Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo

Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo

Mo Boitshokong Jwa Lona, Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo

“Tsenyang mo tumelong ya lona ... boitshoko, mo boitshokong jwa lona boineelo jwa bomodimo.”—2 PETERE 1:5, 6.

1, 2. (a) Go lebeletswe gore ngwana a gole jang? (b) Go gola semoyeng go botlhokwa go le kana kang?

GO BOTLHOKWA gore ngwana a gole, mme ga a tshwanela go gola ka mmele fela. Gape go lebeletswe gore a gole mo tlhaloganyong le mo maikutlong. Fa nako e ntse e tsamaya, ngwana o tla tlogela mekgwa ya gagwe ya bongwana a bo a gola go nna monna kgotsa mosadi yo o godileng sentle. Moaposetoloi Paulo o ne a bua ka seno fa a ne a kwala jaana: “E rile ke le losea, ke ne ke tle ke bue jaaka losea, ke akanye jaaka losea, ke tlhalose dilo jaaka losea; mme e re ka jaanong ke le monna, ke nyeleditse mekgwa ya losea.”—1 Bakorintha 13:11.

2 Mafoko a ga Paulo a tlhalosa ntlha ya botlhokwa malebana le go gola semoyeng. Bakeresete ba tshwanetse go gatela pele gore ba tlogele go nna bana semoyeng mme ba nne batho “ba ba godileng ka botlalo mo maatleng a go tlhaloganya.” (1 Bakorintha 14:20) Ba tshwanetse go dira ka natla mme ba leke go fitlha mo “selekanyong sa bogolo jo e leng jwa botlalo jwa ga Keresete.” Fa ba dira jalo, ga ba kitla ba nna ‘masea, ba heheutlelwa kwa le kwa jaaka e kete ba heheutlwa ke makhubu e bile ba akgaakgelwa kwa le kwa ke phefo nngwe le nngwe ya thuto.’—Baefeso 4:13, 14.

3, 4. (a) Re tshwanetse go dirang gore re nne batho ba ba godileng sentle semoyeng? (b) Re tshwanetse go nna le dinonofo dife tsa bomodimo, mme di botlhokwa go le kana kang?

3 Re ka nna jang batho ba ba godileng sentle semoyeng? Go gola mo mmeleng go ka itiragalela fela mo maemong a a siameng, mme go gola semoyeng go tlhoka matsapa a a akanyeditsweng ka kelotlhoko. Sa ntlha, re tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng ya Lefoko la Modimo le go tshela go dumalana le se re se ithutang. (Bahebera 5:14; 2 Petere 1:3) Seno se tla dira gore re nne le dinonofo tsa bomodimo. Fela jaaka motho a gola ka mmele le ka ditsela tse dingwe nako e le nngwe fela, gantsi go gola mo dinonofong tse di farologaneng tsa bomodimo go direga ka nako e le nngwe. Moaposetoloi Petere o ne a kwala jaana: “Ka go arabela lo tsenya boiteko jotlhe ka tlhoafalo, tsenyang mo tumelong ya lona molemo, mo molemong wa lona, kitso, mo kitsong ya lona boikgapo, mo boikgapong jwa lona boitshoko, mo boitshokong jwa lona boineelo jwa bomodimo, mo boineelong jwa lona jwa bomodimo lorato lwa bokaulengwe, mo loratong lwa lona lwa bokaulengwe lorato.”—2 Petere 1:5-7.

4 Nonofo nngwe le nngwe e Petere a buang ka yone e botlhokwa, mme ga go epe e motho a tshwanetseng go e itlhokomolosa. O oketsa jaana: “Fa dilo tseno di le teng mo go lona di bile di penologa, di tla lo itsa go nna ba ba sa direng kgotsa ba ba sa ungweng malebana le kitso e e boammaaruri ya Morena wa rona Jesu Keresete.” (2 Petere 1:8) A re sekasekeng kafa go tlhokegang ka gone go tsenya boineelo jwa bomodimo mo boitshokong jwa rona.

