Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Obamela Modimo “ka Mowa”

Obamela Modimo “ka Mowa”

Obamela Modimo “ka Mowa”

“Lo a bo lo ka tshwantsha Modimo le mang? Gongwe setshwantsho ke sefe se lo tlaa bong lo se tshwantsha le one?”—ISAIA 40:18, “BAEBELE E E BOITSHEPO”

GONGWE o ka tswa o tlhatswegile pelo gore go siame go dirisa ditshwantsho tse di takilweng mo kobamelong ya Modimo. O ka nna wa akanya gore seno se go atametsa gaufi le Moutlwi wa dithapelo yo o sa bonaleng le yo go ka lebegang e kete ga se motho mme ke kgopolo fela.

Le fa go ntse jalo, a re gololesegile gotlhelele gore re ka itlhophela tsela e re batlang go atamela Modimo ka yone? A Modimo ga se ene yo o tshwanetseng go laola gore ke eng se se siameng le se se sa siamang? Jesu o ne a tlhalosa tsela e Modimo a lebang kgang eno ka yone fa a ne a re: “Ke nna tsela, le boammaaruri, le botshelo; ga go tle ope mo go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) * Mafoko ao ka boone fela a bontsha gore ga re a tshwanela go dirisa ditshwantsho tse di takilweng kgotsa dilo dipe fela tse dingwe tse di dirisediwang kobamelo.

Ee, go na le mofuta mongwe o o rileng wa kobamelo o Jehofa Modimo a o amogelang. Mme ke mofuta ofe oo? Mo lekgetlhong le lengwe Jesu o ne a tlhalosa jaana: “Lobaka lo etla, le gompieno lo fitlhile, lo baobamedi ba ammaaruri ba tlaa obamelang Rara ka lone, ka Mowa le ka boammaaruri; gonne Rara o batla ba ba ntseng jalo go nna baobamedi ba gagwe. Modimo ke Mowa; mme ba ba o obamelang ba na le go o obamela ka mowa le ka boammaaruri.”—Johane 4:23, 24.

A setshwantsho se ka emela Modimo, yo e leng “Mowa”? Nnyaa. Le fa setshwantsho se se takilweng se ka tswa se le sentle jang, ga se ka ke sa nna le kgalalelo e e tshwanang le ya Modimo. Ka jalo, le ka motlha setshwantsho sa Modimo ga se ka ke sa tshwantshetsa kafa tota a leng ka teng. (Baroma 1:22, 23) A motho o tla bo a ‘obamela ka boammaaruri’ fa a dirisa setshwantsho sengwe se se takilweng ke batho go obamela Modimo?

Thuto e e Utlwalang Sentle ya Baebele

Molao wa Modimo o ne o iletsa batho go dira ditshwantsho gore ba di obamele. Molao wa bobedi wa Melao e e Lesome o ne o re: “O se ka wa itirela setshwantsho sepe se se setilweng, le fa e le setshwano sa sebopego sepe se se kwa legodimong kwa godimo, le fa e le sa se se mo lefatsheng kwa tlase, le fa e le sa se se mo metsing a a kwa tlase ga lefatshe. O se ka wa di ikobela le fa e le go di direla.” (Ekesodo 20:4, 5) Gape Dikwalo Tsa Bokeresete tse di tlhotlheleditsweng di laela jaana: “Tshabang kobamelo ya medimo ya disetwa.”—1 Bakorintha 10:14.

Ke boammaaruri gore batho ba le bantsi ba gatelela gore fa ba dirisa ditshwantsho mo kobamelong e a bo e se kobamelo ya medingwana. Ka sekai, gantsi Bakeresete ba Orthodox ba ganetsa gore tota ba obamela ditshwantsho tse di takilweng tse ba obamang, ba khubamang le go rapela fa pele ga tsone. Moruti mongwe wa Orthodox o ne a kwala jaana: “Re a di tlotla ka gonne ke dilo tse di boitshepo le ka gonne re tlotla se Ditshwantsho Tse di Takilweng di se emelang.”

