Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Tota Dihele ke Eng?

Tota Dihele ke Eng?

Tota Dihele ke Eng?

LE FA lefoko “dihele” le ka tswa le tlisa eng mo mogopolong wa gago, batho ba le bantsi ba tsaya gore dihele ke lefelo la go otlhaelwa boleo. Baebele e bolela jaana malebana le boleo le ditlamorago tsa jone: “Fela jaaka boleo bo ne jwa tsena mo lefatsheng ka motho a le mongwe le loso ka boleo, loso lo ne lwa anamela kwa bathong botlhe ka gonne ba leofile botlhe.” (Baroma 5:12) Gape Dikwalo di bolela jaana: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso.” (Baroma 6:23) E re ka boleo bo otlhaelwa ka loso, potso e e ka re thusang thata go lemoga gore tota dihele ke eng ke gore: Go direga eng ka rona fa re swa?

A motho o tswelela a tshela ka tsela nngwe morago ga loso? Dihele ke eng, mme go ya batho ba ba ntseng jang teng? A go na le tsholofelo epe ka batho ba ba kwa diheleng? Baebele e re naya dikarabo tse di boammaaruri le tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno.

A go Na le Botshelo Morago ga Loso?

A go na le sengwe se se mo teng ga rona, se se jaaka moya, se se tswelelang se tshela fa mmele o sena go swa? Akanya gore go tlile jang gore motho wa ntlha e bong Adame a tshele. Baebele ya re: “Jehofa Modimo a bopa motho ka lorole lo lo tswang mo mmung a ba a budulela moya wa botshelo mo teng ga maroba a dinko tsa gagwe.” (Genesise 2:7) Le fa go hema go ne go mo thusa gore a tswelele a tshela, go tsenya “moya wa botshelo” mo dinkong tsa gagwe e ne e se go budulela moya mo makgwafong a gagwe fela. Go ne go kaya gore Modimo o ne a tsenya tlhasenyana ya botshelo mo mmeleng wa ga Adame o o sa tsheleng—e e leng “maatla a botshelo,” a a dirang mo dibopiweng tsotlhe tse di mo lefatsheng. (Genesise 6:17; 7:22) Baebele e bitsa maatla ano a botshelo e re ke “moya [spirit].” (Jakobe 2:26) Moya ono o ka tshwantshiwa le motlakase o o fetelang mo motšhineng kgotsa mo sedirisiweng sengwe o bo o dira gore se kgone go dira tiro ya sone. Fela jaaka motlakase o se ke o fetofetoga go nna popego ya sedirisiwa se o se nayang maatla, maatla a botshelo ga a tseye popego epe ya dibopiwa tse a di nayang botshelo. Ga a na dinonofo tsa motho e bile ga a kgone go akanya.

Go direga eng ka moya (spirit) fa motho a swa? Pesalema 146:4 ya re: “Moya wa gagwe o a tswa, mme a boele mo mmung wa gagwe; mo letsatsing leo dikakanyo tsa gagwe di a nyelela.” Fa motho a swa, moya wa gagwe o e seng motho ga o tswelele pele o tshela kwa lefelong lengwe e le sebopiwa sa semoya. “O boela kwa Modimong wa boammaaruri yo a o abileng.” (Moreri 12:7) Seno se raya gore tsholofelo epe ya gore motho yoo a ka tsamaya a tshela mo isagweng e mo diatleng tsa Modimo fela.

Bafilosofi ba bogologolo ba Bagerika e bong Socrates le Plato ba ne ba dumela gore go na le moya (soul) o o mo teng ga motho o o tswelelang o tshele morago ga loso mme o se kitla o swa. Baebele e ruta eng ka moya (soul)? Genesise 2:7 ya re Adame o ne “a nna moya [soul] o o tshelang.” Ga a ka a newa moya; ene ka boene e ne e le moya—motho yo o feletseng. Dikwalo di a tle di bue ka moya o dira tiro nngwe, o eletsa dijo, o utswiwa, o tlhorega boroko, jalo le jalo. (Lefitiko 23:30; Duteronome 12:20; 24:7; Pesalema 119:28) Ee, motho ka boene ke moya (soul). Fa motho a swa, moya oo o a swa.—Esekiele 18:4.