Re Tlhoka go Itshoka

5. Ke ka ntlha yang fa re tlhoka go itshoka?

5 Petere le Paulo ka bobedi jwa bone ba amanya boineelo jwa bomodimo le boitshoko. (1 Timotheo 6:11) Go itshoka ga go kaye fela go ema re nonofile e bile re nitame fa re lebana le mathata. Go akaretsa go nna pelotelele, go nna pelokgale le go ema re tlhomame re sa felelwe ke tsholofelo fa re lebane le diteko, dikgoreletsi, dithaelo kgotsa re bogisiwa. E re ka re le batho ba ba tshelang ka ‘boineelo jwa bomodimo re le seoposengwe le Keresete Jesu,’ re a itse gore re tla bogisiwa. (2 Timotheo 3:12) Re tshwanetse go itshoka fa e le gore re batla go supa gore re rata Jehofa le go nna le dinonofo tse re di tlhokang gore re bolokwe. (Baroma 5:3-5; 2 Timotheo 4:7, 8; Jakobe 1:3, 4, 12) Fa re sa itshoke, ga re kitla re bona botshelo jo bo sa khutleng.—Baroma 2:6, 7; Bahebera 10:36.

6. Go itshoka go ya bokhutlong ke go dira eng?

6 Le fa re ka simolola sentle jang, kgabagare selo sa botlhokwa thata ke gore re itshoke. Jesu o ne a re: “Yo o itshokileng go ya bokhutlong ke ene yo o tla bolokwang.” (Mathaio 24:13) Ee, re tshwanetse go itshoka go ya bokhutlong, e ka ne e le go ya bokhutlong jwa botshelo jwa rona jwa gone jaanong kgotsa go ya bokhutlong jwa tsamaiso eno e e boikepo ya dilo. Le fa boemo e ka tswa e le bofe, re tshwanetse go nna re ikanyega mo Modimong. Le fa go ntse jalo, fa re sa tsenye boineelo jwa bomodimo mo boitshokong jwa rona, ga re ka ke ra itumedisa Jehofa, e bile re ka se bone botshelo jo bo sa khutleng. Mme boineelo jwa bomodimo ke eng?

Se Boineelo Jwa Bomodimo bo se Kayang

7. Boineelo jwa bomodimo ke eng, mme bo re tlhotlheletsa go dirang?

7 Boineelo jwa bomodimo ke go tlotla Jehofa Modimo, re mo obamela le go mo direla ka gonne re ikanyega mo bolaoding jwa gagwe jwa lobopo lotlhe. Re tshwanetse go nna le kitso e e tlhomameng ka ga Jehofa le ditsela tsa gagwe gore re mmontshe boineelo jwa bomodimo. Re tshwanetse go batla go nna le kitso e e boteng ka botho jwa Modimo. Seno se tla re tlhotlheletsa gore re mo rate ka lorato lo lo tswang pelong, lo re lo bontshang ka ditiro tsa rona le ka tsela e re tshelang ka yone. Re tshwanetse ra batla go tshwana le Jehofa thata kafa go ka kgonegang ka teng—go etsa ditsela tsa gagwe le go bontsha dinonofo le botho jwa gagwe. (Baefeso 5:1) Eleruri, boineelo jwa bomodimo bo re tlhotlheletsa gore re batle go itumedisa Modimo mo go sotlhe se re se dirang.—1 Bakorintha 10:31.

8. Boineelo jwa bomodimo bo amana jang le go obamela Modimo fela?

8 Gore re bontshe boineelo jwa mmatota jwa bomodimo, re tshwanetse go obamela Jehofa fela, re sa letle sepe go mo tseela sebaka mo dipelong tsa rona. E re ka e le Mmopi wa rona, o na le tshwanelo ya gore re obamele ene fela. (Duteronome 4:24; Isaia 42:8) Le fa go ntse jalo, Jehofa ga a re pateletse go mo obamela. O batla gore re ineele mo go ene ka go rata. Lorato lo re ratang Modimo ka lone ka go bo re na le kitso e e tlhomameng ka ga gagwe, ke lone lo lo re tlhotlheletsang go phepafatsa matshelo a rona le gore re ineele ka botlalo mo go ene re bo re tshele go dumalana le boineelo joo.

