Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri

Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri

Bakeresete ba Obamela ka Moya le ka Boammaaruri

“Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.”—JOHANE 4:24.

1. Modimo o itumedisiwa ke kobamelo e e ntseng jang?

MORWA yo o tsetsweng a le esi wa ga Jehofa e bong Jesu Keresete, o ne a tlhalosa sentle gore Rraagwe wa selegodimo o itumedisiwa ke kobamelo e e ntseng jang. Jesu o ne a bua jaana fa a ne a naya mosadi mongwe wa Mosamarea bosupi jo bo itumedisang kwa sedibeng sengwe gaufi le motse wa Sikara: “Lona lo obamela se lo sa se itseng; rona re obamela se re se itseng, ka gonne poloko e tswa mo Bajudeng. Le fa go ntse jalo, nako e etla, le jaanong e fitlhile, ya fa baobamedi ba boammaaruri ba tla obamelang Rara ka moya le boammaaruri, gonne, eleruri, Rara o batla ba ba ntseng jalo go mo obamela. Modimo ke Moya, mme ba ba mo obamelang ba tshwanetse go obamela ka moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:22-24) Re tshwanetse go tlhaloganya mafoko ao jang?

2. Basamarea ba ne ba theile kobamelo ya bone mo go eng?

2 Basamarea ba ne ba na le dikgopolo tse di phoso tsa bodumedi. Ba ne ba dumela gore dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Dikwalo Tse di Boitshepo e ne e le tsone fela tse di tlhotlheleditsweng—mme ba dumela jalo ka tse ba di ithanoletseng fela, tse di bidiwang Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Basamarea. Le fa Basamarea ba ne ba sa itse Modimo sentle, Bajuda bone ba ne ba filwe kitso ya Dikwalo. (Baroma 3:1, 2) Bajuda ba ba ikanyegang le batho ba bangwe ba ne ba ka amogelwa ke Jehofa. Mme ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba amogelwe?

3. Re tshwanetse go dira eng gore re obamele Modimo “ka moya le ka boammaaruri”?

3 Bajuda, Basamarea le batho ba bangwe ba bogologolo ba ne ba tshwanetse go dira eng gore ba itumedise Jehofa? Ba ne ba tshwanetse go mo obamela “ka moya le ka boammaaruri.” Le rona re tshwanetse go dira jalo. Le fa re tshwanetse go direla Modimo ka tlhoafalo e bile re tlhotlhelediwa ke pelo e e tletseng lorato le tumelo, se se tlhokegang thata fa re obamela Modimo ka moya ke gore re nne le moya wa gagwe o o boitshepo re bo re letle gore o re kaele. Fa re ithuta Lefoko la Modimo le go le dirisa, re tla nna le boikutlo jo bo tshwanang le jwa gagwe. (1 Bakorintha 2:8-12) Gape re tshwanetse go obamela Jehofa ka boammaaruri gore a amogele kobamelo ya rona. E tshwanetse go dumalana le se Lefoko la Modimo, Baebele, le se senolang ka ene le ka maikaelelo a gagwe.

Re ka Bona Boammaaruri

4. Batho bangwe ba leba boammaaruri jang?

4 Baithuti bangwe ba filosofi ba ile ba nna le kgopolo ya gore batho ba ka se ka ba kgona go bona boammaaruri jo bo feletseng. Tota e bile, mokwadi mongwe wa kwa Sweden e bong Alf Ahlberg o ne a kwala jaana: “Dipotso di le dintsi tsa filosofi ga di ka ke tsa kgona go arabiwa ka tlhomamo.” Le mororo bangwe ba bolela gore boammaaruri jo bo leng teng fela ke jo bo ikaegileng ka maemo, a tota go ntse jalo? E seng go ya ka Jesu Keresete.

