Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi

Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi

Ikobele Bolaodi Jwa Modimo ka Boikanyegi

“Jehofa ke Moatlhodi wa rona, Jehofa ke Moneimolao wa rona, Jehofa ke Kgosi ya rona.”—ISAIA 33:22.

1. Ke dilo dife tse di neng di dira gore setšhaba sa Iseraele wa bogologolo se farologane le ditšhaba tse dingwe?

SETŠHABA sa Iseraele se nnile teng ka 1513 B.C.E. Ka nako eo, se ne se se na motsemoshate, se se na nagagae ya sone e bile se se na kgosi. Batho ba sone e ne e le makgoba a nako e e fetileng. Le fa go ntse jalo, setšhaba se sesha seo se ne se tlhomologile ka tsela e nngwe gape. Jehofa Modimo e ne e le Moatlhodi wa sone yo o sa bonaleng, Moneimolao le Kgosi. (Ekesodo 19:5, 6; Isaia 33:22) Ga go na setšhaba sepe se sengwe se se neng se tshwana le sone!

2. Go tsoga potso efe malebana le tsela e setšhaba sa Iseraele se neng se rulagantswe ka yone, mme ke eng fa karabo ya potso eno e le botlhokwa mo go rona?

2 E re ka Jehofa e le Modimo wa thulaganyo e bile e le Modimo wa kagiso, re ka lebelela gore setšhaba sepe fela se a se busang se bo se rulagane sentle. (1 Bakorintha 14:33) Go ne go ntse fela jalo ka setšhaba sa Iseraele. Mme ke jang setšhaba se se bonalang seo sa mo lefatsheng se ka kaelwang ke Modimo yo o sa bonaleng? Re tla bo re dira sentle go sekaseka tsela e Jehofa a neng a busa setšhaba seo sa bogologolo ka yone, re ela tlhoko ka fa go dirisana ga gagwe le Iseraele go neng go bontsha botlhokwa jwa go ikobela bolaodi jwa gagwe ka boikanyegi.

Tsela e Setšhaba sa Iseraele wa Bogologolo se Neng se Buswa ka Yone

3. Jehofa o ne a dira dithulaganyo dife tse di mosola tsa go kaela batho ba gagwe?

3 Le fa gone Jehofa e ne e le Kgosi e e sa bonaleng ya Iseraele, o ne a tlhoma banna ba ba ikanyegang gore e nne baemedi ba gagwe ba ba bonalang. Go ne go na le dikgosana, ditlhogo tsa malapa le banna ba bagolwane ba e neng e le bagakolodi le baatlhodi ba batho. (Ekesodo 18:25, 26; Duteronome 1:15) Le fa go ntse jalo, ga re a tshwanela go swetsa ka gore banna bao ba ba ikarabelang, ba ne ba ka kgona go atlhola dilo ka temogo le tlhaloganyo fa ba sa kaelwe ke Modimo. Ba ne ba sa itekanela, e bile ba ne ba sa kgone go bona se se mo dipelong tsa baobamedimmogo le bone. Le fa go ntse jalo, baatlhodi ba ba boifang Modimo ba ne ba ka kgona go naya baobamedimmogo le bone kgakololo e e mosola, ka gonne e ne e theilwe mo Molaong wa ga Jehofa.—Duteronome 19:15; Pesalema 119:97-100.

4. Baatlhodi ba ba ikanyegang ba Iseraele ba ne ba tshwanetse go nna kelotlhoko go tila mekgwa efe, mme ka ntlha yang?

4 Le fa go ntse jalo, go ne go tlhokega go le gontsi go nna moatlhodi go na le go itse Molao fela. E re ka banna bano ba bagolwane ba ne ba sa itekanela, ba ne ba tshwanetse go nna kelotlhoko gore ba se ka ba gatelela tsela ya bone—jaaka boithati, go tlhaola batho le bopelotshetlha—tse di neng di ka sokamisa katlholo ya bone. Moshe o ne a ba bolelela jaana: “Lo se ka lwa tlhaola fa lo atlhola. Lo utlwe yo monnye fela jaaka yo mogolo. Lo se ka lwa tshosiwa ke motho, gonne katlholo ke ya Modimo.” Ee, baatlhodi kwa Iseraele ba ne ba atlhola mo boemong jwa Modimo. A bo eo e ne e le tshiamelo e kgolo jang ne!—Duteronome 1:16, 17.

