Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tumelabotlhodi?

A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tumelabotlhodi?

A Botshelo Jwa Gago bo Laolwa ke Tumelabotlhodi?

TUMELABOTLHODI e fitlhelwa gongwe le gongwe mo lefatsheng. Ka dinako tse dingwe e lejwa e le boswa. Kgotsa e ka nna ya lejwa e le selo se se sa reng sepe fela se se dirang gore botshelo bo nne monate. Kwa dinageng tsa Bophirima, tumelabotlhodi ga e lejwe e le selo se se masisi go le kalo. Mme kwa mafatsheng a mangwe—ka sekai, mo Afrika—tumelabotlhodi e ka ama matshelo a batho thata.

Bontsi jwa dingwao tsa mo Afrika di theilwe thata mo tumelabotlhoding. Ditshwantsho tsa dibaesekopo, mananeo a radio le dibuka tse di kwalwang mo Afrika, gantsi di bua thata ka tumelabotlhodi le dikgang dingwe tsa masaitseweng tse di jaaka maselamose, kobamelo ya bagologolwane le dipheko. Ke ka ntlha yang fa batho ba tlhotlhelediwa ke tumelabotlhodi thata jaana, mme tumelabotlhodi e bakiwa ke eng?

Ke Eng se se Bakang Tumelabotlhodi?

Bontsi jwa tumelabotlhodi bo bakwa ke go boifa mewa ya baswi kana mewa ya mefuta epe fela. Fa go diragala dilo dingwe, di lejwa e le go leka ga mewa eno go tshosa batshedi go ba tlhagisa kana go ba segofatsa.

Tumelabotlhodi gape e amanngwa thata le go fodisa le kalafi. Batho ba le bantsi mo dinageng tse di tlhabologang ba fitlhela melemo ya segompieno ya kalafi e ja madi a le mantsi mme gantsi ga ba kgone go e reka. Ka jalo, ba le bantsi ba batlana le kalafi kana ba leka go itshireletsa ka dingwao, tirisabadimo le tumelabotlhodi. E bile ba ikutlwa ba phuthologile fa ba dirisana le ngaka ya bola e e itseng dingwao tsa bone, le e e buang puo ya bone, go na le go ya kwa ngakeng ya sekgoa. Seno se dira gore tumelabotlhodi e se ka ya nyelela.

Batho ba ba dumelang mo tumelabotlhoding ba dumela gore malwetse le dikotsi ga di itiragalele fela, mme di bakwa ke maatla mangwe mo lefelong la semoya. Dingaka tsa bola di ka nna tsa bolela gore bagologolwane ba ba suleng ba kgopisitswe ke sengwe. Kana batho ba ba dirisanang le mewa ba ka nna ba bolela gore go na le mongwe yo o dirisitseng ngaka ya bola go kolopa motho yo o lwalang kana yo o tlhagetsweng ke kotsi.

Tumelabotlhodi e farologana go ya ka dinaga, mme tsela e e dirwang ka yone e ikaegile ka maemo a naga eo le ditlhamane tse batho ba yone ba di dumelang. Mme sengwe se di tshwanang ka sone ke go dumela gore go na le mongwe kgotsa sengwe mo lefelong la semoya le le sa bonaleng, se se tlhokang go timolwa bogale.

A e Kotsi?

Mo malapeng a le mantsi, go tsalwa ga mawelana ke tiragalo e e kgethegileng le e e itumedisang thata. Le fa go ntse jalo, motho yo o dumelang mo tumelabotlhoding o ka tsaya seno se supa sengwe. Mo dikgaolong dingwe tsa Afrika Bophirima, ba le bantsi ba go leba e le go tsalwa ga medimo mme ba obamela mawelana ano. Fa le le lengwe la mawelana ao le ka tlhokafala, kgotsa a tlhokafala a le mabedi, ba lelapa ba dira difikantswe tsa mawelana ano, mme ba tshwanetse go fa medingwana eno dijo. Kwa mafelong a mangwe, batho ba leba go tsalwa ga mawelana e le phutso mo e leng gore batsadi bangwe ba bolaya mongwe wa bone. Ka ntlha yang? Ba dumela gore fa mawelana a ka gola mmogo nako nngwe ba tla bolaya batsadi ba bone.

Dikao tse di tshwanang le tseno di bontsha gore le fa mefuta mengwe ya tumelabotlhodi e ka lebega e kgatlha, kana e se maswe e mengwe yone e ka nna kotsi—ya bo ya bolaya. Fa re leba dilo tseno tse di tshosang, re lemoga gore dilo tseno tse di lejwang di se kotsi di ka feleletsa di le kotsi.

