Isaia 66:8) Bontle jwa lefatshe leo jo e keteng jwa paradaise bo ka se tsamaye bo fele, ka gonne, go farologana le Iseraele wa bogologolo, Iseraele wa Modimo jaaka setšhaba ga a kitla a nna yo o sa ikanyegeng. Le ka motlha ba ka se kgaotse go naya leina la Modimo tlotlo ka tumelo, boitshoko le tlhoafalo ya bone.

15 Maloko otlhe a setšhaba seo sa semoya a ile a tsena mo kgolaganong e ntšha. Molao wa ga Jehofa o kwadilwe mo dipelong tsa bone botlhe, mme Jehofa o ba itshwaretse maleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu sa thekololo. (Jeremia 31:31-34) O ba bolela e le ba ba siameng ka e le “bana” mme o dirisana le bone jaaka e kete ba itekanetse. (Baroma 8:15, 16, 29, 30) Ditsala tsa bone tse e leng ba dinku tse dingwe le bone ba ile ba itshwarelwa maleo mo motheong wa setlhabelo sa ga Jesu, mme ka ntlha ya tumelo ba ile ba bolelwa ba siame e le ditsala tsa Modimo jaaka Aborahame. “Ba tlhatswitse diaparo tsa bone tse di telele ba bo ba di sweufatsa mo mading a Kwana.” Mme ditsala tseno tse e leng ba dinku tse dingwe ba lebeletse pele go segofadiwa ka tsela e nngwe e e tlhomologileng. Fa ba sena go falola ‘pitlagano e kgolo’ kana ba sena go tsosiwa, ba tla bona mafoko a Isaia 60:21 a diragadiwa ka tsela ya mmatota fa lefatshe lotlhe le nna paradaise. (Tshenolo 7:14; Baroma 4:1-3) Ka nako eo, “ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11, 29.

Koketsego e Tswelela Pele

16. Jehofa o dirile tsholofetso efe e e gakgamatsang, mme e ile ya diragadiwa jang?

16 Mo temaneng ya bofelo ya Isaia 60, re bala ka tsholofetso ya bofelo ya ga Jehofa mo kgaolong eno. O raya Siona a re: “Yo monnye o tla nna sekete, le yo mmotlana o tla nna setšhaba se se thata. Nna, Jehofa, ke tla go akofisa mo motlheng wa gone.” (Isaia 60:22) Mo motlheng wa rona, Jehofa o diragaditse lefoko la gagwe. Fa Bakeresete ba batlodiwa ba ne ba boela mo tirong ka 1919, ba ne ba le mmalwanyana—e le “yo monnye” tota. Palo ya bone e ne ya oketsega fa go tlisiwa Baiseraele ba bangwe ba semoya. Mme dinku tse dingwe di ne tsa simolola go thelegela kwa go bone ka dipalo tse di ntseng di oketsega. Kagiso ya batho ba Modimo, ke gore paradaise ya semoya e e mo ‘lefatsheng’ la bone, e ngokile batho ba bantsi ba ba dipelo di ikanyegang mo e leng gore ruri “yo mmotlana” o ile a nna “setšhaba se se thata.” Gone jaanong “setšhaba” seno—Iseraele wa Modimo le “batswakwa” ba ba ineetseng ba ba fetang dimilione tse thataro—se na le batho ba bantsi go feta dinaga di le dintsi tse di ipusang tsa lefatshe. (Isaia 60:10) Banni ba sone ba nna le seabe mo go boneseng lesedi la ga Jehofa, mme seo se dira gore ba nne bantle mo matlhong a gagwe.

17. Tlhaloso eno ya Isaia kgaolo 60 e go amile jang?

17 Ee, go sekaseka dintlha tsa konokono tsa Isaia kgaolo 60 go nonotsha tumelo. Go a gomotsa go itse gore Jehofa o ne a itse go sa le gale thata gore batho ba gagwe ba ne ba tla ya kwa botshwarong jwa semoya go tswa foo ba bo ba busiwa. Go a kgatlha go bona gore Jehofa o ne a bonela pele go sale gale gore go tla nna le koketsego e kgolo ya palo ya baobamedi ba boammaaruri mo motlheng wa rona. Mo godimo ga moo, a bo go gomotsa jang ne go nna re gopotse gore Jehofa ga a kitla a re latlha! A bo e le tlhomamisetso e e lorato jang ne gore dikgoro tsa “motse” di tla nna di butswe go amogela ka pelontle ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng”! (Ditiro 13:48) Jehofa o tla tswelela pele a phatsimela batho ba gagwe. Siona o tla nna e ntse e le sengwe se se ipedisang fa bana ba gagwe ba ntse ba dira gore lesedi la bone le phatsimele pele. (Mathaio 5:16) Ga go na pelaelo gore re ikemiseditse go feta le fa e le leng pele go nna re le gaufi le Iseraele wa Modimo le go anaanela tshiamelo ya rona ya go bontsha lesedi la ga Jehofa!

A o ka Tlhalosa?

• Le fa re ka tswa re ganediwa, re tlhomamisegile ka eng?

• Bana ba Siona ba ‘antse mashi a ditšhaba’ jang?

• Jehofa o ‘tlisitse kgotlho mo boemong jwa logong’ jang?

Isaia 60:17, 21 e bontsha dinonofo dife tse pedi?

• “Yo mmotlana” o nnile “setšhaba se se thata” jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 18]

BOPOROFETI JWA GA ISAIA—Lesedi la Batho Botlhe

Tshedimosetso e e mo ditlhogong tseno e ne ya neelwa mo puong nngwe ya Dikopano Tsa Kgaolo Tsa “Barutisi ba Lefoko la Modimo” tsa 2001/02. Kwa mafelong a le mantsi, fa puo eo e fela sebui se ne sa golola kgatiso e ntšha ya setlhogo se se reng Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe, Bolumo ya Bobedi. Ngwaga pele ga foo, go ile ga gololwa buka ya Boporofeti Jwa ga Isaia—Lesedi la Batho Botlhe, Bolumo ya Ntlha. E re ka kgatiso eno e ntšha e golotswe, go setse go na le tlhaloso e e mo nakong ya mo e batlileng e nna temana nngwe le nngwe ya buka ya Isaia. Go bonala sentle gore dibolumo tseno di re thusa thata gore re kgone go godisa tsela e re tlhaloganyang le e re anaanelang ka yone buka eno ya boporofeti ya ga Isaia e e nonotshang tumelo.

[Ditshwantsho mo go tsebe 15]

‘Jehofa o ntlafatsa batho ba gagwe ka poloko’ fa ba lebane le kganetso e kgolo

[Ditshwantsho mo go tsebe 16]

Batho ba Modimo ba dirisa dithuso tsa ditšhaba go tsweledisa kobamelo e e itshekileng pele

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

Jehofa o segofaditse batho ba gagwe ka go dira gore phuthego e gatele pele e bo e nne le kagiso