Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Tswelela ba Tsamaya mo Boammaaruring

Ba Tswelela ba Tsamaya mo Boammaaruring

Ba Tswelela ba Tsamaya mo Boammaaruring

“Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.”—3 JOHANE 4.

1. “Boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” bo amana thata le eng?

JEHOFA o amogela fela batho ba ba mo obamelang “ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Ba ikobela boammaaruri, ba amogela dithuto tsotlhe tsa Bokeresete tse di theilweng mo Lefokong la Modimo. “Boammaaruri [jono] jwa dikgang tse di molemo” bo amana thata le Jesu Keresete le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi. (Bagalatia 2:14) Modimo o letla gore “go dira ga phapogo” go ye kwa bathong ba ba ratang maaka, mme batho ba ka bolokwa fela fa ba dumela dikgang tse di molemo le go tsamaya mo boammaaruring.—2 Bathesalonika 2:9-12; Baefeso 1:13, 14.

2. Ke eng se moaposetoloi Johane a neng a se lebogela thata, mme o ne a amana jang le Gaio?

2 Baboledi ba Bogosi ke “badirimmogo mo boammaaruring.” Fela jaaka moaposetoloi Johane le tsala ya gagwe Gaio, ba ngaparela boammaaruri ka nitamo e bile ba tsamaya mo go jone. Johane o ne a kwala jaana a akantse ka Gaio: “Ga go na lebaka le legolo la go leboga le ke nang le lone go feta dilo tseno, gore ke bo ke ntse ke utlwa gore bana ba me ba tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.” (3 Johane 3-8) Le fa e le gore Johane yo o neng a setse a godile a ka tswa a sa ruta Gaio boammaaruri ka boene, go ne go tshwanela gore lekawana leno le tsewe e le mongwe wa bana ba ga Johane ba semoya ka gonne moaposetoloi yono o ne a godile ka dingwaga, e le Mokeresete yo o godileng semoyeng e bile a bontsha lorato lwa rre.

Boammaaruri le Kobamelo ya Bokeresete

3. Ke eng fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tshwara dipokano mme di ne di ba solegela molemo jang?

3 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kopana mmogo ka diphuthego go ithuta boammaaruri, mme gantsi ba kopana jalo mo malapeng a batho. (Baroma 16:3-5) Seo se ne se dira gore ba kgothatsane le go tlhotlheletsana mo loratong le mo ditirong tse di molemo. (Bahebera 10:24, 25) Tertullian (wa mo e ka nnang ka 155 C.E. go fitlha morago ga 220 C.E.) o ne a kwala jaana malebana le batho ba metlha ya moragonyana ga moo ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete: “Re kopana mmogo go bala dibuka tsa Modimo ... Re nonotsha tumelo ya rona ka mafoko ao a a boitshepo, re godisa tsholofelo ya rona, re tlhomamisa tshepo ya rona.”—Apology, kgaolo 39.

4. Go opela go nnile le seabe sefe mo dipokanong tsa Bakeresete?

4 Go opela e tshwanetse ya bo e ne e le karolo ya dipokano tsa Bakeresete ba bogologolo. (Baefeso 5:19; Bakolosa 3:16) Porofesa Henry Chadwick o kwala gore motshwayadiphoso wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Celsus o ne a utlwa dipina tse di neng di dirisiwa ke batho ba ba neng ba ipolela gore ke Bakeresete “di le monate jaana mo e leng gore tota o ne a sa rate kafa di neng di mo ama maikutlo ka teng.” Chadwick o oketsa jaana: “Clement wa kwa Alexandria ke mokwadi wa bogologolo wa Mokeresete yo o neng a tlhalosa gore Bakeresete ba tshwanetse go dirisa mmino o o ntseng jang. O tlhalosa gore ga e a tshwanela go nna mmino o o amanang le go bina ka tsela e e tsosang keletso ya tlhakanelodikobo.” (The Early Church, tsebe 274-5) Fela jaaka go bonala Bakeresete ba bogologolo ba ne ba opela fa ba kopane mmogo, Basupi ba ga Jehofa le bone gantsi ba opela dipina tse di theilweng mo Baebeleng tse di nang le mafoko a a tlhotlheletsang a a galaletsang Modimo le Bogosi.

5. (a) Diphuthego tsa Bakeresete ba bogologolo di ne di kaelwa jang semoyeng? (b) Bakeresete ba boammaaruri ba ile ba dirisa jang mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 23:8, 9?