Mme seemo sa baswi ke sefe he? Fa Jehofa a ne a atlhola Adame, o ne a re: “O lorole mme o tla boela mo loroleng.” (Genesise 3:19) Adame o ne a le kae pele Modimo a mmopa ka lorole lwa mmu a bo a mo naya botshelo? Tota o ne a seyo! Fa Adame a ne a swa, o ne a boela mo seemong seo sa go sa nne teng. Seemo sa baswi se tlhalosiwa sentle mo go Moreri 9:5, 10 e e balegang jaana: “Baswi ga ba itse sepe ... Ga go na tiro, le fa e le maano, le fa e le kitso, le fa e le botlhale mo Bobipong, kwa o yang gone.” (Baebele e e Boitshepo) Go ya ka Dikwalo, loso ke seemo sa go sa nne teng. Baswi ga ba itse sepe, ga ba utlwe sepe, ga ba akanye sepe.

A ke Go Tlhokofalediwa Ruri Kgotsa ke Lebitla le le Tlwaelegileng?

E re ka baswi ba sa ikutlwe, dihele e ka se ka ya bo e le lefelo le baikepi ba tlhokofadiwang ka molelo mo go lone fa ba sena go swa. Dihele ke eng he? Go sekaseka se se diragaletseng Jesu fa a sena go swa go tla re thusa go araba potso eo. Mokwadi wa Baebele e bong Luke o bega jaana: “[Jesu] o ne a sa latlhwa mo Hadese [dihele, King James Version] le gone nama ya gagwe e ne ya se ka ya bola.” * (Ditiro 2:31) Dihele tse le Jesu tota a ileng kwa go tsone di ne di le kwa kae? Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ke ne ka fetisetsa mo go lona ... gore Keresete o ne a swela maleo a rona go ya ka Dikwalo; le gore o ne a fitlhwa, ee, gore o tsositswe ka letsatsi la boraro go ya ka Dikwalo.” (1 Bakorintha 15:3, 4) Ka jalo Jesu o ne a le kwa diheleng, kwa lebitleng, mme ga a ka a tlogelwa koo, ka gonne o ne a tsosiwa.

Akanya gape ka kgang ya monna yo o siameng e bong Jobe, yo o ileng a boga thata. E re ka a ne a eletsa go tswa mo pogong ya gagwe, o ne a ikuela jaana: “Ke mang yo o tla nkabelang seno, gore o ntshireletse mo diheleng [Sheole], o bo o mphitlhe go fitlha bogale jwa gago bo feta?” * (Jobe 14:13, Douay Version) A bo go sa utlwale jang ne go akanya gore Jobe o ne a eletsa go ya go sirelediwa kwa lefelong le le tukang molelo! Jobe o ne a tsaya “dihele” e le lebitla fela, kwa a neng a se kitla a tlhola a boga teng. Ka gone he, dihele tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng, ke lebitla le le tlwaelegileng la batho le go yang batho ba ba siameng le ba ba sa siamang kwa go lone.

Molelo wa Dihele —A o Nyeletsa Gotlhelele?

A go ka tswa e le gore molelo wa dihele o tshwantshetsa go nyelediwa gotlhelele kgotsa go senyediwa ruri? Dikwalo di bontsha gore go na le pharologanyo fa gare ga molelo le Hadese, kgotsa dihele, ka go bolela jaana: “Loso le Hadese tsa latlhelwa mo bodibeng jwa molelo.” ‘Bodiba’ jo bo umakilweng fano ke jwa tshwantshetso, e re ka loso le dihele (Hadese) tse di latlhelwang mo go jone di ka se ka tsa fisiwa ka tsela ya mmatota. “Seno [e leng bodiba jwa molelo] se kaya loso lwa bobedi”—loso lo mo go lone go se nang tsholofelo ya gore motho o tla tshela gape.—Tshenolo 20:14.

