Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

O se Ka wa Tsiediwa

O se Ka wa Tsiediwa

O se Ka wa Tsiediwa

BATHO ga ba bolo go nna ba tsiediwa. Nngwe ya ditiragalo tsa ntlha tsa hisitori e e kwadilweng e ne e le ya go tsietsa. Mo tiragalong eo Satane o ne a tsietsa Efa kwa tshimong ya Edene.—Genesise 3:13; 1 Timotheo 2:14.

Le fa tsietso e sa le e ntse e aname mo lefatsheng go tloga ka nako eo, gompieno e atile le go feta. Baebele e ne ya tlhagisa jaana e bolelela pele ka metlha ya gompieno: “Batho ba ba boikepo le maferefere ba tla tswelela ba sulafalela pele, ba tsietsa e bile ba tsiediwa.”—2 Timotheo 3:13.

Batho ba tsiediwa ka mabaka a mantsi a a farologaneng. Batsietsi le maferefere ba tsietsa batho gore ba ba tseele madi. Boradipolotiki bangwe ba tsietsa batlhophi ba bone, ba dira sotlhe se ba ka se kgonang gore ba nne ba ntse ba le mo pusong. Batho e bile ba a itsietsa. Mo boemong jwa go lebana le boammaaruri jo ba sa batleng go bo amogela, ba ipolelela gore ga go re sepe le fa ba dira ditiro tse di kotsi, tse di jaaka go goga, go se dirise diokobatsi ka tshwanelo, kgotsa boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Gape batho ba tsiediwa mo go tsa bodumedi. Baeteledipele ba bodumedi ba motlha wa ga Jesu ba ne ba tsietsa batho. Jesu o ne a bolela jaana ka batsietsi bao: “Ke bagogi ba ba foufetseng. Jaanong, fa motho yo o foufetseng a goga motho yo o foufetseng, ba tla wela mo kgatamping mmogo.” (Mathaio 15:14) Mo godimo ga moo, batho ba itsietsa mo go tsa bodumedi. Diane 14:12 ya re: “Go na le tsela e e thokgameng fa pele ga motho, mme bokhutlo jwa yone morago ga moo ke ditsela tsa loso.”

Jaaka mo motlheng wa ga Jesu, batho ba le bantsi gompieno ba tsiediwa ka tsa bodumedi, mme seo ga se gakgamatse! Moaposetoloi Paulo o ne a re Satane “o [foufaditse] megopolo ya ba ba sa dumeleng, gore go bonesa ga dikgang tse di molemo tse di galalelang ka ga Keresete, yo e leng setshwano sa Modimo, go se ka ga ba phatsimela.”—2 Bakorintha 4:4.

Fa mongwe yo o tseelang batho madi ka boferefere a re tsietsa, re latlhegelwa ke madi. Fa radipolotiki a re tsietsa, seo se ka felela ka gore re latlhegelwe ke kgololesego ya rona. Mme fa Satane a re tsietsa gore re bo re gane boammaaruri ka ga Jesu Keresete, re ka se bone botshelo jo bo sa khutleng! Ka jalo o se ka wa tsiediwa. Sekaseka Baebele ka pelo yotlhe, e re ka e le yone motswedi o o osi o o ikanyegang wa boammaaruri jwa bodumedi. Re ka latlhegelwa ke go le gontsi fa re ka se ka ra dira jalo.—Johane 17:3.