5 Mo diphuthegong tsa Bakeresete ba bogologolo, balebedi ba ne ba ruta boammaaruri mme batlhanka ba bodiredi ba ne ba thusa badumedi ka bone ka ditsela tse di farologaneng. (Bafilipi 1:1) Maloko a setlhopha se se laolang a a neng a ikaegile ka Lefoko la Modimo le ka moya o o boitshepo a ne a kaela batho semoyeng. (Ditiro 15:6, 23-31) Go ne go sa dirisiwe direto tsa bodumedi ka gonne Jesu o ne a laetse barutwa ba gagwe jaana: “Lo se ka lwa bidiwa Rabi, gonne moruti wa lona o mongwe, mme lona lotlhe lo bakaulengwe. Mo godimo ga moo, lo se ka lwa bitsa ope rraalona mo lefatsheng, gonne Rraalona o mongwe, Wa selegodimo.” (Mathaio 23:8, 9) Bakeresete ba bogologolo le Basupi ba ga Jehofa ba tshwana ka ditsela tseno le ka tse dingwe tse dintsi.

Go Bogisiwa ka Ntlha ya go Rera Boammaaruri

6, 7. Le fa Bakeresete ba boammaaruri ba bolela molaetsa wa kagiso, ba ile ba tshwarwa jang?

6 Le mororo Bakeresete ba bogologolo ba ne ba bolela molaetsa wa kagiso wa Bogosi, ba ne ba bogisiwa fela jaaka Jesu le ene a ne a bogisiwa. (Johane 15:20; 17:14) Mokwalahisitori John L. von Mosheim o ne a bitsa Bakeresete ba lekgolo la ntlha la dingwaga a re ke “setlhopha sa batho ba ba kagiso tota ba ba seng kotsi, ba le ka motlha ba neng ba se ke ba eletsa go direla puso sepe se se bosula.” Dr. Mosheim o ne a bolela gore selo “se se neng se dira gore Baroma ba galefele Bakeresete ke ka go bo kobamelo ya bone e ne e sa raraana, e sa latele meetlo ya bodumedi ya batho bape ba bangwe.” O ne a oketsa jaana: “Ba ne ba sa ntshe ditlhabelo, ba se na ditempele, ditshwantsho, mafelo a a boitshepo a kobamelo kgotsa dithulaganyo tsa boperesiti; mme seno ke sone se se neng sa dira gore ba ilwe ke batho ba le bantsi ba ba sa tlhaloganyeng, ba ba neng ba akanya gore go ka se ka ga nna le bodumedi jo bo se nang dilo tseno. Ka jalo ba ne ba tsewa e le balatolamodimo ka tsela nngwe; mme go ya ka melao ya Baroma, batho ba ba neng ba latofadiwa ka gore ke balatolamodimo ba ne ba tsewa e le batho ba ba letshwenyo mo setšhabeng.”

7 Baperesiti, badiri ba ditshwantsho le batho ba bangwe ba ba neng ba itshedisa ka kobamelo ya medingwana ba ne ba tlhotlheletsa batho ba le bantsi gore ba nne kgatlhanong le Bakeresete, ba ba neng ba sa obamele medingwana. (Ditiro 19:23-40; 1 Bakorintha 10:14) Tertullian o ne a kwala jaana: “Ba dumela gore Bakeresete ke bone ba bakang masetlapelo mangwe le mangwe mo Setšhabeng le bomadimabe bongwe le bongwe jwa batho. Fa noka ya Tiber e penologa go fitlha e lekana le dipota tsa motse, fa noka ya Nile e sa tlhatse gore e nosetse masimo, fa pula e sa ne kgotsa fa go nna le thoromo ya lefatshe, leuba, kgotsa sebetso, go tla bo go utlwala mokgosi gone fela foo, o o reng: ‘Latlhelang Bakeresete kwa ditaung!’” Le fa Bakeresete ba boammaaruri ba ka diragalelwa ke eng, ba ‘itisa mo medingwaneng.’—1 Johane 5:21.