5. Mo godimo ga go tlhoma baatlhodi, ke dithulaganyo dife tse dingwe tse Jehofa a neng a di dira go tlhokomela batho ba gagwe?

5 Jehofa o ne a dira dithulaganyo tse dingwe tsa go tlhokomela batho ba gagwe ka dilo tse ba di tlhokang tsa semoya. Le e leng pele ba goroga kwa Nageng e e Solofeditsweng o ne a ba laela go aga motlaagana, boremelelo jwa kobamelo ya boammaaruri. Gape o ne a tlhoma baperesiti go ruta Molao, go dira ditlhabelo tsa diphologolo le go fisa maswalo mo mosong le mo maitseboeng. Modimo o ne a tlhoma mogoloe Moshe e bong Arone go nna moperesiti wa ntlha yo mogolo wa Iseraele, mme o ne a tlhoma le barwa ba ga Arone go thusa rraabone ka ditiro tsa gagwe.—Ekesodo 28:1; Dipalo 3:10; 2 Ditiragalo 13:10, 11.

6, 7. (a) Go ne go na le kamano efe fa gare ga baperesiti le Balefi ba e neng e se baperesiti? (b) Re ithutang mo kgannyeng ya gore Balefi ba ne ba dira ditiro tse di farologaneng? (Bakolosa 3:23)

6 Go tlhokomela batho ba le dimilione di le mmalwa ka dilo tsa semoya e ne e le namane e tona ya tiro, mme go ne go na le baperesiti ba le mmalwa fela. Ka jalo go ne ga dirwa dithulaganyo tsa gore ba thusiwe ke ba bangwe ba lotso lwa ga Lefi. Jehofa o ne raya Moshe a re: “O ise Balefi kwa go Arone le bomorwawe. Ke ba ba neilweng, ba a ba neilweng go tswa mo go bomorwa Iseraele.”—Dipalo 3:9, 39.

7 Balefi ba ne ba rulagantswe sentle. Ba ne ba kgaogantswe ka malapa a le mararo—Bagereshone le Bakohathe le Bamerari—lengwe le lengwe le na le tiro e le e abetsweng. (Dipalo 3:14-17, 23-37) Dikabelo dingwe di ne di ka lebega e kete di botlhokwa go feta tse dingwe mme tsotlhe di ne di le botlhokwa. Tiro e Balefi ba Bakohathe ba neng ba e dira e ne e dira gore ba bereke gaufi thata le letlole la kgolagano le dilo tse di mo teng ga motlaagana. Le fa go ntse jalo, Molefi mongwe le mongwe, e ka tswa e ne e le Mokohathe kgotsa e se ene, o ne a ipelela ditshiamelo tse di molemolemo. (Dipalo 1:51, 53) Ka maswabi, bangwe ba ne ba se ka ba anaanela ditshiamelo tsa bone. Go na le gore ba ikobele bolaodi jwa ga Jehofa ka boikanyegi, ba ne ba nna le moya wa go se kgotsofale mme ba simolola go ikgogomosa, go gagamalela maemo le go nna lefufa. Molefi mongwe yo o neng a bidiwa Kora e ne e le mongwe wa bone.

“A lo Tshwanetse go Leka go Tsaya le Boperesiti?”

8. (a) Kora e ne e le mang? (b) Ke eng se se ka tswang se ile sa dira gore Kora a simolole go leba baperesiti ka tsela e batho ba ba lebang ka yone?