5. Jesu o ne a tletse eng mo lefatsheng?

5 A re ke re bogeleng tiragalo e e latelang ka leitlho la mogopolo: Ke masimologo a ngwaga wa 33 C.E., mme Jesu o eme fa pele ga Mmusi wa Roma Ponto Pilato. Jesu o raya Pilato a re: “Ke tletse sone seo mo lefatsheng, gore ke supe ka ga boammaaruri.” Pilato o a botsa: “Boammaaruri ke eng?” Mme ga a emele Jesu go araba.—Johane 18:36-38.

6. (a) “Boammaaruri” bo tlhalosiwa jang? (b) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe go dirang?

6 “Boammaaruri” bo tlhalosiwa e le “dilo, ditiragalo le mabaka a mmatota.” (Webster’s Ninth New Collegiate Dictionary) Le fa go ntse jalo, a Jesu o ne a supa ka ga boammaaruri bongwe le bongwe fela? Nnyaa. O ne a akantse ka boammaaruri jo bo rileng. O ne a laela balatedi ba gagwe gore ba itsise boammaaruri joo, ka gonne o ne a ba raya a re: “Lo dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa, lo ba kolobetse mo leineng la Rara le la Morwa le la moya o o boitshepo, lo ba rute go boloka dilo tsotlhe tse ke di lo laetseng.” (Mathaio 28:19, 20) Pele ga tsamaiso eno ya dilo e fela, balatedi ba nnete ba ga Jesu ba ne ba tla bolela “boammaaruri jwa dikgang tse di molemo” mo lefatsheng lotlhe. (Bagalatia 2:14) Seno se ne se tla bo se diragatsa mafoko a ga Jesu fa a ne a re: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.” (Mathaio 24:14) Ka jalo go botlhokwa gore re itse gore ke bomang ba ba rutang ditšhaba tsotlhe boammaaruri ka go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi.

Tsela ya go Ithuta Boammaaruri

7. O ka supa jang gore Jehofa ke Motswedi wa boammaaruri?

7 Jehofa ke Motswedi wa boammaaruri jo bo amanang le dilo tsa semoya. Tota e bile, mopesalema Dafide o ne a bitsa Jehofa a re ke “Modimo wa boammaaruri.” (Pesalema 31:5; 43:3) Jesu o ne a bolela gore lefoko la ga Rraagwe ke boammaaruri, e bile o ne a re: “Go kwadilwe mo Baporofeting ga twe, ‘Mme botlhe ba tla rutwa ke Jehofa.’ Mongwe le mongwe yo o utlwileng mo go Rara e bile a ithutile o tla mo go nna.” (Johane 6:45; 17:17; Isaia 54:13) Ka jalo, go bonala sentle gore ba ba batlang boammaaruri ba tshwanetse go rutwa ke Jehofa, Motlhatlheledi yo Mogolo. (Isaia 30:20, 21) Batho ba ba batlang boammaaruri ba tshwanetse go nna le “e e leng kitso ya Modimo.” (Diane 2:5) Mme ka lorato Jehofa o rutile batho boammaaruri kgotsa a bo fetisetsa mo go bone ka ditsela tse di farologaneng.

8. Modimo o ile a ruta kgotsa a senola boammaaruri ka ditsela dife?

8 Ka sekai, Modimo o ne a dirisa baengele go fetisetsa Molao mo Baiseraeleng. (Bagalatia 3:19) O ne a dirisa ditoro go solofetsa ditlhogo tsa lotso Aborahame le Jakobe masego. (Genesise 15:12-16; 28:10-19) E bile Modimo o ne a bua go tswa kwa legodimong fa Jesu a ne a kolobediwa mme mafoko ano a a kgatlhang a ne a utlwala mo lefatsheng: “Yono ke Morwaake, moratwa, yo ke mo amogetseng.” (Mathaio 3:17) Gape re ka lebogela go bo Modimo a ne a senola boammaaruri ka go tlhotlheletsa bakwadi ba Baebele. (2 Timotheo 3:16, 17) Ka jalo, fa re ithuta Lefoko la Modimo, re ka nna le ‘tumelo mo boammaaruring.’—2 Bathesalonika 2:13.