Boammaaruri le Meetlo ya Bodumedi

8. Ke ka ntlha yang fa batho ba ba tsamayang mo boammaaruring ba sa keteke Keresemose?

8 Batho ba ba tsamayang mo boammaaruring ga ba latele meetlo e e seng ya Dikwalo ka gonne ‘lesedi ga le na kabalano epe le lefifi.’ (2 Bakorintha 6:14-18) Ka sekai, ga ba keteke Keresemose, e e ketekiwang ka December 25. The World Book Encyclopedia e bolela jaana: “Ga go na motho ope yo o itseng letlha le tota Keresete a tshotsweng ka lone.” The Encyclopedia Americana (1956 Edition) e bolela jaana: “Ditlwaelo di le dintsi tsa go itlhapedisa tsa Keresemose di dirwa go ya ka tsela e go neng go ketekwa Saturnalia ka yone, e leng mokete wa Roma o o neng o ketekwa mo bogareng jwa kgwedi ya December.” Cyclopædia ya ga M’Clintock le Strong ya re: “Go ketekwa ga Keresemose ga go a laelwa ke Modimo, e bile ga go tswe mo T[esetamenteng] e N[tšha].” Mme buka ya Daily Life in the Time of Jesus e akgela jaana: “Matsomane ... a ne a fetsa mariga a tswaletswe; mme ntlha eno ka boyone fela e bontsha gore letlha le le tlwaelegileng la Keresemose, le le mo pakeng ya mariga, e ka se ka ya nna lone, ka gonne Efangele e bolela gore badisa ba ne ba le kwa nageng.”—Luke 2:8-11.

9. Ke ka ntlha yang fa batlhanka ba bogologolo le ba gompieno ba ga Jehofa ba ne ba sa keteke Ista?

9 Go bolelwa gore Ista ke nako ya go keteka tsogo ya ga Keresete, mme dibuka tse di ikanyegang di bontsha gore e amana le kobamelo ya maaka. The Westminster Dictionary of the Bible e bolela gore kwa tshimologong, Ista e ne e le “moletlo wa dikgakologo o mo go one go neng go tlotlwa modimo wa sesadi wa Ba-Teuton wa lesedi le dikgakologo yo ka Se-Anglo-Saxon a itsegeng e le Eastre,” kgotsa Eostre. Le fa go ntse jalo, Encyclopædia Britannica (11th Edition) e bolela jaana: “Ga go na sepe mo Tesetamenteng e Ntšha se se supang gore go ne go ketekwa moletlo wa Ista.” Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa keteke Ista mme le batho ba ga Jehofa gompieno ga ba e keteke.

10. Jesu o ne a tlhoma moletlo ofe, mme ke bomang ba ba ntseng ba o keteka sentle?

10 Jesu ga a ka a laela balatedi ba gagwe go keteka botsalo kgotsa tsogo ya gagwe, mme o ne a tlhoma Segopotso sa loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo. (Baroma 5:8) Eleruri, eno ke yone fela tiragalo e a neng a laela barutwa ba gagwe gore ba e keteke. (Luke 22:19, 20) Basupi ba ga Jehofa ba sa ntse ba keteka tiragalo eno ya ngwaga le ngwaga e gape e bidiwang Sejo sa Morena sa Maitseboa.—1 Bakorintha 11:20-26.

Boammaaruri bo Bolelwa mo Lefatsheng Lotlhe

11, 12. Batho ba ba tsamayang mo boammaaruring ba ile ba nna ba tshegetsa tiro ya bone ya go rera jang?

11 Batho ba ba itseng boammaaruri ba go tsaya e le tshiamelo go dirisa nako ya bone, maatla le dilo tse dingwe mo tirong ya go rera dikgang tse di molemo. (Mareko 13:10) Tiro ya go rera ya Bakeresete ba bogologolo e ne e tshegediwa ka meneelo e e ntshiwang ka go rata. (2 Bakorintha 8:12; 9:7) Tertullian o ne a kwala jaana: “Le fa go ka tswa go na le letlole la mofuta mongwe, madi a teng ga se a batho ba a ntshitseng fa ba tsena, jaaka e kete bodumedi ke kgwebo. Mongwe le mongwe o tlisa madinyana gangwe fela ka kgwedi—kgotsa nako nngwe le nngwe fa a batla, fa e le gore gone o a batla e bile a kgona; ka gonne ga go patelediwe ope; ke mpho e e ntshiwang ka go rata.”—Apology, kgaolo 39.

12 Tiro ya Basupi ba ga Jehofa ya go rera mo lefatsheng lotlhe ka Bogosi le yone e tshegediwa ka meneelo ya boithatelo. Kwantle ga Basupi, batho ba ba kgatlhegang ba ba nang le kanaanelo ba go tsaya e le tshiamelo go tshegetsa tiro eno ka meneelo ya bone. Le fano, Bakeresete ba bogologolo le Basupi ba ga Jehofa ba dira dilo ka go tshwana.

