Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”

A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”

“Tlang mo go Nna, ... Mme ke Tla lo Lapolosa”

A re Direng se se Molemo mo go Botlhe”

TIRO ya konokono ya ga Jesu e ne e le go rera le go ruta dikgang tse di molemo tsa Bogosi Jwa Modimo. (Mareko 1:14; Luke 8:1) E re ka balatedi ba ga Keresete ba batla go mo etsa, ba tsaya tiro ya go ruta batho molaetsa wa Baebele ka ga Bogosi Jwa Modimo e le tiro ya konokono mo botshelong jwa bone. (Luke 6:40) Eleruri Basupi ba ga Jehofa ba itumelela go bona kafa molaetsa wa Bogosi o dirang ka teng gore batho ba ba o amogelang ba nne le tapologo e e nnelang ruri—fela jaaka o ne o lapolosa batho fa Jesu a ne a le mo lefatsheng.—Mathaio 11:28-30.

Mo godimo ga go ruta Lefoko la Modimo, Jesu o ne a dira ditiro tse dingwe tse di molemo, tse di jaaka go fodisa balwetse le go fepa batho ba ba tshwerweng ke tlala. (Mathaio 14:14-21) Basupi ba ga Jehofa le bone ga ba rute batho Baebele fela mme gape ba dira le ditiro tsa go thusa batho ba ba tlhokang. Aitsane Dikwalo di tlhomelela Bakeresete “go dira tiro nngwe le nngwe e e molemo” e bile di ba rotloeletsa go dira “se se molemo mo go botlhe.”2 Timotheo 3:16, 17; Bagalatia 6:10.

“Bakaulengwe ba Rona Ba ne Ba re Thusa”

Ka September 1999, Taiwan e ne ya ripitliwa ke thoromo e e boitshegang ya lefatshe. Dikgwedi di sekae moragonyana, dipula tsa merwalela le go gosomana ga mmu go ne ga baka mangwe a masetlapelo a tlholego a a maswe go gaisa otlhe mo hisitoring ya Venezuela. Bosheng jaana, merwalela e megolo e ne ya senya kwa nageng ya Mozambique. Mo makgetlhong ano otlhe ka boraro, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba goroga ka bonako ba tlisetsa batho ba ba amegileng dijo, metsi, melemo, diaparo, ditente le didirisiwa tsa go apaya. Baithaopi ba ba nang le bokgoni jwa tsa kalafi ba ne ba tlhoma ditlileniki tsa nakwana go thusa ba ba gobetseng, mme baagi ba baithaopi ba ne ba agela batho ba ba se nang magae matlo a masha.

Batho ba ba neng ba wetswe ke masetlapelo ba ne ba amiwa maikutlo thata ke thuso e ba neng ba e newa ka nako e e tshwanetseng. Malyori, yo legae la gagwe le neng la gogolwa ke mmu o o gosomaneng kwa Venezuela a re: “Fa re ne re le mo tlalelong, bakaulengwe ba rona ba ne ba re thusa.” Fa baithaopi ba sena go agela lelapa la ga Malyori ntlo e ntšha, o ne a re: “Ga re na mafoko a a lekaneng go lebogela Jehofa sotlhe se a se re diretseng!” Mme fa batho ba ba neng ba amilwe ke morwalela kwa Mozambique ba ne ba newa dilotlele tsa matlo a ba sa tswang go a agelwa, botlhe ba ne ba simolola go opela pina ya Bogosi e e reng: “Jehofa ke Botshabelo Jwa Rona.” *

Le baithaopi ba ne ba lapolosiwa ke go thusa batho ba ba tlhokang. Marcelo, yo e neng e le mooki kwa kampeng ya batshabi kwa Mozambique o ne a re: “Go ne go itumedisa go thusa bakaulengwe bano ba ba neng ba bogile thata jaana.” Moithaopi mongwe wa kwa Taiwan e bong Huang o ne a akgela jaana: “Re ne re itumelela go thusa go isa dijo le ditente re di isetsa bakaulengwe ba ba tlhokang. Go dira jalo go ne go re nonotsha tumelo.”