Ee, boammaaruri ke gore tumelabotlhodi ke tumelo ya mofuta mongwe wa bodumedi. E re ka re lemogile gore tumelabotlhodi e kotsi, go matshwanedi go botsa jaana: Ke mang yo o laolwang ke ditumelo le ditlwaelo tsa tumelabotlhodi?

Motswedi wa Tumelabotlhodi

Le fa go na le bosupi jwa gore Satane kana mewa e e bosula e teng, batho bangwe gompieno ba ganela bosupi joo. Le fa go ntse jalo, ka nako ya ntwa, go ganela gore mmaba yo o kotsi o teng go ka felela ka masetlapelo a magolo. Go ka nna fela jalo le fa re lwa le dibopiwa tsa semoya tse di fetang batho ka nonofo ka gonne moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “re lwa, . . . le mephato ya meya e e boikepo.”—Baefeso 6:12.

Dibopiwa tse di boikepo tsa mewa di teng le fa gone re sa di bone. Fela jaaka motho a ka dira gore go lebege e kete mpopi o a bua, Baebele e tlhalosa gore motho mongwe yo o sa bonaleng wa semoya o ne a dirisa noga go buisana le mosadi wa ntlha e bong Efa, a ba a dira gore a tsuologele Modimo. (Genesise 3:1-5) Baebele e tlhalosa gore motho yono wa semoya ke “noga ya kwa tshimologong, e e bidiwang Diabolo le Satane, yo o tsietsang lefatshe lotlhe le le nang le banni.” (Tshenolo 12:9) Ene Satane yoo, o ne a atlega mo go raeleng baengele gore ba tsuologe. (Jude 6) Baengele bano ba ba boikepo ba ne ba fetoga badimona, baba ba Modimo.

Jesu o ne a leleka badimona mo bathong, mme le barutwa ba gagwe ba ne ba dira jalo. (Mareko 1:34; Ditiro 16:18) Mewa eno ga se bagologolwane ba rona ba ba suleng, gonne baswi “ga ba itse sepe gotlhelele.” (Moreri 9:5) Go na le moo, ke baengele ba batsuolodi ba ba neng ba tsiediwa ke Satane. Go ikgolaganya le bone kana go ineela mo tlhotlheletsong ya bone, go ka se ka ga tsewa motlhofo ka gonne jaaka moeteledipele wa bone e bong Satane Diabolo, ba batla go re kometsa. (1 Petere 5:8) Boikaelelo jwa bone ke go re faposa mo tsholofelong e le yosi fela ya batho—Bogosi Jwa Modimo.

Baebele e re senolela nngwe ya ditsela tse Satane le badimona ba gagwe ba di dirisang: “Satane ka boene o nna a iphetola moengele wa lesedi.” (2 Bakorintha 11:14) Satane o batla go re tsietsa gore re dumele gore a ka re naya botshelo jo bo botoka. Ka gone, go dirisa mewa e e boikepo go ka nna ga bonala go na le melemo mengwe ya nakwana. Mme tota ga e ka ke ya re tlisetsa melemo epe e e nnetseng ruri. (2 Petere 2:4) E ka se ka ya naya ope botshelo jo bo sa khutleng, ka gonne e tlile go nyelediwa mo bogautshwaneng. (Baroma 16:20) Mmopi wa rona ke ene fela a ka re nayang botshelo jo bo sa khutleng le boitumelo jwa mmatota le tshireletsego e e gaisang tsotlhe kgatlhanong le mewa e e boikepo.—Jakobe 4:7.

Modimo ga a rate gore re kope thuso mo badimong. (Duteronome 18:10-12; 2 Dikgosi 21:6) Tota go ikgolaganya le batho ba ba tsuologetseng Modimo ke go tshamekela mo diatleng tsa mmaba! Go dirisa dihorosekoupo, go kopa thuso mo ngakeng ya bola kgotsa go lekeletsa ditiro dipe fela tsa tumelabotlhodi go tla bo go raya go letla meya e e boikepo go laola ditshwetso tse re di dirang mo botshelong. Go tshwana fela le go kopanela le bone mo go tsuologeleng Modimo.

Go Sireletsega mo Meweng—A go A Kgonega?

