Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Diragetseng ka Molelo wa Dihele?

Go Diragetseng ka Molelo wa Dihele?

Go Diragetseng ka Molelo wa Dihele?

KE ENG se se tlang mo mogopolong wa gago fa go buiwa ka “dihele”? A o tsaya gore dihele ke lefelo la mmatota la molelo le sulefera, le batho ba tlhokofadiwang le go utlwisiwa botlhoko thata mo go lone? Kgotsa a dihele e ka tswa e le tlhaloso e e tshwantshetsang seemo sengwe?

Ka makgolokgolo a dingwaga, baeteledipele ba bodumedi ba Labokeresete ba ile ba dumela gore le fa go ka nna jang baleofi ba ya kwa molelong wa dihele o batho ba tlhokofadiwang setlhogo mo go one. Kgopolo eno e sa ntse e tlwaelegile mo madumeding a mangwe a mantsi. U.S.News & World Report e bolela jaana: “Bokeresete bo ka tswa bo ile jwa dira gore lefoko dihele le itsege thata, mme ga se jone fela bo rutang thuto eno. Mo e batlileng e le madumedi otlhe a magolo le a mannye a lefatshe a na le tumelo e e boifisang e e tshwanang le eo ya gore batho ba otlhaiwa botlhoko morago ga loso.” Bahindu, Babuda, Bamoseleme, Ba-Jain le Batao ba dumela mo diheleng tsa mofuta mongwe.

Le fa go ntse jalo, gompieno dihele di tlhalosiwa ka tsela e sele. Makasine o o umakilweng fa godimo o bolela jaana: “Le fa batho ba le bantsi ba sa ntse ba dumela mo molelong wa dihele, mo motlheng wa gompieno batho ba setse ba simolola go dumela gore kotlhao ya bosakhutleng tota ke go seegelwa kwa thoko o le esi ka tsela e e bosula tota, mo go rayang gore dihele di ka tswa e se lefelo la mmatota le le tukang molelo jaaka go ne go dumelwa.”

Lokwalopaka lwa Bajesuite lwa La Civiltà Cattolica lo ne lwa akgela jaana: “Go a timetsa . . . go akanya gore Modimo o dirisa madimona go tlhokofatsa batho ba ba atlhotsweng, a ba tlhokofatsa ka dilo tse di boifisang tse di jaaka molelo.” Lo ne lwa oketsa jaana: “Dihele ga se lefelo mme ke seemo sa motho yo o utlwisiwang botlhoko ke go kgaogana le Modimo.” Mopapa John Paul II o ne a bua jaana ka 1999: “Dihele ga se lefelo mme ke seemo sa batho ba ba itlhophelang go kgaogana le Modimo ka botlalo, ene yo e leng motswedi wa botshelo jotlhe le boitumelo.” Malebana le kgopolo ya gore dihele ke lefelo le le tukang molelo, o ne a re: “E bontsha kafa go tshela kwantle ga Modimo go utlwisang botlhoko ka teng e bile go se na bokao.” Go ya ka mokwalahisitori mongwe wa kereke e bong Martin Marty, fa mopapa a ka bo a ile a tlhalosa dihele e le “lefelo le le nang le dikgabo tsa molelo mmogo le diabolo yo o apereng sutu e khibidu a tshwere foroko e kgolo, batho ba ka bo ba sa mo tseela tlhogong.”

Madumedi a mangwe le one a setse a simolola go fetola dithuto tsa one ka tsela e e ntseng jalo. Pego nngwe ya khomishene ya thutatumelo ya Kereke ya Engelane e bolela jaana: “Dihele ga se go tlhokofadiwa ga batho ka bosakhutleng, mme ke fa motho a dirile tlhopho ya bofelo e e ka se fetolweng ya go tlhopha go nna kgatlhanong le Modimo gotlhelele mo e leng gore phelelo e le yosi fela ya gone ke go fedisiwa gotlhelele.”

Katekasima ya Kereke ya Episcopal ya kwa United States e tlhalosa dihele e le “loso lwa bosakhutleng fa re ganne Modimo.” U.S.News & World Report e bolela gore batho ba palo e e ntseng e oketsega ba rotloetsa kgopolo ya gore “baikepi ba felela ka go senngwa, e seng go boga ka bosakhutleng. ... [Ba] tatalala gore batho ba kgabagare ba ganang Modimo ba tla fedisiwa ka ‘molelo o o lailang’ wa dihele.”