Nna le Kamano le Modimo

9, 10. Re ka dira jang gore re nne le kamano e e gaufi le Modimo re bo re tswelele pele re na le yone?

9 Fa re sena go bontsha boineelo jwa rona mo Modimong ka go kolobediwa, re sa ntse re tlhoka go dira ka natla gore re nne le kamano e e gaufi thata le ene. Ka jalo keletso ya rona ya go batla go dira jalo le go direla Jehofa ka boikanyegi e re tlhotlheletsa gore re tswelele pele re ithuta Lefoko la gagwe le go tlhatlhanya ka lone. Fa re ntse re letla moya wa Modimo go ama megopolo le dipelo tsa rona, lorato lo re ratang Jehofa ka lone lo a gola. Kamano ya rona le ene e tswelela go nna selo sa botlhokwa thata mo botshelong jwa rona. Re tsaya Jehofa e le Tsala ya rona e kgolo mme re batla go mo itumedisa ka dinako tsotlhe. (1 Johane 5:3) Re itumelela kamano ya rona le Modimo go feta pele, mme re lebogela gore o re ruta ka lorato le go re gakolola fa go tlhokega.—Duteronome 8:5.

10 Kamano e e tlhwatlhwakgolo e re nang le yone le Jehofa e ka koafala fa re sa tseye dikgato tsa go e nonotsha ka metlha. Fa seo se ka direga, e tla bo e se molato wa Modimo, ka gonne ga a “kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.” (Ditiro 17:27) A bo go re itumedisa jang ne go bo Jehofa a dira gore go nne motlhofo gore re mo atamele! (1 Johane 5:14, 15) Ke boammaaruri gore re tshwanetse go dira ka natla gore re nne re na le kamano e e gaufi le Jehofa. Le fa go ntse jalo, o re thusa gore re mo atamele ka go re naya dilo tsotlhe tse re di tlhokang gore re nne le boineelo jwa bomodimo le go tswelela re na le jone. (Jakobe 4:8) Re ka dirisa jang ka botlalo dilo tseno tsotlhe tse re di neilweng ka lorato?

Nna o Nonofile Semoyeng

11. Ditiro dingwe tse di bontshang gore re na le boineelo jwa bomodimo ke dife?

11 Lorato lo lo tswang pelong lo re ratang Modimo ka lone lo tla re tlhotlheletsa go bontsha gore re ineetse mo Modimong go le kana kang, go dumalana le kgakololo ya ga Paulo fa a re: “Dira bojotlhe jwa gago go itlhagisa o amogelwa ke Modimo, modiri yo o se nang sepe se se ka mo tlhabisang ditlhong, o tshwere lefoko la boammaaruri sentle.” (2 Timotheo 2:15) Go dira jalo go tlhoka gore re nne le thulaganyo e e molemo ya go ithuta Baebele ka metlha, go nna gone kwa dipokanong le go ya tshimong. Gape re ka nna re le gaufi le Jehofa ka go ‘rapela re sa kgaotse.’ (1 Bathesalonika 5:17) Tseno ke ditiro tse di bontshang gore re na le boineelo jwa bomodimo. Go itlhokomolosa dipe fela tsa tsone go ka dira gore re lwale semoyeng mme ra nna mo kotsing ya go tsiediwa ke maano a ga Satane.—1 Petere 5:8.

