Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Lefoko la Modimo le Naya Maatla”

Lefoko la Modimo le Naya Maatla”

Pego ya Baboledi ba Bogosi

Lefoko la Modimo le Naya Maatla”

KWA setlhaketlhakeng se se mogote sa Caribbean kwa Jamaica, batho ba le bantsi ba tlwaelane le Baebele. Mo e ka nnang legae lengwe le lengwe le na le Baebele ya King James Version, mme bangwe ba ile ba lemoga gore “Lefoko la Modimo le a tshela e bile le naya maatla.” (Bahebera 4:12) Maatla ao a ka fetola matshelo a batho jaaka re bona mo maitemogelong a a latelang.

Monna mongwe yo o bidiwang Cleveland, o ne a sa tswa go goroga mo gae a tswa tirong fa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa a mo etela. Fa Mosupi yono a sena go tlotla le ene ka dintlha dingwe tsa Dikwalo, o ne a mo tlogelela sedirisiwa sa go ithuta Baebele sa Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng. Cleveland o ne a sa lemoge go le kalo gore Lefoko la Modimo le ne le tla nna le maatla mo botshelong jwa gagwe.

Cleveland o ne a tlwaetse go rapela gararo ka letsatsi a kopa Modimo gore a mo thuse go bona tsela e e siameng ya go Mo obamela. Cleveland o ne a tlhomamisegile gore batsadi ba ne ba sa obamele Modimo ka tsela e e tshwanetseng, mme fa a sena go tlhatlhoba madumedi a mangwe, o ne a kgobega marapo. Le fa a ne a kile a utlwa ka Basupi ba ga Jehofa, o ne a ipotsa gore a gone ba ruta boammaaruri. Le fa Cleveland a ne a na le dipelaelo, o ne a dumela go ithuta Baebele le Mosupi yo o neng a mo etetse. Ka ntlha yang? O ne a batla go leka go bontsha gore Basupi ba bua maaka!

Go ise go ye kae, Cleveland o ne a lemoga gore boitsholo jo bo maswe jo a neng a bo dira le basadi ba babedi bo ne bo sa itumedise Modimo. (1 Bakorintha 6:9, 10) Fa a sena go ithuta lekgetlo la bobedi, o ne a nna pelokgale go kgaogana le basadi bao. Gape o ne a simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Bokeresete kwa Holong ya Bogosi. Mme seno se ne sa mo tlisetsa teko e nngwe gape.

Cleveland o ne a tshwaregile thata mo setlhopheng sa kgwele ya dinao sa lefelo la gaabo, mme metshameko ya sone e ne e mo kgoreletsa go ya dipokanong. O ne a tla dirang? Le fa a ne a gatelelwa thata ke batshameki mmogo le ene, mokatisi le ditsala tsa gagwe, Cleveland o ne a swetsa ka gore a tswe mo setlhopheng seo sa kgwele ya dinao. Ee, Lefoko la Modimo le ne le simolola go nna le maatla mo go ene, le mo tlhotlheletsa go dira se se siameng!

Maatla a Lefoko la Modimo a ne a bonala gape fa Cleveland a ne a simolola go bolelela ba bangwe dilo tse a di ithutileng mo Baebeleng. (Ditiro 1:8) Ka ntlha ya moo, ba le babedi ba batshameki mmogo le ene ba ne ba simolola go nna teng kwa dipokanong tsa Basupi ba ga Jehofa. Fa Cleveland a sena go nna mmoledi wa dikgang tse di molemo, o ne a itumelela bodiredi thata a dirisa Lefoko la Modimo go thusa ba bangwe.

E re ka Cleveland a ne a ntse a tlhotlhelediwa ke maatla a Lefoko la Modimo, kgabagare o ne a tshwantshetsa boineelo jwa gagwe mo go Jehofa ka go kolobediwa mo metsing, mme o na le tshiamelo ya go nna modiredi wa nako e e tletseng le go nna motlhanka wa bodiredi mo phuthegong.

Kwa Jamaica le mo lefatsheng lotlhe, diketekete tsa batho di ithutile gore eleruri Lefoko la Modimo “le a tshela e bile le naya maatla.”

[Mmapa/Setshwantsho mo go tsebe 8]

(Go bona mokwalo o o feletseng, leba kgatiso)

JAMAICA

[Motswedi wa Setshwantsho]

Map and globe: Mountain High Maps® Copyright © 1997 Digital Wisdom, Inc.