Boammaaruri le Morwa Modimo

9. Modimo o dirisitse Morwawe jang go senola boammaaruri?

9 Modimo o dirisitse segolobogolo Morwawe, Jesu Keresete gore a senolele batho boammaaruri. (Bahebera 1:1-3) Tota e bile, Jesu o ne a bua boammaaruri ka tsela e go se nang motho ope yo mongwe yo o kileng a bo bua ka yone. (Johane 7:46) Le fa a sena go tlhatlogela kwa legodimong, o ne a senola boammaaruri jo bo tswang kwa go Rraagwe. Ka sekai, moaposetoloi Johane o ne a newa “tshenolo ka Jesu Keresete, e Modimo a neng a e mo naya, gore a bontshe batlhanka ba gagwe dilo tse di tla akofang di diragala.”—Tshenolo 1:1-3.

10, 11. (a) Boammaaruri jo Jesu a neng a supa ka jone bo amana le eng? (b) Jesu o ne a dira jang gore boammaaruri e nne selo sa mmatota?

10 Jesu o ne a bolelela Ponto Pilato gore O ne a tletse go supa ka ga boammaaruri mo lefatsheng. Ka nako ya bodiredi jwa gagwe, Jesu o ne a senola gore boammaaruri jono bo amana le go tlotlomadiwa ga bolaodi jwa ga Jehofa ka Bogosi Jwa Modimo jo Keresete e leng Kgosi ya jone. Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a tlhoka go dira se se fetang go rera le go ruta fela gore a supe ka ga boammaaruri. Jesu o ne a dira gore boammaaruri joo e nne selo sa mmatota ka go bo diragatsa. Ka gone, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “A motho ope a se ka a lo atlhola ka go ja le go nwa kgotsa ka ga moletlo kgotsa go ilela ngwedi e ntšha kgotsa sabata; gonne dilo tseo ke moriti wa dilo tse di tlang, mme selo sa mmatota ke sa ga Keresete.”—Bakolosa 2:16, 17.

11 Tsela nngwe e boammaaruri bo neng jwa nna selo sa mmatota ka yone ke ka gore Jesu a tsholelwe kwa Bethelehema jaaka go ne go boleletswe pele. (Mika 5:2; Luke 2:4-11) Gape boammaaruri e ne ya nna selo sa mmatota fa go ne go diragadiwa mafoko a ga Daniele a boporofeti jo bo malebana le gore Mesia o ne a tla bonala kwa bokhutlong jwa ‘dibeke’ di le 69 ‘tsa dingwaga.’ Seno se diragetse fa Jesu a ne a itlhagisa mo Modimong ka go kolobediwa a bo a tlodiwa ka moya o o boitshepo, ka one ngwaga o o neng o boleletswe pele wa 29 C.E. (Daniele 9:25; Luke 3:1, 21, 22) Gape boammaaruri e ne ya nna selo sa mmatota ka ntlha ya bodiredi jo bo nayang lesedi jwa ga Jesu e le mmoledi wa Bogosi. (Isaia 9:1, 2, 6, 7; 61:1, 2; Mathaio 4:13-17; Luke 4:18-21) Gape bo ne jwa nna selo sa mmatota ka go swa le go tsosiwa ga gagwe.—Pesalema 16:8-11; Isaia 53:5, 8, 11, 12; Mathaio 20:28; Johane 1:29; Ditiro 2:25-31.

12. Ke eng fa Jesu a ne a ka re, ‘Ke nna boammaaruri’?

12 E re ka boammaaruri bo ne bo amana thata le Jesu Keresete, o ne a ka re: “Ke nna tsela le boammaaruri le botshelo. Ga go na ope yo o tlang kwa go Rara fa e se ka nna.” (Johane 14:6) Batho ba a gololesega semoyeng fa ba ipaya “mo letlhakoreng la boammaaruri” ka go amogela seabe se Jesu a nang le sone mo maikaelelong a Modimo. (Johane 8:32-36; 18:37) Batho ba ba jaaka dinku ba tla bona botshelo jo bo sa khutleng ka gonne ba amogela boammaaruri e bile ba latela Keresete ka tumelo.—Johane 10:24-28.

