Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se re Se Ithutang mo Nonyaneng e e Bidiwang Mogolori

Se re Se Ithutang mo Nonyaneng e e Bidiwang Mogolori

Se re Se Ithutang mo Nonyaneng e e Bidiwang Mogolori

“LE ELENG mogolori kwa magodimong—o itse sentle metlha ya one e e tlhomilweng . . . Mme fa e le batho ba me bone, ga ba itse katlholo ya ga Jehofa.” (Jeremia 8:7) Moporofeti Jeremia o ne a bua mafoko ano fa a ne a bolela katlholo ya ga Jehofa kgatlhanong le batho ba Juda ba ba neng ba tsuologile, ba tlogetse Jehofa Modimo wa bone go obamela medingwana ya dinaga di sele. (Jeremia 7:18, 31) Ke ka ntlha yang fa Jeremia a ne a tlhopha go dirisa mogolori, go ruta Bajuda bao ba ba sa ikanyegeng?

Baiseraele ba ne ba tlwaetse go bona mogolori, segolobogolo o mosweu, fa o ntse o fudugela mo dinageng tse di farologaneng tse go buiwang ka tsone mo Baebeleng. Leina la Sehebera la nonyane e kgolo eno, e e maoto maleele e e ratang go gobua mo metsing, ke leina la sesadi le le rayang “yo o ikanyegang; yo o nang le bopelonomi jwa lorato.” Leina leno le a e tshwanela ka gonne go farologana le dinonyane tse dingwe tse dintsi, nonyane e tshweu ya mogolori, e tona le e namagadi di fetsa botshelo jotlhe jwa tsone di le mmogo. Fa bontsi jwa dinonyane tsa mogolori di se na go fetisa mariga di le mo mafelong a a bothitho, ngwaga le ngwaga di boela kwa sentlhageng se di neng di se dirisa pele.

Tsela eno ya tlhago e dinonyane tsa mogolori di itshwarang ka yone, e bontsha nngwe ya ditsela tse di gakgamatsang e di ikanyegang ka yone. Nonyane eno e tona le e e namagadi di thusana go elama mae le go fepa mamphorwana a tsone. Buka ya setlhogo se se reng Our Magnificent Wildlife e tlhalosa jaana: “Dinonyane tseno tsa mogolori ke batsadi ba ba ikanyegang e le tota. Nonyane e tona ya mogolori kwa Jeremane e ne ya kotama mo godimo ga megala ya motlakase mme ya swa. Molekane wa yone o ne a tswelela go elama mae a le nosi ka malatsi a le 3, mme mo nakong eno o ne a tswa mo sentlhageng gangwe fela ka nako e khutshwanyane go ya go batla dijo. . . . Nako nngwe e ne ya re fa nonyane e e namagadi ya mogolori e se na go bolawa ka go thuntshiwa, e tona ya godisa mamphorwana.”

E le ruri, go ikanyega ga nonyane ya mogolori ka tsela eno ya tlhago mo molekaneng wa yone wa botshelo jotlhe le go tlhokomela mamphorwana ga yone, go bontsha gore e tshela tumalanong le bokao jwa leina la yone—“yo o ikanyegang.” Ka jalo, dinonyane tsa mogolori e ne e le thuto e e maatla mo Baiseraeleng ba ba sa ikanyegeng ba batsuolodi.

Batho ba le bantsi gompieno ba tsaya gore go ikanyega ke selo se se siilweng ke nako—ba a go rata mme ga ba go dire. Go oketsega ga tlhalo, go latlhana, bogodu, le mefuta e mengwe ya tsietso di bontsha gore go ikanyega ga go sa tlhole go tsewa tsia. Go farologana le moo, Baebele e bontsha gore go ikanyega go go tlhotlhelediwang ke lorato le bopelonomi go botlhokwa thata. E kgothaletsa Bakeresete gore ba “apare botho jo bosha jo bo neng jwa bopiwa go ya ka go rata ga Modimo mo tshiamong ya boammaaruri le boikanyegi.” (Baefeso 4:24) Ee, botho jo bosha bo re thusa gore re ikanyege, mme gape re ka ithuta go ikanyega jaaka nonyane ya mogolori.