Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading

Dikwalo di naya kaelo efe malebana le go thapisiwa ga ngwana fa motsadi yo mongwe e le Mosupi wa ga Jehofa mme yo mongwe e se ene?

Melaometheo e le mebedi ya konokono ya Dikwalo e naya motsadi yo e leng Mosupi mme molekane wa gagwe e se Mosupi kaelo e e malebana le thapiso ya ngwana. Mongwe wa yone ke ono: “Re tshwanetse go utlwa Modimo e le mmusi bogolo go batho.” (Ditiro 5:29) O mongwe ke ono: “Monna ke tlhogo ya mosadi wa gagwe jaaka Keresete le ene a le tlhogo ya phuthego.” (Baefeso 5:23) Molaomotheo ono wa bofelo ga o dire fela mo basading ba banna ba bone e leng Basupi mme o dira le mo basading ba balekane ba bone e seng Basupi. (1 Petere 3:1) Motsadi yo e leng Mosupi a ka dirisa melaometheo eno ka tekatekano jang fa a ruta bana ba gagwe?

Fa monna e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o na le boikarabelo jwa go tlhokomela lelapa la gagwe ka dilo tsa semoya mmogo le tsa senama. (1 Timotheo 5:8) Le fa mmè yo o sa dumeleng a ka fetsa nako e ntsi le bana, rre yo e leng Mosupi o tshwanetse a ruta bana ba gagwe ka go ba thapisa semoyeng kwa gae le go ba isa dipokanong tsa Bokeresete, kwa ba tla solegelwang molemo teng ke go rutiwa go nna le boitsholo jo bo siameng le ke go nna le botsalano jo bo molemo.

Go tweng fa mosadi wa gagwe yo o sa dumeleng a tatalalela go isa bana kwa lefelong la kobamelo ya gagwe kgotsa go ba ruta dilo tse a di dumelang? Molao wa naga o ka nna wa mo naya tshwanelo ya go dira jalo. Kgang ya gore a bana ba tla raelesega go dira ditiro tsa kobamelo fa ba le kwa mafelong a a ntseng jalo e tla ikaega thata ka tsela e rraabone a ba rutang dilo tsa semoya ka yone. Fa bana ba ntse ba gola, thuto ya Dikwalo e rraabone a ba nayang yone e tshwanetse ya ba thusa go latela boammaaruri jwa Lefoko la Modimo. A bo monna yo o dumelang a ka itumela jang ne fa bana ba gagwe ba ka swetsa ka gore ba amogele boammaaruri!

Fa mmè e le mongwe wa Basupi ba ga Jehofa, o tshwanetse a tlotla molaomotheo wa botlhogo a ntse a amegile ka bokamoso jwa bana ba gagwe. (1 Bakorintha 11:3) Go le gantsi, molekane wa gagwe yo o sa dumeleng a ka se gane fa mosadi wa gagwe wa Mosupi a ruta bana ba gagwe ka ga boitsholo jo bo siameng le bomoya, mme ba ka bona thuso mo go seo kwa dipokanong tsa batho ba ga Jehofa. Mmè a ka thusa monna wa gagwe yo o sa dumeleng go bona melemo ya thuto e e mosola e bana ba bone ba e bonang ka phuthego ya ga Jehofa. A ka gatelela ka botlhale botlhokwa jwa go ruta bana ba bone melaometheo ya boitsholo e e mo Baebeleng, e re ka ba tshela mo lefatsheng la boitsholo jo bo ntseng bo senyegela pele.

Le fa go ntse jalo, monna wa gagwe yo o sa dumeleng a ka nna a tatalalela gore bana ba gagwe ba latele bodumedi jwa gagwe, a tsamaya le bone kwa a obamelang teng e bile a ba ruta bodumedi jwa gagwe. Kgotsa monna a ka nna a bo a sa rate bodumedi bope fela e bile a gatelela gore bana ba gagwe ba se ka ba newa thuto epe ya bodumedi. E re ka e le tlhogo ya lelapa, ke ene a nang le boikarabelo jo bogolo jwa go dira tshwetso. *