13. Re tlile go sekaseka boammaaruri jwa Dikwalo mo dikarolong dife tse tharo?

13 Boammaaruri jo Jesu le barutwa ba gagwe ba ba tlhotlheleditsweng ba neng ba bua ka jone bo bopa dilo tse Bakeresete ba boammaaruri ba di dumelang. Ka jalo, ba ba ‘utlwang tumelo’ ba ‘tswelela ba tsamaya mo boammaaruring.’ (Ditiro 6:7; 3 Johane 3, 4) Ke bomang he, ba ba tsamayang mo boammaaruring gompieno? Tota ke bomang ba ba rutang ditšhaba tsotlhe boammaaruri? Go araba dipotso tseno, re tla bua thata ka Bakeresete ba bogologolo re bo re sekaseka boammaaruri jwa Dikwalo jo bo amanang le (1) dilo tse di dumelwang, (2) tsela ya go obamela le (3) tsela e motho a tshwanetseng go itshwara ka yone.

Boammaaruri le Dilo Tse di Dumelwang

14, 15. O ka re Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ikutlwa jang ka Dikwalo mme Basupi ba ga Jehofa bone ba ikutlwa jang ka tsone?

14 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tlotla Lefoko le le kwadilweng la ga Jehofa thata. (Johane 17:17) Le ne le ba kaela mo go se ba neng ba se dumela le go se dira. Clement wa kwa Alexandria wa lekgolo la bobedi le la boraro la dingwaga o ne a re: “Batho ba ba lwelang go fitlhelela se se molemolemo, ga ba kitla ba emisa letsholo la bone la go batla boammaaruri, go fitlha ba bona bosupi jwa se ba se dumelang go tswa mo Dikwalong ka botsone.”

15 Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba tlotla Baebele thata. Ba dumela gore “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola mo go ruteng.” (2 Timotheo 3:16) Ka jalo, a re sekasekeng dilo dingwe di le mmalwa tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba di dumela, mme re di sekaseke re akantse ka se batlhanka ba gompieno ba ga Jehofa ba se ithutileng ka go bo ba dirisa Baebele e le buka ya bone ya konokono ya go ithuta.

Boammaaruri ka ga Moya

16. Boammaaruri ke bofe malebana le moya?

16 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba ruta boammaaruri ka ga moya ka gonne ba ne ba dumela se Dikwalo di se buang. Ba ne ba itse gore “motho [o ne] a nna moya o o tshelang” fa Modimo a ne a mmopa. (Genesise 2:7) Mo godimo ga moo, ba ne ba dumela gore moya wa motho o a swa. (Esekiele 18:4; Jakobe 5:20) Gape ba ne ba itse gore ‘baswi ga ba itse sepe gotlhelele.’—Moreri 9:5, 10.

17. O ne o ka tlhalosa jang tsholofelo e e malebana le baswi?

17 Le fa go ntse jalo, barutwa ba bogologolo ba ga Jesu ba ne ba na le tsholofelo e e tlhomameng ya gore baswi ba ba gakologelwang ke Modimo ba tla tsosiwa kgotsa ba tshele gape. Paulo o ne a tlhalosa tumelo eo sentle, fa a ne a re: “Ke na le tsholofelo mo Modimong ... gore go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Tota le moragonyana ga foo, Minucius Felix yo o neng a ipolela gore ke Mokeresete o ne a kwala jaana: “Ke mang yo o seeleele jaana kana yo o se nang tlhaloganyo jaana gore a nne le sebete sa go bolela gore Modimo ga a ka ke a kgona go bopa motho sesha mme e le ene a mmopileng kwa tshimologong?” Fela jaaka Bakeresete ba bogologolo, Basupi ba ga Jehofa ba amogela boammaaruri jwa Dikwalo malebana le moya wa motho, loso le kgang ya tsogo. Jaanong a re sekasekeng gore Modimo le Keresete ke bomang.