8 Kora e ne e se tlhogo ya ba ntlo ya ga Lefi, le fa e le go nna tlhogo ya malapa a Bakohathe. (Dipalo 3:30, 32) Le fa go ntse jalo, e ne e le kgosana e e tlotlegang mo Iseraele. Ditiro tse Kora a neng a di dira di ka tswa di ile tsa dira gore a bereke gaufi thata le Arone le bomorwawe. (Dipalo 4:18, 19) E re ka Kora a ne a iponela bosaitekanelang jwa banna bano ka matlho, a ka tswa a ile a akanya jaana: ‘Baperesiti bano ga ba a itekanela le eseng, mme go lebeletswe gore ke ba ikobele! Maloba jaana Arone o ne a dira namane ya gauta. Mme go obamela namane eno go ne ga dira gore batho ba obamele modingwana. Gone jaanong Arone e bong morwarraagwe Moshe ke moperesiti yo mogolo! Ke tlhaolele selo seo! Mme go tweng ka barwa ba ga Arone e bong Nadabe le Abihu? Aitsane, ba ne ba nyatsa fela thata ditshiamelo tsa bone tsa go direla Jehofa mme a ba bolaya!’ * (Ekesodo 32:1-5; Lefitiko 10:1, 2) Go sa kgathalesege gore Kora o ne a akanya eng, go phepafetse gore o ne a simolola go leba boperesiti ka tsela e batho ba bo lebang ka yone. Seno se ne sa dira gore a tsuologele Moshe le Arone mme kgabagare a tsuologele Jehofa.—1 Samuele 15:23; Jakobe 1:14, 15.

9, 10. Kora le batsuolodi ka ene ba ne ba latofatsa Moshe ka eng, mme ke eng fa go ne go sa lebelelwa gore e nne bone ba dirang jalo?

9 E re ka Kora a ne a na le tlhotlheletso e kgolo, go ne go se thata gore a gapele batho ba ba akanyang jaaka ene ka fa letlhakoreng la gagwe. Ene mmogo le Dathane le Abirame ba ne ba nna le balatedi ba le 250—botlhe e le dikgosana tsa phuthego. Botlhe ba ne ba atamela Moshe le Arone mme ba re: “Batho ba phuthego yotlhe ba boitshepo e bile Jehofa o mo gare ga bone. Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go itsholeletsa kwa godimo ga phuthego ya ga Jehofa?”—Dipalo 16:1-3.

10 Go ne go sa lebelelwa gore batsuolodi bano e nne bone ba nnang kgatlhanong le bolaodi jwa ga Moshe. Morago fela jaana, Arone le Miriame ba ne ba dirile sone fela seo. Tota e bile, ba ne ba ntsha mabaka a a tshwanang le a ga Kora! Go ya ka Dipalo 12:1, 2, ba ne ba botsa jaana: “A Jehofa o buile ka Moshe a le nosi fela? A ga a bua le ka rona?” Jehofa o ne a reeditse. O ne a laela Moshe, Arone le Miriame gore ba tle fa kgorong ya mogope wa bokopanelo gore a tle a ba bontshe gore O ne a tlhophile mang gore e nne moeteledipele. Morago ga moo, Jehofa o ne a bua fela ka tlhamalalo a re: “Fa go ne go ka nna le moporofeti wa ga Jehofa mo go lona, ke ne ke tla mo ikitsise mo ponatshegelong. Ke ne ke tla bua le ene mo torong. Ga go a nna jalo ka motlhanka wa me Moshe! O neetswe go tlhokomela ntlo ya me yotlhe.” Morago ga moo, Jehofa o ne a itaya Miriame ka lepero la nakwana.—Dipalo 12:4-7, 10.