E re ka mosadi yo o dumelang e le Mokeresete yo o ineetseng, o tlotla botlhogo jwa monna wa gagwe, mme le fa go ntse jalo o tla nna a gopotse boikutlo jo moaposetoloi Petere le moaposetoloi Johane ba neng ba na le jone, fa ba ne ba re: “Mme rona, ga re ka ke ra tlogela go bua ka dilo tse re di boneng le tse re di utlwileng.” (Ditiro 4:19, 20) Mmè yo e leng Mosupi o tla batla dinako tse a ka rutang bana ba gagwe boitsholo jo bo siameng ka tsone ka gonne a amegile ka bomoya jwa bone. O na le boikarabelo fa pele ga ga Jehofa jwa gore a rute batho ba bangwe se a itseng e le boammaaruri, mme ga a tshwanela go tlogela bana ba gagwe kwa morago. (Diane 1:8; Mathaio 28:19, 20) Mmè yo e leng Mosupi a ka dira jang ka bothata jo?

Ka sekai, akanya ka kgang ya go dumela mo Modimong. Mosadi yo e leng Mosupi a ka nna a se ka a kgona go nna le thuto e e tlwaelegileng ya Baebele le bana ba gagwe ka gonne monna wa gagwe a mo thibela. A lebaka leno le tshwanetse la dira gore a se ka a bolelela bana ba gagwe sepe ka ga Jehofa? Nnyaa. Se a se buang le se a se dirang se tshwanetse sa bontsha gore o dumela mo Mmoping. Kwantle ga pelaelo bana ba gagwe ba tla nna le dipotso ka kgang eno. O tshwanetse a ikutlwa a gololesegile go dirisa kgololesego ya gagwe ya bodumedi ka go bolela gore o dumela mo Mmoping, go akaretsa le go bolelela bana ba gagwe. Le fa a ka se ka a kgona go tshwara thuto ya Baebele le bana kgotsa go ya le bone ka metlha kwa dipokanong, a ka ba bolelela ka ga Jehofa Modimo.—Duteronome 6:7.

Moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana malebana le kamano ya Mosupi le molekane wa gagwe yo o sa dumeleng: “Monna yo o nyetseng yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mosadi wa gagwe, le mosadi yo o nyetsweng yo o sa dumeleng o itshepisiwa ka mokaulengwe; go seng jalo, bana ba lona ba ka bo tota ba se phepa, mme jaanong ba boitshepo.” (1 Bakorintha 7:14) Jehofa o leba lenyalo la bone le le boitshepo ka ntlha ya molekane yo o dumelang, mme Jehofa o tsaya bana ba bone ba le boitshepo. Mosadi yo e leng Mosupi o tshwanetse a dira sotlhe se a ka se kgonang go thusa bana ba gagwe gore ba tlhaloganye boammaaruri, a tlogelela diphelelo tsotlhe mo diatleng tsa ga Jehofa.

Fa bana ba ntse ba gola, ba tshwanetse ba itirela tshwetso ya gore ba tla ema ka kae go ya ka tshedimosetso e ba e neilweng ke batsadi ba bone. Ba ka nna ba swetsa ka gore ba dire go dumalana le mafoko ano a ga Jesu: “Yo o ratang rraagwe kgotsa mmaagwe thata go na le nna ga a ntshwanela.” (Mathaio 10:37) Gape ba laelwa jaana: “Bana, utlwang batsadi ba lona seoposengweng le Morena.” (Baefeso 6:1) Basha ba le bantsi ba sweditse ka gore ba ‘utlwe Modimo e le mmusi’ bogolo go motsadi wa bone yo e seng Mosupi, le fa motsadi yoo a ka ba tshwara setlhogo. A bo go ka itumedisa motsadi yo e leng Mosupi jang ne go bona bana ba swetsa ka gore ba direle Jehofa le fa ba ganediwa!

[Ntlha e e kwa tlase]

^ ser. 7 Tshwanelo ya mosadi ya semolao ya gore a ka nna mo bodumeding jo a bo batlang ka kgololesego e akaretsa tshwanelo e a nang nayo ya gore a ka ya kwa dipokanong tsa Bokeresete. Mo mabakeng mangwe mmè yo o lorato o ile a patelesega go tsamaya le bana ba gagwe ba bannye kwa dipokanong ka gonne monna wa gagwe a ne a sa batle go sala a ba tlhokometse.