Boammaaruri le Tharonngwe

18, 19. Ke ka ntlha yang fa go ka twe Tharonngwe ga se thuto ya Dikwalo?

18 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa tseye Modimo, Keresete le moya o o boitshepo e le Tharonngwe. The Encyclopædia Britannica e bolela jaana: “Tesetamente e Ntšha ga e na lefoko Tharonngwe e bile ga e na sepe fele se se tlhagisang mogopolo oo, le gone Jesu le balatedi ba gagwe ga ba a ka ba batla go ganetsa Shema [thapelo ya Sehebera] mo Tesetamenteng e Kgologolo e e reng: ‘Reetsa, wena Iseraele: Morena Modimo wa rona ke Morena a le mongwe fela’ (Dut. 6:4).” Bakeresete ba ne ba sa obamele tharonngwe ya Baroma kgotsa medimo epe fela e mengwe. Ba ne ba amogela mafoko a ga Jesu a gore re tshwanetse go obamela Jehofa fela. (Mathaio 4:10) Mo godimo ga moo, ba ne ba dumela mafoko ano a ga Keresete: “Rara o mogolo bogolo go nna.” (Johane 14:28) Basupi ba ga Jehofa gompieno ba dumela se se tshwanang.

19 Balatedi ba ga Jesu ba bogologolo ba ne ba dira pharologanyo sentle fa gare ga Modimo, Keresete le moya o o boitshepo. Tota e bile, ba ne ba kolobetsa barutwa (1) mo leineng la Rara, (2) mo leineng la Morwa, le (3) mo leineng la moya o o boitshepo, e seng mo leineng la Tharonngwe. Basupi ba ga Jehofa le bone ba ruta boammaaruri jwa Dikwalo mme ka jalo ba dira pharologanyo fa gare ga Modimo, Morwawe le moya o o boitshepo.—Mathaio 28:19.

Boammaaruri le Kolobetso

20. Batho ba ba batlang go kolobediwa ba tlhoka go itse eng?

20 Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba dire barutwa ka go ruta batho boammaaruri. Gore ba tshwanelege go kolobediwa, ba tlhoka kitso ya motheo ya Dikwalo. Ka sekai, ba tshwanetse ba bontsha go amogela maemo a ga Rara le a Morwawe, Jesu Keresete le taolo e ba nang le yone. (Johane 3:16) Gape batho ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go tlhaloganya gore moya o o boitshepo ga se motho mme ke maatla a Modimo a a dirang.—Genesise 1:2, ntlhanyana e e kwa tlase mo go NW.

21, 22. Ke ka ntlha yang fa o ka re go tshwanetse ga kolobediwa badumedi fela?

21 Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kolobetsa fela batho ba ba nang le kitso, ba ba ikwatlhaileng e bile ba ineetse ka botlalo mo Modimong gore ba tla dira thato ya gagwe. Bajuda le basokologi ba ba neng ba phuthega kwa Jerusalema ka Pentekosete ya 33 C.E. ba ne ba setse ba itse Dikwalo Tsa Sehebera. Fa ba utlwa moaposetoloi Petere a bua ka ga Jesu Mesia, ba ka nna 3 000 ba bone ba ne ba “amogela lefoko la gagwe ka pelo yotlhe” mme “ba kolobediwa.”—Ditiro 2:41; 3:19–4:4; 10:34-38.

