Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Botshelo jo bo Laolwang ke Tumelabotlhodi

Botshelo jo bo Laolwang ke Tumelabotlhodi

Botshelo jo bo Laolwang ke Tumelabotlhodi

O KOPANA le mongwe fa o tswa mo gae. O kgopa lejwe ka monwana wa leoto. Go lela nonyane ya mofuta mongwe bosigo. O na le toro e o nnang o e lora gangwe le gape. Batho ba le bantsi ba leba dilo tseno e le dilo fela tse di sa reng sepe. Mme batho bangwe kwa Afrika Bophirima bone ba di leba e le ditshupo tsa sengwe, kana ditshupo tse di bolelelang pele isagwe kana melaetsa e e tswang kwa lefatsheng lengwe la semoya. Isagwe e tla nna e e molemo kana e e bosula go ikaegile ka gore sesupo seno se bolelela pele eng.

Gone ke boammaaruri gore tumelabotlhodi e teng le kwa dinageng tse di kwa ntle ga Afrika. Palo e e seng kana ka sepe ya batho ba kwa China, le kwa direpaboliking tsa Soviet Union wa maloba, ba santse ba ngaparetse tumelabotlhodi le fa ba feditse dingwaga di le dintsi ba tshela mo setšhabeng sa batho ba ba sa dumeleng gore Modimo o teng. Mo dinageng tsa Bophirima, ba le bantsi ba dirisa dihorosekoupo, ba boifa di 13 tsa Labotlhano e bile ga ba rate katse e ntsho. Batho bangwe ba ba nnang kwa Bokone jo bo kgakala, ba leba dipone tse di ka fa Bokone jaaka sesupo se se bolelelang pele ntwa le malwetse. Kwa India, bakgweetsi ba dilori ba anamisa AIDS ka ba dumela gore motho o tshwanetse go tlhakanela dikobo, gore a se ka a gotela fa go le mogote. Kwa Japane, batho ba ba berekang mo dikgogometsong ba dumela gore mosadi o tlisa bomadimabe fa a tsena mo kgogometsong e ise e fele. Gape tumelabotlhodi e teng le mo metshamekong ya porofeshenale. Motshameki mongwe wa volleyball o bolela gore setlhopha sa gagwe se ne se fentse ka gonne a ne a rwele dikausu tse dintsho go na le tse di tshweu. Go sa ntse go na le mefuta e mengwe gape e mentsi ya tumelabotlhodi.

Go tweng ka wena? A gongwe go na le sengwe se se sa itsegeng se o se boifang, se o sa kgoneng go se tlhalosa? A le wena o amiwa ke “tumelo nngwe kgotsa tlwaelo e e senang lebaka le le utlwalang”? Karabo ya gago e ka nna ya supa gore a botshelo jwa gago bo laolwa ke tumelabotlhodi, ka gonne eo ke tsela e buka nngwe e tlhalosang lefoko “tumelabotlhodi” ka yone.

Motho yo o letlang gore tumelabotlhodi e laole ditshwetso tsa gagwe le botshelo jwa gagwe jwa letsatsi le letsatsi, o itetla go laolwa ke sengwe se tota a sa se tlhaloganyeng. A go botlhale go dira jalo? A re tshwanetse go itetla go laolwa ke tlhotlheletso nngwe e re sa e tlhaloganyeng, gongwe e bile e sa ratege? A tumelabotlhodi ke go boifa sengwe se se seng kotsi kana se se kotsi?