Le fa mo metlheng ya gompieno bontsi jwa batho ba tlogela kgopolo ya molelo le sulefera, ba le bantsi ba sa ntse ba ngaparetse tumelo ya gore dihele ke lefelo la mmatota la tlhokofatso. Albert Mohler wa Southern Baptist Theological Seminary kwa Louisville, Kentucky, U.S.A. o bolela jaana: “Dikwalo di tlhalosa sentle gore dihele ke lefelo la mmatota le batho ba tlhokofadiwang ka molelo mo go lone.” Mme pego ya The Nature of Hell, e e rulagantsweng ke Evangelical Alliance Commission e bolela jaana: “Dihele ke tiragalo e mo go yone motho a utlwang gore o latlhilwe le gore o a tlhokofadiwa.” E oketsa jaana: “Batho ba otlhaiwa le go bogisiwa ka selekanyo se se farologaneng kwa diheleng mme seo se ikaegile ka gore maleo a ba a dirileng mo lefatsheng a ne a le masisi go le kana kang.”

Le fa go ntse jalo, potso ke gore a dihele ke lefelo le batho ba tlhokofadiwang ka bosakhutleng ka molelo mo go lone kgotsa a ke lefelo le ba senyediwang ruri mo go lone? Kgotsa a ke seemo fela sa go kgaogana le Modimo? Totatota dihele ke eng?

[Lebokoso/Ditshwantsho mo go tsebe 4]

Tlhaloso e Khutshwane ya Matso a Molelo wa Dihele

BATHO ba ba ipolelang gore ke Bakeresete ba simolotse leng go dumela mo molelong wa dihele? Lobaka lo loleele thata morago ga motlha wa ga Jesu Keresete le baaposetoloi ba gagwe. Encyclopædia Universalis ya kwa Fora e bolela jaana: “Apocalypse of Peter (ya lekgolo la bo2 la dingwaga C.E.) e ne e le mokwalo wa ntlha wa Bokeresete [o go sa tlhomamisiweng boammaaruri jwa one] go tlhalosa kgang ya go otlhaiwa le go tlhokofadiwa ga baleofi kwa diheleng.”

Le fa go ntse jalo, Borara ba bogologolo ba Kereke ba ne ba sa dumalane ka kgang ya dihele. Justin Martyr, Clement wa kwa Alexandria, Tertullian le Cyprian ba ne ba dumela gore dihele ke lefelo le le tukang molelo. Origen le moithutabodumedi Gregory wa kwa Nyssa ba ne ba dumela gore dihele ke lefelo la go kgaogana le Modimo—la go boga semoyeng. Augustine wa kwa Hippo ene o ne a dumela gore kwa diheleng motho o boga ka tsela ya semoya le ka tsela ya mmatota—kgopolo e batho ba neng ba simolola go e amogela. Porofesa J.N.D. Kelly o ne a kwala jaana: “Ka lekgolo la botlhano la dingwaga, batho ba le bantsi gongwe le gongwe ba ne ba setse ba amogela thuto e e setlhogo ya gore baleofi ba ka se tlhole ba tshela gape fa ba sena go swa le gore molelo o o tla ba lailang ga o kitla o tima.”

Mo lekgolong la bo16 la dingwaga, balweladiphetogo ba Baporotesetanta ba ba jaaka Martin Luther le John Calvin ba ne ba dumela gore go tlhokofadiwa mo molelong wa dihele go tshwantshetsa go kgaogana ka bosakhutleng le Modimo. Le fa go ntse jalo, mo makgolong a mabedi a a latelang a dingwaga batho ba ne ba simolola go dumela gape mo kgopolong ya gore dihele ke lefelo la tlhokofatso. Moreri mongwe wa Moporotesetanta e bong Jonathan Edwards o ne a tlhola a tshosa batho ba Dikolone Tsa Amerika ba lekgolo la bo18 la dingwaga ka go tlhalosa dihele ka tsela e e tshosang.

Le fa go ntse jalo, moragonyana fela ga moo, dikgabo tsa molelo wa dihele di ne tsa simolola go fela bogale. U.S.News & World Report e bolela jaana: “Dihele di batlile di fela ka lekgolo la bo20 la dingwaga.”

[Ditshwantsho]

Justin Martyr o ne a dumela gore dihele ke lefelo le le tukang molelo

Augustine wa kwa Hippo o ne a ruta gore kwa diheleng motho o boga ka tsela ya semoya le ka tsela ya mmatota