11. Moshe o ne a dirisana jang le boemo jo bo amanang le Kora?

11 Kora le balatedi ba gagwe ba tshwanetse ba bo ba ne ba itse tiragalo eno sentle. Botsuolodi jwa bone bo ne bo se na seipato. Le fa go ntse jalo, Moshe o ne a leka go buisana le bone ka bopelotelele. O ne a ba kgothaletsa gore ba anaanele ditshiamelo tse ba neng ba na le tsone, a re: “A ke selo se sennye mo go lona go bo Modimo wa Iseraele a lo lomolotse mo phuthegong ya Iseraele gore a lo ise kwa go ene?” Nnyaa, e ne e se “selo se sennye”! Balefi ba ne ba setse ba na le dilo tse dintsi. Ke eng fa ba ne ba tshwanetse go eletsa dilo tse dintsi? Mafoko a mangwe gape a Moshe a neng a a bua a ne a senola se se mo dipelong tsa bone: “A lo tshwanetse go leka go tsaya le boperesiti?” * (Dipalo 12:3; 16:9, 10) Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a tsibogela jang botsuolodi jono jo bo neng bo dirwa kgatlhanong le bolaodi jwa gagwe?

Moatlhodi wa Iseraele o a Tsereganya

12. Kamano e e molemo fa gare ga Baiseraele le Modimo e ne e ikaegile ka eng?

12 Fa Jehofa a ne a naya Baiseraele Molao, o ne a bolelela setšhaba gore fa ba ne ba ka nna kutlo, ba ne ba tla nna “setšhaba se se boitshepo” le gore setšhaba se ne se tla nna se ntse se le boitshepo fa fela se amogela thulaganyo ya ga Jehofa. (Ekesodo 19:5, 6) Jaanong e re ka botsuolodi bo ne bo dirwa fela ka tlhamalalo, e ne e le nako ya gore Moatlhodi wa Iseraele le Moneimolao a tsereganye! Moshe o ne a raya Kora a re: “Wena le phuthego yotlhe ya gago, lo tle fa pele ga ga Jehofa, wena le bone le Arone, ka moso. Mme mongwe le mongwe a tseye setsholamolelo sa gagwe, mme lo tsenye maswalo mo go tsone mme mongwe le mongwe a ise setsholamolelo sa gagwe fa pele ga ga Jehofa, ditsholamolelo di le makgolo a mabedi le masome a matlhano, mme wena le Arone mongwe le mongwe setsholamolelo sa gagwe.”—Dipalo 16:16, 17.

13. (a) Ke ka ntlha yang fa e ne e le boikgodiso gore batsuolodi bano ba ise maswalo fa pele ga ga Jehofa? (b) Ke eng se Jehofa a neng a se dira ka batsuolodi bano?

13 Go ya ka Molao wa Modimo, baperesiti ke bone fela ba ba neng ba tshwanetse go isa maswalo. Batsuolodi bao ba ne ba tshwanetse go gopola gore Balefi ba e neng e se baperesiti ba ne ba ka se ka ba isa maswalo fa pele ga ga Jehofa. (Ekesodo 30:7; Dipalo 4:16) Mme Kora le balatedi ba gagwe ba ne ba tlhokomologa seo! Mo letsatsing le le latelang o ne a “[phuthela] phuthego yotlhe kgatlhanong le [Moshe le Arone] kwa kgorong ya mogope wa bokopanelo.” Pego e re bolelela jaana: “Jehofa a bua le Moshe le Arone a re: ‘Itomololeng lo tswe mo gare ga phuthego eno, gore ke tle ke ba nyeletse ka ponyo ya leitlho.’” Mme Moshe le Arone ba ne ba rapelela gore matshelo a batho bano a rekegelwe. Jehofa o ne a utlwa dithapelo tsa bone. Mme fa e le Kora le lekoko la gagwe, “molelo wa tswa kwa go Jehofa wa laila banna ba ba makgolo a mabedi le masome a matlhano ba ba isang maswalo.”—Dipalo 16:19-22, 35. *

14. Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tsaya kgato e e gagametseng kgatlhanong le phuthego ya Baiseraele?

