Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

A Abele o ne a itse gore o tshwanetse go dira setlhabelo ka phologolo gore a amogelwe ke Modimo?

Pego ya Baebele e e buang ka ditshupelo tse Kaine le Abele ba neng ba di dira e khutshwane. Re bala jaana mo go Genesise 4:3-5: “Go ne ga diragala fa go sena go feta nako nngwe gore Kaine a tlise mangwe a maungo a mmu e le tshupelo e e yang kwa go Jehofa. Mme fa e le Abele, le ene a tlisa mangwe a maitibolo a letsomane la gagwe, le dinama tsa one tse di mafura. Jaanong fa Jehofa a ne a leba Abele le tshupelo ya gagwe ka kamogelo, ga a a ka a leba Kaine le tshupelo ya gagwe ka kamogelo epe.”

Ga go na gope mo Baebele e umakang gone gore pele ga tiragalo eno, Jehofa o ne a ba neile tshedimosetso nngwe ka ditlhabelo kgotsa gore ke ditlhabelo tsa mofuta ofe tse a di amogelang. Ka jalo, Kaine le Abele ba ne ba itirela tshwetso ya ditshupelo tse ba neng ba tla di dira. Ba ne ba sa letlwe go tsena mo legaeng la batsadi ba bone la ntlha la Paradaise; ba ne ba simolola go utlwa matswela a boleo; mme ba ne ba kgaogantswe le Modimo. Mo boemong joo jwa bone jo bo tlhomolang pelo jwa boleo, ba tshwanetse ba bo ba ile ba utlwa go tlhokega gore ba retologele mo Modimong go kopa thuso. Gongwe go naya Modimo mpho ke tsela e ba neng ba supa ka yone gore ba batla a ba amogele.

Jaaka go ne ga direga, Modimo o ne a amogela tshupelo ya ga Abele mme a se ka a amogela ya ga Kaine. Ka ntlha yang? A ke ka ntlha ya gore Abele o ne a isa dilo tse di siameng tshupelo mme Kaine ene a sa dira jalo? Ga re tlhomamisege gore a lebaka e ne e le mofuta wa tshupelo e ba neng ba e isa, e re ka go se ope wa bone yo o neng a boleletswe gore ke efe e e amogelwang mme ke efe e e sa amogelweng. Le fa go ntse jalo, go ka direga gore mofuta le fa e ka nna ofe wa tshupelo o ne o amogelwa. Mo Molaong o kgabagare Jehofa a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, ditlhabelo tse di amogelwang di ne di sa akaretse diphologolo fela kana dikarolo dingwe tsa diphologolo, mme gape di ne di akaretsa dijo tsa ditlhaka tse di gadikilweng, dingata tsa barele, bupi jo bo boleta, dilo tse di besitsweng le beine. (Lefitiko 6:19-23; 7:11-13; 23:10-13) Go phepafetse gore mofuta wa ditlhabelo o o neng o ntshiwa ke Kaine le Abele, ga se one o o neng o dira gore Modimo a amogele se sengwe mme a gane se sengwe.—Bapisa Isaia 1:11; Amose 5:22.

Makgolokgolo a dingwaga moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Ka tumelo Abele o ne a isetsa Modimo setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine, e leng tumelo e go neng ga neelwa bosupi kaga gagwe ka yone gore o ne a siame, Modimo a naya bosupi mabapi le dimpho tsa gagwe.” (Bahebera 11:4) Ka jalo, Modimo o ne a leba Abele a siame ka ntlha ya tumelo ya gagwe. O ne a dumela mo go eng? O ne a dumela mo tsholofetsong ya ga Jehofa ya go tlisa Losika lo lo neng lo tla ‘gobatsa tlhogo ya noga’ a bo a busetsa kagiso le boitekanelo tse batho ba kileng ba bo ba di ipelela. Gongwe polelo e e neng e bontsha gore Losika lo ne lo tla ‘gobadiwa serethe,’ e ne ya dira gore Abele a akanye gore go ne go tlhokega setlhabelo se se akaretsang go tsholola madi. (Genesise 3:15) Le fa go ntse jalo, ke boammaaruri gore tumelo ya ga Abele ke yone e e neng ya dira gore sa ga Abele e nne “setlhabelo sa botlhokwa jo bogolo go gaisa Kaine.”

Ka tsela e e tshwanang, Kaine o ne a ganwa, e seng ka ntlha ya go bo a ile a ntsha mofuta o o sa siamang wa setlhabelo mme e le ka ntlha ya go bo a ne a sena tumelo fela jaaka ditiro tsa gagwe di ne di bontsha. Jehofa o ne a boleletse Kaine ka tlhamalalo a re: “Fa o simolola go dira molemo, a ga o kitla o godisiwa?” (Genesise 4:7) Modimo o ne a se ka a gana Kaine ka ntlha ya go bo a ne a sa itumelele tshupelo ya gagwe. Go na le moo, Kaine o ne a ganwa ke Modimo “ka gonne ditiro tsa gagwe di ne di le boikepo”—a le lefufa, a le letlhoo, mme a feleletsa e le mmolai.—1 Johane 3:12.