Le fa go ntse jalo, re sa ntse re tlhoka go ipotsa jaana: A Modimo o amogela go dirisiwa ga ditshwantsho tse di takilweng le fa go twe go a bo go sa tlotlwe tsone? Ga go na gope mo Baebele e letlelelang mokgwa oo teng. Jehofa o ne a bontsha gore ga a rate se Baiseraele ba neng ba se dira gotlhelele fa ba ne ba dira setshwantsho sa namane, ba re ba se direla go mo tlotla, a ba a bontsha gore ba fetogile batlhanogi.—Ekesodo 32:4-7.

Kotsi e e Bofitlha

Go dirisa dilo dingwe mo kobamelong ke mokgwa o o kotsi. O ka dira gore batho ba raelesege motlhofo go obamela sengwe go na le go obamela Modimo yo go tweng se a mo emela. Ka mafoko a mangwe, setshwantsho se se takilweng e nna modingwana o o obamelwang.

Go ne ga direga jalo ka dilo di le mmalwa mo metlheng ya Baiseraele. Ka sekai, Moshe o ne a dira noga ya kgotlho fa ba ntse ba sepela mo nageng. Kwa tshimologong, setshwantsho sa noga se se neng se pegilwe mo koteng se ne se diretswe go ba thusa gore ba fole. Batho ba ba neng ba otlhaiwa ka gore ba lomiwe ke dinoga ba ne ba ka leba noga ya kgotlho gore Modimo a ba thuse. Mme fa batho ba sena go nna lobakanyana mo Nageng e e Solofeditsweng, go bonala ba ne ba fetola setshwantsho seno modingwana, jaaka e kete noga eno ya kgotlho ka boyone e na le maatla a go fodisa. Ba ne ba e fisetsa maswalo ba bo ba e taya leina, Nehušetane.—Dipalo 21:8, 9; 2 Dikgosi 18:4.

Gape Baiseraele ba ile ba leka go dirisa letlole la kgolagano e le pheko go itshireletsa mo babeng ba bone, mme ga nna le ditlamorago tse di botlhoko. (1 Samuele 4:3, 4; 5:11) Mme mo motlheng wa ga Jeremia, baagi ba Jerusalema ba ne ba amega thata ka tempele go na le go amega ka Modimo yo o neng a obamelwa mo go yone.—Jeremia 7:12-15.

Mokgwa wa go rata go obamela dilo dingwe mo boemong jwa go obamela Modimo o sa ntse o aname thata le gompieno. Mmatlisisi Vitalij Ivanovich Petrenko o ne a re: “Setshwantsho se se takilweng . . . e nna selo se se obamelwang mme go ka nna motlhofo gore se dirisiwe mo kobamelong ya medingwana . . . Re tshwanetse ra dumela gore tota seno ke kgopolo ya boheitane e e tseneng mo kobamelong ya ditshwantsho tse di takilweng ka ntlha ya ditumelo tse di tlwaelegileng tsa batho.” Ka mo go tshwanang moruti mongwe wa Orthodox ya Gerika e bong Demetrios Constantelos o bolela jaana mo bukeng ya gagwe ya Understanding the Greek Orthodox Church: “Go ka direga gore Mokeresete a dire gore setshwantsho se se takilweng e nne selo se a se obamelang.”

Maiphako a gore ditshwantsho tse di takilweng ke dilo tse di thusang go obamela se tota di se emelang a belaetsa fela thata. Ka ntlha yang? A ga se boammaaruri gore ditshwantsho dingwe tse di takilweng tsa ga Marea kgotsa tsa “baitshepi” di tsewa di tshwanelwa ke tlotla e bile di thusa go feta ditshwantsho tse dingwe tse di takilweng mme di tshwantshetsa motho a le mongwe yo o sa bolong go swa? Ka sekai, setshwantsho sengwe se se takilweng sa ga Marea se se kwa Tínos, kwa Gerika, se na le batho ba ba ineetseng mo go sone ba Orthodox, mme go na le ba bangwe ba le bone ba ineetseng fela jalo mo setshwantshong se sengwe se se takilweng sa ga Marea se se kwa Soumela, kwa Gerika bokone. Batho ba ditlhopha tseno ka bobedi, ba dumela gore setshwantsho sa bone se se takilweng se botoka e bile se kgona go dira dikgakgamatso tse dikgolo go feta se sengwe, le fa ka bobedi jwa tsone di tshwantshetsa motho a le mongwe yo o sa bolong go swa. Ka jalo, batho ba bontsha ka ditiro tsa bone fa ba dumela gore ditshwantsho dingwe tse di takilweng di na le maatla e bile ba a di obamela.