14 Se se gakgamatsang le go feta ke gore Baiseraele ba ba neng ba bone se Jehofa a neng a se dira ka batsuolodi bano ba ne ba ise ba ithute sepe go tswa mo tiragalong eno. “Mo letsatsing le le latelang phuthego yotlhe ya bomorwa Iseraele ya simolola go ngongorega kgatlhanong le Moshe le Arone, e re: ‘Lo bolaile batho ba ga Jehofa.’” Baiseraele ba ne ba eme ka fa letlhakoreng la balatedi ba ga Kora! Kgabagare bopelotelele jwa ga Jehofa bo ne jwa fela. Go ne go se na ope—lefa e le Moshe kgotsa Arone—yo jaanong a neng a ka rapelela batho. Jehofa o ne a tlisetsa batho ba ba se nang kutlo petso, “mme ba ba bolailweng ke petso ba fitlha go dikete di le lesome le bonè le makgolo a le supa, kwantle ga ba ba suleng ka ntlha ya ga Kora.”—Dipalo 16:41-49.

15. (a) Go na le mabaka afe a go bo Baiseraele ba ne ba tshwanetse go amogela boeteledipele jwa ga Moshe le Arone kwantle ga go okaoka? (b) Pego eno e go rutile eng ka Jehofa?

15 Go ne go sa tlhokege gotlhelele gore batho bao botlhe ba latlhegelwe ke matshelo a bone. Ba tshwanetse go bo ba ile ba akanya ka kgang eno. Ba ka bo ba ile ba ipotsa dipotso tse di jaaka: ‘Ke bomang ba ba ileng ba tsenya matshelo a bone mo kotsing ka go ya go bonala fa pele ga ga Faro? Ke mang yo o neng a lwela gore Baiseraele ba gololwe? Fa Baiseraele ba sena go gololwa, ke mang yo o neng a kopiwa gore a tlhatloge Thaba ya Horeba a le esi gore a ye go bua le moengele wa Modimo ba lebane difatlhego?’ Ga go pelaelo gore rekoto e e molemo ya ga Moshe le Arone e ne ya supa gore ba ne ba ikanyega mo go Jehofa le gore ba ne ba rata batho. (Ekesodo 10:28; 19:24; 24:12-15) Jehofa o ne a sa itumelele go bolaya batsuolodi bano. Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa a bona gore batho ba ne ba tlile go tswelela ka botsuolodi jwa bone a tsaya kgato ya makgaolakgang. (Esekiele 33:11) Seno sotlhe se botlhokwa thata mo go rona rotlhe gompieno. Ka ntlha yang?

Batho ba Modimo a ba Dirisang Gompieno

16. (a) Ke bosupi bofe jo bo neng bo tshwanetse jwa tlhatswa Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga pelo gore Jesu e ne e le moemedi wa ga Jehofa? (b) Jehofa o ne a dira gore boperesiti jwa Balefi bo tseelwe sebaka ke bofe, mme ka ntlha yang?

16 Go na le “setšhaba” se sesha gompieno se Jehofa e leng Moatlhodi wa sone yo o sa bonaleng, Moneimolao le Kgosi ya sone. (Mathaio 21:43) “Setšhaba” seo se nnile gone mo lekgolong la ntlha la dingwaga C.E. Mo nakong eo, motlaagana wa mo motlheng wa ga Moshe o ne o tseetswe sebaka ke tempele e ntle kwa Jerusalema, e Balefi ba neng ba sa ntse ba direla mo go yone. (Luke 1:5, 8, 9) Le fa go ntse jalo, ka ngwaga wa 29 C.E., go ne ga nna le tempele e nngwe ya semoya e Jesu Keresete e leng Moperesiti mo go yone. (Bahebera 9:9, 11) Kgang ya bolaodi jwa Modimo e ne ya tsoga gape. Jehofa o ne a tlile go dirisa mang go etelela “setšhaba” se sesha seno pele? Jesu o ne a itshupa a ikanyega mo Modimong ka botlalo. O ne a rata batho. Gape o ne a dira dikgakgamatso di le dintsi. Le fa go ntse jalo, bontsi jwa Balefi ba ne ba gana go amogela Jesu fela jaaka bagologolwane ba bone ba ba thamoethata ba ne ba dira. (Mathaio 26:63-68; Ditiro 4:5, 6, 18; 5:17) Kgabagare Jehofa o ne a dira gore boperesiti jwa Balefi bo tseelwe sebaka ke jo bongwe jo bo farologanang thata le jone—boperesiti jwa segosi. Boperesiti joo jwa segosi bo teng le gompieno.