Bodiba jwa molelo bo na le bokao jo bo tshwanang le jwa “Gehena e e tukang [molelo wa dihele, King James Version]” e Jesu a buileng ka yone. (Mathaio 5:22; Mareko 9:47, 48) Lefoko Gehena le tlhaga makgetlho a le 12 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme le kaya mokgatšha wa Hinoma, o o neng o le ka fa ntle ga dipota tsa Jerusalema. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, mokgatšha ono o ne o dirisiwa jaaka thotobolo ya matlakala, “kwa go neng go latlhelwa ditopo tsa dikebekwa, ditoto tsa diphologolo le matlakala a mefuta e mengwe yotlhe teng.” (Smith’s Dictionary of the Bible) Go ne go tsenngwa sulefera mo molelong gore o nne o ntse o tuka mme o fise matlakala ao. Jesu o ne a dirisa mokgatšha oo go tshwantshetsa sentle tshenyego ya bosakhutleng.

Fela jaaka Gehena, bodiba jwa molelo bo tshwantshetsa tshenyego ya bosakhutleng. Loso le Hadese di “latlhelwa mo” go jone ka kgopolo ya gore di tla fedisiwa fa batho ba gololwa mo boleong le mo katlholong ya loso. Baleofi ba ka boomo ba ba sa ikwatlhayeng le bone ba tla nna le “kabelo” mo bodibeng joo. (Tshenolo 21:8) Le bone ba tla nyelelediwa ruri. Kafa letlhakoreng le lengwe, batho ba Modimo a ba gakologelwang ba ba kwa diheleng—lebitla le le tlwaelegileng la batho—ba na le isagwe e e molemolemo.

Botlhe ba ba Kwa Diheleng ba Dule!

Tshenolo 20:13 ya re: “Lewatle la ntsha baswi ba ba mo go lone, le loso le Hadese tsa ntsha baswi ba ba mo go tsone.” Ee, botlhe ba ba mo diheleng tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng ba tla tswa. Fela jaaka Jesu a solofeditse, “nako e etla e mo go yone botlhe ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla utlwang lentswe la [ga Jesu] ka yone mme ba tla tswa.” (Johane 5:28, 29) Le fa gone jaanong dimilione tsa batho ba ba suleng ba Jehofa Modimo a ba gakologelwang ba sa tshele ka tsela epe fela, ba tla tsosiwa, kgotsa go tla dirwa gore ba tshele gape mo paradaiseng e e tsosolositsweng ya mo lefatsheng.—Luke 23:43; Ditiro 24:15.

Mo lefatsheng le lesha la Modimo, batho ba ba tsositsweng ba ba tshelang ka melao ya gagwe e e siameng ga ba ne ba tlhola ba swa gape. (Isaia 25:8) Jehofa “o tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo seyo, le fa e le khutsafalo le fa e le selelo le fa e le botlhoko di tla bo di sa tlhole di le gone.” E bile tota “dilo tsa pele di [tla bo di] fetile.” (Tshenolo 21:4) A bo batho ba ba kwa diheleng—kwa “mabitleng a kgakologelo”—ba tla diragalelwa ke dilo tse di molemo jang ne mo isagweng! Dilo tseno tse di molemo di tshwanetse go re tlhotlheletsa go nna le kitso e e oketsegileng ka Jehofa Modimo le Morwawe, Jesu Keresete.—Johane 17:3.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 10 Mo thanolong ya King James Version, lefoko la Segerika la Hades le ranolwa go twe “dihele” nako le nako mo makgetlhong a a lesome a le tlhagang ka one mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mo go Luke 16:19-31 go umakiwa tlhokofatso, mme bokao jwa pego eno yotlhe ke jwa tshwantshetso. Bona kgaolo 88 ya Monna yo Mogolo go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng ba Tshela, e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

^ ser. 11 Lefoko la Sehebera la Sheol le tlhaga makgetlho a le 65 mo Dikwalong Tsa Sehebera mme le ranolwa go twe “dihele,” “lebitla,” le “molete” mo thanolong ya King James Version.

[Setshwantsho mo go tsebe 5]

Jobe o ne a rapelela gore a ye kwa diheleng gore a sireletsege

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Gehena e e tukang molelo—e tshwantshetsa tshenyego ya bosakhutleng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

‘Ba ba mo mabitleng a kgakologelo ba tla tswa’