Thulaganyo ya go Ithaopa e e Nang le Matswela

Gape tiro ya go ithaopa e ile ya dira gore magolegwa a le masome a le diketekete mo lefatsheng lotlhe a lapologe semoyeng. Jang? Mo dingwageng tsa bosheng jaana, Basupi ba ga Jehofa ba ile ba isa dibuka tse di theilweng mo Baebeleng kwa bathong ba feta 30 000 ba ba leng kwa dikgolegelong di ka nna 4 000 kwa United States fela. Mo godimo ga moo, fa go kgonega, Basupi ka bobone ba etela dikgolegelo go ya go ithuta le magolegwa le go tshwara dipokano tsa Bokeresete. A magolegwa a solegelwa molemo?

Magolegwa mangwe a a ithutang Baebele a simolola go bolelela magolegwa ka bone dilo tse di lapolosang tse di rutiwang ke Lefoko la Modimo. Ka ntlha ya seo, mo dikgolegelong di le mmalwa mo lefatsheng lotlhe go setse go na le ditlhopha tsa magolegwa a a obamelang Jehofa mmogo. “Setlhopha sa rona se a gola,” go ne ga bega jalo legolegwa lengwe kwa Oregon, U.S.A., ka 2001. “Re na le baboledi ba Bogosi ba le 7 mme re tshwara dithuto tsa Baebele di le 38. Go tla batho ba feta 25 kwa puong ya phatlalatsa le kwa Thutong ya Tora ya Tebelo, mme re ne re na le batho ba le 39 kwa Segopotsong [sa loso lwa ga Keresete]. Mo bogautshwaneng go tla kolobediwa batho ba bangwe gape ba le bararo!”

Melemo le Dilo Tse di Itumedisang

Batlhankedi ba bagolo ba dikgolegelo ba lemogile gore thulaganyo eno ya go ithaopa e na le matswela. Se se kgatlhang badiredibagolo thata ke gore thulaganyo eno ya baithaopi e na le melemo e e nnelang ruri. Pego nngwe ya re: “Mo dingwageng tse di lesome fa e sa le thulaganyo eno e simologa, ga go legolegwa lepe le le neng le kolobeditswe mo kgolegelong go nna mongwe wa Basupi ba ga Jehofa le le ileng la tswa mo kgolegelong le bo le boela—go farologana le palo ya diperesente di le 50-60 ya ba ba boang ba ditlhopha tse dingwe.” Moruti mongwe wa kgolegelo kwa Idaho o ne a amiwa maikutlo ke ditlamorago tsa ditiro tsa baithaopi ba Basupi mo a neng a kwalela ntlokgolo ya lefatshe lotlhe ya Basupi ba ga Jehofa a re: “Le fa ke sa dumalane le ditumelo tsa lona, ke kgatlhiwa thata ke tsela e lo dirang dilo ka thulaganyo ka yone.”

Go thusa batho ba ba mo kgolegelong go itumedisa le bone baithaopi tota. Moithaopi mongwe o ne a kwala jaana a sena go tshwara pokano ya setlhopha sa magolegwa a a neng a opela pina ya Bogosi lekgetlho la ntlha: “Go ne go kgothatsa go bona banna ba le 28 ba kopane ba opelela Jehofa dipako. E bile ba ne ba opelela kwa godimo! A bo e ne e le tshiamelo jang ne go nna teng mo tiragalong e e ntseng jalo!” Moithaopi mongwe yo o etelang dikgolegelo kwa Arizona o ne a re: “A bo go ne go itumedisa jang ne go kopanela mo tirong eno e e kgethegileng!”

Baithaopi ba Basupi mo lefatsheng lotlhe ba dumalana le Jesu yo o neng a re: “Go na le boitumelo jo bogolo mo go abeng go na le jo bo leng gone mo go amogeleng.” (Ditiro 20:35) Gape ba bontsha gore ke boammaaruri gore go latela kgakololo ya Baebele ya gore re direle batho botlhe molemo go a lapolosa eleruri.—Diane 11:25.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 7 Bona pina 85 mo bukeng ya Opelelang Jehofa Dipako, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Venezuela

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Taiwan

[Setshwantsho mo go tsebe 8]

Mozambique