Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Sebeso sa Modimo O o Sa Tewang Leina

Sebeso sa Modimo O o Sa Tewang Leina

Sebeso sa Modimo O o Sa Tewang Leina

MOAPOSETOLOI PAULO o ne a ya kwa Athena, kwa Gerika, mo e ka nnang ka 50 C.E. Fa a le koo o ne a bona sebeso se se diretsweng modimo o o sa itsiweng mme moragonyana a se umaka fa a ntse a neela bosupi jo bo molemo ka ga Jehofa.

Fa Paulo a ne a simolola puo ya gagwe kwa Mars’ Hill, kgotsa Areopago, o ne a re: “Banna ba Athena, ke a bona gore mo dilong tsotlhe lo bonala lo boifa medimo thata go feta ba bangwe. Ka sekai, fa ke ne ke feta fano mme ke leba ka kelotlhoko dilo tsa lona tse di obamelwang ke ne ka bona le sebeso se mo go sone go neng go kwadilwe go twe ‘Go Modimo O o Sa Itsiweng.’ Jalo se lo se nayang boineelo jwa bomodimo lo sa se itse, ke sone se ke lo bolelelang ka sone.”—Ditiro 17:22-31.

Le fa sebeso seo sa kwa Athena se ise se ko se bonwe, go ne go na le dibeso tse di ntseng jalo kwa dikarolong tse dingwe tsa Gerika. Ka sekai, moitsethutafatshe wa Mogerika wa lekgolo la bobedi la dingwaga e bong Pausanias o ne a umaka dibeso tsa “medimo e e Bidiwang E e Sa Itsiweng” kwa Phaleron, e e seng kgakala le Athena. (Description of Greece, Attica I, 4) Go ya ka yone buka eo, kwa Olympia go ne go na le “sebeso sa medimo E e Sa Itsiweng.”—Eleia I, XIV, 8.

Mo bukeng ya The Life of Apollonius of Tyana (VI, III), mokwadi wa Mogerika e bong Philostratus (c. 170-c. 245 C.E.) o ne a bolela gore kwa Athena “go tlhomilwe dibeso go tlotla le medimo e e sa itsiweng tota.” Mme mo Lives of Philosophers (1.110), Diogenes Laertius (c. 200-250 C.E.) o ne a kwala gore go ne go ka bonwa “dibeso tse di se nang maina” mo dikarolong tse di farologaneng tsa Athena.

Baroma le bone ba ne ba aga dibeso tsa medimo e e sa tewang maina. Fano go bontshitswe sebeso se se dirilweng ka lekgolo la ntlha kgotsa la bobedi la dingwaga B.C.E. mme se bolokilwe kwa musiamong wa Palatine Antiquarium kwa Roma, Italy. Mokwalo o o mo go sone wa Selatine o bontsha gore sebeso seno se ne se tlhaoletswe “modimo kgotsa modimogadi”—polelwana e “gantsi e fitlhelwang mo dithapelong kgotsa mo mafokong a boineelo a a mo mekwalong le mo dibukeng.”

“Modimo yo o neng a dira lefatshe le dilo tsotlhe tse di mo go lone” o ntse ga a itsiwe ke batho ba le bantsi. Mme jaaka Paulo a ne a bolelela Baathena, Modimo yo—Jehofa—‘ga a kgakala thata le mongwe le mongwe wa rona.’—Ditiro 17:24, 27.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

Altar: Soprintendenza Archeologica di Roma