Ade, * monna yo o nnang kwa Niger, o ne a ithuta Baebele le moreri wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa. Ade o ne a tlhalosa lebaka la go bo a ne a thaile lebenkele la gagwe ka go re: “Go na le baba ba le bantsi.” Motho yo o neng a ithuta Baebele le Ade o ne a mmontsha gore Jehofa ke ene fela a ka re nayang tshireletsego ya mmatota. O ne a balela Ade Pesalema 34:7 e e balegang jaana: “Moengele wa ga Jehofa o thibelela go dikologa ba ba mmoifang, mme o a ba namola.” Ade o ne a konela jaana: “Fa e le gore Jehofa o ka ntshireletsa, ke tla tlosa pheko eno.” Gone jaanong, morago ga dingwaga di le mmalwa, ke mogolwane e bile ke modiredi wa nako e e tletseng. Ga go mmaba ope yo o kileng a mo gobatsa.

Baebele e bontsha gore rotlhe re diragalelwa ke motlha le tiragalo e e sa bonelwang pele, e ka ne re dumela mo tumelabotlhoding kana re sa dumele mo go yone. (Moreri 9:11) Mme Jehofa ga a ke a re leka ka dilo tse di bosula. (Jakobe 1:13) Loso le bosaitekanelang di bakilwe ke boleo jo re bo ruileng mo go Adame. (Baroma 5:12) Ka ntlha ya seno, mongwe le mongwe o a lwala nako le nako, mme gape a ka dira diphoso tse di ka mo tlisetsang diphelelo tse di botlhoko. Ka gone, go tla bo go sa siama go dumela gore malwetse otlhe kana mathata otlhe a bakwa ke mewa e e boikepo. Tumelo e e ntseng jalo e tla re raela gore re leke go timola bogale jwa mewa eno ka tsela nngwe. * Fa re lwala, re tshwanetse go batla kalafi e e tshwanetseng e seng go kopa kgakololo mo ‘moaking le ramaaka,’ Satane Diabolo. (Johane 8:44) Dipalopalo di bontsha gore batho ba ba nnang kwa dinageng tse tumelabotlhodi e atileng thata kwa go tsone, ga ba tshele lobaka lo loleele kana ga ba tshele matshelo a a botoka fa ba bapisiwa le ba ba nnang kwa dinageng tse dingwe. Go phepafetse he gore tumelabotlhodi ga e neye ope botsogo jo bontle.

Modimo o maatla go feta mewa yotlhe e e boikepo e bile O batla gore re nne le botsogo jo bo siameng. “Matlho a ga Jehofa a mo basiaming, le ditsebe tsa gagwe di ntlheng ya mekokotlelo ya bone.” (1 Petere 3:12) Mo rapele gore a go sireletse a bo a go neye botlhale. (Diane 15:29; 18:10) Leka go tlhaloganya Lefoko la gagwe le le Boitshepo e leng Baebele. Ga go na tshireletsego e e fetang ya go nna le kitso e e tlhomameng ya Baebele. E re thusa go tlhaloganya gore ke ka ntlha yang fa dilo tse di bosula di diragala le gore re ka amogelwa jang ke Modimo Mothatayotlhe.

Melemo ya go Nna le Kitso ya Modimo

Go nna le kitso e e tlhomameng ka Jehofa le maikaelelo a gagwe—go na le go tlhoka kitso le go dumela mo botlhoding—ke selo sa konokono se se tla dirang gore re bone tshireletsego ya mmatota. Seno re se bona mo kgannyeng ya ga Jean, monna wa kwa Benin. Lelapa la gaabo Jean le ne le tseneletse thata mo tumelabotlhoding. Go ya ka dingwao tsa tumelabotlhodi, mosadi yo o sa tswang go belega ngwana wa mosimane, o tshwanetse go nna malatsi a le robongwe mo teng ga ntlo ya bojang e a e agetsweng. Fa a belege ngwana wa mosetsana o tla nna mo go yone malatsi a le supa.

Ka 1975 mosadi wa ga Jean o ne a belega ngwana yo montle wa mosimane, yo ba neng ba mmitsa Marc. Ka ntlha ya kitso ya bone ya Baebele, Jean le mosadi wa gagwe ba ne ba sa batle go utlwa sepe ka mewa e e boikepo. A ba ne ba tla ineela go fenngwa ke poifo le go gatelelwa gore ba latele tumelabotlhodi ya gore mmangwana a nne mo ntlong eo? Nnyaa, ba ne ba gana tumelabotlhodi eo.—Baroma 6:16; 2 Bakorintha 6:14, 15.

A lelapa la ga Jean le ne la gobadiwa ka tsela nngwe? Go setse go fetile dingwaga di le dintsi, mme gone jaanong Marc ke motlhanka wa bodiredi mo phuthegong ya Basupi ba ga Jehofa ya lefelo la gaabo. Lelapa lotlhe le itumeletse go bo ba sa letla tumelabotlhodi e tlhotlheletsa matshelo a bone le go senya bomoya jwa bone.—1 Bakorintha 10:21, 22.