Boammaaruri le Tsela e Motho a Itshwarang ka Yone

13. Ke kgakololo efe ya ga Petere e Basupi ba ga Jehofa ba e tsayang tsia malebana le tsela e ba itshwarang ka yone?

13 E re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsamaya mo boammaaruring, ba ne ba ikobela kgakololo eno ya ga moaposetoloi Petere: “Nnang lo ntse lo na le boitshwaro jo bo molemo mo ditšhabeng, gore, mo selong se ba lo kgalang jaaka badirabosula mo go sone, ba tle ba galaletse Modimo mo letsatsing la go tlhatlhoba ga gagwe ka ntlha ya ditiro tsa lona tse di molemo tse ba leng basupi ba tsone ba ba di boneng ka matlho.” (1 Petere 2:12) Basupi ba ga Jehofa ba tsaya mafoko ao tsia.

14. Bakeresete ba leba jang boitlosobodutu jo bo sa siamang?

14 Le fa botlhanogi bo ne bo setse bo simologile, batho ba ba ipitsang Bakeresete ba ne ba sa dire ditiro tsa boitsholo jo bo sa siamang. Porofesa nngwe ya hisitori ya kereke e bong W. D. Killen, o ne a kwala jaana: “Mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga, mafelo a bobogelo mo toropong nngwe le nngwe e kgolo a ne a gogela batho ka bontsi; mme le mororo gantsi batshameki e ne e le batho ba maitsholo a a sa siamang tota, ka metlha dilo tse ba neng ba di dira di ne di kgotsofatsa dikeletso tse di bosula tsa batho ba metlha eo. ... Bakeresete botlhe ba boammaaruri ba ne ba tsaya lefelo la bobogelo le le makgapha. ... Ba ne ba sa rate dilo tse di ferosang sebete tse di neng di dirwa koo; mme mokgwa o o neng o dirwa koo ka metlha wa go rapela medimo le medimogadi ya baheitane o ne o thulana le dilo tsa bodumedi tse ba neng ba di dumela.” (The Ancient Church, tsebe 318-19) Gompieno balatedi ba ga Jesu ba boammaaruri le bone ba tila boitlosobodutu jo bo maswe jo bo rotloetsang boitsholo jo bo sa siamang.—Baefeso 5:3-5.

Boammaaruri le “Balaodi ba Bagolo”

15, 16. “Balaodi ba bagolo” ke bomang, mme batho ba ba tsamayang mo boammaaruring ba ba leba jang?

15 Le fa Bakeresete ba bogologolo ba ne ba na le boitshwaro jo bontle, babusibagolo ba le bantsi ba Baroma ba ne ba sa ba tlhaloganye. Mokwalahisitori E. G. Hardy a re babusibagolo ba ne ba ba tsaya e le “batho ba ka tsela nngwe ba neng ba tlhagafetse mo go tenang.” Makwalo a Mmusi Pliny yo Mmotlana wa kwa Bithynia a neng a a kwalelana le Mmusimogolo Trajan a bontsha gore gantsi balaodibagolo ba ne ba sa itse gore tota Bakeresete ke batho ba mofuta mang. Bakeresete ba leba Puso jang?

16 Fela jaaka balatedi ba bogologolo ba ga Jesu, Basupi ba ga Jehofa ba ikobela “balaodi ba bagolo” ba dipuso ka tsela e e lekanyeditsweng. (Baroma 13:1-7) Fa batho ba batla gore ba dire se se kgatlhanong le thato ya Modimo, ba ema ka la go re: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) Buka ya After Jesus—The Triumph of Christianity ya re: “Le fa Bakeresete ba ne ba sa obamele mmusimogolo, ba ne ba sa tsose dikhuduego, mme le fa bodumedi jwa bone bo ne bo sa tshwane le bope jo bongwe e bile ka dinako tse dingwe baheitane ba bo tsaya bo kgopisa, bo ne bo sa tshosetse mmusomogolo ka tsela epe.”

17. (a) Bakeresete ba bogologolo ba ne ba buelela puso efe? (b) Balatedi ba boammaaruri ba ga Keresete ba dirisitse jang mafoko a Isaia 2:4 mo matshelong a bone?

