Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ba Itumeletse Gore ba Ithutile go Bala!

Ba Itumeletse Gore ba Ithutile go Bala!

Ba Itumeletse Gore ba Ithutile go Bala!

MO DIKAROLONG dingwe tsa Solomon Islands, diperesente di ka nna 80 tsa batho ba gone jaanong e leng Basupi ba ga Jehofa ba ile ba nna le bothata jwa go se itse go bala le go kwala. Seno se ne se sa ba kgoreletse gore ba se ka ba nna le seabe se segolwane mo dipokanong tsa beke le beke tsa phuthego fela mme gape se ne se dira gore ba ketefalelwe thata ke go ruta batho ba bangwe boammaaruri jwa Bogosi. A tota go ka kgonega gore bagolo ba ba iseng ba tsamaye ba tshware pensele ba itse go bala le go kwala?

Boroutšhara jwa Ineele go Bala le go Kwala, jo bo gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa, bo ntse bo dirisiwa mo ditlelaseng tsa go ithuta go bala le go kwala mo e ka nnang mo diphuthegong tsotlhe tsa Basupi ba ga Jehofa kwa Solomon Islands yotlhe. Maitemogelo a a latelang a bontsha kafa thulaganyo eno e ileng ya dirisiwa ka teng go thusa batho ba le bantsintsi go tokafatsa bokgoni jwa bone. Sa botlhokwa le go feta, go ithuta go bala go dirile gore ba kgone go neela bosupi ka ga tumelo ya bone ka tsela e e botoka.—1 Petere 3:15.

Morongwa mongwe yo o neng a abetswe go direla mo phuthegong e e nang le baboledi ba Bogosi ba feta lekgolo o ne a lemoga gore kwa thutong ya Baebele ya beke le beke e go dirisiwang Tora ya Tebelo kwa go yone, ke ba se kae fela ba ba neng ba na le makasine ono mme go ne go araba ba ka tlala seatla fela. Ke ka ntlha yang fa go ne go ntse jalo? Ba ne ba sa itse go bala le go kwala. Fa phuthego e ne e itsise gore go tlhomiwa sekolo sa go ruta go bala le go kwala, morongwa yono o ne a itumelela go ithaopela go nna morutisi mo go sone. Kwa tshimologong, go ne ga tla baithuti ba se kae fela, mme go ise go ye kae batho ba feta 40 ba dingwaga tse di farologaneng ba ne ba simolola go tla.

Diphelelo e ne ya nna dife? Morongwa o anela jaana: “Nakwana fela morago ga gore sekolo sa go ithuta go bala le go kwala se simologe, ke ne ka ya kwa mmarakeng ka ura ya borataro mo mosong go ya go reka dijo tsa legae la barongwa. Fa ke le koo ke ne ka bona bangwe ba baithuti, le ba bannye tota, ba rekisa dikhokonate le merogo. Ba ne ba di rekisetsang? Ba ne ba batla go nna le madi a a lekaneng go reka pene le bukana e ba tla e dirisang mo tlelaseng ya go ithuta go bala le go kwala! Mo godimo ga moo, go tsena tlelase eo go ne ga tlhotlheletsa mongwe le mongwe gore a nne le makasine wa gagwe wa Tora ya Tebelo.” O oketsa jaana: “Jaanong mo Thutong ya Tora ya Tebelo ya phuthego, basha mmogo le bagolo ba nna le seabe, mme re nna le thuto e e tletseng botshelo.” Morongwa yono o ne a itumela thata fa ba le banè ba tlelase eno ba botsa gore a ba ka tsenela tiro ya go rera phatlalatsa ka gonne, jaaka fa ba ne ba bolela, “ga re tlhole re tshaba.”

Ditlelase tseno ga di a solegela baithuti ba ba mo go tsone molemo ka gore ba itse go bala le go kwala fela. Ka sekai, go ne ga feta dingwaga tse dintsi phuthego e tshwenyegile ka mosadi yo o sa dumeleng wa Mosupi mongwe. O ne a konopa batho ka maje ba sa mo dira sepe se se kalo e bile a tlhasela basadi ba bangwe ka logong. O ne a sa ye dipokanong tsa Bokeresete ka metlha le monna wa gagwe, mme e ne e re fa a ile, a bo a nna lefufa ka ene mo e leng gore monna o ne a swetsa ka gore a rwale digalase tse dintsho gore mosadi wa gagwe a se ka a mo latofatsa ka gore o leba basadi ba bangwe.

Le fa go ntse jalo, nakwana fela ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala di sena go simologa, mosadi yono o ne a botsa jaana ka boikokobetso: “A le nna nka tsenela tlelase?” Karabo e ne ya nna ee. Fa e sa le ka nako eo ga a ise a ko a foswe ke tlelase kgotsa ke pokano ya phuthego. O ne a dira ka natla mo dithutong tsa gagwe tsa go bala le go kwala a ba a gatela pele ka tsela e e gakgamatsang, mme seo sa mo itumedisa fela thata. Go tswa foo o ne a kopa jaana: “A nka tshwarelwa thuto ya Baebele?” Monna wa gagwe o ne a itumelela go simolola go ithuta le ene, mme o ntse a gatela pele mo bokgoning jwa gagwe jwa go bala le go kwala le mo kitsong ya Baebele.

Go tshwara pene fela le go kwala ditlhaka e ka nna sekgoreletsi se se jaaka thaba mo mothong wa dingwaga tse 50 yo o iseng a tsamaye a tshware pensele. Bangwe ba tswa marophi mo menwaneng ka gonne ba gatelela pensele thata mo pampiring fa ba sa ntse ba simolola go ithuta go kwala. Fa baithuti bangwe ba sena go kgaratlha ka lobaka lwa dibeke ba leka go tshwara le go laola pensele, ba bolela jaana ka boitumelo jo bogolo: “Ke kgona go tsamaisa seatla sa me motlhofo fela mo godimo ga pampiri!” Barutisi le bone ba a itumela fa ba bona baithuti ba gatela pele. Morutisi mongwe o ne a re: “Go ruta tlelase go itumedisa tota, mme gantsi baithuti ba bontsha gore ba anaanela thulaganyo eno ya ga Jehofa ka pelo yotlhe ka go opa diatla fa tlelase e tswa.”

Barongwa mmogo le Basupi bano ba jaanong ba itseng go bala le go kwala ba a itumela. Ka ntlha yang? Ka gonne jaanong ba ka kgona go tlotla Jehofa ka bokgoni jwa bone jwa go bala le go kwala.

[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]

Basha mmogo le bagolo ba anaanela ditlelase tsa go ithuta go bala le go kwala