12. Re ka kgona jang go itshokela diteko?

12 Go nna re nonofile e bile re tlhoafetse semoyeng gape go re thusa go lebana le diteko tse dintsi tse di re welang. Diteko di ka tla ka ditsela tse di ka re lekang fela thata. Go ka nna thata go itshokela go tlhoka kgatlhego ga batho, go ganediwa le go bogisiwa, bogolo jang fa go tswa mo malokong a a gaufi a lelapa, mo go ba losika kgotsa mo baagelaning. Kwa re berekang teng kgotsa kwa sekolong go ka nna le dikgatelelo tse di bofitlha tsa gore re latlhe melaometheo ya rona ya Bokeresete. Go kgobega marapo, go lwala le go gatelelwa thata mo maikutlong go ka re koafatsa mo mmeleng mme ga dira gore go nne thata gore re itshokele diteko tsa tumelo. Mme re ka kgona go itshokela diteko tsotlhe fa re tswelela pele re dira ‘ditiro tse di boitshepo tsa boitshwaro le ditiro tsa boineelo jwa bomodimo, re letetse e bile re ntse re akantse thata ka go nna gone ga letsatsi la ga Jehofa.’ (2 Petere 3:11, 12) Mme re ka nna re ipelela go dira jalo, re tlhomamisegile gore Modimo o tla re segofatsa.—Diane 10:22.

13. Re tshwanetse ra dirang gore re nne re bontsha boineelo jwa bomodimo?

13 Le fa Satane a itebaganya le batho ba ba nang le boineelo jwa bomodimo, ga re a tshwanela go boifa. Ka ntlha yang? Ka gonne “Jehofa o itse kafa a ka gololang batho ba boineelo jwa bomodimo mo tekong ka gone.” (2 Petere 2:9) Gore re itshokele diteko mme re gololwe jalo re tshwanetse go “[gana] boikepo le dikeletso tsa selefatshe mme re tshele ka go itekanela sentle ga mogopolo le tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo gare ga tsamaiso eno ya jaanong ya dilo.” (Tito 2:12) Rona Bakeresete re tshwanetse go ela tlhoko gore ga go na bokoa bope jo bo amanang le dikeletso le ditiro tsa nama jo bo ka kgoreletsang boineelo jwa rona jwa bomodimo le go bo senya. A jaanong re sekasekeng dingwe tsa dilo tseno tse di ka tsenyang boineelo jwa rona jwa bomodimo mo kotsing.

Ela Tlhoko Dilo Tse di ka Tsenyang Boineelo Jwa Bomodimo mo Kotsing

14. Re tshwanetse ra gakologelwa eng fa re raelwa ke serai sa go rata dikhumo?

14 Go rata dikhumo ke serai mo bathong ba le bantsi. Re ka nna ra ba ra itsietsa, re “akanya gore boineelo jwa bomodimo ke tsela ya go bona papadi [ya dikhumo].” Ka jalo, re ka nna le sebete sa go dirisa badumedi ka rona ba ba re tshepang, re ba dirisa ka tsela e e sa tshwanelang. (1 Timotheo 6:5) Re ka nna ra ba ra tsaya ka phoso gore go siame fela go emelela Mokeresete yo o emeng sentle gore a re adime madi a go ka nnang ga direga gore re se ka ra kgona go a duela. (Pesalema 37:21) Mme se se “[nang] le tsholofetso ya botshelo jaanong le ya jo bo tla tlang” ke boineelo jwa bomodimo, e seng go nna le dikhumo. (1 Timotheo 4:8) E re ka ‘re sa tlisa sepe mo lefatsheng, mme le gone re ka se ka ra tswa re tshotse sepe,’ a re ititeyeng sehuba go feta pele gore re latelele ‘boineelo jwa bomodimo mmogo le thetebalo’ re ‘kgotsofalela dijo le se re ipipang ka sone.’—1 Timotheo 6:6-11.