17 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba buelela Bogosi jwa Modimo, fela jaaka ditlhogo tsa lotso e bong Aborahame, Isake le Jakobe ba ne ba dumela mo ‘motseng o o dirilweng ke Modimo’ o ba neng ba o solofeditswe. (Bahebera 11:8-10) Barutwa ba ga Jesu ba ne ‘ba se karolo ya lefatshe,’ fela jaaka Mong wa bone. (Johane 17:14-16) Mme fa e le ka dintwa tsa batho le dikgotlhang, ba ne ba lateletse kagiso ka go “thula ditšhaka tsa bone ba di dira magale a megoma.” (Isaia 2:4) Motlhatlheledi mongwe wa hisitori ya kereke e bong Geoffrey F. Nuttall o ne a akgela jaana malebana le go tshwana gongwe mo go kgatlhang mo a neng a go lemogile: “Tsela e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba ikutlwa ka yone ka ntwa e ne e tshwana thata le e batho ba ba ipitsang Basupi ba ga Jehofa ba ikutlwang ka yone le fa seo se le thata go se dumela.”

18. Ke ka ntlha yang fa go se na lebaka la gore puso epe e boife Basupi ba ga Jehofa?

18 E re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa tseye letlhakore e bile ba ikobela “balaodi ba bagolo,” ba ne ba sa tshosetse dipuso dipe tsa dipolotiki mme Basupi ba ga Jehofa le bone ga ba dire jalo. Mokwadi mongwe wa kwa Amerika Bokone yo o kwalang maikutlo a bagatisi o ne a kwala jaana: “Tota motho o tla bo a ganelela mo megopolong ya gagwe e bile a le dipelaelo thata fa a ka dumela gore Basupi ba ga Jehofa ba tshosetsa ka gope lekoko lepe fela la dipolotiki. Ga ba rate go senya e bile ba rata kagiso fela jaaka setlhopha sa bodumedi se ka nna.” Babusi ba ba nang le kitso ba a itse gore ga go sepe se ba tlhokang go se boifa mo Basuping ba ga Jehofa.

19. Ke eng se se ka bolelwang ka Bakeresete ba bogologolo le Basupi ba ga Jehofa malebana le lekgetho?

19 Tsela nngwe e Bakeresete ba bogologolo ba neng ba bontsha ka yone gore ba tlotla “balaodi ba bagolo” e ne e le ka go duela lekgetho. Fa Justin Martyr a ne a kwalela Mmusimogolo wa Roma e bong Antoninus Pius (138-161 C.E.), o ne a bontsha gore Bakeresete ba ne ba duela lekgetho “ka go rata go feta batho botlhe.” (First Apology, kgaolo 17) Mme Tertullian o ne a bolelela babusi ba Roma gore bakgethisi ba bone ba ne ba “tshwanetse go leboga Bakeresete” ka gonne ba ne ba duela lekgetho ka metlha. (Apology, kgaolo 42) Bakeresete ba ne ba solegelwa molemo ke Pax Romana, kgotsa Kagiso ya Roma, e e neng e na le molao le tolamo, ditsela tse di siameng le thulaganyo e e babalesegileng ka selekanyo se se rileng ya go tsamaya ka dikepe. E re ka ba ne ba itse se ba tshwanetseng ba se direla setšhaba, ba ne ba utlwa mafoko ano a ga Jesu: “Duelang Kaesara dilo tsa ga Kaesara, mme Modimo dilo tsa Modimo.” (Mareko 12:17) Batho ba ga Jehofa gompieno ba latela kgakololo eno mme ba ile ba akgolwa ka ntlha boikanyegi jwa bone, jaaka mo go dueleng lekgetho.—Bahebera 13:18.

Boammaaruri bo a Kitlanya

20, 21. Go ka bolelwang ka Bakeresete ba bogologolo mmogo le batlhanka ba gompieno ba ga Jehofa malebana le bokaulengwe jo bo nang le kagiso?

