Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o A Gakologelwa?

A o ile wa itumelela go bala dimakasine tsa bosheng tsa Tora ya Tebelo? Fa go ntse jalo, bona gore a o ka kgona go araba dipotso tse di latelang:

Kutlwelobotlhoko ke eng, mme ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba tshwanetse go e tlhagolela?

Ke bokgoni jwa go ipaya mo boemong jwa motho yo mongwe, jaaka go utlwa botlhoko jwa gagwe mo pelong ya rona. Bakeresete ba gakololwa gore ba nne le ‘mogopolo o o tshwanang, lorato lwa bokaulengwe mme ba utlwele ba bangwe botlhoko.’ (1 Petere 3:8) Jehofa o re tlhometse sekao se re ka se latelang fa re bontsha kutlwelobotlhoko. (Pesalema 103:14; Sekarea 2:8) Fa re reetsa ka kelotlhoko thata, re ela dilo tlhoko e bile re ipaya mo boemong jwa ba bangwe, kutlwelobotlhoko ya rona e tla gola.—4/15, tsebe 24-6.

Gore batho ba nne le boitumelo jwa boammaaruri, ke ka ntlha yang fa phodiso ya semoya e tshwanetse go tla pele ga tharabololo ya bofelo ya bogole jwa mmele?

Batho ba le bantsi ba ba tsogileng sentle mo mmeleng ga ba a itumela, ba gateletswe ke mathata. Ka fa letlhakoreng le lengwe, Bakeresete ba le bantsi ba gompieno ba golafetseng mo mmeleng ba ntse ba direla Jehofa ka boitumelo. Bao ba solegelwang molemo ke phodiso ya semoya ba tla nna le sebaka sa go bona bogole jwa mmele bo fedisiwa mo lefatsheng le lesha.—5/1, tsebe 6-7.

• Ke ka ntlha yang fa Bahebera 12:16 e tshwantsha Esau le mogokafadi?

Pego ya Baebele e bontsha gore Esau o ne a na le boikutlo jwa go batla go kgotsofala ka bonako le go tlhokomologa dilo tse di boitshepo. Gompieno fa mongwe a itlogelela gore a nne le boikutlo joo, go ka felela ka boleo jo bo masisi, jo bo jaaka kgokafalo.—5/1, tsebe 10-11.

• Tertullian e ne e le mang, mme o itsege ka eng?

E ne e le mokwadi le moithutabodumedi yo o tshetseng mo lekgolong la bobedi le la boraro la dingwaga C.E. O itsege ka go kwala dibuka di le dintsinyana go femela se go neng go twe ke Bokeresete. Fa a ntse a bo femela, o ne a dirisa dikgopolo tsa filosofi tse di neng tsa simolola dithuto tse di sokamisang boammaaruri, tse di jaaka Tharonngwe.—5/15, tsebe 29-31.

• Ke ka ntlha yang fa dijini tsa rona e se tsone fela di bakang go lwala le go swa ga batho, e bile e se tsone fela tse di laolang boitshwaro jwa bone?

Baitsesaense ba sweditse ka gore go bonala dijini e le tsone tse di bakang malwetse a a farologaneng a batho, mme bangwe ba dumela gore boitshwaro jwa rona bo laolwa ke dijini tsa rona. Le fa go ntse jalo, Baebele e re naya lesedi malebana le tshimologo ya motho, le gore go tlile jang gore batho ba boge ka ntlha ya boleo le go sa itekanele. Le fa dijini di ka tswa di na le seabe mo go direng gore re nne le botho jo re nang le jone, go sa itekanelang ga rona le tikologo ya rona le tsone di na le seabe se segolo.—6/1, tsebe 9-11.

• Kapetla ya papirase e e ileng ya fitlhelwa kwa Oxyrhynchus, Egepeto, e naya lesedi jang malebana le go dirisiwa ga leina la Modimo?

Kapetla eno e e nopolang Jobe 42:11, 12 mo thanolong ya Segerika ya Septuagint e na le Thaterakeramatone (ditlhaka di le nnè tsa Sehebera tsa leina la Modimo). Jono ke bosupi jo bongwe jo bo bontshang gore leina la Modimo ka Sehebera le ne le tlhaga mo thanolong ya Septuagint, e gantsi e neng e nopolwa ke bakwadi ba Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika.—6/1, tsebe 30.

• Metshameko e e tletseng thubakanyo le e e kotsi ya batlhabani ba ba tlhabanelang mo bobogelong e e neng e dirwa kwa Mmusomogolong wa Roma e ile ya tshwantshiwa le metshameko efe e e bogelwang ya motlha wa gompieno?

Dipontsho tse di neng tsa tshwarwa bosheng jaana kwa Bobogelong jwa Roma, Italy, di ne tsa bontsha metshameko ya gompieno e e tshwanang le ya bogologolo ka go bontsha dibidio tse mo go tsone go neng go lwa dipoo, boramabole ba maemo a a kwa godimo, go na le mabelo a dikoloi le dithuthuthu e bile go bontshiwa babogedi ba lwa kwa metshamekong e mengwe ya motlha wa gompieno. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba lemoga gore Jehofa ga a rate thubakanyo kgotsa batho ba ba ratang thubakanyo, mme le Bakeresete gompieno ga ba a tshwanela go e rata. (Pesalema 11:5)—6/15, tsebe 29.

Fa re ntse re leka go nna barutisi ba ba rutang ka tsela e e nang le matswela, re ka ithuta eng mo sekaong sa ga Esera?

Esera 7:10 e bontsha dilo di le nnè tse Esera a neng a di dira tse le rona re ka lekang go di dira. Ya re: “Esera ka boene o ne a [1] etleeditse pelo ya gagwe [2] go lopa kgakololo mo molaong wa ga Jehofa le [3] go o dira le [4] go ruta molao le tshiamiso mo Iseraele.”—7/1, tsebe 20.

• Ke makgetlho afe a mabedi a mo go one mosadi wa Mokeresete a tshwanetseng go rwala mo tlhogong?

Le lengwe ke fa go tlhaga maemo mangwe mo lelapeng. Go rwala ga gagwe mo tlhogong go supa gore o amogela gore monna wa gagwe ke ene a nang le boikarabelo jwa go etelela pele ka thapelo le mo go ruteng Baebele. Le lengwe ke mo ditirong tsa phuthego, fa a supa gore o amogela gore banna ba ba kolobeditsweng ba na le boikarabelo go ya ka Dikwalo jwa go ruta le go kaela. (1 Bakorintha 11:3-10)—7/15, tsebe 26-7.

• Ke ka ntlha yang fa Bakeresete ba lemoga gore yoga ga se go itshidila mmele fela mme e kotsi?

Boikaelelo jwa yoga ke go golaganya motho le moya o o fetang batho ka nonofo. Yoga ga e tsamaisane le kaelo ya Modimo ka gonne sengwe se e se dirang ke go emisa tsela e boboko bo dirang ka yone. (Baroma 12:1, 2) Yoga e ka tsenya motho mo kotsing ya go dirisana le meya le boloi. (Duteronome 18:10, 11)—8/1, tsebe 20-2.