A go Siame go Rapela “Baitshepi” Kgotsa Marea?

Le fa go ntse jalo, go tweng ka go obamela batho, ba ba jaaka Marea kgotsa “baitshepi”? Fa Jesu a ne a araba Satane yo o neng a mo raela, o ne a umaka Duteronome 6:13 a re: “O obamele Morena Modimo wa gago, ke ene esi yo o tlaa mo direlang.” (Mathaio 4:10) Moragonyana o ne a bolela gore baobamedi ba boammaaruri ba ne ba tla obamela “Rara” fela, e seng motho ope o sele. (Johane 4:23) E re ka moengele a ne a lemoga seno o ne a kgalemela moaposetoloi Johane jaana ka go bo a ne a leka go mo obamela: “O se ka wa ba wa dira jalo . . . Obamela Modimo.”—Tshenolo 22:9.

A go siame gore motho a rapele mmaagwe Jesu wa mo lefatsheng, e bong Marea, kgotsa “baitshepi” bangwe, a ba kopa gore ba mmuelele mo Modimong? Baebele e araba jaana ka tlhamalalo: “Go motsereganyi . . . a le mongwe fela fa gare ga Modimo le batho, motho ka esi, e bong Keresete Jesu.”—1 Timotheo 2:5, 6.

Sireletsa Botsalano Jwa Gago le Modimo

E re ka go dirisa ditshwantsho tse di takilweng mo kobamelong go sa dumalane le thuto e e utlwalang sentle ya Baebele, ga go ka ke ga thusa batho gore ba amogelwe ke Modimo le gore ba bolokwe. Go farologana le seo, Jesu o ne a re re ka bona botshelo jo bo sa khutleng fa re nna le kitso ka ga Modimo yo o esi wa boammaaruri, re ithuta botho jwa gagwe jo bo sa tshwaneng le bope mmogo le maikaelelo a gagwe le ditirisano tsa gagwe le batho. (Johane 17:3) Ditshwantsho tse di takilweng tse di sa kgoneng go bona, go kgoma kgotsa go bua di ka se thuse motho go itse Modimo le go mo obamela ka tsela e a e amogelang. (Pesalema 115:4-8) Thuto eo e e botlhokwa go gaisa tsotlhe e ka bonwa fela ka go ithuta Lefoko la Modimo e leng Baebele.

Kobamelo ya ditshwantsho tse di takilweng ga e na mosola ope, mme mo godimo ga moo e ka tsenya motho mo kotsing semoyeng. Jang? Sa ntlha, e ka senya botsalano jwa motho le Jehofa. Modimo o ne a bolelela pele ka Baiseraele ba ba neng ba “mo galefisa ka medingwana e e makgapha,” a re: “Ke tla ba subela sefatlhego sa me.” (Duteronome 32:16, 20, The New American Bible) Ba ne ba ka simolola botsalano jwa bone le Modimo sesha ka go ‘latlha medingwana ya bone ya boleo.’—Isaia 31:6, 7, NAB.

Ka jalo, a bo kgakololo eno ya Dikwalo e tshwanela jang ne: “Banyana ba me, ikefeng mo medimong ya disetwa”!—1 Johane 5:21.

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 4 Dinopolo tsotlhe tsa Dikwalo di tswa mo thanolong ya Baebele e e Boitshepo, kwantle ga fa go supilwe ka tsela e nngwe.

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Ba ne Ba Thusiwa go Obamela “ka Mowa”