20 E re ka Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsamaya mo boammaaruring, ba ne ba kitlane jaaka bakaulengwe ba ba ratang kagiso, fela jaaka go ntse ka Basupi ba ga Jehofa gompieno. (Ditiro 10:34, 35) Lokwalo lo lo neng lwa gatisiwa mo lokwalodikgannyeng lwa The Moscow Times lo ne lwa re: “[Basupi ba ga Jehofa] ba itsege jaaka batho ba ba botsalano, ba ba pelonomi le ba ba boingotlo ba go leng motlhofo go dirisana le bone, ga ba ke ba gatelela batho ba bangwe mme ka metlha ba batla go agisana le ba bangwe ... Mo gare ga bone ga go na batho ba ba tsayang pipamolomo, matagwa kgotsa batho ba ba tshwakgotsweng ke diokobatsi, mme lebaka la seo le motlhofo: Ba leka fela gore se ba se dumelang se se theilweng mo Baebeleng se ba kaele mo dilong tsotlhe tse ba di dirang kgotsa ba di buang. Fa bogolo batho botlhe mo lefatsheng ba ka bo ba leka go dira gore Baebele e ba kaele mo matshelong a bone jaaka Basupi ba ga Jehofa ba dira, lefatshe la rona le le setlhogo le ka bo le sa nna jaana gotlhelele.”

21 Encyclopedia of Early Christianity e bolela jaana: “Kereke ya bogologolo e ne e ipona e le setšhaba se sesha se mo go sone ditlhopha tse pele di neng di tlhoane, Bajuda le Baditšhaba, di neng di kgona go nna mmogo ka kagiso.” Basupi ba ga Jehofa le bone ke bakaulengwe ba ditšhabatšhaba ba ba ratang kagiso—setšhaba sa lefatshe le lesha ruri. (Baefeso 2:11-18; 1 Petere 5:9; 2 Petere 3:13) Fa motlhankedimogolo wa pabalesego wa Pretoria Show Grounds kwa Afrika Borwa a bona kafa batlakopanong ba ditso tsotlhe ba Basupi ba neng ba kopane koo ka kagiso ka teng, o ne a re: “Go nna maitseo ga mongwe le mongwe, go buisana sentle ga bone, boikutlo jo bo bontshitsweng mo malatsing a sekae a a sa tswang go feta—tsotlhe di bontsha maitshwaro a batho ba lona, le gore botlhe ba nna mmogo jaaka lelapa le le lengwe fela le le itumetseng.”

Ba Segofaleditswe go Ruta Boammaaruri

22. E re ka Bakeresete ba ntse ba dira gore boammaaruri bo bonatshege, ke eng se se ntseng se direga?

22 Paulo le Bakeresete ba bangwe ba ne ba “dira gore boammaaruri bo bonatshege” ka boitshwaro jwa bone le tiro ya bone ya go rera. (2 Bakorintha 4:2) A ga o dumalane le gore Basupi ba ga Jehofa ba dira se se tshwanang mme ba ruta ditšhaba tsotlhe boammaaruri? Batho mo lefatsheng lotlhe ba amogela kobamelo ya boammaaruri mme ba ologela ‘kwa thabeng ya ntlo ya ga Jehofa’ ka dipalo tse di ntseng di oketsega. (Isaia 2:2, 3) Ngwaga le ngwaga, go kolobediwa batho ba le diketekete ba tshwantshetsa boineelo jwa bone mo Modimong, mme seo se felela ka gore go tlhomiwe diphuthego tse dintsi tse disha.

23. O ikutlwa jang ka batho ba ba rutang ditšhaba tsotlhe boammaaruri?

23 Le fa batho ba ga Jehofa e le ba ditso tse di farologaneng ba utlwana mo kobamelong ya boammaaruri. Lorato lo ba lo bontshang lo ba tlhaola e le barutwa ba ga Jesu. (Johane 13:35) A o a bona gore ‘ruri Modimo o mo gare ga bone’? (1 Bakorintha 14:25) A o tshegetsa batho ba ba rutang ditšhaba tsotlhe boammaaruri? Fa go ntse jalo, e kete o ka bontsha gore o lebogela boammaaruri go ya go ile mme o nne le tshiamelo ya go tsamaya mo go jone ka bosakhutleng.

O ka Araba Jang?

• Tsela e Basupi ba ga Jehofa ba obamelang ka yone e tshwana jang le ya Bakeresete ba bogologolo?

• Ke moletlo ofe fela wa bodumedi o batho ba ba tsamayang mo boammaaruring ba o ketekang?

• “Balaodi ba bagolo” ke bomang, mme Bakeresete ba ba leba jang?

• Boammaaruri bo kitlanya jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 21]

Dipokano tsa Bakeresete e sa le di ntse di solegela batho ba ba tsamayang mo boammaaruring molemo

[Ditshwantsho mo go tsebe 23]

Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba keteke Segopotso sa loso lwa gagwe lwa go intsha setlhabelo

[Setshwantsho mo go tsebe 24]

Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa le bone ba tlotla “balaodi ba bagolo”