22 Mo Bokereseteng go kolobediwa badumedi. Batho ba kwa Samarea ba ne ba amogela boammaaruri, mme “e rile ba dumela Filipo, yo o neng a bolela dikgang tse di molemo tsa bogosi jwa Modimo le tsa leina la ga Jesu Keresete, ba kolobediwa, banna mmogo le basadi.” (Ditiro 8:12) E re ka moopafadiwa wa Moethiopia e ne e le mosokologi yo o tlhoafetseng yo o itseng ka ga Jehofa, sa ntlha o ne a amogela mafoko a ga Filipo malebana le go diragadiwa ga boporofeti jwa ga Mesia go tswa foo a kolobediwa. (Ditiro 8:34-36) Moragonyana, Petere o ne a bolelela Korenelio le Baditšhaba ba bangwe gore “motho yo o [boifang Modimo] a ba a dira tshiamo o a amogelesega mo go ene” le gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go Jesu Keresete o itshwarelwa maleo. (Ditiro 10:35, 43; 11:18) Seno sotlhe se dumalana le taelo ya ga Jesu ya gore re ‘dire batho barutwa, re ba rute go boloka dilo tsotlhe tse a di laetseng.’ (Mathaio 28:19, 20; Ditiro 1:8) Basupi ba ga Jehofa ba dira se se tshwanang, ka go letlelela gore go kolobediwe fela batho ba ba nang le kitso ya motheo ya Dikwalo e bile ba ineetse mo Modimong.

23, 24. Mokgwa o Bakeresete ba tshwanetseng go kolobediwa ka one ke ofe?

23 Go inwa gotlhelele mo metsing ke one mokgwa o badumedi ba tshwanetseng go kolobediwa ka one. Fa Jesu a sena go kolobediwa mo Nokeng ya Joredane, o ne a “tlhatloga a tswa mo metsing.” (Mareko 1:10) Moopafadiwa wa Moethiopia o ne a kolobediwa mo ‘bodibeng jwa metsi.’ Ene le Filipo ba ne “ba fologela mo teng ga metsi” ba bo ba “tswa” mo go one. (Ditiro 8:36-40) Lebaka la go bo Dikwalo di amanya kolobetso le go fitlhwa ka tsela ya tshwantshetso le lone le supa gore motho o tshwanetse go inwa gotlhelele mo metsing.—Baroma 6:4-6; Bakolosa 2:12.

24 The Oxford Companion to the Bible ya re: “Ditlhaloso tsa dikolobetso tse go buiwang ka tsone mo Tesetamenteng e Ntšha di bontsha gore motho yo o neng a kolobediwa o ne a inwa ka fa tlase ga metsi.” Go ya ka buka ya Sefora ya Larousse du XXe Siècle (Paris, 1928), “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba kolobediwa ka go inwa gongwe le gongwe fa metsi a neng a ka bonwa teng.” Mme buka ya After Jesus—The Triumph of Christianity ya re: “Mo [kolobetsong] e e tlwaelegileng, motho o ne a tshwanetse go ipolela tumelo a bo a inwa gotlhelele mo metsing mo leineng la ga Jesu.”

25. Re tla sekaseka eng mo setlhogong se se latelang?

25 Dintlha tse di fa godimo malebana le dilo tse di theilweng mo Baebeleng tse Bakeresete ba bogologolo ba neng ba di dumela le go di dira ke dikai fela. Re ka kgona go bona dilo tse dingwe tse ba neng ba di dumela tse di tshwanang le tse di dumelwang ke Basupi ba ga Jehofa. Mo setlhogong se se latelang, re tla sekaseka ditsela tse dingwe tse re ka itseng ka tsone gore ke bomang ba ba rutang batho boammaaruri.

O ka Araba Jang?

• Modimo o batla kobamelo e e ntseng jang?

• Jesu Keresete o ne a dira jang gore boammaaruri e nne selo sa mmatota?

• Boammaaruri ke bofe malebana le moya le loso?

• Kolobetso ya Bokeresete e dirwa jang mme batho ba ba batlang go kolobediwa ba tshwanetse go dira eng?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 16]

Jesu o ne a raya Pilato a re: ‘Ke tletse go supa ka ga boammaaruri’

[Setshwantsho mo go tsebe 17]

A o ka tlhalosa lebaka la go bo Jesu a ne a re: ‘Ke nna boammaaruri’?

[Setshwantsho mo go tsebe 18]

Boammaaruri ke bofe malebana le kolobetso ya Bokeresete?