15. Re ka dirang fa go lebega e kete go latelela menate go tla hupetsa boineelo jwa rona jwa bomodimo?

15 Go rata menate go ka hupetsa boineelo jwa rona jwa bomodimo. A re ka tswa re tlhoka go dira diphetogo mo ntlheng eno gone jaanong? Ke boammaaruri gore go itshikinya mmele le go itlosa bodutu go na le melemo mengwe. Le fa go ntse jalo, melemo eo ga se ya sepe fa e bapisiwa le botshelo jo bo sa khutleng. (1 Johane 2:25) Gompieno, batho ba le bantsi ke “barati ba menate go na le go nna barati ba Modimo, ba ba nang le sebopego sa boineelo jwa bomodimo mme ba latola maatla a jone,” mme re tshwanetse ra fularela batho ba ba ntseng jalo. (2 Timotheo 3:4, 5) Ba ba tsayang boineelo jwa bomodimo bo le botlhokwa “ba ipolokela motheo o o molemo wa isagwe ka pabalesego, gore ba tshware botshelo jwa mmatota ka thata.”—1 Timotheo 6:19.

16. Ke dikeletso dife tsa boleo tse di dirang gore batho bangwe ba se ka ba kgona go tshela ka melao ya Modimo e e siameng, mme re ka fenya dikeletso tseno jang?

16 Go dirisa bojalwa le diokobatsi ka tsela e e sa siamang, boitsholo jo bo sa siamang le dikeletso tsa boleo di ka senya boineelo jwa rona jwa bomodimo. Go ineela mo go tsone go ka re thibela go tshela ka melao ya Modimo e e siameng. (1 Bakorintha 6:9, 10; 2 Bakorintha 7:1) Tota le Paulo o ne a tshwanelwa ke go itshokela ntwa e e sa feleng ya go lwa le nama e e sekametseng mo boleong. (Baroma 7:21-25) Go tlhokega dikgato tse di gagametseng gore re fedise dikeletso tse di phoso. Sa ntlha, re tshwanetse ra bo re ititeile sehuba gore re tla nna re le phepa mo boitsholong. Paulo a re: “Bolayang ditokololo tsa lona tsa mmele tse di mo lefatsheng ka ga kgokafalo, boitshekologo, keletso ya tlhakanelodikobo, keletso e e utlwisang botlhoko, le keletso ya bopelotshetlha, se e leng kobamelo ya medingwana.” (Bakolosa 3:5) Go bolaya ditokololo tsa rona tsa mmele malebana le ditiro tse di ntseng jalo tsa boleo go tlhoka gore re ititeye sehuba gore re kgone go di fedisa. Go rapela Modimo ka tlhoafalo gore a re thuse go tla dira gore re kgone go gana dikeletso tse di phoso re bo re latelele tshiamo le boineelo jwa bomodimo mo tsamaisong eno e e boikepo ya dilo.

17. Re tshwanetse ra leba kgalemelo jang?

17 Go kgobega marapo go ka koafatsa boitshoko jwa rona e bile go ka ama boineelo jwa rona jwa bomodimo ka tsela e e kotsi. Batlhanka ba ga Jehofa ba le bantsi ba ile ba kgobega marapo. (Dipalo 11:11-15; Esera 4:4; Jona 4:3) Go kgobega marapo go ka re ama thata bogolosegolo fa gape re kgopisegile ka gonne re ikutlwa re diretswe molato kgotsa re kgalemetswe botlhoko. Le fa go ntse jalo, go kgalemelwa ke bosupi jwa gore Modimo o a re kgatlhegela e bile o amega ka rona ka lorato. (Bahebera 12:5-7, 10, 11) Kgalemelo ga e a tshwanela go tsewa fela e le kotlhao mme e tshwanetse ya tsewa gape e le go re thapisa mo tseleng ya tshiamo. Fa re ikokobeditse, re tla anaanela le go amogela kgakololo, re lemoga gore “dikgalemelo tsa kotlhao ke tsela ya botshelo.” (Diane 6:23) Seno se ka re thusa go gatela pele sentle semoyeng fa re ntse re latelela boineelo jwa bomodimo.