Olivera e ne e le leloko le le ineetseng la Kereke ya Orthodox kwa Albania. Fa bodumedi bo ne bo thibelwa mo nageng eo ka 1967, Olivera o ne a tswelela ka ditiro tsa gagwe tsa bodumedi mo sephiring. O ne a dirisa bontsi jwa madinyana a gagwe a phenshene go reka ditshwantsho tse di takilweng tsa gouta le tsa selefera, maswalo le dikerese. O ne a nna a di fitlhile mo bolaong jwa gagwe mme gantsi a robala mo setulong se se gaufi le jone ka gonne a boifa gore di ka tloga tsa bonwa kgotsa tsa utswiwa. Fa Basupi ba ga Jehofa ba ne ba etela Olivera mo masimologong a bo1990, o ne a lemoga gore molaetsa wa bone o na le boammaaruri jo bo utlwalang sentle jwa Baebele. O ne a lemoga gore Baebele ya re mo kobamelong ya boammaaruri motho o tshwanetse go obamela “ka mowa,” mme a ithuta gore Modimo o ikutlwa jang ka go dirisiwa ga ditshwantsho tse di takilweng. (Johane 4:24, Baebele e e Boitshepo) Mosupi yo o neng a ithuta Baebele le Olivera o ne a lemoga gore nako le nako fa a ile kwa ga gagwe o fitlhela ditshwantsho tse di takilweng di fokotsegile. Kgabagare, di ne di sa tlhole di le teng gotlhelele. Fa Olivera a sena go kolobediwa, o ne a akgela jaana: “Gompieno ke na le moya o o boitshepo wa ga Jehofa, e seng ditshwantsho tse di takilweng tse di se nang mosola. Ke itumelela thata gore moya wa gagwe ga o tlhoke ditshwantsho tse di takilweng gore o fitlhe kwa go nna.”

Athena yo o tswang kwa setlhaketlhakeng sa Lesbos, kwa Gerika, e ne e le leloko le le tlhagafetseng thata la Kereke ya Orthodox. O ne a le mo khwaereng e bile a latela meetlo yotlhe ya bodumedi, go akaretsa go dirisa ditshwantsho tse di takilweng. Basupi ba ga Jehofa ba ne ba thusa Athena go lemoga gore ga se dilo tsotlhe tse a neng a di rutilwe tse di neng di dumalana le Baebele. Tseno di ne di akaretsa go dirisa ditshwantsho tse di takilweng le difapaano mo kobamelong. Athena o ne a ema ka la gore o tla itirela patlisiso go bona gore dilo tseno tsa bodumedi di simologile kae. Fa a sena go dira dipatlisiso tse di tseneletseng mo dibukeng tse di farologaneng, o ne a dumela gore dilo tseno ga di a simologa mo Bokereseteng. E re ka a ne a batla go obamela Modimo “ka mowa,” o ne a latlha ditshwantsho tsa gagwe tse di takilweng, le fa di ne di jele madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, Athena o ne iketleeditse go latlhegelwa ke selo le fa e le sefe gore a obamele Modimo ka tsela e e phepa semoyeng le e e amogelesegang.—Ditiro 19:19.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 7]

A Ditshwantsho Tse di Takilweng ke Mekgabisa Fela?

Mo dingwageng tsa bosheng jaana, batho ba ile ba kokoanya ditshwantsho tse di takilweng tsa Orthodox go dikologa lefatshe. Gantsi batho ba ba di kokoanyang ga ba lebe setshwantsho se se takilweng e le sengwe se se obamelwang sa bodumedi, mme ba se tsaya e le mokgabisa o o bontshang setso sa kwa Byzantium. Go tlwaelegile go fitlhela ditshwantsho tse di ntseng jalo tsa bodumedi di kgabisitse mo legaeng kgotsa mo ofising ya mongwe yo o ipolelang gore ke molatolamodimo.

Le fa go ntse jalo, Bakeresete ba ba peloephepa ga ba lebale gore tota setshwantsho se se takilweng se diretswe eng. Ke sengwe sa go obamelwa. Le fa Bakeresete ba sa ganele gore batho ba bangwe ba na le tshwanelo ya go nna le ditshwantsho tse di takilweng, bone ga ba nne le tsone, le fa e ka tswa e le ka boikaelelo jwa go kgabisa fela ka tsone. Seno se dumalana le molaomotheo ono o o mo go Duteronome 7:26, Baebele e e Boitshepo: “O se ka wa isa se se makgapha [ditshwantsho tse di dirisiwang mo kobamelong] mo ntlong ya gago, wa tswa selo se se neeletsweng jaaka sone; o se ilele ruri, o se tlhoele ruri.”

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Modimo o ne a sa letlelele gore batho ba dirise ditshwantsho mo kobamelong

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Kitso e e tswang mo Baebeleng e re thusa go obamela Modimo ka mowa