17. (a) Ke setlhopha sefe se se bopang boperesiti jwa segosi gompieno? (b) Jehofa o dirisa boperesiti jwa segosi jang?

17 Ke bomang ba ba bopang boperesiti jono jwa segosi gompieno? Moaposetoloi Petere o araba potso eo mo lekwalong la gagwe la ntlha le le tlhotlheleditsweng. Petere o ne a kwalela maloko a a tloditsweng a mmele wa ga Keresete jaana: “Mme lona lo ‘lotso lo lo tlhophilweng, boperesiti jwa segosi, setšhaba se se boitshepo, setlhopha sa batho ba ba ruilweng ka tsela e e kgethegileng, gore lo bolele dinonofo tse di molemolemo gongwe le gongwe’ tsa yo o neng a lo bitsa mo lefifing a lo isa mo leseding la gagwe le le gakgamatsang.” (1 Petere 2:9) Mafoko ano a bontsha ka phepafalo gore jaaka setlhopha, balatedi ba ba tloditsweng ba ga Jesu ba bopa “boperesiti jwa segosi,” jo gape Petere a neng a bo bitsa “setšhaba se se boitshepo.” Ke bone ba Jehofa a ba dirisang go ruta batho ba gagwe le go ba kaela semoyeng.—Mathaio 24:45-47.

18. Bagolwane ba ba tlhomilweng ba amana jang le boperesiti jwa segosi?

18 Bagolwane ba ba tlhomilweng ba ba nang le maikarabelo mo diphuthegong tsa ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba emela boperesiti jwa segosi. Re tshwanetse go tlotla banna bano le go ba tshegetsa ka pelo yotlhe le fa ba tloditswe kgotsa e se batlodiwa. Ka ntlha yang? Ka gonne Jehofa o tlhomile banna ba bagolwane bano ka moya wa gagwe o o boitshepo. (Bahebera 13:7, 17) O dirile seno jang?

19. Bagolwane ba tlhomilwe jang ka moya o o boitshepo?

19 Banna bano ba bagolwane ba fitlhelela dipatlafalo tse di fitlhelwang mo Lefokong la Modimo le le tlhotlheleditsweng ka moya wa Modimo. (1 Timotheo 3:1-7; Tito 1:5-9) Ka gone, re ka bolela gore ba tlhomilwe ka moya o o boitshepo. (Ditiro 20:28) Banna bano ba bagolwane ba tshwanetse go itse Lefoko la Modimo sentle. Jaaka Moatlhodi yo Mogolo yo a ba tlhomileng, bagolwane ba tshwanetse gore gape ba ile sepe fela se se amanang le go nna le tlhaolele fa ba atlhola.—Duteronome 10:17, 18.

20. Ke eng se o se ratang ka bagolwane ba ba dirang ka natla?

20 Ruri re anaanela bagolwane ba rona ba ba dirang ka natla go na le go nna kgatlhanong le bolaodi jwa bone! Gantsi rekoto e ba nang le yone ya go ikanyega ka dingwaga di le dintsi, e dira gore re ba ikanye. Ba baakanyetsa dipokano tsa phuthego ka boikanyegi le go di tshwara, e bile ba bereka le rona mo go rereng “dikgang tse di molemo tsa Bogosi,” ba bo ba re naya kgakololo e e tswang mo Dikwalong fa re e tlhoka. (Mathaio 24:14; Bahebera 10:23, 25; 1 Petere 5:2) Fa re lwala ba a re etela mme fa re hutsafetse ba a re gomotsa. Ba tshegetsa dilo tse di direlwang Bogosi ka boikanyegi le ka go tlhoka bopelotshetlha. Jehofa o a ba amogela; moya wa gagwe o mo go bone.—Bagalatia 5:22, 23.