18. Re tshwanetse ra dirang fa re na le dikgotlhang le ba bangwe?

18 Dikgotlhang le go kgopisiwa ke batho go ka nna ga tsenya boineelo jwa rona jwa bomodimo mo kotsing. Go ka nna ga baka go tlhobaela kgotsa ga dira gore ba bangwe ba tseye kgato e e sa siamang ya go itlhaola mo bakaulengweng ba bone le bokgaitsadi ba semoya. (Diane 18:1) Mme re tshwanetse ra gakologelwa gore go tshwara ba bangwe ka pelo kgotsa go ba tlhoa go ka ama kamano ya rona le Jehofa ka tsela e e sa siamang. (Lefitiko 19:18) Tota e bile, “yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe, yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.” (1 Johane 4:20) Mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng, Jesu o ne a gatelela gore re tlhoka go tsaya kgato ka bonako go rarabolola dikgotlhang. O ne a raya bareetsi ba gagwe a re: “Fa, he, o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Mathaio 5:23, 24) Go kopa maitshwarelo go ka thusa go fedisa matsadi a a bakilweng ke mafoko kgotsa ditiro tse di utlwisang botlhoko. Kgotlhang e ka fela mme ga boa ga nna le kagiso gape fa re kopa maitshwarelo re bo re dumela gore re ne re sa dira dilo sentle. Jesu o ne a neela kgakololo e nngwe gape malebana le go rarabolola mathata. (Mathaio 18:15-17) A bo re itumela jang ne fa maiteko a go rarabolola mathata a atlega!—Baroma 12:18; Baefeso 4:26, 27.

Latela Sekao sa ga Jesu

19. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa jaana go latela sekao sa ga Jesu?

19 Gone re tla welwa ke diteko, mme ga di a tshwanela go re faposa mo lobelong lwa botshelo jo bo sa khutleng. Gakologelwa gore Jehofa a ka re golola mo tekong. Fa re ntse re ‘apola bokete bongwe le bongwe’ e bile re ‘taboga ka boitshoko lobelo lo re lo tlhomilweng pele,’ a re ‘lebeng ka tlhomamo kwa Moemeding yo Mogolo le Moitekanedisi wa tumelo ya rona, e bong Jesu.’ (Bahebera 12:1-3) Go sekaseka sekao sa ga Jesu thata le go leka go mo etsa ka mafoko le ka ditiro go tla re thusa go nna le boineelo jwa bomodimo le go bo bontsha ka selekanyo se segolwane.

20. Go latelela boitshoko le boineelo jwa bomodimo go na le melemo efe?

20 Boitshoko le boineelo jwa bomodimo ka bobedi di tlhomamisa gore re tla bolokwa. Fa re bontsha dinonofo tseno tse di tlhwatlhwakgolo, re ka tswelela pele re direla Modimo tirelo e e boitshepo ka boikanyegi. Tota le fa re lekwa, re tla itumela fa re ntse re utlwa lorato lo lo pelonomi lwa ga Jehofa le tshegofatso ya gagwe ka gonne re ile ra itshoka e bile re bontsha boineelo jwa bomodimo. (Jakobe 5:11) Mo godimo ga moo, Jesu ka boene o re tlhomamisetsa jaana: “Lo tla bona meya ya lona ka go itshoka ga lona.”—Luke 21:19.

O ka Araba Jang?

• Ke ka ntlha yang fa go itshoka go le botlhokwa?

• Boineelo jwa bomodimo ke eng, mme bo bontshiwa jang?

• Re ka dira jang gore re nne le kamano e e gaufi le Modimo re bo re tswelele pele re na le yone?

• Dilo dingwe tse di ka tsenyang boineelo jwa rona jwa bomodimo mo kotsing ke dife, mme re ka di tila jang?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Ditshwantsho mo go tsebe 12]

Boineelo jwa bomodimo bo bontshiwa ka ditsela tse dintsi

[Ditshwantsho mo go tsebe 14]

Ela tlhoko dilo tse di ka tsenyang boineelo jwa gago jwa bomodimo mo kotsing