Bakeresete ba tshwanetse go kgaogana le ditiro tsa tumelabotlhodi mme ba amogele lesedi la semoya le ba le newang ke Mmopi Jehofa le Morwawe e bong Jesu Keresete. Ka go dira jalo, ba tla ipelela kagiso ya boammaaruri ya mogopolo e ba nnang le yone ka ntlha ya go itse gore ba dira se se siameng mo matlhong a Modimo.—Johane 8:32.

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 20 Maina a fetotswe.

^ ser. 21 Bona setlhogo se se reng “A ke Diabolo Yo o Re Lwatsang?” mo makasineng wa Tora ya Tebelo ya September 1, 1999.

[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]

Mefuta ya Tumelabotlhodi e e Tlwaelegileng mo Lefatsheng Lotlhe

• Go tlhomela dithupana tse go jewang ka tsone mo raeseng e e mo mogopong ke sesupo sa gore mongwe o tlile go swa

• Go bona morubisi motshegare go tlisa bomadimabe

• Go tima ga kerese mo moletlong go supa gore meya e e bosula e gaufi

• Go diga sekhukhu mo tlung go raya gore go na le mongwe mo tlung yo o tlileng go bolawa

• Go baya hutse mo godimo ga bolao go tlisa bomadimabe

• Go lela ga tshipi go leleka badimona

• Go tima dikerese tsotlhe tse di mo godimo ga kuku ya letsatsi la botsalo gangwe fela go tlisetsa motho dilo tse a di eletsang

• Fa lefeelo le aegilwe ka bolao, meya e e bosula e e mo lefeelong leo e loa bolao joo

• O tlelwa ke bomadimabe fa katse e ntsho e kgabaganya fa pele ga gago

• Go wela ga foroko fa fatshe go raya gore lo tlile go etelwa ke monna mongwe

• Setshwantsho sa ditlou se tlisa masego fa se lebile kwa kgorong

• Tlhakwana ya pitse e e kgwageditsweng fa godimo ga kgoro e tlisa masego

• Setlhatshana sa Ivy se se golang se namalala mo tlung se sireletsa ntlo eo gore e se ka ya tlelwa ke bosula bope

• Go tsamaya kafa tlase ga llere go tlisa bomadimabe

• Fa motho a thuba seipone, go raya gore o tla tlelwa ke bomadimabe dingwaga di le supa

• Go tsholola pepere go raya gore o tla omana le tsala ya gago e kgolo

• Go tsholola letswai go tlisa bomadimabe ntle le fa o tlopora le lennye o bo o le tshela mo godimo ga legetla la molema

• Go tswa mo setulong se se tshikinyegang o bo o se tlogela se tshikinyega go laletsa madimona gore a nne mo go sone

• Go tlogela ditlhako di ribegilwe go tlisa bomadimabe

• Fa motho a swa, go tshwanetse ga bulwa difensetere gore moya wa gagwe o tswe

[Lebokoso mo go tsebe 6]

Go Gololesega mo Tlhotlheletsong ya Tumelabotlhodi

Basupi ba ga Jehofa ba ne ba rera mo lefelong lengwe mo Afrika Borwa. E ne ya re fa Basupi bano ba kokota mo kgorong nngwe, ga bula mosadi mongwe a apere diaparo tsa Bosankoma. Ba ne ba batla go tsamaya mme mosadi yono a gatelela gore ba bue se ba neng ba tlile ka sone. Mongwe wa Basupi o ne a bala Duteronome 18:10-12 go mmontsha kafa Modimo a lebang go dirisana le mewa ka gone. Ngaka eno ya bola e ne ya amogela molaetsa mme ya amogela thuto ya Baebele. O ne a re fa a ka tlhatswega pelo fa a ntse a ithuta Baebele gore go nna Lesankoma go kgatlhanong le thato ya ga Jehofa, o tla bo tlogela.

Fa a sena go ithuta kgaolo ya bo10 mo bukeng ya O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise mmogo le Baebele, o ne a fisa dilo tsotlhe tsa gagwe tsa boloi a bo a simolola go nna gone kwa dipokanong kwa Holong ya Bogosi. Mo godimo ga moo, o ne a baakanya lenyalo la gagwe, le fa a ne a kgaogane le monna wa gagwe dingwaga di le 17. Jaanong boobabedi ke Basupi ba ba ineetseng le ba ba kolobeditsweng ba ga Jehofa.

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

“Lesankoma” le gasa ditaola go bona gore mathata a molwetse a bakilwe ke eng

[Setshwantsho mo go tsebe 7]

Kitso e e tlhomameng ka Modimo e tlisa tshireletsego ya mmatota le boitumelo