21. Bagolwane ba tshwanetse go nna kelotlhoko go dira eng, mme ka ntlha yang?

21 Gone ke boammaaruri gore banna ba bagolwane ga ba a itekanela. E re ka ba itse gore ba na le makoa, ga ba leke go rena mo letsomaneng, e leng “boswa jwa Modimo.” Go na le moo ba itsaya e le ‘badirimmogo gore bakaulengwe ba bone ba ipele.’ (1 Petere 5:3; 2 Bakorintha 1:24) Bagolwane ba ba boikokobetso ba ba dirang ka natla ba rata Jehofa, e bile ba a itse gore fa ba mo etsa, ba tla solegela phuthego molemo thata. Ba akantse ka seno, ka metlha ba leka go tlhagolela dinonofo tsa bomodimo e leng lorato, kutlwelobotlhoko le bopelotelele.

22. Go boeletsa pego ya ga Kora go nonotshitse tumelo ya gago jang mo phuthegong e e bonalang ya ga Jehofa?

22 A bo re itumela jang ne go bo re na le Jehofa jaaka Mmusi wa rona yo o sa bonaleng, Jesu Keresete jaaka Moperesiti wa rona yo Mogolo, maloko a a tloditsweng a boperesiti jwa segosi jaaka barutisi ba rona le banna ba bagolwane ba ba ikanyegang ba Bakeresete jaaka bagakolodi ba rona! Le fa go sena phuthego epe e e itekanetseng e e eteletsweng pele ke batho, re itumelela go bo re kgona go direla Modimo re na le badumedimmogo le rona ba ba ikobelang bolaodi jwa Modimo ka boitumelo!

[Dintlha tse di kwa tlase]

^ ser. 8 Barwa ba bangwe ba babedi ba ga Arone, Eliasare le Ithamare, ba ne ba tlhoma sekao se se molemo sa go direla Jehofa.—Lefitiko 10:6.

^ ser. 11 Balatedi ba ga Kora e bong Dathane le Abirame e ne e le Barubene. Ka jalo, go lebega ba ne ba sa tswele boperesiti pelo. Se ba neng ba sa se rate e ne e le go etelelwa pele ke Moshe, le gore ba ne ba ise ba fitlhe kwa Nageng e e Solofeditsweng.—Dipalo 16:12-14.

^ ser. 13 Mo metlheng ya ditlhogo tsa lotso, tlhogo nngwe le nngwe ya lelapa e ne e emela mosadi wa gagwe le bana ba gagwe fa pele ga Modimo, tota le go isa ditlhabelo mo boemong jwa bone. (Genesise 8:20; 46:1; Jobe 1:5) Le fa go ntse jalo, e ne ya re fa Jehofa a tlhoma Molao, a tlhoma banna go tswa mo lelapeng la ga Arone gore e nne baperesiti ba ba neng ba tshwanetse go isa ditlhabelo. Go lebega batsuolodi bano ba le 250 ba ne ba sa ikaelela go dirisana le phetogo eno.

O Ithutile Eng?

• Jehofa o ne a dira dithulaganyo dife tse di molemo tsa go tlhokomela Baiseraele?

• Ke ka ntlha yang fa botsuolodi jwa ga Kora kgatlhanong le Moshe le Arone bo ne bo se na seipato?

• Re ithutang malebana le ka fa Jehofa a neng a dirisana le batsuolodi ka gone?

• Re ka bontsha jang gore re anaanela dithulaganyo tsa ga Jehofa gompieno?

[Dipotso Tsa Thuto]

[Setshwantsho mo go tsebe 9]

A o leba kabelo nngwe le nngwe ya go direla Jehofa e le tshiamelo?

[Setshwantsho mo go tsebe 10]

“Ke ka ntlha yang fa lo tshwanetse go itsholeletsa kwa godimo ga phuthego ya ga Jehofa?”

[Setshwantsho mo go tsebe 13]

Bagolwane ba ba tlhomilweng ba emela boperesiti jwa segosi